Seemo sa Botsogo seo Batho ba ka Bong ba se Ipelela
1. Ke ka ntlhayang fa go tlhokega ngaka ya lefatshe lotlhe, mme ke molawana ofe o o tsopotsweng ke Keresete o o ka dirisetswang tiro ya tsa kalafi le mekgatlho ya tsa boitekanelo?
SEEMO sa botsogo jwa batho se bokoa! Jaanong go tlhokega ngaka ya lefatshe lotlhe go gaisa pele, ka gobo malwetsi a masha a ntse a ribololwa ebile a bolaya batho. Tiro ya tsa kalafi le mekgatlho ya boitekanelo, tsotlhe di kopantswe mmogo, di reteletswe go nna ngaka ya lefatshe e e kgonang go ka fodisa matlhoko otlhe a lefatshe. Ga go re gakgamatse, ka gobo molawana ono o ntse o a dira: “Ñaka, iphodisè.” Ke mang yo o tsopotseng seo? Ke motho yo o fodisitseng mefuta yotlhe ya dipobolo, a bo a tsosa monna mongwe mo letsatsing la bone la loso lwa gagwe. Motho yo o nang le rekoto e e ntseng jalo ya kalafi e ne e le Jesu Keresete. (Luke 4:23; Mar. 6:4-6) Loso lwa gagwe ka 33 C.E. e ne e se lwa tlholego. O bolailwe. (Dit. 7:52) Botsogo jwa batho gompieno bo ka bo bo le jang fa ba ka bo ba mo amogetse morago koo?
2, 3. (a) Re botsa potso efe maloka le Jehofa jaaka Mofodisi? (b) Jehofa o tliseditse Egepeto wa bogologolo eng gore a golole batho ba gagwe, mme o tlhagisitse Baiseraele kaga eng fa ba ne ba se kitla ba reetsa lentswe la gagwe?
2 Fa re kgoromeletsa potso eno le eleng kwa morago-rago mo nakong, re botsa gore, Go ka bo go ntse jang fa batho ba ka bo ba amogetse ditirelo tsa yoo o reileng batho ba gagwe ba ba itshenketsweng mo metlheng ya ga moperofeti Moshe a re: “Ke nna Yehofa eo ke gu hodisañ”?—Ekes. 15:26.
3 Fa Jehofa a ne a ikaelela go golola batho ba gagwe ba ba itshenketsweng mo botlhankeng jwa Egepeto wa bogologolo, o ne a betsa lefatshe leo ka dipetso tsa dikgakgamatso. Moragonyana o ne a emisa dipetso tsa ntlha di le bofera-bongwe. Ene le batho ba gagwe ba ba golotsweng ba ne ba dira kgolagano ya bomorafe eo e neng e tla tokafatsa botsogo jwa bone jwa mmele, jwa tlhaloganyo le jwa semoya. O dirisitse Moshe go tlhagisa Baiseraele bao kaga seo se neng se tla diragala fa ba ne ba ntse ba roba melao ya kgolagano eo, ka go re: “Le gōna botlhoko boñwe le boñwe, le sebecō señwe le señwe, se se sa kwalwañ mo lokwaloñ loa molaō o, Yehofa o tla di lere mo go wèna, go tsamaea u señwa. Me lo tla tlogèlwa lo le babōtlana mo paloñ, le morōrō lo no lo nntse yaka dinaledi tsa legodimo ka bontsi; ka gonne ga ua ka ua reetsa lencwe ya ga Yehofa Modimo oa gago.”—Dute. 28:61, 62.
4, 5. (a) Ereka Bajuda ba ba leng teng ba tshwenyega jaana gompieno, re ka botsa potso efe kaga setshwani sa segompieno sa Iseraele? (b) Go ya ka Isaia 58:9-12, dikgang di ka bo di le jang fa ba ka bo ba fetotse mekgwa ya bone?
4 Gompieno ga se dimilione tsa Bajuda ba ba setseng fela tseo di tshwerweng ke dipobolo tsa mmele, re sa bue kaga tsa tlhaloganyo, tsa bodumedi, tsa loago le tsa itsholelo, mme gape le batho botlhe ba bobola fela jalo. Mo dintlheng tseno tota le La-Bodumedi ga le gaise Bajuda ba tlholego ka gope. Tota-tota, La-Bodumedi le na le boikarabelo jo bogolwane go Modimo. Fa Iseraele wa bogologolo a ne a tshwenyega mo go kalo-kalo ka ntlha ya go sa siamise ditsela tsa gagwe jaaka Jehofa a ba boleletse ka Isaia gore ba dire, tota re ka lebelela gore La-Bodumedi o tla tswelapele jang la bofelo, ebile ka nako e khutshwane jalo? Moperofeti Isaia o thadisa seo e ka bong e le sone ka tsela e e latelang:
5 “Hoñ, u tla bitsa, me Yehofa o tla gu araba; u tla goa, me o tla re, Ke hano. Ha u tlosa yokwe mo gare ga gago, le go shupa ka monwana [ka lonyatso kana ka tshekiso], le go bua ka boikèpō; Le gōna ha u ntshetsa eo o bolailweñ ke tlala pelo ea gago, le eo o bogisiwañ ha u mmosetsa pelo: hoñ lesedi ya gago le tla tlhaba mo lehihiñ, le bosabonaleñ yoa gago bo tla nna yaka motshegare: Me Yehofa o tla nna mogogi oa gago ka galè ka galè, a gu bosetsa pelo mo leubeñ, a thatahatsa marapō a gago; me u tla nna yaka tshimō e e nosiwañ, le yaka mocwedi oa metse, o metse a ōna a sa heleñ. Me bōnè ba e tla boñ e le ba gago ba tla aga marope a bogologolo; u tla cosholosa methèō ea ditshika di le dintsi; me u tla bidiwa Momamatleledi oa phatlha, Mocosholosi oa ditsela gore go nnwè mo go cōna.”—Isa. 58:9-12.
6. Mo leseding la dikgonego tse di thadiseditsweng Iseraele wa motlha wa ga Isaia, re tlhotlheletsega go botsa potso efe kaga dikgonego tseno mo kgannyeng ya setshwani sa segompieno sa Iseraele?
6 Ija, abo Iseraele wa bogologolo a kabo a ipeletse boemo jwa bomorafe jo bontle jang fa a kabo a reeditse kgakololo eo Jehofa a e neetseng ka tlhamalalo! Ereka Jehofa a nonofile mo go kalo-kalo go ka bo go nnile motlhofo gore a dire gore Baiseraele ba ipelele maemo ao a rileng a tla latela fa ba lesa dilo tse di sa eletsegeng tseo di neng di golofatsa ka bobedi bone le kamano ya bone ya kgolagano le Modimo. Ka ntlha ya go sa dire jalo, Iseraele o ne a senyegela pele. Kotlhao eo Iseraele a e boneng mo lekgolong la dingwaga morago ga boperofeti jwa ga Isaia e ne e tsitsibanya tota. Fa re leba gotlhe mo jaaka setshwantsho, re patelesega go botsa go re, Go tweng kaga setshwani sa segompieno sa Iseraele, eleng La-Bodumedi? Le ka bo le ipelela seemo sefe sa botsogo faele kaga loago, itsholelo, boitsholo le bodumedi fa le ka bo le tsere melemo ya lone go Mofodisi wa Bomodimo, eleng Jehofa, la bo la amogela molaetsa wa Bogosi o o boletsweng ke basupi ba gagwe ba Bakeresete go feta lekgolo la dingwaga ga jaanong?
7. Re na le setshwantsho sefe se se tshelang gompieno sa botsogo joo La-Bodumedi le ka bong le bo ipelela?
7 Seo La-Bodumedi le ka bong le se ipelela se tshwantshitswe. Jang? Ka seo gompieno se diragaletseng bao ba neng ba emelwa ke barwa ba ga Isaia, eleng “bana” bao Jehofa a ba mo neileng le bao Jehofa a ba diriseditseng go emela barutwa ba ga Jesu Keresete ba ba tloditsweng ka moya. (Isa. 8:18; Baheb. 2:13) Go feta dingwaga di le 65 ba itsisitse lefatshe gore Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia jaanong bo mo leruding la Morwa wa Modimo yo o beilweng mo setulong sa bogosi, eleng Jesu Keresete jaaka Kgosana ya Kagiso. (Isa. 9:6, 7) Ka gone ba apogisitse dikete-kete tsa batho ba ba hutsafetseng lefifi le le lotobo leo le ntseng le bipile lefatshe lotlhe. Ba ntse ba otla batho ba ba tshwerweng ke tlala semoyeng ka sengwe se se tshegetsang botshelo bogolo go dijo tse di bonalang, ba dirisa mafoko a Bogosi a a boleletsweng-pele ke Jesu go Mathaio 24:14. Bano ba ne ba fola semoyeng.
8. Bao ba fodisitsweng semoyeng jaanong ba reetsa mafoko afe a a oketsegileng a ga Jehofa kaga Sabata, ka ditsholofetso dife?
8 Botlhe bano ba ba neng ba fodisiwa semoyeng jaanong ba reetsa mafoko a ga Jehofa a kaelo a a oketsegileng ao Iseraele wa bogologolo a sa a reetsang: “Ha u haposa lonaō loa gago mo go gateñ sabata, u sa dihe kgatlhègō ea gago ka letsatsi ya me ye le itshepileñ; me u raea sabata u re, u monate, le se se itshepileñ sa ga Yehofa, u re, sea tlotlèga; me ha u mo tlotla u sa ee le mekgwa e e leñ ea gago, u sa bone kgatlhègō e e leñ ea gago, u sa bue mahoko a e leñ a gago: Hoñ, u tla iyesa monate mo go Yehofa; me ke tla gu palamisa mahelō a godimo a lehatshe; ke tla gu otla ka boshwa yoa ga Yakobe, rrago: gonne molomo oa ga Yehofa o go buile.”—Isa. 58:13, 14.
9. A Bakeresete ba ba ineetseng le go kolobediwa jaanong ba tlase ga thulaganyo ya beke le beke ya Sabata, mme ba atamela lobaka lofe lwa Sabata ka bofefo?
9 Bakeresete ba ba ineetseng ba bo ba kolobediwa, bao eleng Basupi ba ga Jehofa gompieno, ga ba patelesege go boloka Sabata ya beke le beke eo e simololang fa letsatsi le sena go phirima ka Labotlhano mme e khutla fa letsatsi le sena go phirima ka Matlhatso, ka gobo ga ba tlase ga lenaane la melao e e neetsweng ke Moshe wa motsereganyi. (Ekes. 20:1-11) Tota le Jesu Keresete, eleng Motsereganyi wa kgolagano e ntsha, gaa ka a laola barutwa ba gagwe go boloka Sontaga jaaka letsatsi la Sabata. Ba itse gore ba tshela mo letsatsing la bosupa la beke ya go bopa ya ga Jehofa Modimo, eo mo go yone a ikhuditseng go bopa ka tlhamalalo mo lefatsheng la rona. (Gen. 1:1 go ya go 2:4) Ditiragalo tsa lefatshe gammogo le ditshupa-dipaka tsa Bibela di bontsha gore jaanong puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete e ntse e atamela ka bofefo gore e simolole. Puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete ya go segofatsa setho sotlhe e tla nna mo dingwageng tsa bofelo tse di sekete tsa letsatsi la ga Jehofa la go ikhutsa kana la Sabata la dingwaga di le dikete di le supa. Puso ya ga Keresete e tla nna letsatsi la Sabata leo setho sotlhe se tla le itumelelang thata.
10. A “sabata” ya beke le beke ya La-Bodumedi e dumalana le Bibela, mme gompieno e dirisetswa eng segolo-bogolo?
10 Go feta dingwaga di le 1 500, La-Bodumedi le ntse le laotse go boloka Sontaga jaaka mofuta wa sabata wa Bokeresete. Mme Sontaga ga se ya Bokeresete kana ya Sejuda. Jaaka leina la lona le bontsha, tota ke letsatsi la boikhutso la boheitane go ketekelwa modimo wa letsatsi. Gompieno La-Bodumedi eleruri ga le kaye Sontaga wa lone jaaka letsatsi la go ikhuletsa go tlotla Jehofa le go solegela mmele wa motho molemo. Ka kakaretso, le le sola molemo jaaka letsatsi la metshameko, dipikiniki, go ya diholong, le ditiro tse dingwe tse e seng tsa bodumedi gammogo le maipelo a a bohula, re sa bue kaga go tshameka di-casino le ditiro tse dingwe tse e seng tsa boitsholo jo bo siameng.
11. Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba boloka “sabata” ya boammaaruri jang, mme ka jalo ba dumalana le sekao sa gagwe?
11 Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete bone ba bolokela Jehofa Modimo “sabata” e e tswelang pele. Jang? Ka go ikhutsa kana go khutlisa ditiro tsa bone ka boiteko jwa gore ba itire ba ba siameng fa pele ga Modimo mme ka gone ba bone poloko ya bone ya bosakhutleng. Ba ikhutsa ka go dumela mo molemong wa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo jaaka motheo wa poloko ya bone ya bosakhutleng. Ka mokgwa ono ba itumalanya le “letsatsi” le legolo la bosupa la tshwantshetso la Beke ya ga Jehofa ya Popo, leo a ntseng a ikhuditse mo go lone.
12. “Boikhucō yoa sesabata” jo jaanong bo santseng bo “saletse” batho ba Modimo ke bofe, mme ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba dirisa sabata wa Sejuda le Sontaga wa La-Bodumedi jang?
12 Faele kaga go ikhutsa ka tumelo ga Mokeresete mo ‘sabateng’ wa ga Jehofa wa dingwaga di le dikete di supa, re bala jaana: “Gonne o buile golō goñwe kaga letsatsi ya boshupa ka mo go nntseñ yana, oa re, Modimo oa ikhutsa ka letsatsi ya boshupa mo ditihoñ cotlhe tsa ōna; . . . Me ke gōna, boikhucō yoa sesabata bo nntse bo saletse batho ba Modimo. Gonne eo o tsenyeñ mo boikhucoñ yoa gagwè, le èna o bile o ikhutsitse mo tihoñ ea gagwè, yaka Modimo mo go tsa ōna.” (Baheb. 4:4-10) Basupi ba ga Jehofa ba ikhutsa ka go dumela mo setlhabelong sa ga Keresete jaaka paakanyetso ya Modimo ya go boloka batho. Ka jalo ka matsetseleko ba ka dirisa letsatsi la Bajuda la sabata gammogo le Sontaga wa La-Bodumedi go rera mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo.
Tomologano Gareng ga La-Bodumedi le Mofodisi yo o Tlhokegang
13. Go ya ka Isaia 59:1-4, ke boitsholo bofe jwa batho ba ba itshemang ba Modimo jo bo bakileng tomologano fa gare ga ona le bone?
13 Seo La-Bodumedi le ka bong le se ipelela mo boemong jwa seo se diragalang gompieno ga se ka ntlha ya gore Modimo Mothatayotlhe gaa kgone. He ke ka ntlhayang poloko e sa tlela Iseraele wa bogologolo, mme, ka mo go tshwanang, ke ka ntlhayang e sa tlela La-Bodumedi kana lefatshe lotlhe? Lebaka le neelwa mo mafokong ano: “Bōnañ, lecōgō ya ga Yehofa ga lea khuchwahala, go re, ga le kake ya boloka: le tsèbè ea gagwè ga ea kabala, go re, ga e kake ea utlwa: Me maikèpō a lona a lomologantse ha gare ga lona le Modimo oa lona; le maleo a lona a lo shubetse sehatlhōgō sa ōna, gore a ganè go utlwa. Gonne diatla tsa lona di leshwè ka madi, le menwana ea lona ka boikèpō; dipounama tsa lona di buile maaka; diteme tsa lona di pepeduma pepeduma boikèpō. Ga go na opè eo o isañ tshekoñ ka tshiamō, ga go na opè eo o buèlèlañ kgañ mo boamarureñ: ba ikanya boithamakō, ba bua maaka; ba ithwala bosenyi, ba bèlèga boikèpō.”—Isa. 59:1-4.
14. Fela jaaka Iseraele wa motlha wa ga Isaia, ke ka ntlhayang fa La-Bodumedi la lekgolo la dingwaga la bo-20 le ka se kgone go ikapola molato mo kgotleng ya bomodimo ya tshiamiso?
14 Go sekaseka Iseraele wa motlha wa ga Isaia mo go ntseng jalo go senotse dintlha tse dintsi. Jehofa o ne a ka atamalana jang kana a segofatsa jang batho ba morafe o o ntseng jalo? Morafe oo e ne e le ona o o neng o baka khwiti fa gare ga gagwe le ona. Go ntse fela jalo maloka le khwiti e e fa gare ga gagwe le ba ba itshemang batho ba gagwe, eleng La-Bodumedi. Diatla, menwana, dipounama, leleme; tsotlhe fela di tsaya karolo mo go se se bosula, ebile go gobala La-Bodumedi ka bolone. Morago ga dintwa tse pedi tsa lefatshe, diatla tsa gagwe ga dia tladikiwa fela ka madi a batho, me le santse le rulaganyetsa go tsholola madi a batho le eleng ka bontsi tota, ka gongwe ka nako e e latelang ka dibomo tsa atomiki le tsa nuklea kwantle ga dibetsa tse dingwe tse di boitshegang tsa go bolaya bontsi-ntsi jwa batho setlhogo. Eleruri go isa mathata a merafe-rafe ga lone go lekgotla la Merafe e e Kopaneng kana go Kgotla ya Merafe-rafe ya Tshiamiso kwa The Hague, Netherlands, ga go tshwane le go isa dikgang kwa kgotleng ya bomodimo ya tshiamiso “mo boamarureñ” fa pele ga legodimo lotlhe le lefatshe lotlhe. La-Bodumedi le ne le se kitla le ikapola molato mo kgotleng e e ntseng jalo ya bomodimo!
15, 16. Ka ntlha ya seo se ithwalwang mo merafeng yotlhe, ka tlholego go tshwanetse ga belegwa eng, mme dipuo tsotlhe tsa semmuso ke go bua eng?
15 Mo lekgotleng la Merafe e e Kopaneng, merafe e e seng ya Bokeresete e setse e feta merafe ya La-Bodumedi ka palo. Lefa go ntse jalo baruti le baeteledipele ba bodumedi ba leba seemedi seo sa bogosi jwa Modimo jaaka “tsholofelo e le yosi ya lefatshe” ebile ba tswelapele ba itshwara jaaka ekete ke yone tota. Fa mo e se “go ikanya boithamakō,” he ke eng? Dipuo tsotlhe tsa phatlalatsa le tsa kafa thoko kaga go ikaega ka lekgotla la Merafe e e Kopaneng le mekgatlho e mengwe e e dirilweng ke batho mo go boneng kagiso le polokesego ya lefatshe—a mo ga se go ‘bua maaka,’ segolo thata La-Bodumedi? Go seng jalo, puo eno ya dinyana e itshupile go nna eng?
16 Ereka go ithwalwa “bosenyi” fela mo merafeng yotlhe, mme eseng dikamano tsa kagiso le Jehofa Modimo, ka tlholego go tla belegwa “boikèpō.” Abo ruri e tla nna “seganana sa ngwana” jang nne! Mo ponong ya ga Jehofa, dipuo tsotlhe tsa semmuso gare ga merafe, eleng ya Bokeresete le e e seng ya Bokeresete, di nnile fela ‘go bua maaka’ le go ‘bua tshiamololo fela.’
17. Batho ba ba itshemang ba Modimo ekete ba jele botlhole jwa eng, mme ke ka ntlhayang fa tsela eo ba e tsereng e sa ka ya nna e e siametseng batsamai?
17 Gompieno batho ka bobedi kafa gare le kafa ntle ga La-Bodumedi ba jeswa botlhole, eseng mo mmeleng fela, mme gape le semoyeng. Go ya ka Isaia 59:5-8, bangongoregi ba ne ba ka bolelela Modimo, eleng Moatlhodi wa botlhe, ba re: “Ba tototsha maè a shaushwawane, ba loga bobi yoa segokgo: eo o yañ maè a bōnè a shwe, le ye le phatlakancweñ le cwe legwere. Mabi a bōnè ga a ketla a cwa diaparō, le gōna ga ba ketla ba ikapesa ka ditihō tsa bōnè: ditihō tsa bōnè ke ditihō tsa boikèpō; tihō ea thubakanyō e mo diatleñ tsa bōnè. Dinaō tsa bōnè di sianèla kwa boshuleñ, ba itlhaganèlèla go cholola madi a a senañ molato: megopolō ea bōnè ke megopolō ea boikèpō; chwahalō le tshenyègo di mo motlhaleñ oa bōnè. Tsela ea kagishō ga ba e itse; ga go na tshiamō mo metlhaleñ ea bōnè: ba ichōkamiseditse ditselana: leha e le mañ eo o tsamaeañ mo go cōna ga a ke a itse kagishō.”
18. La-Bodumedi le nnile sekao se se ntseng jang maloka le go agisana?
18 Fa La-Bodumedi le sa kgone go ka nna le kagiso mo teng ga lone, re ka lebelela jang gore lefatshe lotlhe le dire jalo? Le nnile sekao se se bosula, le emela Bokeresete jwa boammaaruri mo go maswe tota. Le ntse le balabala bobe mo go ikueleleng kagiso le polokesego, mme eleruri go itlhomelela ga lona ka dibetsa tse dintsi ka ntlha ya go belaela baagelani ba lona ba selefatshe ga se tsela ya go bula tsela ya kagiso.
19. Seemo sa boitimokanyi mo Iseraeleng wa bogologolo bo feletse kaga eng maloka le tshiamiso le go lemoga tsela e e siametseng go ka tsewa?
19 Isaia moperofeti wa ga Jehofa o tswelapele go re: “Ke gōna mouō katlholō e nntseñ kgakala le rona, le tshiamō ga e re hitlhele: re batla lesedi, me re bōna lehihi hèla; re batla phatsimō, me re tsamaea mo go sa bonaleñ hèla. Re apaapa lomōta yaka dihohu, E, re apaapa yaka ba ba senañ matlhō: re tlauma motshegare yaka ha go le lotlatlana: mo go ba ba diñware re nntse yaka batho ba ba shuleñ hèla.
20. (a) A ditlolo le maleo a Iseraele a ne a bonala pepenene? (b) Ka jalo, tlase ga maemo ao, go ne go ntse jang ka tshiamiso, thokgamo le boammaaruri?
20 “Re kgorotla rotlhe yaka dibera, re lela mo go botlhoko yaka maeba; re batla katlholō me ga go na epè; re batla polokō, me e nntse kgakala le rona. Gonne ditlolō tsa rona di ntsihetse ha pele ga gago, le maleo a rona a shupa kaga rona: gonne ditlolō tsa rona di na le rona, me kaga maikèpō a rona, rea a itse: Ka go tlola, le ka go itatola Yehofa, le ka go hapoga go latèla Modimo oa rona, ka go bua patikō le cuololō, ka go ithwala le go ntsha mahoko a maaka a a cwañ mo peloñ. Me katlholō e tenegetse kwa moragō, le tshiamō e emetse kwa kgakala: gonne boamarure bo ole mo mmileñ, le thōkgamō ga e kake ea tsèna. E, boamarure bo a tlhōkahala; me eo o kgaoganañ le boshula o itshemèla go thopiwa.”—Isa. 59:9-15; Bar. 3:15-18.
21. Tlhaloso ele ya Iseraele wa motlha wa ga Isaia e tshwanela eng sentle thata gompieno, mme batho ba ka bo ba nnile le tebelelo e e botoka jang?
21 Abo tlhaloso eo ya bogologolo e tshwanela boemo jwa La-Bodumedi jang gompieno! Fa e sale ka bokhutlo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918 Basupi ba ga Jehofa ba nnile ba ba itsegeng thata mo lefatsheng, go sa kgathalesege pogiso e e mahehe. Go tweng fa molaetsa wa bogosi jwa ga Jehofa mo diatleng tsa ga Keresete yo o galaleditsweng o ka bo o amogetswe sentle bogolo go ganiwa ka tshiamololo le pogiso go Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara? Abo batho, mme ebile segolo thata La-Bodumedi, ba ka bo ba ipelela seemo sa botsogo se se botoka mo dintlheng tsotlhe jang nne! Abo batho ba ka bo ba na le tebelelo e ntle jang!