Lefoko la Modimo Le Tshedile
Go Diragala Eng Losong?
TSALA e e molemo ya ga Jesu Lasaro e sule. Lefa go le jalo Jesu o bolelela barutwa ba gagwe go re: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ.”
“Morèna, ha a robetse, o tla hōla,” barutwa ba fetola.
Ka ntlha ya moo Jesu a opa kgomo lonaka: “Lasaro o shule.”
Ka ntlhayang Jesu a ile a bolela gore Lasaro o robetse ha tota a ne a sule? Go diragalang losong? Tshekatsheko ya loeto lwa ga Jesu go bona Lasaro e tla re thusa go araba dipotso tseno.
Ha kgaitsadia Lasaro Maratha a ne a utlwa gore Jesu o a atamela, o ile a taboga go mo kgatlhantsha. Ka bonako kgaitsadie Maria le ditsala tsotlhe tsa bone le bone ba tla go kgatlhantsha Jesu. Ha Jesu a bona khutsafalo ya bone, a lela. A ba botsa: “Lo mmeile kae?”
Ha ba fitlha kwa phupung—ke logaga, letlapa le thibile phupu—Jesu a re: “Tlosañ letlapa.” Maratha a ganana le ntlha e, jaaka o ka bona, a re: “Morèna, gompiyeno o setse a nkga.” E ne e setse e le malatsi a le mane Lasaro a sule. Lefa go ntse jalo, ka kgothatso ya ga Jesu letlapa la tlosiwa.
Morago ga go rapela Modimo, Jesu a goa: “Lasaro, cwa.” Mme ruri o a tswa! O tswa a tshedile, a faphilwe ka letsela. “Mo hapololeñ, lo mo lesè a tsamaeè,” Jesu o a rialo.—Yoh. 11:11-14.
Jaanong akanya kaga se: Boemo jwa ga Lasaro e ne e le bofe mo malatsing ao a le mane a sule? A o ne a le kwa legodimong? E ne e le motho yo o siameng. Lefa go le jalo gaa bolela sepe kaga go re o ne a le kwa legodimong, leo tota o neng a ka bo a ile a bua sengwe kaga lone fa e le gore o ne a ile teng koo. Nnya, Lasaro o ne a sule tota, fela jaaka Jesu a boletse. Mme ka ntlhayang Jesu santlha a ile a bolelela barutwa ba gagwe gore Lasaro o ne a robetse?
Mme kana, Jesu o ne a itse gore Lasaro yo o suleng o ne a sa ikutlwe, fela jaaka Bibela e bolela: “Bashwi ga ba itse sepè.” (Mor. 9:5) Mme fela jaaka motho yo o tshelang a ka tsosiwa mo borokong jo bogolo, ka jalo Jesu o ne a ile go bontsha gore, ka nonofo eo Modimo o e mo neileng, tsala ya gagwe Lasaro o ne a ka tsosiwa mo baswing.
Ka jalo, fela jaaka motho a robetse boroko jo bogolo a sa gakologelwe sepe fa a ntse a thulametse, go a tshwana ka baswi. Ga ba na boikutlo bope. Ga ba yo. Mme, ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, baswi ba ba rekolotsweng ka thato ya Modimo ba tla tsosolosediwa go tla botshelong. Eleruri kitso e e tshwanetse go re tlhotlheletsa go batla go gapa kamogelo ya Modimo e le gore re ka tsena mo paakanyetsong ya ona ya go tsogela mo botshelong.—Yoh. 5:28, 29; Dit. 24:15.