LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 7/1 ts. 15-21
  • Ka ntlhayang Modimo o o lorato o tlamega go ipusolosetsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka ntlhayang Modimo o o lorato o tlamega go ipusolosetsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LORATO LWA MODIMO LO RE NAMOTSE
  • MODIMO O O LORATO, LE WA IPUSOLOSETSO
  • GO LEKALEKANYA PUSOLOSO KA LORATO
  • JESU O BUILE KA LORATO LE PUSOLOSO
  • Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A letsatsi la Modimo la pusoloso le atametse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • A go Ipusolosetsa go Phoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “O Rate Jehofa Modimo wa Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 7/1 ts. 15-21

Ka Ntlhayang Modimo O O Lorato O Tlamega go Ipusolosetsa?

“Modimo [ke] loratō.”​—1 Yoh. 4:8.

1. Re ka thusiwa ke eng go tlhaloganya kganetsano e e bonalang ekete e teng mo setlhogong sa rona?

IPUSOLOSETSO? Go tswa go Modimo o o lorato? Seo se ka nna jalo jang? A mogopolo fela wa gore Modimo o o lorato o dira sengwe go ipusolosetsa ga o gakgamatse? Go bonala go ntse jalo. Mme a re akanyetseng dinonofo tse di lorato tseo Mmopi a di bontshang, mme he re tla tlhaloganya ka bophepa thata kafa tseno di amanang le pusoloso ya gagwe ka teng.

2. Ka ntlhayang re ka bolela gore lorato lwa Modimo lo logolo, mme go na le dipaakanyetso dife tse dingwe tsa ona tse di lorato tse re tshwanetseng go di mo lebogela? (Pes. 136:1-6)

2 Ha re bua kaga lorato lwa Modimo, re ka bolela gore lo logolo, ke gore, lwa boemo jo bo kwa godimo. Mme re lo bontshitswe ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, akanyetsa lefatshe leo re tshelang mo go lona. Bibela e bolela gore lefatshe ke ‘mpho ya Modimo’ mo bathong. (Pes. 115:16) Mme a mpho e ntle! Akanya kafa Modimo o o lorato o re baakanyeditseng kgolokwe e ya lefatshe ka teng. Modimo o e tlhomile go tswa magodimong gore e bone selekanyo se se tshwanetseng sa mogote le lesedi go tswa letsatsing, mme a le apesa ka boalo jo bontle jwa botala, gammogo le dithunya tsa mebala-bala tse dintle. Mme ka ntlha ya lorato lwa ona, Modimo o tladitse lefatshe la rona ka diphologolo tse dintsi, dinonyane le ditlhapi, mme a tlamela ka dijo tse di motlele.​—Pes. 104:1, 13-15.

3. Modimo o supile jang lorato mo go re bopeng jaaka batho?

3 Lefa go ntse jalo, lorato lwa Modimo tebang le rona ga lo a bontshiwa fela ka dilo tseo o di re diretseng; gape o lo bontsha ka tsela eo o re dirileng ka yone. O re diretse go ipelela dipopo tsa ona. Abo mopesalema o go tlhalositse sentle jang ha a ne a re: “Yehofa, . . . ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ”! (Pes. 139:1, 14) Ka ntlha ya bopelotshweu jwa ona le lorato, Modimo o re neetse matlho a go bona bontle jwa lefatshe leo le re dikologileng. O re neetse ditsebe tsa go ipelela medumo e e fapaaneng e etsang mmino le mantswe a batho. O re neetse dinko tsa go dupa menkgo ya dijo le ya dithunya. Kwa setlhoeng sa dilo tsotlhe tseno ke boboko jwa motho, joo bo akanyang, bo gakologelwang le go nyalanya ditiro tsa mmele. Eleruri, re na le go gakgamalela mpho e e humileng ya Modimo ya mebele ya rona. Ruri, ‘Modimo o lorato.’​—1 Yoh. 4:8.

LORATO LWA MODIMO LO RE NAMOTSE

4. Lorato lwa Modimo lo bontshitswe jang mo paradaiseng ya Edena?

4 Ha Modimo o no o bopa motho wa ntlha, eleng Adame, o ile wa mmaya mo paradaiseng e ntle ya Edena. Abo Adame o ile a ja monate go le kana-kang mo dipaakanyetsong tse di motlele tsa Modimo o o lorato go mo dikologa! Moragonyana, Modimo o ile wa bopa Efa go mo lere kwa go Adame. Abo go ne go le monate jang nne go Efa, gore ka letsatsi la ntlha fela mo botshelong, a kopanngwe le monna le tlhogo eo e neng e tla mo ngomaela le go mo goga! Ba le mmogo ba ne ba ka leba kwa pele tiragatsong ya thato ya Modimo mo go ntlafatseng le go tlatseng lefatshe, le go nna le bolaodi jo bo lorato mo diphologolong tse di bopilweng. A bokamoso jo bogolo joo Modimo o ileng wa bo baya fa pele ga bone!

5. (a) Bagologolwane ba rona ba ntlha ba fetogile jang ba ba sa tshwanelweng ke lorato lwa Modimo? (b) Lefa go le jalo lorato lwa Modimo lo fetiseditswe jang mo lotsalong lwa bone?

5 Lefa go ntse jalo, ka maswabi, bokamoso jo bo ntseng jalo bo retetse, bobotlana go bone. Sebopiwa sa moya se se tsuololang ka bogagapa se ile sa intsha kafa tlase ga lorato lwa Modimo, sa itira Satane Diabolo. Diabolo yo o ile a kgona Efa, mme ka ene Adame, go ‘itirela maratwa-e-pelo.’ Ka gone, ba ile ba tsaya tsela ya bogagapa, ya boitaolo go Mmopi wa bone. Ka go dira se, ba ile ba itshupa ba sa tshwanelwe gotlhelele ke lorato lwa Modimo wa bone. Ka jalo Modimo ka tshwanelo wa atlholela baleofi bao ba ka boomo loso. Lefa go le jalo, ka ntlha ya lorato lwa ona ka setho, o ile wa ba letla go tshela go fitlhela ba tlhagisa bana, ha go ne go sa nna jalo re ka bo re sa tshele gone jaanong. Gape, lemororo losika lwa motho jaanong lo ne lo ruile sebe le loso go tswa batsading ba lone ba ntlha, Modimo o o lorato o ile wa baakanyetsa ka motheo wa tsholofelo.​—Gen. 3:16-23; Bar. 8:20, 21.

6. Ke dipolelo dife mo Edena tse di bontshitseng lorato lwa Modimo, mme jang?

6 Ka tsela efe? Mme kana, go tswa fela mo tshimologong ya botsuolodi, Modimo o ile wa itsise gore o tla tsosa ‘Losika,’ ke gore, lotsalo. O no o tla romela Yoo go tswa phuthegong ya ona ya selegodimo e e ikanyegang go dirolola tshenyo yotlhe eo e dirilweng ke Diabolo, le Adame le Efa. Lefa go ntse jalo, teng koo kwa morago mo Edena, Modimo o o lorato gape o ile wa bolela gore o tla ipusolosetsa mo go Satane le botlhe bao ba itirang bontlhanngwe jwa losika lwa ga Satane ka go fapoga mo loratong lo lo tswang Modimong.​—Gen. 3:15; Tshen. 12:9.

MODIMO O O LORATO, LE WA IPUSOLOSETSO

7. Mo tumalanong le Duteronome 32:43, re na le lebaka lefe la go itumela?

7 Ka jalo Modimo wa lorato o ipoletse gape go nna Modimo wa ipusolosetso. Ka go ipusolosetsa ga ona mo babeng ba ona e tla nna selo se se tshwanetseng. Ka ntlhayang jalo? Ka gobo go tla siamisa tsela ya gore batho botlhe bao ba ratang Modimo ba itumele, ba ipele. Eleruri, jaanong re ka ipela gobo Modimo o tla re siamisetsa tsela ya go ipelela paakanyetso ya ona ya botshelo jo bo sa khutleng. Tlhokomela seo Modimo o tlhotlheleditseng Moshe go se bolela: “Lona merahe, itumeleñ le batho ba gagwè; gonne o tla lehetsa madi a batlhanka ba gagwè, o tla ipusholosa mo babeñ ba gagwè.”​—Dute. 32:42.

8, 9. (a) Ka ntlha ya lorato lwa ona, ke dilo dife di le pedi tse Modimo o ikaeletseng go di dira? (b) Mo tlhalosong ya lorato lwa ona, ke mpho efe e ntle eo Modimo o e dirileng?

8 Ee, Modimo o o lorato o ikaeletse go femela puso ya ona e e tshwanetseng, le go falotsa bao ba mo ratang, mo babeng ba bone. Antsaana, o tla re falotsa mo mmabeng yo mogolo, loso, loo lo tseneng mo matshelong a rona ka thuo go tswa batsading ba rona ba ntlha. (Bar. 5:12) Mme Modimo o dira se jang? Bibela e bolela gore o dira se ka neo ya Morwa wa ona: “Modimo [ke] loratō. Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, gore re tshelè ka èna. Loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo, ha e se go re, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.”​—1 Yoh. 4:8-10; 1 Bakor. 15:25, 26.

9 Ka jalo Modimo o baakanyeditse ka Morwa wa ona Jesu Keresete go re golola mo losong loo lo tsileng mo go rona ka ntlha ya sebe se se ruilweng go tswa go Adame. Ee, jaaka Bibela e bolela go Timotheo wa Ntlha 2:6, Keresete “eo o intshitseñ go nna thèkololō ea botlhe” bao ba neng ba tla bontsha tumelo mo go ene. Jesu ka gone o ne a ka re malebana le balatedi ba gagwe ba seka-dinku: “Nna ke tsile gore di bōnè botshelō, me di bo bōnè ka letlōtlō,” ee, botshelo jo bo sa khutleng.​—Yoh. 10:10.

10. (a) Ka ntlhayang ‘Modimo wa lorato’ gape e le Modimo wa “pusholoshō”? (b) Ka ntlhayang go le botlhokwa thata jaana gompieno gore re itse le go utlwa Modimo?

10 Ee, gangwe le gape, Bibela e re bolelela gore ‘Modimo ke lorato’ gape ke ‘Modimo wa pusoloso.’ Ka ntlhayang? Ka gobo lorato lwa Modimo ga lo kake lwa letlelela bosula ka bosakhutleng. (Nah. 1:2; Dute. 32:35, 41) Ke ka moo moaposetoloi Paulo a kwalang kaga “tshenolō ea Morèna Yesu ha a cwa legodimoñ, a na le baengele ba thata ea gagwè, a tla A le mo moleloñ o o tutumañ, a itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathes. 1:6-9) Abo go botlhokwa jang, he, gore re itse Modimo! Mo lefatsheng le, le le tlhakatlhakaneng la ditumelo tse dintsi tse di fapaaneng, abo go tlhokega jang, jaaka Bibela e bolela, ‘go senka Modimo wa boammaaruri le go o bona eleruri!’​—Dit. 17:27.

GO LEKALEKANYA PUSOLOSO KA LORATO

11, 12. (a) Go ile ga nna le seemo sefe mo ditiragalong tsa motho tsa pelenyana, go biletsa kgato efe mo letlhakoreng ja Modimo? (b) Pusoloso ya Modimo e ile ya lekalekanya jang lorato lwa ona gone teng koo?

11 Lefa go ntse jalo, a re boeleng kwa tshimologong ya ditiragalo tsa motho. Se se tla re thusa go tlhaloganya ga botoka kamano magareng a lorato lwa Modimo le pusoloso ya ona. Ka lorato, Modimo o ile wa letlelela lotsalo lwa ga Adame go ata. Mme batho ba ba duleng mo tseleng ga baa ka ba arabela mo loratong loo. Ka jalo, morago ga dingwaga ekane di le 500, Jehofa a romela moperofeti wa gagwe Enoke go bolela katlholo ya bomodimo godimo ga baikepi ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa boikepi le dilo tse di tshosang tseo ba neng ba di bua kgatlhano le Modimo. (Yude 14, 15) Ga feta dingwaga ekane di le sekete, mme lefatshe leo la bogologolo la fitlhelela tlhora ya lona ya boitsholo jo bo maswe le bothubaki. Ka gone, Lefoko la Modimo le re, “lehatshe le ne le tletse thubakanyō. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile.”​—Gen. 6:11, 12.

12 Jaanong, Modimo o no o tla dira eng? A o no o tla ipusolosetsa? Ee! Mme le eleng mono, nonofo ya ona ya lorato e ile ya bonala. Ka ntlhayang re bua jalo? Ka nako eo, go ne go na le lelapa le lengwe mo lefatsheng leo le neng le ineetse mo go direng thato ya Modimo. E ne e le lelapa la ga Noa, monna yo o bidiwang “moreri oa tshiamō” mo Bibeleng. Ka lorato, Jehofa a dira gore Noa a age araka “gore a tlè a bolokè ba ntlo ea gagwè.” Mme he morwalela wa kgolokwe ya lefatshe wa tla, mme wa nyeletsa baagelani ba baikepi ba ga Noa. (2 Pet. 2:5; Baheb. 11:7) Lefatshe lotlhe la phepafadiwa mo bothubaking jo bo senyang le boitshwaro jo bo maswe, e le gore le ka fetoga gape lefelo le le tshwanetseng gore malapa a setho a ate mo go lona.​—Gen. 6:9, 22; 7:21-23; 8:15-17.

13. A go atlhola ga ga Jehofa Sodoma le Gomora e ne e le bopelompe, mme ka ntlhayang o araba jalo?

13 Lefa go ntse jalo, ditshekamelo tsa sebe tse di ruilweng mo go Adame tsa sala, mme ka bonako baikepi ba simolola go bontsha dipopego tse di bosula gape. (Pes. 51:5) Ka sekai, akanyetsa batho ba Sodoma le Gomora, bao ba neng ba agile mo kgaolong eo pele e neng e “nntse yaka tshimo ea ga Yehofa.” Bibela e re bolelela gore “banna ba Sodoma e ne e le baikepi le baleohi mo go golo thata ha pele ga Yehofa.” E ne e le basodoma, le go thubakanya mo go senkeng go ritibatsa dikeletso tsa bone tsa nama. (Gen. 13:10, 13; 19:4-11) Modimo o o lorato, Jehofa, wa ikaelela go senya metse eo. Ka tsela e Aberahame yo o siameng le setlogolo sa gagwe Lote ba ne ba ka se tlhole ba itshoketse baagelani ba ba ntseng jalo ba ba boikepo. Jaaka Genesise 18:25 e bolela, “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe,” eleng Jehofa, a “diha tshiamō.” O ile a golola Lote le bomorwadie ba le babedi, mme a nesetsa Sodoma le Gomora molelo le sulefura, a nyeletsa kgaolo eo yotlhe.​—Luke 17:29; Yude 7.

14, 15. (a) Bakanana ba ne ba sena molato go le kana-kang? (b) A kgato eo Modimo o e tsereng mo go ipusolosetseng mo go bone e ne e tshwanetse?

14 Dingwaga morago ga foo Jehofa a “diha tshiamō” gape tebang le batho ba gagwe, Iseraele. Jang? Ka go rulaganyetsa go leleka Bakanana mo Lefatsheng la Tsholofetso. (Dute. 18:9-12) ‘A seo e ne e se go siamololela Bakanana bao ba ba senang molato?’ mongwe o ka ipotsa. Bakanana ba ba senang molato? Ga go kake ga twe ba ne ba sena molato! Bakanana bao ba ne ba fetogile ba ba ferosang sebete mo tlwaelong ya bone ya dikamano tsa bonna le bosadi tsa masika, dikamano tsa bonna le bosadi tse di maswe, boaka, go ntsha bana setlhabelo, go robalana ga banna gape le diphologolo. Ka sekai, mo kobamelong ya bone ya medimo ya disetwa ba ne ba ntsha bana ba bone ditlhabelo ka go ba latlhela ba tshela mo molelong. Gape, ba ne ba na le ditempele tsa diaka tsa basadi le banna.a Ka gone, Jehofa a laela batho ba gagwe: “Lo se ka loa itshekolola ka sepè sa dilō tse: gonne merahe e ke e lelekileñ ha pele ga lona e itshekolocwe ka dilō cotlhe tse: Le lehatshe le itshekolocwe: ke gōna ka mouō tshiamololō ea yeōna ke bo bosetsañ mo go yeōna, me lehatshe le tlhatsa banni ba yeōna.”​—Lefi. 18:1-25.

15 Gape, e ne e le ka ntlha ya lorato lwa gagwe go batho ba gagwe Jehofa a ileng a laela Iseraele go tlosa badira-bosula. Tsela ya bone e e maswe ya botshelo e ne e beile batho ba Modimo mo kotsing. Go ne go ntse fela jaaka Bibela e go tlhalosa, “makgapha mo go Yehofa.” Ka tshwanelo, he, pusoloso ya Modimo ya ba tukela.​—Pes. 106:34-40; Dute. 18:12.

16. Lorato le pelotelele tsa Modimo di bontshitswe jang tebang le Iseraele?

16 Mo letlhakoreng je lengwe, Modimo o ile wa dirisana le batho ba Iseraele jang? Jehofa o ile a bontsha lorato lo lo boneneketso thata tebang le bone. Moshe o lo tlhalosa ka mafoko ano a mantle go Duteronome 32:11 le 12: “Yaka ncwi eo motona o tleñ a hudue setlhaga sa gagwè, a bokabokele mo godimo ga mamphorwana a gagwè, èna a ba tsharololèla diphuka tsa gagwè, a ba tsaea, a ba rwala: Yehofa a le esi a ba gōga, me go ne go sena modimo opè oa seeñ naè.” Mme, iya we! Morago ga nako, medimo ya seeng ya tsenelela mo kobamelong ya Iseraele. Ka gone, Modimo o o nong o boletse gore o tla ipusolosetsa mo babeng ba bone wa tlamega go ipusolosetsa mo bathong ba ona. Abo Jehofa o na le pelotelele jang tebang le Iseraele! Antsaana, ka dingwaga di le 900 o ile a itshokela go tswa ga bone mo tseleng! Mo nakong yotlhe eo, Jehofa o ile a ba otlololela letsogo la gagwe la kutlwelo-botlhoko. “Ga ke na kgatlhègō epè,” Jehofa Modimo a bolela, “mo loshuñ loa moikepi; ha e se go re, moikepi a shokologè mo tseleñ ea gagwè, me a tshele: shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañ go shwa, lona ba ntlo ea Iseraela?”​—Esek. 33:11.

17. (a) Ke tlhagiso efe eo Modimo o e neetseng Iseraele? (b) Ke jang go ipusolosetsa ga Modimo mo Iseraeleng go ile ga nolofadiwa ka lorato lwa ona?

17 Gangwe le gape, Modimo wa tlhagisa batho ba ona ka matswela a kobamelo ya bone ya medimo ya disetwa, boitsholo jwa bone jo bo maswe, le go tsholola ga bone madi a a senang molato. Mme, labofelo, Jehofa a patelesega go ipusolosetsa go Iseraele ka go letla Kgosi Nebukadenesare wa Babilona go senya Jerusalema le tempele ya bone. Bafalodi ba tseelwa kwa Babilona. Lefa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le 70 Modimo wa laola go digiwa ga Babilona gore masalela a a anaanelang a Iseraele a ka boela gape lefatsheng la bone le go simolola kobamelo e e itshekileng teng koo.​—2 Dikg. 24:3, 4; 2 Ditih. 36:12-21; Esere 1:1-3; Baheb. 12:6.

JESU O BUILE KA LORATO LE PUSOLOSO

18. Ke ditlhaloso dife tseo Jesu a di dirileng malebana le (a) lorato lwa Modimo, le (b) pusoloso ya ona?

18 Jesu o rileng kaga kgang e ya lorato lwa Modimo le pusoloso? Tota, o buile ka bothito ka lorato lwa Rraagwe, a re: “Modimo o ratile lehatshe [la setho] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumelañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yoh. 3:16) A o ile a etsaetsega go bua ka pusoloso ya Modimo? Nnya! Gonne Bibela e bolela gore Jesu, jaaka Rraagwe, ‘o ratile tshiamo, mme a ila boikepo.’ Jesu bogolo-bogolo o ile a ila boikepo le molato wa madi tsa baeteledipele ba bodumedi. (Baheb. 1:9; Pes. 11:5, 7) O ile a gagamatsa phatla ha a ne bua le, kana kaga, baruti ba Bajuda ba motlha wa gagwe. Ka makgetlo a le mararo mo Therong ya gagwe mo Thabeng, o ba biditse “baitimokanyi.” (Math. 6:2, 5, 16) O boleletse baruti bao go re: “Lo ba rra eno diabolo,” ka gone a ba golaganya le ‘losika lwa noga.’ (Yoh. 8:44; Gen. 3:15) He, malatsi a le mararo fela pele a bolawa, Jesu o ile a nyatsa baeteledipele bao ba Bajuda phatlalatsa, a re: “Dinōga ke lona, le lotsalō loa dishaushawane, lo tla halola yañ mo tshekishoñ ea molete?”​—Math. 23:13-33.

19. (a) Ka ntlhayang boikutlo jwa ga Jesu le molaetsa wa tlhagiso di ne di le lorato fela thata? (b) Mme Jehofa o ile a tsaya kgato jang ka tshwanelo?

19 A se se ne se raya gore Jesu o ne a le pelompe? Nnya gotlhelele, lemororo Jesu a ne a itse gore Bajuda bao ba ne ba tloga ba okeletsa molatong wa bone wa madi ka go mmolaya, lefa go le jalo o tsweletse ka go re, go Mathaio kgaolo 23: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go èna! Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.” (Math. 23:37, 38; Dit. 3:13-15) Dingwaga di le masome a le mararo le bosupa moragonyana batlhabani ba Baroma ba gapa Jerusalema le go senya tempele ya yone. Se e ne le bosula joo 1 100 000 ya batho ba yone ba ba tsuololang ba suleng mo go jone! He, ka nako eo, maatla a a tletseng a mafoko a boperofeti a ga Jesu a ileng a phepafala. Ka tshwanelo, Jehofa o ile a diragatsa pusoloso!

20. Malebana le lorato le pusoloso, ke dibopego dife tse di kgatlhisang tseo di fitlhelwang go Isaia 61:1, 2?

20 Makgolo a dingwaga pelenyana, Isaia, yo mongwe wa baperofeti yoo o begiwang jaaka yo o bolaetsweng mo Jerusalema wa bogologolo, o buile mafoko ano: “Mōea oa ga Yehofa Modimo o mo go nna; ka gonne Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō: . . . Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona: go gomotsa botlhe ba ba hutsahetseñ.”​—Isa. 61:1, 2.

21. (a) Jesu gongwe o ile a tsopola Isaia 61:1, 2, ka bontlhangwe, ka lebaka lefe? (b) Go tsoga dipotso dife, tse di kopanyeletsang Isaia 2:2-5?

21 Jesu o ile a bala boperofeti jo, ka bontlhanngwe, mo tshimologong ya bodihedi jwa gagwe jwa selefatshe le go bo dirisetsa mo go ene jaaka Motlodiwa yo Mogolo wa ga Jehofa. (Luke 4:18-21) Lefa go ntse jalo, ha Jesu a ne a tsopola mafoko ao a ga Isaia gaa ka a umaka letsatsi la pusoloso la Modimo. Ka ntlhayang? Gongwe kgatelelo e kgolo mo go boleleng letsatsi la pusoloso la Modimo e ne e tla tla “mo metlheñ e e tlañ kwa pele pele,” jaaka Isaia kgaolo 2 e e tlhalosa. A re setse re gorogile mo nakong eo?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona gape Aid to Bible Understanding, e e gatisitsweng ke Watch Tower Society, ditsebe 76, 145 le 287, tlase ga “Anath,” “Ashtoreth” le “Canaan, Canaanite.”

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla: lehatshe le tletse dikhumō tsa gago. . . . Baka Yehofa, mōea oa me. Lona, bakañ Yehofa.”​—Pes. 104:24, 35

[Lebokoso mo go tsebe 16]

MPHO E KGOLO YA LORATO LWA MODIMO

Go tswa botennyeng jwa lorato lwa ona go batho ba ba bogang, Modimo o no o ikitlieleditse go ntsha thoto ya ona e e tlhokegang fela thata setlhabelo, monkane wa ona wa go ntshana se se mo ’inong, “tlhōgō ea tihō” le ona mo popong, ‘yo o neng a mo rata fela thata ka malatsi otlhe.’ O no o ipaakanyeditse go romela Morwa wa ona wa selegodimo wa motsalwapele go tla mo lefatsheng, go boga dikgobo tsotlhe, ditlontlololo le masula otlhe ao Diabolo le batsiediwa ba gagwe ba neng ba ka a koela mo go ena. Tlase ga teko, Morwa yo o ne a ka supela gore, jaaka motho yo o itekanetseng, o ne a ka tshegetsa bolaodi jwa Modimo tlase ga diteko tse di setlhogo thata, le eleng loso ka bolona. Gape, ka gone o ne a ka nna “thèkololō” ya ba bantsi ba setho se se tlhasetsweng ke sebe bao ba neng ba tla bontsha tumelo mo go ene. (Dia. 8:30; Math. 20:28) Ka gone Jesu o ne a ka re malebana le balatedi ba gagwe ba seka-dinku, ka bobedi ba “lecomane” le ba “dinku di sele” tsa gagwe: “Ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ; me ga di ketla di nyèlèla gopè.” Bontsi bo ne bo tla bona botshelo joo ka tsogo go tswa mo baswing. (Luke 12:32; Yoh. 10:16, 28; 5:28, 29) Abo se ke bopelonomi jo bo sa tshwanelang jang nne, jaaka bo supeditswe batho ba ba tlhokang thuso! Fa re ne re ka tswitla paakanyetso eno e e lorato, eleruri re ne re tla bo re tshwanelwa ke bogale jwa pusoloso ya Modimo!

[Lebokoso mo go tsebe 17]

MATSHELO A RONA A IKAEGILE KA YONE!

Batho ba bantsi ba tsaletswe mo bodumeding. A se se raya gore ba obamela Modimo wa boammaaruri? Bogolo, a bodumedi jwa ba bantsi ga se kotsi fela ya tsalo? Mme matshelo a rona a ikaegile ka go ‘itse Modimo le go utlwa mafoko a a molemo kaga Morena Jesu,’ yoo o mo romileng go re golola mo sebeng le losong. (2 Bathes. 1:8; Mar. 10:45) Ka phepafalo, lefatshe leo le re dikologileng ga le ‘itse Modimo.’ Bibela e tlhalosa ka bophepa gore go na le “Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe.” (Baef. 4:6) Lefa go le jalo batho ba kgaogane mo go obameleng medimo e le mentsi-ntsi ya bodumedi. Go na le Bo-Buddha, medimo ya bogologolo ya Boshinto le Boconfucian, Allah wa Ma-Moseleme, gape le Brahma, Vishnu le Siva​—tharo-nngwe ya Ma-Hindu​—le tharo-nngwe ya La-Bodumedi ya Rara, Morwa le “Moya o o Boitshepo.” Batho ba bantsi ba obamela le eleng batho ba maemo, ba sule kana ba tshela, ba ba etsang bagaka ba mmino wa “rock,” ba metshameko le baeteledipele ba botsuolodi.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

DIPHITLHELELO TSA DIPHATOLOLO MO KANANA:

“Bakanana ba ne ba obamela, ka boithabuetso jwa boitsholo jo bo maswe, go ya ka mokgwa wa bodumedi, mo bogoneng jwa medimo ya bone; mme he, le ka go bolaya bana ba bone ba matsalwa-pele, jaaka setlhabelo medimong eno e e tshwanang. Go bonala ekete, go ya selekanyong se segolo, lefatshe la Kanana le ne le fetogile jaaka Sodoma le Gomora mo selekanyong sa setšhaba. . . . A tlhabologo ya leswe le le ntseng jalo le le makgapha le bophologolo e ne e na le tshiamelo epe ya go nna gone ka lobaka lo loleele? . . . Bafatolodi bao ba fatolotseng matlotla a metse ya Bakanana ba ipotsa gore tota Modimo o ile wa diegela eng go ba senya.”​—“Halley’s Bible Handbook,” ka H. H. Halley, ts. 161.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

NONOFO E E GAISANG YA GA JEHOFA YA KUTLWELO-BOTLHOKO

Leha ebile a ile a otlhaya Iseraele yo o tsuololang setlhogo, Jehofa o ile a otlolola letsogo la gagwe la kutlwelo-botlhoko, a re ka moperofeti wa gagwe Jeremia: “Yehofa ga a ketla a latlhèla rure. Gonne leha a hutsahatsa, o tla tlhomoga pelo kaha bontsiñ yoa mautlwèlō botlhoko a gagwè. Gonne ga a bogise ka go rata, leha e le go hutsahatsa bana ba batho.”​—Dikhut. 3:31-33

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela