“Yehofa oa Mashomōshomō” O Namola Batho!
1. Ereka go na le baganetsi, go tlisetsa batho thuso ya bosakhutleng go tla kaya eng pele?
KUDUMEDI ya lefatshe e fela fa pele! Mme diphelelo tsa yone tsa kgolokwe yotlhe eleruri di tla fodisiwa. “Mahoko a a Molemō” a seno a anamisitswe go dikologa lefatshe lotlhe ke banna le basadi ba ba ineetseng bao ba neetsweng molaetsa o o galalelang wa thuso ya batho ya ka bosakhutleng. Ba bolelela-ruri, ka gobo ba romilwe ke Yo o amegang bogolo ka maemo a batho go na le ope o sele mo legodimong lotlhe le mo lefatsheng lotlhe. Mo go itumedisang, yoo a ka kgona sentle thata go tlisetsa batho botlhe thuso e e tlhokegang. Tota-tota, o ikaeletse go dira jalo. Mme go dira jalo go tla kaya go lwa le baganetsi ba boikaelelo jwa gagwe, eleng ntwa ya dintwa tsotlhe!
2. Go ya ka Isaia 59:15b, motlhabani yo o fenyang yoo ke mang?
2 Gore motlhabani yo o fenyang yoo ke mang moperofeti Isaia o tlhotlheleditswe go mo itsise ka go re: “Me Yehofa o na a go bōna, me ga mo itumolola ha go sena katlholō.”—Isa. 59:15b.
3. Fa re bapisa, lefatshe leno ke eng go Jehofa jaaka Kgosi, mme lefa go ntse jalo a o bontshitse kgatlhego mo go seo se diragalang mono?
3 Metlheng eno batho ka kakaretso ga ba lemoge gore Mmopi wa legodimo le lefatshe o keleka dikgang tsa batho ka tlhoafalo. Mme ke ka ntlhayang fa Mmopi a sa tshwanela go dira jalo? Nngwe ya dilo tsa bofelo tseo moperofeti wa gagwe Isaia a di kwadileng ke polelo e: “Go bua yana Yehofa, a re, Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeō sa me sa dinaō.” (Isa. 66:1) Mme kana, a Kgosi eno, eleng e e busang popo yotlhe, ga e a tshwanela go kgatlhegela sebeo sa gagwe sa dinao sa selefatshe gammogo le seo se diragalang moo? O bontshitse gore o a kgatlhega. Jang?
4. Jehofa o bontshitse jang kgatlhego ya gagwe mo go seo se diragalang mo sebeong sa gagwe sa dinao mo metlheng ya ga Noa yo o boifang Modimo?
4 Ntlha ya gore gompieno ga re na tsharololo ya metsi a magolo a a kaleditsweng mo loaping le go dikologa kgolokwe ya rona mme ka gona a thibela lesedi la letsatsi, la ngwedi le la dinaledi ke ka gobo Jehofa a lemogile seo se neng se diragala mono mo sebeong sa gagwe sa dinao sa selefatshe a bo a dira sengwe. O ne a goromeletsa metsi a a kaleditsweng ao go tswa godimo koo mo sebeong sa gagwe sa dinao, eseng go itlhapisa dinao, mme go tlosa maemo a a bosula a a neng a le mo sethong sotlhe. Pego e e tlhotlheleditsweng ya seno e re: “Me Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. . . . Me Yehofa a re, Ke tla senya motho eo ke mo dihileñ ke mo tlosa mo lehatshiñ: . . . Me Noa èna a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō.” (Gen. 6:5-8) Rotlhe re kolota Noa yono yo o boifang Modimo malebogo, ka gobo ene le lelapa la gagwe, eleng meya ya batho e le boferabobedi fela, ba agile araka ka taolo ya ga Jehofa mme ba ralala morwalela wa kgolokwe yotlhe ka pabalesego ba le mo go yona, gore re nne ditlogolwana tsa bone.
5. (a) Go senngwa ga Sodoma le Gomora go bontsha kgatlhego efe ya ga Jehofa? (b) Tshenyo eo gammogo le Morwalela oo di dirisiwa go tshwantsha eng?
5 Kgang ya moragonyana ya Sodoma le Gomora e itsege lefatshe ka bophara. Go senngwa ga metse eo ya Botlhaba Gare e e neng e itshwere maswe go bontshitse kgatlhego ya ga Jehofa mo dikgannyeng tsa batho mo sebeong sa gagwe sa dinao. (Gen. 18:20, 21) Mosiami Lote le barwadi ba gagwe ba babedi ba bolokilwe mo puleng ya molelo eo e fetotseng Sodoma le Gomora melora. Ka ntlhayang? Ka gobo, lemororo ba ne ba tshela mo Sodoma, Lote o ne a “le mo pitlaganoñ e e botlhoko ka go tshela ga baikepi bauō mo bopepeñ” ebile “mōea oa gagwè o o siameñ oa nna oa chwenyèga” ka ntlha ya gone. (2 Pet. 2:6-8) Ntlha e e kgatlhang kaga seno ke gore go senngwa ga Sodoma le Gomora ka molelo le go senngwa ga lefatshe la bogologolo ka morwalela di tshwantshwanngwa le bokhutlo jo bo botlhoko jwa tsamaiso ya jaanong ya lefatshe ya dilo ka dikarolo tse di rileng.—Luke 17:26-37; Math. 24:36-39.
6. Ke ka ntlhayang fa go ya kwa le kwa ga matlho a ga Jehofa gammogo le go nonofa ga ona go elatlhoko di sa tshwanela go nyenyefadiwa?
6 Basodoma ba segompieno, ee, ditlhopha tsotlhe tse dingwe tsa batho, baa iphoufatsa fa ba nyenyefatsa seo Dikwalo di se buang: “Gonne matlhō a ga Yehofa a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.” Gape: “Matlhō a ga Yehofa a mo maheloñ aotlhe, a lebeletse ba ba boshula le ba ba molemō.” (2 Ditih. 16:9; Dia. 15:3) Ereka Iseraele a ne a kgona go ka farologanya molemo le bosula, o ne a ka bolelelwa go re: “Ha Yehofa oa mashomōshomō a ka bo a se ka a re sadisetsa bañwenyana ba losika, re ka bo re chwana le Sodoma, me ra ba ra dihwa yaka Gomora.”—Bar. 9:29; Isa. 1:9.
7. Ke go sa kgone gofe ga motho ope gompieno mo go gakgamatsang, mme ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa ithaopele tiro eo?
7 Mo motlheng wa ga Isaia, fa Jehofa a ne a leba bogosi jwa Juda le motse-mogolo wa jone kwa Jerusalema, ke eng se se neng se le bosula mo matlhong a gagwe? Gotlhe mo: “Boamarure bo a tlhōkahala; me eo o kgaoganañ le boshula o itshemèla go thopiwa; me Yehofa o na a go bōna, me ga mo itumolola ha go sena katlholō. Me a bōna ha go sena monna opè, me a gakgamala ha go sena morapeledi.” (Isa. 59:15, 16a) Mmalo, go ne go “sena monna opè” yo o nonofeletseng ditlhokafalo tsa metlha eo, go se motho ope yo o kgonang go rapelela a bo a khutlisa maaka, botlhoka-tshiamo, tshiamololo, le eleng “mo mmileñ” koo dikgetsi tsa kgotla di neng di isiwa gona gore di atlholwe. (Isa. 59:14) Le eleng gompieno go tlhokomologa molao wa bomodimo le go o tlola mo go oketsegang ke sengwe se se gakgamatsang, segolo thata ka gobo La-Bodumedi le ntse le le gone jaanong mo go fetang dingwaga di le 1 650. Basupi ba ga Jehofa ga baa laolelwa go siamisa dikgang. Ba ne ba se kitla ba tsenelela go dira jalo lefa ebile ba ne ba rata. Go tla diragalang, he?
8. Ka jalo ke mang yo o patelesegileng go tlhabana le baikepi mo lefatsheng, mme o neilwe sereto sefe se se tshwanelang fa esale ka lekgolo la dingwaga la bo-12 pele ga Keresete?
8 Seno: “Yehofa oa mashomōshomō” o tla ka ntwa. O tshwanetse go tlhabanela se se siameng! Gaa ikaege ka Kgotla ya Merafe-rafe ya Tshiamiso, fela jaaka a sa ka a tlhomela kgotla e e ntseng jalo ya batho go nna ya tetlanyo ya merafe-rafe. Mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona e tla bo e se lantlha a tlhabana le baba ba gagwe mo lefatsheng. Tota le mo lekgolong la bo-12 la dingwaga pele ga Keresete o ne a setse a obamelwa jaaka “Yehofa oa mashomōshomō.” (1 Sam. 1:3, 11) Fa moperofeti Isaia a ne a bona “Yehofa oa mashomōshomō” mo ponatshegelong kwa tempeleng ya gagwe e e boitshepo, o ne a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo-dimo se se tsholetsegileng seo boserafa ba diphuka di le thataro ba neng ba fofa go se dikologa, ba nntse ba boaboeletsa go re: “Go boitshèpō, go boitshèpō, go boitshèpō Yehofa oa mashomōshomō.” (Isa. 6:3, 5) Koo o ne a sa bonale a apere diaparo tsa tlhabano jaaka Molaola-ntwa yo Mogolo, a setswe morago ke masomosomo a gagwe.—Bapisa Tshenolo 4:1-3.
9. Ka ntlha ya seo Jehofa a se boneng se diragala mo lekgolong leno la dingwaga, o itlhomelela eng mme ebile o itlhomelela ka eng, go ya ka Isaia 59:16b-19?
9 Ditiragalo tsa lefatshe go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 di pateleditse Moatlhodi yo wa lefatshe lotlhe go ipontsha e le “Yehofa oa mashomōshomō.” Ka ntlha ya seo a se boneng se diragala mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 C.E., o itlhomelela ntwa. Isaia o mo tshwantsha a dira jalo, ka mafoko ano: “Ke gōna ka mouō lecōgō ya gagwè ka esi ya mo leretse polokō; tshiamō ea gagwè, eōna ea mo tshegetsa. Me a apara tshiamō yaka phemō ea sehuba, le tlhoro ea phemō mo tlhogoñ ea gagwè: a apara diaparō tsa teheco, le tlhōahalō a e apara yaka kobō. Hèla kaha ditihō tsa bōnè di nntseñ ka gōna, o tla duèla hèla yalo; baganetsi ba gagwè ka carologō, baba ba gagwè ka tuèlō: me ditlhake o tla di duèla ka tekanyeco. Yalo ba tla boiha leina ya ga Yehofa ba le kwa bophirimatsatsi, le kgalalèlō ea gagwè ba le kwa botlhabatsatsi: gonne o tla tla yaka nōka e e phashametsègañ, e go hèma ga Yehofa go e phasametsañ.”—Isa. 59:16b-19.
10. Ntwa ya ga Jehofa e e tlang e tla nna kwa setlhoeng sa ntwa ya bomang mo lefatsheng mono, mme didirisiwa tsa bone ke tsa eng?
10 Ntwa e e tlang ya ga Jehofa wa masomosomo e tla nna kwa setlhoeng sa ntwa e e tswelang pele eo Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba patelesegile go e tlhabana ebile ba laoletswe go e tlhomelela. Diaparo tsa bone tsa ntwa ke tsa semoya ebile di akaretsa le moitlamo wa boammaaruri, “letlatla ya tshiamō ya sehuba,” mo dinaong ba rwele “iketleeco ea Mahoko a a Molemō a kagishō,” “thèbè ea tumèlō,” “tlhoro ea phemèlō ea polokō,” le “chaka ea Mōea, e e leñ lehoko ya Modimo.”—Baef. 6:11-17.
11, 12. (a) Go apara ga ga Jehofa “tlhoro ea phemèlō ea poloko” go kaya eng? (b) Go apara ga gagwe “kobō” ea tshiamo go bontsha eng, mme mo go solofetsa eng?
11 Fa Jehofa a ipaakanyeletsa ntwa e e tlang ya lobopo lotlhe o apara “tlhoro ea phemèlō ea polokō,” mme mo boemong jwa “letlatla ya tshiamō ya sehuba,” o apara “phemō ea sehuba” ya tshiamo. Legale, gaa tlhoke diaparo tse di sireletsang tseo, segolo ka e le mothatayotlhe ebile a sa swe, a sa nyelele. Ka jalo fano go dirisiwa fela dikapuo mo go tshwantsheng sengwe. Go apara ga gagwe “tlhoro ea phemèlō ea polokō” go bontsha gore o akantse ka poloko ya boitlhomo jwa gagwe, segolo thata dikgatlhego tsa bogosi jwa gagwe jwa Bomesia. Ga go sepe seo baba ba ka se dirang mo go tlhaseleng boitlhomo jwa gagwe seo se tla ntshang boikaelelo jwa poloko mo tlhogong ya gagwe kana se mo itaya gore a bo a idibale, se dira gore a bo lebale. Fa e le kaga “phemō [ya tshiamo] ea sehuba” e e temekang, go e apara ga gagwe mo sehubeng sa gagwe go bontsha gore lorato lwa gagwe lwa tshiamo lo itshekile. Go tlhaselwa gope ga boitlhomo jwa gagwe jwa bolegodimo ga go ne go nyeletsa boineelo jwa gagwe jo bo tswang pelong jwa tshiamo.
12 Jaaka go kwadilwe: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikanō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Dute. 32:4) “Kaha poleloñ ea ōna ea choloheco” o tla tlhabana go fitlha “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” di tlhomamisiwa, ao “go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Pet. 3:13.
13. (a) Go apara ga ga Jehofa “diaparō tsa teheco” go kaya eng? (b) Go apara ga gagwe “tlhōahalō . . . yaka kobō” go bontsha eng?
13 Jehofa o tla tlhabana jaaka Mmusolosetsi. Ke ka moo a tshwantshiwang a apere “diaparō tsa teheco.” Basupi ba gagwe mo lefatsheng ba laotswe go “bolèla . . . letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isa. 61:1, 2) Go apara ga gagwe “tlhōahalō . . . yaka kobō” go bontsha gore tlhoafalo ya gagwe e tla mo kurusa, e seng ka mabetwa-e-pelo, mme ka seriti se se etsang seo se neng se leriwa ke “kobō” ya bogologolo go moapari wa yone. O tla duela baganetsi le baba ba gagwe fela jaaka ba dirisane le bao ba neng ba emetse boitlhomo jwa gagwe jwa bolegodimo kwa ntle ga go ineela. Le eleng mekgatlho e e potlana, e e kwa thoko e eketeng ke “ditlhake” e tla bona tuelo ya yone.
14. (a) Phenyo e e galalelang ya ga Jehofa e tla ama baagi ba lefatshe jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go se sepe se se emisang go ikurusetsa phenyo ga ga Jehofa kwa Hara-Magedona?
14 Ka ntlha ya ntwa e e galalelang eo a tla e tlhabanang, baagi ba lefatshe go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima ebile go tloga mo mosong go ya maitsiboeng, ba tla tshwanelwa ke go mmoifa. Ga go sepe se se tla emisang go gakalela phenyo ga gagwe. “Gonne o tla tla yaka nōka e e phashametsègañ, e go hèma ga Yehofa go e phashametsañ.” (Isa. 59:19) Go tla tshwana fela le mo metlheng ya ga Moatlhodi Barake gammogo le Debora, fa Jehofa a ne a dira gore ‘noka ya Kishona’ e tlale ka metsi a a phashametsegang ao a gogotseng masole a a tlhaselang tlase ga Sisera yo e neng e le molaola-ntwa wa ga Kgosi Jabine. (Baatlh. 4:7, 13; 5:21) Mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona o tla dirisa Jesu Keresete Morwa wa gagwe yo o busang jaaka molaola-ntwa wa gagwe, fela jaaka Tshenolo 19:11-21 e bontsha. Mo ntweng eo moya wa ga Jehofa o o tlhotlheletsang o tla itshupa o nonofile go feta dibomo tsotlhe tsa atomiki le tsa nuklea tseo ka nako eo di tla bong di koegilwe mo lefatsheng.
Morekolodi le Kgolagano ya Gagwe
15. Ka Isaia, Jehofa wa masomosomo o ikitsisitse kgapetsa gore ke Morekolodi wa bomang?
15 Kgapetsa “Yehofa oa mashomōshomō” o ikitsise jaaka Morekolodi, kana Go·elʹ, wa batho ba gagwe ba ba itshenketsweng, bao e neng e le bagaabo Isaia. Isaia o ne a tlwaetse go raya batho bano ba ba tshwantshetsang go re: “U se ka ua boiha, wèna seboko Yakoba, le lona banna ba Iseraela: ke tla gu thusa, go bua Yehofa, me Morekolodi oa gago ke Moitshepi oa Iseraela.” Gape: “Me yanoñ, go bua yana Yehofa eo u gu tlhodileñ, wèna Yakoba, èna eo u gu bopileñ, wèna Iseraela; a re, U se ka ua boiha, gonne ke gu rekolotse: . . . Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ; . . . Go bua yana Yehofa, morekolodi oa lona, Moitshepi oa Iseraela; a re, Ke romile kwa Babilona ka ntlha ea lona, me ke tla ba holosa botlhe hèla yaka bahaladi.”—Isa. 41:14; 43:1, 10-14; 44:6, 24; 48:17; 49:26; 54:5, 8; 60:16; 63:16.
16. Moaposetoloi Paulo o tsopola dikarolo tsa Isaia 59:20, 21 kae, mme o amanya tirafatso e e tletseng ya boperofeti jo le phitlhelelo efe?
16 Dingwaga di ka ne di le 23 morago ga loso, tsogo le tlhatlogo tsa ga Jesu Keresete, moaposetoloi Paulo o ne a tsopola dikarolo tsa Isaia 59:20, 21 e le tse di diragalang mo metlheng ya Bokeresete. O akgela ka go re: “Hèla yaka go kwadilwe, ga twe, Go tla cwa Mogolodi mo Siona; me o tla tlosa boikèpō mo go Yakobe: Me euō ke eōna kgolaganō ea me nabō, mogañ ke tlosañ dibe tsa bōnè.” (Bar. 11:26, 27) Moaposetoloi Paulo o bontsha gore tirafatso ya boperofeti jono e tla wediwa ka nako e e santseng e le kwa pele fa maloko a setlhopha sa Bogosi tlase ga Jesu Keresete a tladiwa, eleng maloko a le 144 000. Bano ke Baiseraele ba sebele, eleng Baiseraele ba semoya, bao ba leng mo kgolaganong e ntsha le Jehofa Modimo. Ba tshwana le palo e e lekanyeditsweng ya dikala tsa motlhware wa tshwantshetso. (Bar. 11:17-26) Nako ya Modimo ya tirafatso ya bofelo ya seno e godimo ga rona!
17. Masalela a Baiseraele ba semoya ba ithekiseditse bokgobeng leng, mme Mogolodi o tlile kwa lefelong lefe go ba golola?
17 Fela jaaka Baiseraele ba motlha wa ga Isaia, Baiseraele ba semoya le bone ba ne ba ithekisa ka ntlha ya ditlwaelo tse di phoso ba bo ba golegwa ke mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, ke gore, Babilona o Mogolo, le dinyatsi tsa gagwe tsa selefatshe. (2 Dikg. 17:17; 1 Dikg. 21:20, 25) Sekai se se tlhomogileng sa seno se diragetse ka nako ya Ntwa ya Lefatshe l ya 1914-1918. Gore Baiseraele ba semoya ba ba tshwerweng ba bone kgololesego ya bone gape ya go direla Modimo wa boammaaruri kwa ntle ga kgoreletso le poifo, ba ne ba tshwanetse go nna le Morekolodi. O bile a tla, e le Jehofa ka boene. Ka tiro ya gagwe e e ntseng jalo e e mo nakong o ne a ba gololela go dira tiro ya gagwe. Ereka Sione mo motlheng wa ga Isaia e ne e le thaba e e kwa godimo-dimo go dithaba tseo motse wa Jerusalema o neng o eme mo go tsone jaaka motsemogolo wa bogosi joo, Jehofa o ne a tshwanelwa ke go tla go Sione wa sebele gore a golole setlhopha sa Bogosi. (Tshen. 14:1; Isa. 24:23; 52:7) Morago masalela a Baiseraele ba semoya a a golotsweng a ne a tlogela go tsuololela Jehofa, ba ikgolotse gotlhelele mo ditirisanong tsotlhe le Babilona o Mogolo.—Tshen. 18:4.
18. Mo ntlheng eno, Jehofa o dirisa mang jaaka moemedi wa gagwe, mme yono o tshwantshiwa a tlhabana mo ntweng efe?
18 Jehofa o dirisitse Morwa wa gagwe Jesu Keresete mo ditirong tsa gagwe jaaka moemedi kana “moroñwa oa kgolaganō.” (Mal. 3:1) Jaaka Kurose yo Mogolwane, Jesu Keresete o golotse lantlha masalela a Baiseraele ba semoya mme morago a golola bankane ba bone mo go Babilona o Mogolo. (Isa. 44:28 go ya go 45:7) Go Tshenolo 19:11-21 o tshwantshiwa e le yo o lwang ka tlhamalalo mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” kwa Hara-Magedona.
19. Ditumalano tsa “kgolaganō” eo Jehofa a e dirang le Isaia yo Mogolwane, eleng Jesu Keresete, mo boemong jwa masalela a a golotsweng a Baiseraele ba semoya ke dife?
19 Jaaka Isaia yo Mogolwane, Jesu Keresete ke Moperofeti yoo Jehofa a dirang kgolagano le ene mo boemong jwa masalela a a golotsweng a Baiseraele ba semoya. Kgolagano eno e tsamaisana le tsholofetso e e go Isaia 59:21: “Mōea oa me o o mo go wèna, le mahoko a me a ke a tsentseñ mo molomuñ oa gago, ga di ketla di tloga di cwa mo molomuñ oa gago, leha e le mo molomuñ oa bana ba gago, leha e le mo molomuñ oa bana ba bana ba gago, go tloga hano gompiyeno, go ea bosakhutleñ, go bua Yehofa.”—Bapisa Ditiho 3:22, 23.
20. Moya wa ga Jehofa o nnile mo go Isaia yo Mogolwane ka selekanyo sefe, mme gompieno ke eng se se supang gore mafoko a ga Jehofa ga a ise a tlosiwe mo molomong wa “bana” bao Modimo o ba neileng Jesu Keresete?
20 Moperofeti Isaia le “bana” ba gagwe ba tlholego ga ba bolo go tlhokafala bogologolo. Lefa go ntse jalo, Isaia yo Mogolwane, eleng Jesu Keresete, o ntse a tshedile jaaka yo o sa sweng, a le kafa letsogong le legolo la Modimo kwa magodimong. Moya wa ga Jehofa o mo tlhotlheletsa ka maatla. (Isa. 61:1-3; Luke 4:16-21) Gape, “mahoko” a ga Jehofa a tsentswe mo molomong wa gagwe, gore a tle a a goeletse segolo-bogolo go ralala lefatshe. Ka ntlha ya moo o tsentse mafoko ao mo molomong wa “bana” ba semoya bao Jehofa a ba mo neileng. Mo go feletse ka gore lefatshe lotlhe le rerelwe mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng.—Math. 24:14.
21. (a) Ke bomang, go tloga ka 1935, bao ba amogetseng molaetsa wa motlha wa gompieno? (b) “Yehofa oa mashomōshomō” o tla tshwanelwa ke go namola leng, a ikgodisa jaaka e le eng?
21 Go tloga ka ngwaga wa 1935 “boidiidi yo bogolo yoa batho” bo ile jwa fetoga bankane ba masalela a Baiseraele ba semoya. Ba amogetse molaetsa o wa Bogosi, mme melomo ya bone e ntse e o goa, gammogo le tlhagiso kaga pusoloso ya bomodimo godimo ga baba ba Modimo. (Tshen. 7:9-17) Baba ba ba ntseng jalo ba ntse ba leka go didimatsa molaetsa wa Bogosi. Fa ba retelelwa ke mo, baba ba ba shakgetseng bano labofelo ba tla tlhasela balatedi botlhe ba ba ikanyegang ba bogosi jwa Modimo ka Keresete. Eleruri ka nako eo, mo go iseng go ke go diragale, “Yehofa oa mashomōshomō” o tla tshwanelwa ke go namola. O tla dira seno ka molaola-ntwa wa gagwe, eleng Jesu Keresete “Kgosi ea dikgosi.” Ehe, ee, tlaa, Wena “Yehofa oa mashomōshomō,” mme a phenyo ya gago ya kgalalelo yotlhe ka Keresete e nne mo ditiragalong tse di sa phimogeng tsa legodimo lotlhe le lefatshe lotlhe gore o godisiwe jaaka Molaodi yo o sa ganetsweng wa lobopo lotlhe ka bosakhutleng!