“Kagishō le Thagamō”!—Mme go Tle “Tshenyègō ea Choganecō”
“E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.”—1 Bathes. 5:3.
1. Gompieno batlhokomedi ba le bantsi ba maemo a lefatshe ba reng?
BATLHOKOMEDI ba bantsi ba dikgang tsa batho ba dumalana gore maemo a lefatshe a ile a senyegela pele mo dingwageng tsa bosheng. Mo Canada, kwa Kokoanong ya Kgolokwe kaga Isagwe, mookamedi wa Mokgatlho wa Roma,a e leng Aurelio Peccei, o rile: “Tebego ya lefatshe jaanong e maswe go na le ya dingwaga tse di lesome tse di fetileng—mme ebile e ntse e senyegela pele. Gompieno lefatshe le simolola go tshwana thata-thata le lentswe le le kgokologang mo thabeng jaaka le ntse le ntaana le dikudumedi ka go tlhomagana.” Andrè Fontaine, e leng morulaganyi wa Le Monde ya tsatsi le letsatsi ya kwa Paris, o rile: “Ga go ope mo mafatsheng a Bophirima yo o bonalang a kgonana le mathata a magolo jaaka tlhatlogo-ditlhotlhwa le go tlhokega ga tiro. Khuti magareng a Bokone le Borwa e ntse e atlhamologela pele. Dintwa di ntse di oketsega, mme kgaisano ya dibetsa e a tshosa. Jalo ga ke bone lebaka lepe la go solofela se se botoka. . . . Ga ke bone Puso epe mo lefatsheng gompieno eo e bonalang e kgona go dirisana le mathata a magolo a itsholelo a nako ya rona.” Le makasine mongwe wa Afrika Borwa o ne wa bega jaana: “Setho se bonala se wetse kwa tlase go gaisa mo bophologolong, mo boitsholong jo bo maswe, mo bosenang-boikarabelo, mo bopelotshetlheng le mo bohuleng.”
2. Maemo a batho a tshwana jang le a pele fela ga morwalela wa motlha wa ga Noa?
2 Maemo a a mo bathong gompieno eleruri a tshwana fela le seo se kileng sa diragala mo lefatsheng pele ga fa Modimo o senya lefatshe la motlha wa bogologolo ka morwalela wa kgolokwe, a falotsa Noa wa mosiami le lelapa la gagwe fela. Bibela e tlhalosa metlha eo ka go re: “Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ . . . Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” (Gen. 6:5, 11) “Yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse,” Jesu o ne a bolelela-pele jalo, go ntse fela jalo mo motlheng wa rona. (Math. 24:37) Gape-gape lefatshe lotlhe “le tletse thubakanyō” ereka “boikèpō yoa motho bo le bogolo.” Maemo ao a pele ga Morwalela a ne a supa gore bokhutlo jwa tsamaiso eo ya bogologolo ya dilo bo ne bo le gaufi thata. Jalo go bonala ga maemo a lefatshe jaaka a dirafatsa boperofeti jwa Bibela ka phepafalo go tlhomamisa ntlha ya gore tsamaiso eno ya jaanong ya dilo e “mo metlheñ ea bokhutlō,” e leng “mo metlheñ ea bohèlō” jwa yone. Go sa le ga nna jalo go tloga ka ngwaga wa 1914 C.E.—Dan. 12:4; Math. 24:3-14; 2 Tim. 3:1-5.
3. (a) Re itse jang gore re tseneletse kwa teng thata mo “metlheñ ea bohèlō”? (b) Ke ka ntlhayang fa re ka nna le tsholofelo e e feletseng mo boperofeting jwa Bibela?
3 Jesu o ne a bolelela-pele gore bangwe bao ba neng ba setse ba tshela fa ‘motlha wa bokhutlo’ o simologa ba ne ba tla tshela go fitlhela ba bona bokhutlo jwa tsamaiso eno, Jaanong go setse go fetile dingwaga di le 67 fa e sale “losika” lwa 1914 lo bona tshimologo ya mathata a. (Math. 24:34) Jalo “losika lo lo kgōpō le logwadi” lo lo tloga lo felelwa ke nako. (Bafil. 2:15) Mo bogautshwaneng re ka nna ra nna babogedi ba tiragatso ya dipolelelo-pele di le dintsi tsa Bibela tseo di amanang le go ‘feta ga lefatshe leno.’ (1 Yoh. 2:17) Mme ebile re ka solofela ka botlalo gore dipolelelo-pele tseno di tla diragala mo ntlheng nngwe le nngwe. Jehofa, “eo [o] bolèlañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō,” Ene yo o tlhotlheleditseng dipolelelo-pele tseno, “o ikanne, a re, Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.”—Isa. 14:24; 46:10; 2 Pet. 1:20, 21.
“Letsatsi ya Pusholoshō” la ga Jehofa
4. Nngwe ya dipolelelo-pele tse di amanang le bokhutlo jwa tsamaiso eno ke efe, mme e tsosa dipotso dife?
4 Gareng ga dipolelelo-pele di le dintsi tsa Bibela tseo di amanang le bokhutlo jwa tsamaiso e ya dilo go na le eo e kwadilweng go 1 Bathesalonia kgaolo 5, ditemana 2 le 3. Yone e balega jaana: “Gonne le Iona ka losi lo itse sentlè ha letsatsi ya Morèna le tla hèla yaka legodu bosigo. E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.” Go re “Kagishō le thagamō” go rayang? Ke bomang ba ba rialong? Mme ebile ke tshenyego efe e e tlang ka bonako morago ga moo?
5. Boperofeti jo bo mo go 1 Bathesalonia 5:2, 3 bo amana le tiragalo efe?
5 Ditemana tseno tsa Bibela di bua ka “letsatsi ya Morena,” leo le tla felelang ka “tshenyègō ea choganeco.” Jalo go lemosega sentle gore polelelo-pele eno e amana le “letsatsi” kana lobaka lwa nako lwa fa Jehofa a tla bo a atlhola tsamaiso eno ya dilo e e boikepo e e laolwang ke Satane Diabolo ka dikatlholo tsa gagwe. (2 Bakor. 4:4; Tshen. 12:9) Se e tla bo e le “letsatsi ya pushōloshō” la ga Jehofa. (Isa. 61:2) Jesu o ne a tlhalosa lobaka lono ka go re: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheng euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Math. 24:21) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore katlholo e e tlang e tla raya “tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla a le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineèleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” O ne a oketsa ka go re: “E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ ea go tlogèla rure mo sehatlhogoñ sa Morèna le mo kgalaleloñ ea nonohō ea gagwè.”—2 Bathes. 1:7-9.
6. “Sepitla se segolo” se simologa jang ebile se felela jang?
6 “Sepitla se segolo” se se tlang, e leng “letsatsi [le le tlang] ya pushōloshō” la ga Jehofa, le tla kopanyeletsa tsamaiso yotlhe ya dilo—dikereke tsotlhe tsa yone tsa maaka gammogo le dithulaganyo tsotlhe tsa yone tsa itsholelo, tsa leago le tsa bopolotiki. Tatelano ya ditiragalo mo ‘sepitleng seo se segolo’ e kaiwa ke dipolelelo-pele tseo di neetsweng mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō. Dipolelelo-pele tseno di senola gore “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa le simolola ka go senngwa ga bodumedi jotlhe jwa maaka. Le khutla fa ditlhopha tsa bopolotiki le tse dingwe tsa lefatshe la ga Diabolo, gammogo le batshegetsi ba tsone, e leng “bannye le bagolo,” di senngwa labofelo.—Tshen., dikg. 17 go ya go 19.
“Tshenyègō ea Choganeco”
7. Puo e e reng “Kagishō le thagamō” e raka eng?
7 Ka gone puo e e reng “Kagishō le thagamō” e tla pele fela ga “tshenyègō ea choganeco” ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, e leng mmuso o o bidiwang “Babelona o Mogolo” mo boperofeting jwa Bibela. (Tshen. 17:5) O bidiwa gape go twe ke “seaka se segolo . . . se dikgosi tsa lehatshe di gokahetseñ nashō.” (Tshen. 17:1, 2) Mme, ka mo go akabatsang, bontsi jwa “dikgosi [tseno] tsa lehatshe” tseo di kileng ya ne e le “dinyatsi” tsa seaka seno di tla se tlhanogela, ka gonne re bolelelwa gore: “Di tla ila seaka seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.”—Tshen. 17:16.
8. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a atlhola bodumedi jwa lefatshe mo go botlhoko-tlhoko jaana?
8 Ke ka ntlhayang fa tsamaiso eno ya bodumedi jwa lefatshe e atlholwa mo go botlhoko-tlhoko jaana? Lefoko la Modimo le araba ka go re: “Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ.” (Tshen. 18:5) Gareng ga dibe tseno ke seno: “Ga hitlhèlwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ōna, le a botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ.” (Tshen. 18:24) E re ntswa bodumedi jwa lefatshe bo sa rute balatedi ba jone boammaaruri kaga Modimo le melao ya ona, bo ikopanyeleditse mo dintweng tseo di feletseng ka polao ya makgolo a a didikadike a batho go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga. Gape, bodumedi jwa maaka bo ile jwa etelela-pele mo go bogiseng batlhanka ba boammaaruri ba Modimo. (Luke 11:47-51; Tshen. 17:6) Ka jalo, Jehofa Modimo o kaya “Babelona o Mogolo” a ikarabelela madi a “botlhe ba ba bolailweñ mo lehatshiñ” ka ntlha ya seo a se dirileng kana a reteletsweng ke go se dira ka tlhamalalo kana ka go potela.
9, 10. (a) Batho ba bangwe ba tlhokometse jang gore bodumedi jwa maaka bo ikarabelela molato wa madi go tla go fitlha mo motlheng ono wa rona? (b) Tota-tota, “Babelona o Mogolo” o ntse a direla mang?
9 Bodumedi jwa maaka bo ntse bo tswelela ka go koegelwa ke molato wa madi go fitlha le mo motlheng ono. Ka sekai, Post ya New York ya May 18, 1981, e ne ya bega jaana: “Tautona wa ngogola Carter o letse a boletse gore letlhoo le thubakanyo di dira gore go bonale ekete ‘lefatshe le a tsenwa.’” O ne a bolela gape gore “boitlamo jo bo boteng jwa bodumedi joo bo ka bong bo tshwaraganya batho mo loratong gantsi bo bonala ekete ke bontlhanngwe jwa botsenwa le polao.” Ka mo go tshwanang, malatsi a mabedi pele ga moo setlhogo se se kwadilweng ke Mike Royko mo koranteng yone eno se ne sa tlhalosa gore Makatoliki, Baganetsa-Bokatoliki, Mamoselema le Majuda “ba bontsha go ineela ga bone mo [Modimong] ka go bolaana.” O etse tlhoko ka go re: “Ke bona gore ba akanya gore fa letlhakore le lengwe le ka fenya le lengwe, go tla supa gore tsela ya bone ya kobamelo e siame.” Gape o ne a tlhokomela gore e re etswa mopapa wa Kereke ya Roma Katoliki a kaiwa jaaka monna wa kagiso, “balatedi ba gagwe ba ile ba itsege ka go tsholola dikgamelo di le dimilione di se kae tsa madi fa ba tsogelwa ke pelo.”
10 Ka gone, “sepitla se segolo” ka mo go tshwanetseng se simolola ka tshenyo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jo bo tlhapatsang jwa maaka, jo bo itimokanyang. Ke katlholo ya tshiamo ka ntlha ya gore bodumedi jwa maaka, e leng “Babelona o Mogolo,” bo iphakile bo direla Modimo, mme fa gone bo ntse bo direla Diabolo. Jalo he ka ntlha ya ‘boloi jwa gagwe,’ makgolokgolo a didikadike tsa batho a ile a tsielediwa mo go direleng dikgatlhego tsa ga Diabolo.—Tshen. 17:3-6; 18:23.
11. Ke eng se se bontshang gore tshenyego ya bodumedi jwa maaka e tla ka tshoganetso e e kgaolang pelo?
11 Go wa ga “Babelona o Mogolo” go tla ka tshoganetso e kgolo, lefatshe le sa go lebelela le e seng. Go senngwa ga gagwe go tla tla ka tshoganetso mo e leng gore go tla kgaola babusi ba bopolotiki bao ba neng ba ntse ba mo ema nokeng pelo, gonne re bala jaana: “Dikgosi tsa lehatshe tse di gokahetseñ naè, tsa ba tsa hoahoèga naè, di tla lela, di mo lelelèla godimo, mogañ di bōnañ mosi oa go sha ga gagwè, Di emetse kgakala, ka go boiha tlhokohaco ea gagwè, di re, Iya! Iya wè! a motse o mogolo! Babelona motse o o thata! gonne tshekishō ea gago e hitlhile ka nakō e le ñwe hèla.” Ba bangwe—e leng “babapatsi” kana setlhopha sa kgwebo seo se mo emang nokeng—le bone ba tlhaba mokgosi ba re: “Iya! Iya wè! . . . gonne o shwahadicwe ka nakō e le ñwe hèla.”—Tshen. 18:9-19.
12. Tshenyego e tla e sa lebelelwa ebile ka botlhoko jang?
12 Seno se tshwanela tlhaloso e e go 1 Bathesalonia 5:2 le 3, eo e bontshang gore tshenyego e tla ka tshoganetso e kgolo thata ebile e sa lebelelwa, gonne “letsatsi ya Morèna” le tla tla “hèla yaka legodu bosigo.” Le tla jaaka “legodu bosigo” jang? Ka gore bontsi jwa batho ga bo a ka jwa thanyetsa go senoga ga thato ya Modimo kgato ka kgato. Ba robetse mo moyeng. Ba tshwana le motho yo o robetseng mo bosigong fa legodu le tla le sa lebelelwa. Batho ba ba jalo ba itetlile gore ba hepisediwe go tshegetsa tsamaiso eno ya dilo e e hutsitsweng. Jalo go senngwa ga Babelona o Mogolo go tla ka go ba tshoganyetsa. Eleruri, “letsatsi la Morèna” la go senngwa ga ditlhopha tsotlhe tsa tsamaiso ya ga Satane le tla tla “hèla yaka legodu bosigo.” Baba ba Modimo ba tla senngwa ka tshoganetso le ka botlhoko, “yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.”—Bona gape le 2 Petere 3:10.
Go Re “Kagishō le Thagamō”!
13, 14. (a) Merafe ga e bolo go bua ka kagiso le thagamo jang? (b) Ke ka ntlhayang fa maiteko ao a kagiso a sa dirafatsa 1 Bathesalonia 5:2, 3?
13 Ditiragalo tse di tshikinyang lefatshe di tla tshwaya “tshenyègō ea choganeco” ya bodumedi jwa maaka le ya lefatshe lotlhe la ga Satane. Mme tshenyego eo e etwa-pele ka bofefo ke puo e e reng “Kagishō le thagamō!” Ka gone go kgatlha thata go itse gore go bolelwa mo ga “Kagishō le thagamō” go ka rayang. Ka go bo, ga go bonale go raya fela maiteko a a tlwaelegileng a merafe e e batlang kagiso. Ga ba bolo go bua ka yone. Ka sekai, morago ga Ntwa ya Lefatshe I merafe e ne ya saenela tumalano ya kagiso kwa Versailles. Moragonyana, dinaga ka bontsi di ne tsa saenela tumalano ya kagiso ya Kellogg-Briand ya 1928. Ntwa ya bobedi ya lefatshe le yone e ne ya khutla ka ditumalano tsa kagiso. Mo dingwageng tsa bosheng jaana Soviet Union le United States di ile tsa bua ka kagiso tsa ba tsa saenela le ditumalano tsa go laola dibetsa. Merafe e e farologaneng ya Botlhaba Gare e ile ya re nako le nako ya tshwaraganela ditumalano tsa kagiso.
14 Mme mo maitekong ano ga go ape a a tshwanelang tlhaloso e e go 1 Bathesalonia 5:2, 3. Ka ntlhayang? Ka gore “sepitla se segolo,” e leng “letsatsi ya pusholoshō” la ga Jehofa ga le ise le simologe. Gakologelwa gore Paulo o ile a re tshenyego eo e ne e tla tla ka tshoganetso, ka “ponyo ya leitlho,” fa go sena go twe “Kagishō le thagamō!” Go feta moo, tiragatso eo e tshwanetse ya nna sengwe se segolo thata mo e leng gore se tshwanela go ka kwalwa jaaka polelelo-pele e e tlhomameng e e tlhotlheleditsweng ke Jehofa. “Kagishō le thagamō” e tshwanetse ya nna tiragalo e e kgethegileng, e e farologaneng le maiteko a le mantsi ao a ileng a dirwa go tla go fitlha ka nako eo.
15. Go pepenene gore ke bomang ba ba tla reng “Kagishō le thagamō”?
15 Gape, ba e leng “ba” bao ba reng “Kagishō le thagamō” pele ga bokhutlo bo tla ke bomang? Ga go ne go direga gore karolo epe fela ya lefatshe leno e ka bolela selo se se ntseng jalo kwa ntle ga tirisano kana kaelo ya babusi ba bagolo. Ka gone, go bonala gore babusi ba merafe ba na le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boperofeti jo. Lekgotla la Merafe e e Kopaneng, leo le reng le ineeletse kagiso, le lone le ka nna la nna le seabe. Mme go tweng ka ditlhopha tsa bodumedi? Ereka e le bontlhanngwe jwa lefatshe jaana, di ‘gokafala le dikgosi tsa lefatshe,’ go bonala fa le tsone di tla tshegetsa kana ka botlhaga di buelela maiteko ao babusi ba bopolotiki ba a dirang mo ntlheng eno. Ka go dira jalo di tla bo di etsa baperofeti ba maaka ba Juda wa bogologolo bao ba ileng ba bua maaka ba re: “Yehofa o rile, Lo tla bōna kagishō.” Go na le moo, Modimo o ne o tla tloga o ba leretse petso, fela jaaka moperofeti wa gagwe wa boammaaruri Jeremia a ile a bolelela-pele.—Yer. 23:16-22.
16, 17. (a) A go bonala ekete merafe e ntse e atamela mofuta mongwe wa “Kagishō le thagamō” jaanong? (b) Mme ke ka ntlhayang fa re solofela gore selo seo ruri se tla diragala?
16 A mme merafe mo malatsing ano e nnile ya atamela mofuta mongwe wa “kagishō le thagamō”? Go tswa mo dikgannyeng tsa bosheng, ekete ke sengwe se sele. George Kennan, yo o kileng a nna moemedi wa Amerika kwa Soviet Union, o rile: “Mo dingwageng tse 30 kgagamalo ya bopolotiki ga e ise e ke e tlhatloge mo go kana-kana ya ba ya fitlha mo ntlheng e e kotsi jaana jaaka gompieno. Mo lobakeng lotlhe lo ga go ise go ke go nne le go sa utlwane mo gogolo jaana, go belaelana, go akgaakgega le go boifa tlhabano mo go kana-kana” jaaka fa go ntse gompieno. Setlhogo sengwe sa koranta ya kwa Toronto ya Star se ne sa oketsa ka go re: “E ne e se go boifa isagwe, mme e ne e le go boifa sengwe se se boifisang segolo: Go boifa nako ya jaanong.”
17 Mo dikgwedinyaneng tseno babusi ba bagolo ba nnile ba bonana molato le go supana ka menwana. Dikgoberego tsa selegae, ditsogologelano le dintwa di ile tsa kubuga mo dikarolong tsa lefatshe ka go latelelana. Itsholelo ya lefatshe e ntse e thekesela thata. Borukhutlhi le bothubaki di ntse di ya magoletsa. Ruri, go bonala go thatafala go bona kafa “batho” ba ka reng “Kagishō le thagamō” ka teng. Mme gone Lefoko la ga Jehofa ga le ke le tlhaela. (Isa. 55:11; 1 Bathes. 5:3) Fa le re bolelela gore tiragalo e e ntseng jalo e tla tla pele fela ga “tshenyègō ea choganeco” e itaya, he ruri e tla tla, lefa tota go ka lebega go sa dumelesege mo nakong ya jaanong.
18. Dipolelelo-pele kaga Babilona wa bogologolo di ka re thusa jang gore re dumele gore boperofeti bo tla diragala mo metlheng ya gompieno?
18 Gakologelwa dipolelelo-pele di le dintsi tseo Modimo o ileng wa tlhotlheletsa batlhanka ba ona go di bolelela Babelona wa bogologolo, e leng maatla a a nonofileng a lefatshe ao a neng a le gone pele ga Motlha o o Tlwaelegileng. Mokwadi mongwe o ile a bala gore makgetlo a gore dipolelelo-pele tse dikgolo tsa Bibela kaga Babilona di diragale e ne e ka nna le le lengwe mo go a le 5 000 000 000! Kwa ntle ga pelaelo bontsi jwa batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore dipolelelo-pele tseo di ne di tla diragadiwa jang mo maatleng a lefatshe a a nonofileng le go itshetlela go le kalo-kalo jaaka Babilona. Mme di ne di tla diragadiwa, mo ntlheng nngwe le nngwe. Jalo gompieno, go ka nna ga bonala ekete puo e e reng “Kagishō le thagamō” e e tla latelwang ke tshenyego ya tshoganetso ya tsamaiso ya dilo ga e dumelesege. Mme Lefoko la Modimo la boperofeti le bolela gore go tla nna fela jalo!
Ke Puo ya Molomo Fela
19. Go re “Kagishō le thagamō” ga go ne go kaya eng?
19 Re ka tlhomamisega ka seno fela: Mokgosi wa “Kagishō le thagamō”—lefa o ka nna wa sebopego sefe—ga o reye gore mathata a motheo a lefatshe leno a tla bo a rarabolotswe. Ebile ga o reye gore merafe e tla latlha dibetsa kana ya tlogela maikutlo a yone a kilano. “Ga go na kagishō epè e e leñ ea baikepi, go bua Modimo oa me.” (Isa. 57:21) Ke fela gore, e tla re ka lobakanyana, baetapele ba lefatshe, ka ntlha ya boitlhobogo kana ka ntlha ya go bona molemo mongwe wa bopelotshetlha mo go lelekiseng megopolo mengwe e mesha, ba tla kua ba re “Kagishō le thagamō” ka go utlwala thata go na le pele.
20. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega jaana gore maemo a lefatshe a tla nna a senyegela pele? (b) Re ka lebelela gore bontsi jwa batho bo tla dirang mabapi le kobamelo ya Modimo?
20 Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega thata jaana gore lefatshe leno le tla nna le senyegela pele? Ka go bo 2 Timotheo 3:1, 13 e bolelela-pele gore mo “metlheñ ea bohèlō . . . batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele hèla.” Ka gone, puo e e reng “Kagishō le thagamō” e tla bo e le puo ya molomo fela. Ga e kitla e ama bothata jwa boammaaruri jwa setho. Ga go sepe se lefatshe leno le le laolwang ke Satane le ka se dirang se se ka fedisang tlhatlogo ya bokebekwa le thubakanyo, kana go emisa thubagano ya lelapa, kana go tokafatsa boitsholo jo bo maswe jo bo ntsifalang, kana go kganela didikadike tsa dipolao tsa bana ba ba iseng ba tsholwe ngwaga le ngwaga, kana go rarabolola mathata lefa e ka nna afe a magolo mo bathong. (Yer. 10:23) Kana gore bontsi jwa batho ka tshoganetso bo tla sokologela kwa kobamelong ya boammaaruri ya Modimo. Boperofeti jwa Bibela bo ne jwa tlhalosa sentle gore batho ba motlha wa rona ba tla nna “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse.”—2 Tim. 3:4, 5; bona gape le Mathaio 7:13, 14.
21. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla tlhaloganya dipolelo tsa go re “Kagishō le thagamō” e le eng?
21 Ka gone, e tla re lefatshe le tsiediwa ke ditsholofelo tsa lefela mo polelong e e tlang ya “Kagishō le thagamō” batlhanka ba ga Jehofa bone ga ba kitla. Go na le moo, ba tla tlhaloganya tiragatso e e tlang eno ya boperofeti fela jaaka e ntse tota: sesupo sa bofelo sa gore “sepitla se segolo” se tloga se simologa! Gape ba itse gore morago ga “letsatsi ya pusholoshō” la Modimo le sena go fela, batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla tsena mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo ya dilo go simolola botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le phepafaditsweng leo le tla fetolwang paradaise. (2 Pet. 3:13; Tshen. 7:9-17) Jaaka ditiragalo tsotlhe tseno tse di itumedisang di ntse di itlhaganelela kwa go rona, boikutlo jwa rona e tshwanetse ya nna bofe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke setlhopha sa batlhalefi ba ba tlotliwang thata bao ba sekasekang maemo a lefatshe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Maemo a mo lefatsheng gompieno a tshwana fela le a pele ga Morwalela fa lefatshe le ne le “tletse thubakanyō”