LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/15 ts. 27-29
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Tshegetsa Letsatsi la Boikhutso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Tshegetsa Letsatsi la Boikhutso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Sabata E Ne E Ntse E le Teng?
  • Ditlwaelo Tseo di Gagametseng Ebile Di le Bokete
  • Go Tswa go Sabata ya Matlhatso go ya go Sabata ya Sontaga
  • Selo Seo E Seng sa Dikwalo
  • Bakeresete ba Ikhutsa Leng?
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Sabata
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A O Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/15 ts. 27-29

A Bakeresete ba Tshwanetse go Tshegetsa Letsatsi la Boikhutso?

PULA e ne e na matsorotsoro ka tsela e e sa tlwaelegang ka kgwedi ya June. Ka ntlha ya seno, ngwao e e sa bolong go nna gone e ne ya robiwa ka nako ya dikgaisano tsa megaka ya thenese ka 1991 kwa Wimbledon. E ne e le lekgetlo la ntlha mo ditiragalong, metshameko e tshamekiwa ka Sontaga e le gore go ke go tshwarwe nako eo e neng e senyegile. Kwantle fela ga fa mabaka a a tshwanang le ano a a dirang gore go tlolwe molao, Sontaga ke letsatsi le le boitshepo la go ikhutsa kwa Engelane mmogo le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi.

Batho ba bangwe ba na le letsatsi le le farologaneng la boikhutso. Bajuda lefatshe ka bophara ba gagamalela go tshegetsa Sabata go tloga fa letsatsi le phirima ka Labotlhano go fitlha fa le phirima ka Matlhatso. Ka Sabata, tirelo ya boditšhaba ya difofane ya Iseraele ga e dire, mme ebile kwa ditoropong dingwe dipalanngwa tsa botlhe ga di dire. Kwa Jerusalema batho bao ba kgomaretseng ngwao thata ba tswala mebila gore ba thibele pharakano eo ba e lebang e sa tshwanela go tsamaya.

Lebaka la go bo ditumelo dingwe di santse di tshegetsa letsatsi la boikhutso la beke le beke kana sabata le tsosa dipotso di le mmalwa. A Bajuda ke bone fela ba ba tshwanetseng go tshegetsa Sabata? Ke ka ntlha yang fa ditumelo di le dintsi tsa Labokeresete di ile tsa dirisa letsatsi le le farologaneng go ikhutsa ka lone? A Bibela e santse e batla gore go nne le letsatsi lengwe le le rileng la boikhutso?

A Sabata E Ne E Ntse E le Teng?

Re fitlhela gore Dikwalo di umaka sabata la ntlha mo bukeng ya Ekesodo. Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba le mo sekakeng, ba ne ba fepiwa ka mana, dijo tseo ba neng ba di bona ka kgakgamatso go tswa kwa go Jehofa. Ba ne ba tshwanelwa ke gore mo letsatsing lengwe le lengwe la borataro la beke ba kgobokanye selekanyo se se imeneng gabedi sa one ka gonne letsatsi la bosupa e ne e tshwanetse go nna “sabata oa ga Yehofa,” leo mo go lone go neng go sa letlelelwa gore go dirwe tiro epe.—Ekesodo 16:4, 5, 22-25.

Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba newa Sabata go ba gakolola gore ba ne ba kile ba nna makgoba kwa nageng ya Egepeto. Selo seno se ka bo se ile sa se ka sa nna botlhokwa thata fa ba ne ba kile ba bo ba tshegetsa molao o o ntseng jalo pele. Ka gone, molao o o neng o le malebana le Sabata o ne o neetswe Baiseraele fela.—Duteronome 5:2, 3, 12-15.

Ditlwaelo Tseo di Gagametseng Ebile Di le Bokete

Ka ntlha ya go bo Molao wa ga Moshe o ne o sa tlhalose sengwe le sengwe malebana le Sabata, go kgabaganya makgolo a dingwaga borabi ba ile ba tlhoma melawana e e thibelang dilo dingwe eo segolobogolo e neng e thibela gore go se ka ga dirwa ditiro dipe ka Sabata. Go ya ka Mishnah, ditiro tseo di neng di kganetswe di ne di kgaogantswe ka ditlhopha tse dikgolo di le 39, jaaka go roka, go kwala, le go dira mo masimong. E le mentsi ya melao eno ke e e sa tsweng mo Bibeleng. Fa e tsopola Mishnah, Encyclopædia Judaica e bolela gore melao eno “ke e e senang lepele le morago, ka jaana Dikwalo di bua go le gonnye fela kaga seno mme go ntse go le jalo go itiretswe melao e le mentsintsi.”

E le gore go ke go diragadiwe molao wa gore motho ope a seka a “[tloga] mo felong ga gagwe ka letsatsi la bosupa,” go ile ga itlhomelwa sekgala seo motho a neng a sa tshwanela go se tlola, mme seno se ile sa bidiwa gore ke “selekanyo sa Sabata.” Go ya ka metswedi mengwe, sekgala seno e ne e ka nna dikubita di le dikete tse pedi kana mo e ka nnang dimetara di le 900. (Ekesodo 16:29, King James Version) Lefa go ntse jalo, molao ono o ne o ka tlolwa ka bonokwane: Maitseboa pele ga letsatsi la Sabata, dijo tsa Sabata di ne di ka bewa sekgala sa dikubita di le dikete tse pedi go tswa fa ntlong. Sekgala seno se ne se lejwa e le lelapa leo, mme dikubita tse dingwe gape tse di dikete tse pedi di ne di ka balwa go tswa mo lefelong leo.

Bontsi jwa dithibelo tseno tseo di neng di itiretswe ke batho di ne di dira thata metlheng ya ga Jesu. Ke gone ka moo, baeteledipele ba bodumedi ba neng ba kgala barutwa ba gagwe fa ba ne ba fula diako tsa mabele go di ja ka nako ya fa ba ne ba raletse masimo. Ba ne ba ba latofatsa ka gore ba tlotse molao wa Sabata—go fula mabele go ne go lejwa jaaka go roba, mme go a fofora go ne go lejwa jaaka go a sila kana go a thuga. Mo makgetlong a le mmalwa Jesu o ile a kgala tsela eno e e feteletseng e ba neng ba leba dilo ka yone, ka ntlha ya go bo ba ne ba sa dire go ya ka boikaelelo jwa molao wa ga Jehofa.—Mathaio 12:1-8; Luke 13:10-17; 14:1-6; Yohane 5:1-16; 9:1-16.

Go Tswa go Sabata ya Matlhatso go ya go Sabata ya Sontaga

“Sontaga e tla dirisediwa go direla Modimo ka tlhoafalo.” Mafoko ao ke a Molao wa Bonè wa Sabata jaaka fa o tlhomilwe ke Kereke ya Katoliki. Kgatiso e e sa tswang go gatisiwa bosheng ya Sefora eleng Catéchisme pour adultes e tlhalosa jaana: “Sontaga ya Bakeresete e ketekiwa letsatsi morago ga Sabata: mo letsatsing la borobedi, ke gore, letsatsi la ntlha la popo e ntšha. Le ntse fela jaaka Sabata lefa go le jalo le itsetsepetse thata mo Tlolaganyong ya ga Keresete.” Go ile ga tla jang gore sabata e fetolwe e nne ka Sontaga go na le ka Matlhatso?

Le eleng lefa Jesu a ile a tsoga ka letsatsi la Sontaga, mo Bakereseteng ba pele e ne e le letsatsi leo go neng go dirwa ka lone jaaka malatsi a mangwe. Lefa go le jalo tshwetso eo e ileng ya dirwa ke lekgotla la kereke ya Laodekia (mo e ka nnang mo magareng go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bone la dingwaga C.E.) e supa gore e ne ya re fa nako e ntse e feta, Sabata ya Sejuda e e neng e nna ka Matlhatso e ne e tla tseelwa sebaka ke Sabata ya “Bokeresete” ya Sontaga. Molao ono “o ne o kganela Bakeresete gore ba se ka ba dira ditlwaelo tsa Sejuda le gore ba se ka ba dira sepe mo letsatsing la Sabata [ya Sejuda], mme letsatsi la Morena [letsatsi la beke leo a tsositsweng mo baswing ka lone] le ne le tshwanetse go tlotliwa ka tsela ya Bokeresete.” Go tloga ka nako eo go ya pele batho ba ba ileng ba inaakanya le Labokeresete ba ne ba tshwanelwa ke gore ba dire ka Matlhatso le gore ba se ka ba dira sepe ka letsatsi la Sontaga. Moragonyana, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nne gone kwa Miseng ka Sontaga.

Ka go engwa nokeng ke babusi, batho botlhe ba Labokeresete ba ne ba thibetswe gore ba se ka ba dira ka Sontaga. Go tloga ka lekgolo la borataro la dingwaga go ya pele, batho bao ba neng ba tlola molao ono ba ne ba atlholwa kana ba itewa, ebile ba ne ba ka gapelwa dikgomo. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba tlotseng molao mme ba sa ikwatlhae ba ne ba dirwa batlhanka.

Ka tsela e e tshwanang, melao eo e neng e laola tiro eo e neng e letleletswe go dirwa ka Sontaga e ne e raraane fela jaaka dingwao tseo di neng di laola le Sabata ya Bajuda. Dictionnaire de théologie catholique e tlhalosa ka boleele ka melao ya kereke eo e ileng ya tlhabololwa, mme gareng ga dilo tseo di neng di ilediwa go dirwa e umaka tiro eo e dirwang ke batlhanka, tiro ya dipolasi, go seka dikgetsi go rekisa mo mebarekeng, le go tsoma.

Selo se se gagamatsang ke gore, Sabata ya Sejuda e ne e bolelwa gore e supa fa dilo tse di thibetsweng tseno di siame. New Catholic Encyclopedia e umaka melao ya ga Mmusimogolo Charlemagne eo e neng e le malebana le Sontaga: “Kgopolo ya Sabata, eo St. Jerome a ileng a e gana ka tlhamalalo le eo Lekgotla la Orléans le ileng la e nyatsa ka 538 le e kaya e le ya Sejuda ebile e se ya Bokeresete, o ile wa umakiwa ka tlhamalalo mo molaong wa ga Charlemagne wa 789, o o neng o kganela go dira ka Sontaga o bolela gore seo ke go tlola [Melao E E Lesome].” Ka gone, le mororo go ne ga itumedisa kereke go bona balaodi ba dipuso ba tlhopha letsatsi la Sontaga jaaka letsatsi la boikhutso, go ile ga ba naya tshono ya gore ba tlhomamise dithibelo tseno ba ikaegile ka selo sa motheo seo yone e neng e sa dumalane le sone eleng molao wa ga Moshe o o amang Sabata.

Selo Seo E Seng sa Dikwalo

Makgolokgolo a dingwaga pele ga foo, Borara ba Kereke ba le mmalwa, segolobogolo Augustine, ba ile ka boammaaruri ba bolela gore Sabata e ne e le thulaganyo ya nakwana eo e neng e diretswe Bajuda fela. Ka go bua jalo, ka phepafalo fela Borara bano ba Kereke ba ne ba dumela kgopolo e e tlhalosiwang ke Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, gore Sabata e ne e le karolo ya konokono ya kgolagano ya Molao eo e ileng ya fedisiwa ke setlhabelo sa ga Jesu.—Baroma 6:14; 7:6; 10:4; Bagalatia 3:10-14, 24, 25.

Ka tsela e e tshwanang, mo go Vocabulaire biblique moithutabodumedi wa Moprotesetanta Oscar Cullmann o tsopola a dumalana gore “ka gonne Jesu o ne a tla, o ne a swa, a ba a tsosiwa, mekete ya T[esetamente] E K[gologolo] jaanong e diragaditswe, mme ka jalo go e boloka ‘go tla raya gore re boela morago kwa kgolaganong e kgologolo, re dira jaaka ekete Keresete ga a ise a tle.’” Morago ga go sekaseka ntlha eno e e botlhokwa, a go a kgonega gore mongwe le mongwe a patelediwe go tshegetsa Sabata?

Gompieno, bakwadi ba Katoliki ka kakaretso fela ba batla gore Ditihō 20:7 e ba tshegetse, eo e bolelang ka “letsatsi la ntlha la weke” (Sontaga), ka nako ya fa Paulo a ne a kopane le ditsala tsa gagwe go tla go ja dijo le bone. Lefa go le jalo, seno e ne e le selo seo se ileng sa umakiwa fela go sa tlhokege. Ga go na sepe mo temaneng eno kgotsa mo ditemaneng tse dingwe tsa Bibela seo se supang gore kgang eno e tshwanetse go nna sekai se Bakeresete ba tshwanetseng go se latela, eleruri ba ne ba sa patelesege go go dira. Ee, go tshegetsa sabata ya Sontaga ga go tshegediwe ka gope ke Dikwalo.

Bakeresete ba Ikhutsa Leng?

Le mororo Bakeresete ba sa patelesege go tshegetsa letsatsi lepe la boikhutso la beke le beke, lefa go le jalo ba lalediwa gore ba tshegetse mofuta o mongwe wa boikhutso. Paulo o tlhalosetsa Bakeresete ka ene ba Bajuda, ka go bua jaana: “Me ke gōna, boikhuco yoa sesabata bo nntse bo saletse batho ba Modimo. . . . Me ke gōna, a re tlhōahaleleñ go tsèna mo boikhucoñ yo.” (Bahebera 4:4-11) Bajuda bano ba ne ba kile ba bo ba latela Molao wa ga Moshe ka kelotlhoko ka tsela eo ba neng ba ka kgona ka yone pele ba nna Bakeresete. Jaanong Paulo o ne a sa tlhole a ba rotloeletsa gore ba batle go bolokiwa ka go dira ditiro dingwe mme go na le moo ba “ikhutse” mo ditirong tseo ba neng ba di dira pele. Go tloga fano, ba ne ba tshwanetse go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, seo e neng e le sone fela se ka thusang batho go nna ba ba siameng mo matlhong a Modimo.

Re ka bontsha jang gompieno gore re anaanela tsela eo Modimo o lebang dilo ka yone? Fela jaaka batho ba bangwe, Basupi ba ga Jehofa, jaaka batho ba ba nang le tlhaloganyo, ba anaanela letsatsi la boikhutso la beke le beke leo le tlhomilweng mo dinageng di le dintsi la go ikhuletsa tiro e ba itshedisang ka go e dira. Seo se ba letla go nna le malapa a bone le go itapolosa le one. Lefa go le jalo, nako eno e ile ya itshupa segolobogolo e le nako eo e siametseng go dira ditiro tse dingwe tsa Bokeresete. (Baefesia 5:15, 16) Seno se akaretsa go ya dipokanong le go nna le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa, ba etela baagisani ba bone go ba bolelela tshedimosetso ya Bibela kaga nako eo e setseng e atametse ya gore batho ba ba dumelang ba ipelele kagiso ya lefatshe ka bophara. Fa e le gore o ka rata go itse kaga seno, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go go thusa, lefa e ka nna ka Matlhatso, Sontaga, kana letsatsi lepe la beke.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ile a tshegetsa molao wa Sabata ka botlalo, go na le go ikobela dingwao tsa Sejuda

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go dira ditiro tsa Bokeresete go a lapolosa mo malatsing a fa motho a ikhuleditse tiro ya boitshidiso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela