LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 6/1 ts. 14-19
  • Modimo O Butse Tsela ya go Fola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O Butse Tsela ya go Fola
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikelotlhoko tsa Bomodimo kaga Boitimokanyi jwa Bodumedi
  • Bao Ba Tseneng mo Tseleng ya go Fola
  • Boitimokanyo bo a Senolwa!
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Go Itima Dijo—A go Dira Gore o Atamalane Thata le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Modimo o Batla Gore re Ikitse go Ja?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 6/1 ts. 14-19

Modimo O Butse Tsela ya go Fola

Pele mmadi a bala ditlhogo tse tharo tse di latelang go tla nna molemo fa a ka itlwaetsa pele dintlha tseo ditlhogo tseno di thailweng mo go tsone, eleng boperofeti jwa ga Isaia, dikgaolo 58 le 59

“Go hōla ga gago go tla runya ka bonakō.”​—Isa. 58:8.

1. Ke ka ntlhayang fa batho ba tlhoka go fodisiwa mo seemong sa botsogo jwa bone jwa kakaretso?

A BATHO botlhe ba tlhoka go fola​—phodiso? Batho ba ba ntseng ba ithuta ba dirisa dilo tsotlhe tsa segompieno tsa go bona boikitsiso go tswa kgakala le gaufi ga ba ne ba etsa-etsega go araba ka go re Ee! Potso ke gore, Ke mang wa rona batho yo o ka tlisang pholo e e tlhokegang mo go kalo-kalo? Batho ba ba amegileng ka katlego ya batho ba bangwe ba ntse ba leka ka tsholofelo ya go atlega, mme maiteko otlhe a bone a pelo yotlhe a reteletswe ke go emisa seemo sa botsogo jwa batho jo bo ntseng bo senyegela pele mo loagong, mo boitsholong, mo itsholelong, mo legaeng. Selelo sa go ngongorega sa setho se se bobolang se ntse se tsholetsega!

2, 3. (a) Ke mang yo o nang le lebaka bogolo la go ngongorega kaga ka moo setho se fapogileng ka teng go na le batho ka bobone? (b) Go fapoga ga batho go tlhalosiwa jang go Baroma 3:9-18?

2 Fa rona dibopiwanyana re bona go tshwanela go ka ngongorega, abo Mmopi wa lobopo lotlhe yo o fetang batho ka nonofo o tshwanetse a bona go tshwanetse jang gore a ngongorege! Eleruri gaa ka a tlontlolola kgono ya gagwe ya go bopa ka go simolola popo ya gagwe ya batho mo thankgeng eo re iphitlhelang mo go yone gompieno. O tlhalosa sentle gore go simolola ga boleo go bakile dilo tsotlhe tse. Makgolo a le 19 a dingwaga a a fetileng o bontshitse ka moo setho se fapogileng boitekanelo jwa ntlha ka teng ka go tlhotlheletsa mongwe wa bakwadi ba dibuka tsa Bibela go kwala mafoko ano a a tlhalosang:

3 “Me yana go ka tweñ? A rea ba gaisa? Nya, leha e le mo gonnyennye; gonne, go le Bayuda, go le Bagerika, re ba kaile galè, go re, ba mo thateñ ea boleo botlhe hèla; Yaka go kwadilwe, ga twe, Ga go opè eo o siameñ, leha e le eo moñwe hèla; Ga go opè eo o tlhaloganyañ, ga go opè eo o batlañ Modimo; Ba hapogile botlhe ba tlhobosegile mmōgō; ga go opè eo o dihañ molemō, leha e ka bo e le eo moñwe hèla: Memeco ea bōnè ke phupu e e atlhameñ; ba bua tsieco ka diteme tsa bōnè: botlhoko yoa dinoga bo mo dipounameñ tsa bōnè: Melomo ea bōnè e tletse thogakanō le bogalaka: Dinao tsa bōnè di hehogèla go cholola madi; Tshenyègō e mo tseleñ tsa bōnè, le lehuma; Me tsela ea kagishō ga ba ise ba ke ba e itse: Ga go na poihō epè ea Modimo ha pele ga matlhō a bōnè.”​—Bar. 3:9-18.

4. (a) Mo mafokong, ao Paulo o ne a tsopola kae? (b) Jalo, he, re fitlhela boemo jwa dikgang bo ntse jang gompieno, makgolo a le 19 a dingwaga moragonyana?

4 Mo karolong e e fa godimo eno ya lekwalo la ga moaposetoloi Paulo leo le neng le kwaletswe phuthego ya Bakeresete mo Roma wa bogologolo, o ne a tsopola mo Dikwalong tsa Sehebera tse di neng di kwadilwe tsotlhe ka tlhotlheletso ka dingwaga tse di fetang 450 pele ga go kwala lekwalo la gagwe ekane ka ngwaga wa 56 C.E. Ka sekai, Paulo o tsopola go Isaia 59:7-20. Seno se bontsha gore boemo bo ne bo setse bo le bosula tota morago koo mo motlheng wa gagwe, eseng fela jwa setho ka kakaretso, mme segolo thata jwa bao ba neng ba ipitsa batho ba ga Jehofa Modimo, eleng, Bajuda kana Baiseraele. Mme he gompieno, mo go fetang makgolo a le 19 a dingwaga morago ga fa Paulo a kwalela phuthego ya Bokeresete e e mo motseng-mogolo wa Roma dilo tse di ntseng jalo, tota re tshwanetse go lebelela gore boemo jwa lefatshe jwa boitsholo le jwa bodumedi bo nne jang, re sa tlogele karolo e e bidiwang La-Bodumedi? Seo dikoranta le dimakasine tse di buang puo-phaa di se re senolelang kaga lone sea boifisa, ee, sea reregisa.

5, 6. (a) Go ya ka boiphako jwa La-Bodumedi, merafe e e mo lefatsheng la lone e tshwanetse ya bo e itshwara jang? (b) Fa re bala dipolelelo-pele tsa ga Isaia tse di neng di lebisitswe go Iseraele, re tshwanetse ra nna re gopotse gore di ama mang segolo?

5 Ereka La-Bodumedi le iphaka go obamela Keresete, le tshwanetse la bo le etsa Keresete Jesu ebile le tshelela dithuto tsa gagwe. Merafe ya La-Bodumedi e tshwanetse go bo e itse go dira seno. Mo merafeng e e ntseng jalo e e bidiwang ya Bokeresete Dibibela, mme segolo-bogolo dikaelo tsa “Testamente e Ntšha,” di tletsetletse ka dipuo tsotlhe tse di itsegeng tsa mafatshe a yone. Bontsi jwa baagi ba yone bo itse go bala Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tseo gore ba kgone go ithuta go nna Bakeresete. Ereka La-Bodumedi le ikamanya le Keresete ebile le iphaka go nna phuthego ya gagwe, go retelelwa ke go latela sekao sa ga Keresete go le tshwaya jaaka moitimokanyi. Boemo jwa lone jwa loago, boitsholo, bodumedi bo tshwana fela le jwa bao e kileng ya bo e le batho ba ga Jehofa Modimo ba ba ‘itshenketsweng’ mo metlheng ya ga moperofeti Isaia ka dingwaga di le 800 pele ga go simolola ga Bokeresete.

6 Eleruri, boemo jwa La-Bodumedi jo bo tlhomolang pelo bo tshwana le jwa Iseraele wa motlha wa ga Isaia, ka gobo le iphaka gore le tlhatlhame Iseraele jaaka batho ba ba itshenketsweng ba Modimo. Ka jalo, fa re ntse re bala dikgaolo tse di rileng tsa boperofeti jwa ga Isaia, re nne re gopotse gore di ama La-Bodumedi segolo. A Modimo wa ga Isaia o ne a leba Iseraele ka nako ya moperofeti ono e le yo a itimokanyang ebile a tlhoka phodiso ya semoya? A Jehofa a bege dikelotlhoko tsa gagwe!

Dikelotlhoko tsa Bomodimo kaga Boitimokanyi jwa Bodumedi

7. Go ya ka Isaia 58:1, moperofeti yo o ne a tshwanetse go bolelela batho ba ga Jehofa ba ba itshenketsweng dikelotlhoko dife tsa gagwe?

7 Modimo wa laola Isaia gore: “Goa thata, se rekegele, choletsa lencwe ya gago yaka lonaka, me u kakanyetsè batho ba me tlolō ea bōnè, le ba ntlo ea ga Yakoba maleo a bōnè.”​—Isa. 58:1.

8. Isaia o nea tshwanetse go goa dikelotlhoko tsa ga Jehofa go le kana-kang, mme ke ka ntlhayang fa a ne a kane a tlhotlheletsegile go perofesa?

8 Go ya ka taolo eo, o latofaditse Iseraele ka “tlolō,” kana botsuolodi, le “maleo” a mangwe a a sa umakwang. O dirisitse Isaia jaaka molomo wa gagwe gore a itsise dikelotlhoko tsa Gagwe, ebile moperofeti yono o ne a boleletswe gore a gelebetse ditatofatso tsa Modimo ka modumo o o tshwanang le wa “lonaka” kana phala. Fa Isaia a ne a bolelelwa gore, “Se rekegele,” a ka ne a ikutlwile fela jaaka Amose, fa moperofeti yo wa pelenyana a ne a re: “Tau e dumile, e bo e le mañ eo o se ketlañ a boiha? Yehofa Modimo o buile, e bo e le mañ eo o ka nnañ hèla a sa perofese?”​—Amose 3:8.

9. Molaetsa o o botlhoko wa ga Jehofa o tshwanetse go bolelwa go fitlha kae gompieno, mme o tshwanetse go thusa bautlwi go dira eng?

9 Batho ba ga Molaodi Morena Jehofa ba ba ineetseng ba bo ba kolobediwa gompieno ba tshwanetse go ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Ba tshwanetse go tlhotlheletsega go tsaya molaetsa wa bomodimo wa gompieno mme ba o gelebeletse kwa kgakala-kgakala. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, a ba bolele gore go na le botsuolodi jwa lefatshe ka bophara kgatlhanong le Molaodi Morena wa lobopo lotlhe, yo o batlang gore batho ba gagwe ba ikanyege le go tila maleo a lefatshe. Seno se tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa molaetsa o o botlhoko ono o bolelwa lefatshe ka bophara. Fa bareetsi ba one ba o tsaya-tsia ba ka fodisiwa.

10, 11. Ka nako e e tshwanang fa Baiseraele ba ne ba dira ekete ba itumelela Jehofa ka go ikitsa go ja le ka go ipatika, ba ne ba dira eng gape kwantle ga boithibo?

10 Isaia o ne a senola boitimokanyi jwa “ba ntlo ea ga Yakoba” mo go seo a neng a laotswe go se goa:

11 “Leha go nntse yalo ba tlhōla ba nntse ba mpatla ka malatsi aotlhe, me ba natehèlwa ke go itse mekgwa ea me; yaka ekete ke morahe o o dihañ tshiamō, o sa latlha katlholō ea Modimo oa bōnè, ba ntōpa melaō e e siameñ, ba kgatlhwa ke go atamèla kwa Modimoñ. Ba re, Rea bo re ikiditse go ya ka ntlha eañ, ha e bo ne ne o sa bone? re ipatikile mōea ka ntlha eañ ha e bo ne ne o sa tlhokomele? Bōnañ, e re mo letsatsiñ la go ikitsa go ya ga lona, ke go diha go kgatlhèga ga lona hèla, me loa bo lo patika badihedi ba lona botlhe. Bōnañ, lo ikitsa go ya go diha kgañ hèla le komañ, le go kitla ka lecwele ya boikèpō:

12. A mofuta wa letsatsi la go ikitsa go ja oo Jehofa a o amogelang e ne e tshwanetse go nna nako ya go bontsha boineelo le go ipatika pepenene?

12 “Ga lo ikitse go ya gompiyeno gore lo tlè lo utlwatsè lencwe ya lona kwa godimo. A ke gōna go ikitsa go ya mo ke go lopileñ? A ke letsatsi ya motho go ipatika mōea oa gagwè? A ke go ikōba tlhōgō hèla yaka mophutlu, le go ikalèla letsela ya kgetse le molōra tlhatse ga gagwè? A go mo, u tla go raea, u re, Ke go ikitsa go ya, u bo u re, ke letsatsi ye le lebosègañ mo go Yehofa?”​—Isa. 58:2-5.

13. Jesu kwantle ga go itimokanya o rileng kaga go ikitsa go ja ga batho ba Modimo mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng?

13 Ee, erile fa Jesu Keresete a sena go tlodiwa ka moya wa ga Jehofa o ne a ikitsa go ja ka malatsi a le 40, mme batho ba ne ba sa go lemoge, ebile a le mo nageng ya Judea. Jalo he moragonyana mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng o ne a ka bua jaana a sa itimokanye: “E re ha lo ikitsa go ya, lo se ka loa itlhontsha dihatlhōgō yaka baitimokanyi: ka go bo bōnè ba itlhontsha dihatlhōgō, gore ba bōnwè ke batho yaka ba ikiditse go ya. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba setse ba e amogetse. Me wèna, e re ha u ikitsa go ya, u itlotsè tlhōgō, u tlhapè mo sehatlhogoñ; Gore u se bonwe ke batho ha u ikiditse go ya, ha e se ke Rrago eo o mo sephiriñ: me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ, o tla gu duèla.”​—Math. 6:16-18.

14. (a) Mo go La-Bodumedi, go ikitsa go ja ga bodumedi ke paakanyetso ya mofuta ofe, mme ka ntlhayang? (b) Go Iseraele wa bogologolo, go ikitsa go ja le go ipatika ga boitimokanyi ga go a ka ga bipa eng gape?

14 Barutwa ba ga Keresete ba ne ba sa beelwa malatsi a go ikitsa go ja; go ikitsa go ja ke ga boithatelo. La-Bodumedi le na le go ikitsa go ja ga pateletso, mme tseno ke dipaakanyetso tsa batho fela. Mo motlheng wa ga moperofeti Isaia, fa go ikitsa go ja mo go itlhophetsweng ga “ba ntlo ea ga Yakoba” go ne go dirwa ka kgopolo le boitlhomo tse di siameng, go ka ne go sa ganetswe ka gope. Mme a re gakologelweng gore go ne go diragalang mo ‘ntlong ya ga Jakoba’ fa go ne go ntse go ikidiwa go ja kana pele le morago ga malatsi a go ikitsa go ja; go ne go le dikgang, dikomang, go kgereputsana, go kitlana ka “lecwele ya boikèpō.” Go ikitsa go ja le go ipatika ga kafa ntle go ne go se kitla go bipa bosula jotlhe jo fa pele ga matlho a a phunyeletsang a ga Jehofa Modimo. Ga go gakgamatse le eseng gore o ne a bonala ekete o ne a sa bone go ikitsa go ja ga bone kana tota go go tsaya-tsia!

15. (a) Mo Iseraele, pontsho ya boineelo le boithibo ya kafa ntle e ne e senngwa ke go tshwara badiri jang? (b) Go ntse fela jalo ka mang gompieno, mme ke ka ntlhayang fa go sa tshwanela?

15 Fa Bajuda ba baitimokanyi ba ne ba bontsha boineelo jwa bone jwa kafa ntle ba ne ba ke ba ikobe ditlhogo tsa bone jaaka tlhogo ya mophutlu kana ba iphara mo kgetsing le mo meloreng jaaka ekete ba hutsafetse tota. Mme ditiro tse di ntseng jalo e ne e se letshwao la boammaaruri la boikwatlhao jo bo tswang pelong jwa maleo le botsuolodi jwa bone kgatlhanong le Modimo, gammogo le tlhakatlhakano le boganana jwa bone. Fa go ikitsa go ja ga bone e ne e le ga sebele, eleng go ithiba mo dilong tse di dirwang ka gale, ke ka ntlhayang fa ka nako e e tshwanang ba ne ba kitla “badihedi,” eleng bomorwaraabone, setlhogo, ka jalo ba koela patiko e kgolo mo godimo ga bone? Boithibo jwa kafa ntle ka malatsi a go ikitsa go ja jwa bathapi ba ba neng ba patika batlhanka bao ba neng ba ba direla eleruri e ne e le boitimokanyi. Modimo gaa ka a go amogela, lefa e le go go itumelela. Go ntse fela jalo ka La-Bodumedi le le ikitsang go ja gompieno, ka gobo le iphaka go obamela ona Modimo o o tlhotlheleditseng Isaia go senola tlolo le maleo a batho ba ga Jehofa ba ba itshenketsweng.

16. Ke ditiro dife tsa go imolola, fa di kabo di dirilwe ke Baiseraele, tseo di neng di ka kgatlha Modimo segolo go na le go ikitsa go ja ga boitimokanyi?

16 Modimo wa ga Isaia, eleng Modimo oo La-Bodumedi le itirang ekete le a mo obamela, o amogela mofuta ofe wa go ikitsa go ja, tota tsela efe ya boithibo? Gore re bone karabo re ka bala mafoko a ga Jehofa jaaka a kwadilwe ke Isaia. Gore bao ba bonang go tlhokafala go fola ga semoya kana bao ba batlang go tokafatsa kamano ya bone le Modimo wa Bibela e e Boitshepo ba solegelwe molemo, a re: “A go ikitsa go ya mo ke go lopileñ a ga se gōna mo? eboñ go golola dikgolègō tsa boikèpō, le go hunolola dikgōlè tsa yokwe, le go leseletsa bapatiki go tsamaea hèla, le gore lo rōbè diyokwe cotlhe? A ga se go abèla ba ba bolailweñ ke tlala diyō tsa gago, le go lere mo tluñ ea gago bahumanegi ba ba latlhegileñ? u re u bōna eo o sa aparañ a ga se, go re, u mo apese? le gore u se iphitlhele bōnè ba e leñ nama ea gago?”​—Isa. 58:6, 7.

17. Mafoko a Isaia 58:6, 7 a bontsha gore go ne go diragala dilo dife mo Iseraele, mme ka jalo go ne go tlhokafala go fola mo go eng?

17 Mafoko a a tlhalosang ao a ga Jehofa ka go potela a senola gore Baiseraele ba ne ba golegilwe mo go sa siamang, ka boikepo. Ba bangwe ba ne ba sikarisitswe jokwe jaaka ekete ke diesela. Ba bangwe gape ba ne ba patikelwa ke mokgobe wa tiro oo ba neng ba o rwele. Baiseraele ba ba senang lesego ba ne ba tlogelwa ka tlala kana ba sena matlo a a tshwanetseng. Bao ba neng ba kgona go ka thusa ba ne ba itira o ka re ga ba bone seemo se se hutsafatsang sa Baiseraele-ka-bone. Ehe, ee, ba ne ba tswelapele ka go ikitsa go ja ga morafe ga kafa ntle jaaka tiro, mme ba ne ba sena lorato lwa bokaulengwe lo lo lekaneng gore ba tlose ditshiamololo le dikgatelelo mo nameng le mo mading a eleng a bone. Go ikitsa dijo fela ga goa ka ga tlosa ditlwaelo tseo tse di setlhogo, lefa e le go dumalana le molao wa Modimo: “U ratè oa ga eno yaka u ithata: Ke nna Yehofa.” (Lefi. 19:18) Tota-tota, Baiseraele bao ba ne ba tlhoka go fodisiwa mo pobolong ya semoya eo e neng e tla bolaya kamano ya bone le Modimo!

18. Ke ka ntlhayang fa go sa tlopelwe fa go twe pobolo ya bodumedi ya Iseraele, fa e sa alafiwe, e ne e tla bolaya kamano ya bone le Jehofa?

18 Mo ga se go tlopela, ka gobo mo lekgolong la dingwaga morago ga boperofeti jwa ga Isaia morafe wa Iseraele o latlhegetswe ke naga ya bone ebile ba ne ba bolokilwe kwa Babilonia, go tloga ka 607 go ya go 537 B.C.E. (Esek. 37:1-11) Lemororo morafe ono o ne o buseditswe mo nageng ya one ka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa tshwanelang, o latlhegetswe ke kamano ya kgolagano le Jehofa Modimo dingwaga di le 569 moragonyana, ka ngwaga wa 33 C.E. Ka 70 C.E. Baroma tlase ga Mogenerala Tito ba ne ba senya Jerusalema e e tsuololang, mme Bajuda ba gasagana le lefatshe ka bophara ba ntse ba kgobiwa. Gotlhe mo go tlhagisa La-Bodumedi le le bobolang la go swa.

Bao Ba Tseneng mo Tseleng ya go Fola

19. A Isaia ka boene o ne a bobola pobolo ya semoya ya Baiseraele-ka-ene, mme mafoko a a tsopotsweng mo bukeng ya Bahebera a supa eng?

19 A ope a se akanye gore moperofeti Isaia o ne a bobola semoyeng ka boitimokanyi jwa bodumedi jo bo neng bo tlhasetse morafe wa gaabo. Motho mongwe le mongwe yoo Jehofa Modimo a neng a ka mo dirisetsa go senola boitimokanyi jo bo ntseng jalo o ne a tshwanetse go nna le kamano e e nonofileng le ene. Isaia o supile botsogo jwa gagwe le jwa lelapa la gagwe jwa semoya, fa a ne a re: “Bōnañ, Nna le bana ba Yehofa o ba nneileñ, re beilwe go nna dichupō le dikgakgamaco mo Iseraela, di cwa mo go Yehofa oa mashomōshomō, eo o agileñ mo thabeñ ea Siona.” (Isa. 8:18) Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o tsopola seno mo lekwalong la gagwe go Bahebera mme o se dirisetsa go Jesu Keresete le barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya ka mafoko ano: “A re, Ke tla kakanyetsa bakauleñwe ba me leina ya gago, ke tla ōpèla pakō ea gago mo gare ga phuthègō. Gapè, a re, Ke tla mo ikanya. Me gapè, a re, Bōna, nna le bana ba Modimo o ba nneileñ.”​—Baheb. 2:12, 13.

20. Ke bomang bao lantlha e neng e le “bana” bao Jehofa a ba neileng Isaia yo mogolwane, eleng Jesu Keresete?

20 “Bana” ba ga Jehofa Modimo bao a ba neileng Jesu Keresete ka Pentekoste ya 33 C.E. e ne e le banna le basadi bao e neng e le ba phuthego ya Bajuda eo motse-mogolo wa yone e neng e le Jerusalema. Ka jalo, pele ga fa ba tlodiwa ka moya wa Modimo ka Pentekoste, ba ne ba ntse ba kopanela le tsamaiso eo ya dilo e e bobolang semoyeng e e neng e akaretsa bao Jesu a neng a ba bitsa ‘dinku tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele.’ (Math. 10:6; 15:24) Mme go tloga ka Pentekoste go ya pele ba ne ba sa tlhole e le ba phuthego eo ya bodumedi eo moperofeti Isaia a neng a laotswe go e bolelela mafoko a ga Jehofa a a e nyatsang. Tlase ga kaelo ya ga Jesu Keresete ba ne ba tsene mo tseleng ya go fola moo go solofeditsweng ke Jehofa go Isaia 58:8. Ba kgaogane le phuthego eo e e neng e na le Bafarisai ba baipegi jaaka maloko a yone bao, fa ba ne ba rapela kwa tempeleng, ba neng ba ipelafatsa ka go re: “Ke tle ke ikitse go ya ka weke moñwe le moñwe.”​—Luke 18:11, 12.

21. Barutwa ba ga Keresete ka boperofeti ba ne ba solofeditswe melemo efe go Isaia 58:8 ka ntlha ya go ikgolola mo setshwaning sa gompieno sa Iseraele yo o sa ikanyegeng?

21 Ka mo go tshwanang, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa gompieno, bo tswa mo makokong le dikerekeng tsa La-Bodumedi, eleng setshwani sa segompieno sa morafe wa Iseraela wa motlha wa ga Isaia le wa motlha wa ga Keresete. Ba duetswe ka go dirafalelwa ke tsholofetso ya boperofeti ya Isaia 58:8 ka ntlha ya go tswa go La-Bodumedi le le bobolang ebile le fifetse semoyeng, jaaka e umakilwe: “Hoñ lesedi ya gago le tla bètlama yaka phepahalō ea moshō, le go hōla ga gago go tla runya ka bonakō: le tshiamō ea gago e tla gu ètèlèla pele; le kgalalèlō ea ga Yehofa e tla nna tshimèga ea gago.”

22. “Go hōla” mo go solofeditsweng go ne ga simolola go runyetsa barutwa bao ba ikgolotseng leng?

22 Ka bonako, mo ngwageng wa morago ga ntwa wa 1919 C.E., boperofeti joo bo ne jwa simolola go dirafalela basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa bao ka nako eo ba neng ba ikgolotse gotlhelele mo go La-Bodumedi le le tlamilweng ke melawana, dingwao, ebile le laolwa ke baruti. Boammaaruri le boperofeti jwa Bibela di ne tsa simolola go sedifalela ba ba golotsweng bano “yaka phepahalō ea moshō.” “Go hōla” ga bone go ya botsogong jo bo siameng jwa semoya mo kamanong le Jehofa ka Keresete go ne ga runya ka tokafalo e e bofefo. Fela jaaka Isaia kwa tempeleng, ba ne ba phepafalediwa go direla jaaka Basupi ba ga Jehofa.​—Isa. 6:1-10; 43:10-12.

23. Ba nnile le mofuta ofe wa tshimega ya kwa pele le “tshimèga” ya kwa morago, le eleng ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II?

23 “Tshiamō,” eseng matsoketsane a La-Bodumedi, e ba eteletse pele go ba gogela mo ditselaneng tse di siameng fa pele ga Jehofa. Gore a ba sireletse o nnile kafa morago ga bone jaaka “tshimèga” go fitlha le gompieno. Ka ntlha ya seno o ntse a ba amogela ebile ba ntse ba sireleditswe mo babeng ba bone bao ba batlileng ba ba nyeletsa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II ya 1939-1945.​—Math. 24:9-14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela