LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 9/1 ts. 23-29
  • Go Tshelela Tlhopho ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshelela Tlhopho ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto ya Bibela e Botlhokwa Thata
  • Dirisa Neo ya gago ka Tshwanelo
  • Ka Moo Go Boga go Direlang Molemong wa Rona
  • A o ‘Molebedi wa Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Gatela-pele Morago ga go bona “Tumèlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Buka ya Bibela ya bo 60—1 Petere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Moaposetoloi Petere O Bua le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 9/1 ts. 23-29

Go Tshelela Tlhopho ya Rona

1. Go ngaparela tlhopho ya rona go tlhoka eng go mongwe le mongwe wa rona, jaaka go bontshitswe ke Diane 16:9 le 1 Petere 1:13?

KA GO dira tlhopho ya botshelo joo Modimo o bo tshotseng re tlhopha gape go sepela mo tseleng ya Modimo—tsela e e tletseng, e e thokgameng, ya Bokeresete. Re tshwanetse go ngaparela mo tseleng eo, eo e tlhokang tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo, gammogo le boiteko le bopelotelele. Mme mo boitekong jo re leba go Modimo go goga dikatlholelo tsa rona fa ka metlha re ntse re tshwareletse mo tlhophong ya rona ya ntlha eo e ileng ya akanyediwa sentle. Dikwalo di re: “Pelo ea motho e tlhatlhanya tsela ea gagwè: me Yehofa ke èna o mo kaèlañ tshepèlō ea gagwè.” (Dia. 16:9) Petere o re kaga kgang e: “Ke gōna, ka go itlama mo megopoloñ, lo nnè tekanō, me lo tlhōmè cholohèlō ea lona ka botlalō mo tshegohacoñ e e tla tlisiwañ mo go lona ka go senolwa ga Yesu Keresete.”—1 Pet. 1:13.

2, 3. Ke eng seo se ka re thusang thata go “itlama mo megopoloñ” bakeng sa kgato e e tlhomameng?

2 Ke jang re ka ‘itlamang mo megopolong’ ga molemo? Re ka tlhomamisega jang gore re “tekanō” le go sa latlhegelwe ke teka-tekano?

3 Santlha, re ka tlhatlhanya ka lesego le le tlhokang tekanyo leo re nang le lone mo go nneng baamogedi ba boammaaruri jwa Modimo. Jaanong re na le botshelo jo bo botoka, ka kgololesego e kgolo mo ditlhodiegong, mo ditlhabing le mo dikhutsahalong tse lefatshe le di bonang. Faele gore rea boga, re itse gore ke ka ntlhayang pogo e e ntseng jalo e tla, gape re lemoga gore, fa re nna pelotelele ka tumelo e e tletseng le ikanyo, re tla tswa re le Bakeresete ba ba botoka le ba ba nang le mosola ka mo go oketsegileng. Mme tsholofelo ya rona ya tsogo e tlosa poifo e kgolo ya loso, le go hutsahalela ba ba rategang bao ba swang. E dira gore dilo tsotlhe tse di sa eletsegeng tseo re di bogang di fetoge lefela mo ponong ya botshelo jo bo sa khutleng jo bo kwa pele. Jesu o rile go barutwa ba gagwe: “Go segō matlhō a a bōnañ dilō tse lo di bōnañ; gonne kea lo raea, baperofeti ba le bantsi ba eleditse, le dikgosi, go bōna dilō tse lo di bōnañ, me ba se ka ba di bōna; le go utlwa dilō tse lo di utlwañ, me ba se ka ba di utlwa.”—Luke 10:23, 24.

4, 5. (a) Ke eng se se neng se ka dira gore baengele ba bontshe kgatlhego mo go kalo mo dikgannyeng tsa poloko ya batho, jaaka go bontshitswe ke 1 Petere 1:12? (b) Ka re itse kaga pono ya bone, ke jang rona, ka ntlha ya moo, re tshwanetseng go ikutlwa?

4 Ee, poloko eo re e ipelelang ke tuelo eo e sa lekanngweng, mme Modimo o e lere mo bathong ka tsela e ntle. Petere o bolela gore baperofeti ba ile ba eletsa go itse kafa e tla diragalang ka gone, le gore “e le dilō tse baengele ba eletsañ go leba mo go cōna.” (1 Pet. 1:10-12) Rea itse gore baengele ba ne ba le gone ka nako ya fa lefatshe le ne le bopiwa, le eleng dingwaga tse dintsi pele ga moo. (Yobe 38:7) Ba bone kgalalelo, botlhale le thata tsa Modimo le dibopego tse dingwe tsa botho jwa ona mo dibilioneng tsa ditiro tsa popo. Mme mono lefatsheng go ne go le sengwe se sesha. Modimo o ne o ka boloka setho se se dirileng boleo jang? Baengele ba ne ba kgatlhegela selo se thata. Ba ne ba eletsa go itse kafa sebe sa motho se neng se ka itshwarelwa ka teng mo motheong wa setlhabelo sa motho, gonne ba ne ba ise ba ko ba bone selo se se ntseng jalo se diragala. Nonofo e ntle ya kutlwelo-botlhoko, sebopego se se molemo bogolo sa botho jwa Modimo, se se ikuelang thata le go omosa pelo go gaisa maatla kana le eleng botlhale, e ile ya supiwa ka go roma ga ona Keresete go rekolola losika lwa motho. Gape, lorato lwa ona go baleofi lo ile lwa bontshiwa ka go gogela ba ba nang le tumelo go Morwa wa ona.

5 Jaanong, faele gore baengele ba tsaya kutlwelo-botlhoko e ya Modimo jaaka e nngwe ya dilo tse dikgolo mo lobopong, abo rona ba re amogetseng kutlwelo-botlhoko eo le bao ba e bonang tsatsi lengwe le lengwe re tshwanetse go ipela go le kana-kang ka yone le go e tsaya jaaka ya botlhokwa go feta dilo tsotlhe! Ke tlhotlheletso efe e kgolo go gaisa e eo re ka nnang le yone go ka itumela mo tlhophong ya rona le go e ngaparela?

Thuto ya Bibela e Botlhokwa Thata

6. Mo tumalanong le 1 Petere 2:2, 3, go bala le go ithuta Bibela di tshwanetse go tsaya karolo efe mo matshelong a rona?

6 Rona gompieno re ka dira eng go tlhomamisa tsholofelo ya rona? Petere o a araba: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna; Ke raea ha e rile lo mo lekeletsa loa hitlhèla Morèna a le pelochweu.” (1 Pet. 2:2, 3) Ke fela ka go bala le go ithuta Bibela ka pelo yotlhe le ka kelotlhoko re ka nnang le nonofo ya semoya eo re tshwanetseng go nna le yone. Ga go na ka tsela e nngwe. Re tshwanetse go bala Bibela ka borona, re akanyetsa seo e se bolelang, re e bala le malapa a rona le go tlotla boammaaruri jwa yone. Ka go dira jalo, re tla godisa lorato lo logolo lwa lefoko le le go le tlhologelelwa ka mo go oketsegileng. Faele gore dikgosi mo Iseraele di ne di tlhokwa ke molao wa Modimo go ikwalela sekaelo sa molao, oo ba neng ba na le one mo motlheng wa bone, le go o balela kwa tlase tsatsi lengwe le lengwe, ke jang rona, bao re nang le Dikwalo tsotlhe, tse di re kgonisang go re tlhalefisetsa polokong, re ka dirang se se potlana?—Dute. 17:19, 20; 2 Tim. 3:15.

7, 8. (a) Batho ba mo ntlung ya thuto kwa Berea ba ne ba dira eng seo se ba neileng pako ya bomodimo? (b) Ke ka ntlhayang fa mmalo wa tlhamalalo wa dinnete mo Bibeleng ka boone o le botlhokwa jaana?

7 Fa baaposetoloi ba ne ba bolela “mahoko a a molemō,” ke bomang bao Modimo ka Lefoko la ona o ba bakileng? Batho mo tlung ya thuto kwa Berea, gonne, Bibela e re, “ba amogetse lehoko [la mafoko a a molemo ao a neng a bolelwa ke Paulo le Silase] ka pelo e e etleetsegileñ, ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse [le eleng tse moaposetoloi Paulo o di buileng fa] di nntse yalo.” (Dit. 17:10, 11) Ba ne ba dira dilo tseno tse eleng tsa bone, ba sa reetse fela ba ntse ba dumela, mme gape ba tlhatlhoba motheo wa Dikwalo o o nitameng wa dilo tseo ba di amogetseng ka tlhoafalo mo megopolong le mo dipelong tsa bone.

8 Re tshwanetse go latela tsela ya Baberea ba ba pelo-di-phepa bao. Ka ntlhayang? Ka gobo re ka nna ra utlwa boammaaruri bo bolelwa kana bo rutwa ke barutisi ba batho, mme fa re bo bala mo Bibeleng bo nna maatla a a tlhotlheletsang a a thailweng ka botlalo, a goyagoile mo dipelong tsa rona, gonne “lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, me le tlhabe le ee go kgaoganya pelo le mōea, ditokololō le mōkō, me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.” (Baheb. 4:12) Thuto ya ka metlha ya Bibela e re kganela mo go nneleng ruri banyana ba semoya. Lefoko la Modimo le tsenya moya wa ona mo dipelong tsa rona, le re nonotsha, le go re godisa. Molao-motheo o o tshwanang o a dira fa re bolelela ba bangwe “mahoko a a molemō.” Fa re letla batho go ipalela mo Bibeleng go na le maatla a magolo go na le go dirisa mafoko a rona fela.

9. Ke diphelelo dife tse di sa itumediseng tseo diteko le mathata di ka di tlhagisang mo go rona, mme re ka thusiwa ke eng go tila diphelelo tse di bosula tseo?

9 Mo go thadiseng seo rona jaaka Bakeresete re tshwanetseng go se dira e le gore re ka tlhomamisa poloko ya rona, le gore gongwe re amogele tuelo e e tswang go Modimo, moaposetoloi Petere mo lekwalong la gagwe la ntlha o re gakolola kgatlhanong le ngodiego tlase ga mathata, diteko le dipogiso. Ga rea tshwanela go letla dilo tseo go re gakatsa le go re dira batho ba ba sa utlweng, ba ba senang boikgapo. Ereka re rekilwe ka selo se se tlhokegang thata, madi a ga Jesu Keresete, yoo a ileng a rwala maleo a rona fa a ne a re swela, re tshwanetse go “shwa” tebang le dibe. Re lemoga gore ka go amogela setlhabelo se se letlanyang sa ga Keresete bakeng sa dibe tsa rona re dumela gore ga rea tshwanela go tswelela re ntse re leofa. Ka jalo dibopego tsotlhe tsa bosula, tsietso, boitimokanyi, mafufa le go seba ga di a tshwanela go tsena mo mogopolong kana go akanyediwa le ka motsotswana.—1 Pet. 2:1.

10. Re ka latela jang kgakololo ya ga moaposetoloi ya go re ditiro tse di maswe di seke tsa bo tsa “umakwa” gare ga rona?

10 Moaposetoloi Paulo o tlhalosa kgang e ka maatla thata, gore dilo tse lefatshe le di dirang le tseo gongwe Mokeresete a ka bong a kile a ne a di dira pele ga go itse boammaaruri di maswe mo eleng gore ga di a tshwanela go “umakwa” gareng ga Bakeresete. (Baef. 5:3) Legale, Paulo o ‘umakile’ dilo tseo eseng tsa Dikwalo, mme a di kgetholola jaaka tse di maswe. Lefa go ntse jalo, o ne a gakolola Bakeresete gore ba se di umake ka boleele, ba di tlhalosa ka botlalo, ba bua ka tsela eo dilo tseo di dirwang ka yone, kana go di dirisa jaaka ditlhogo tsa motlotlo. Yo pele a ileng a tshwarega mo dilong tse ga a tshwanela go di gakologelwa ka boikutlo jwa boikgotsofatso jwa nama, mme fela a di tlhabelwe ke ditlhong.—Bar. 6:21.

11. Go 1 Petere 4:8, 9, ke dipontsho dife tse di tlhamaletseng tsa tumelo ya rona tseo Petere a di gatelelang e le tsa kamego e kgolo go rona, mme dilo tse di jalo di tlaa bonala jang?

11 Ka mo go oketsegileng, go na le mo gontsi mo tseleng ya Mokeresete tebang le tsholofelo e e kwa pele go na le go tila dilo tse di bosula, tse di sa siamang. Moaposetoloi Petere, go 1 Petere 4:8, 9, o a kwala: “Bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne loratō lo tle lo bipe bontsi yoa dibe: Lo cholanè ka go phumisetsanya lo sena ñōñōrègō.” Re na le tshwanelo ka metlha tebang le baagelani ba rona, segolo-bogolo bao ba amanang le rona mo tumelong. Lorato lwa rona lo tla tlodisa diphoso le dibe tse dintsi matlho mo bakaulengweng ba rona. Bakeresete ba boammaaruri ga ba nke ba tsamaya-tsamaya ba leka go batla diphoso mo go ba bangwe; lefa e le go belaela kana go nyatsa yo mongwe ka ntlha ya gore ba bona diphoso mo go ene. A re tlhoafaletse go bontsha phumusetso? A re ikitlieleditse go nna pelonomi le go thusana? Kana a rea ngongorega fa lobaka lo lo ntseng jalo lo tsoga? Fa re dira jalo, re tlosa boipelo jotlhe jo gongwe re ka bong re nnile le jone mme ebile re latlhegelwa ke tuelo eo re neng re ka e bona ka go dira molemo. Dilo tse di sa tlhotlhelediweng go tswa pelong ga di kgatlhe Modimo.

Dirisa Neo ya gago ka Tshwanelo

12. (a) Ke bomang ba ba amogelang ‘dineo’ tse di thusang mo phuthegong, mme a botlhe ba lebeletswe go nna le dikgono tse di tshwanang? (b) Ke ka tsela efe bano e nnang “balebedi” ba Modimo, mme ka boikarabelo bofe?

12 Petere gape o bua ka tiriso ya dineo tsa rona. Mongwe le mongwe o na le kgono kana dikgono dingwe, mme ga go ope yo o nang le tsone tsotlhe. Gape, bangwe ba na le dineo tse di rileng ka selekanyo se segolo go gaisa ba bangwe. Ga re kake ra lebelela ba bangwe go dira go tshwana fela jaaka re dira, ka mantswe a mangwe re nne losika loo-phage. Petere a re: “Kaha moñwe le moñwe o amogetseñ nèō ka gōna, lo bo lo dihèlanè ka cōna hèla, yaka balebedi ba ba molemō ba tshegōhaco e ntsintsi ea Modimo.” (1 Pet. 4:10) Fa motho a na le kgono eo e thusang phuthego, o tshwanetse go ikaya jaaka molebedi wa Modimo mo go diriseng neo eo. O a itse gore neo eo e tswa Modimong, yo o leng Monei wa mpho nngwe le nngwe e e molemo le e e itekanetseng. Motho yo o nang le neo o fetoga molebedi yo o ikarabelang mo moneing le mung wa yone tebang le kafa a e dirisang ka teng. (1 Bakor. 4:2; Yak. 1:17) O e amogetse ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo, mme bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo neela phuthego ya Bokeresete dilo tseo e di tlhokang. Bopelonomi jo bo sa tshwanelang jo bo bontshiwa ka ditsela tse dintsi, ka batho ba ba fapaaneng mo phuthegong ba neela seo se tlhokafalang. Fa mongwe a na le kgono mme a sa e dirise go solegela phuthego, o palelwa mo bolebeding.

13. Ke ka tsela efe bao ba buang mo phuthegong ba laelwang gore “a e nnè yaka ha a bua mahoko mañwe a Modimo”?

13 Moaposetoloi o tswelapele go tlhalosa dibopego tsa dineo le kafa di dirisiwang ka teng. A re: “Ha motho moñwe a bua, a e nnè yaka ha a bua mahoko mañwe a Modimo.” (1 Pet. 4:11a) Seno ga se reye gore fa a bua o ikutlwa gore ka dinako tsotlhe o siame le gore batho ba tshwanetse go dira seo a se buang. Mme fa a bua ga a tshwanela gobo a ba a bua megopolo ya gagwe fela kana go dira ditlhomamiso kwantle ga tshupo epe. O tshwanetse go tlhomamisega gore seo a se buang ke boammaaruri—gore se thailwe ka nitamo mo mafokong a Modimo le mo tumalanong le moya wa Bibela—gore a ka supela seo a se buang ka Bibela. Ke fela ka tsela e a ka nnang thuso go mongwe le mongwe.

14. (a) Mo tumalanong le 1 Petere 4:11, mongwe a ka “dihèla” ba bangwe jang mo phuthegong? (b) Ke eng seo yo o jalo a tshwanetseng go se boloka mo mogopolong fa a direla jalo, mme o tla duelwa jang?

14 Go tswa mo ntlheng ya go bua, Petere jaanong o retologela ditirong jaaka a re: “Ha motho moñwe a dihèla, a e nnè yaka ha a dihèla ka thata e Modimo o e mo abèlañ.” (1 Pet. 4:11a) Leloko la phuthego leo le nang le dilo tse di bonalang go thusa mokaulengwe kana moagelani yo o tlhokang, kana leo le nang le lobaka lwa go neela tirelo nngwe e e thusang, le ka godisa boleng jwa lorato gareng ga bakaulengwe ba gagwe. Fa a na le kgono e e ntseng jalo, o tshwanetse go neela thuso ka temogo ya gore lobaka le dilo o di neilwe ke Modimo. Seno ga se kgatlhe Modimo go le gosi, mme se dira bodihedi jwa Mokeresete go nna jo bo atlegang, gonne Modimo o tla segofatsa yo o direlang ka boikokobetso. Motho yo ka boene o tla duelwa ka selekanyo se segolo sa tumelo le lobaka lwa phitlhelelo, jaaka seane se umaka: “Motho eo hañ ka pelontlè o tla nontshiwa: le eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.”—Dia. 11:25.

15. Modimo o ka galalediwa jang ka Jesu Keresete ka ntlha ya go dirisa bolebedi jwa rona ka boikanyegi?

15 Phelelo e kgolo ya go dirisa dineo kana dikgono tsa rona ka tsela e ke efe? A go re tlisa gaufi le tirafatso e e tletseng ya tsholofelo ya rona? Ee, gonne go lere selo se segolo seo re se diretseng tlhopho ya ntlha go direla Modimo. Ke gore: “Modimo o galalediwe mo diloñ cotlhe ka Yesu Keresete.” (1 Pet. 4:11b) Fa re dira ditiro tse di molemo tse di dumalanang le Bibela, Keresete o a galalediwa, gonne ke ka ene re nang le kemo fa pele ga Modimo, re lebeletse go bona poloko. Le Modimo o a galalediwa, ka gobo ke Mosimolodi wa kgato ya go romela Morwa wa ona; ka jalo mo go galaletseng Keresete gape re galaletsa Modimo.

Ka Moo Go Boga go Direlang Molemong wa Rona

16. Ke ka ntlhayang Mokeresete a ka nnang le lebaka la boitumelo lefa lemororo a lebane le kgatelelo kana pogiso?

16 Tsela e ya botshelo e galaletsa ka bobedi Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe Jesu Keresete, mme jaanong re bona boipelo fa re ba direla. Re ka ritibala le go itumelela go itse se. Go ka nna ga nna le dikgatelelo tse dintsi, le eleng mathata le pogiso. Lefa go ntse jalo, re kgona go nna re itumetse mo tseleng ya rona ya botshelo. Moaposetoloi Petere o bua mo gontsi kaga go boga mo makwalong a gagwe a mabedi—lebaka, boikaelelo le matswela a go go itshokela ka boikanyegi. O kwaletse Bakeresete ba motlha wa gagwe kaga tsholofelo le pabalelo tsa bone tseo Modimo o di ba neetseng, ka go re: “Mo lo itumèlañ thata mo go gōna, leha gompiyeno ka lobakanyana, ha lo lōpiwa yalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneñ ka ditekō diñwe le diñwe di le dintsi, Gore go lekwa ga tumèlō ea lona, ka e ratèga bogolo go gouda e e nyèlèlañ, leha e lekilwe ka molelō, go hitlhèlwè e le pakō le kgalalèlō le tlotlō, mo tshenoloñ ea ga Yesu Keresete.”—1 Pet. 1:6, 7.

17, 18. (a) Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Petere, fa a bua kaga go boga ga Bokeresete, a re “ha go rata ga Modimo go ka nna yalo”? (b) Jaaka moaposetoloi Paulo, Mokeresete gompieno o tshwanetse go leba jang pogo eo e tlang ka ntlha ya go ngaparela tlhopho eo a e dirileng?

17 Mo kgaolong ya boraro ya lekwalo la gagwe la ntlha Petere o kaela tlhokomelo mo go bogeng botlhoko ga Mokeresete mme a re: “Gonne go molemō bogolo, ha go rata ga Modimo go ka nna yalo, loa boga botlhoko ka ntlha ea go diha molemō, e señ ka ntlha ya go diha boshula.” (Tem. 17) Ke ka ntlhayang a bua ka go utlwa botlhoko mo go ntseng jalo a re “ha go rata ga Modimo go ka nna yalo”? O a tlhalosa: “Baratwa, se gakgamaleleñ tekō e e gotetseñ e e mo go lona, e e lo tlèlañ go lo leka, yaka ha e ka bo e le selō señwe se se sa itsiweñ se lo dihahaletse: Me ereka lo tlhakanetse le Keresete dipogishō tsa gagwè, lo itumèlè; gore e tle e re mo tshenoloñ ea kgalalèlō ea gagwè le gōna lo bo lo itumèla ka boitumèlō yo bo heteletseñ. Ha lo kgoywa ka leina ya ga Keresete, lo segō; ka Mōea oa kgalalèlō le Mōea oa Modimo o nntse mo go lona.”—1 Pet. 4:12-14; bapisa Ditiho 5:41, 42.

18 Lefa lemororo Mokeresete a sa rate go utlwisiwa botlhoko, ebile a sa batle go nna moswela-tumelo, o a itumela fa a bilediwa go utlwisiwa botlhoko ka ntlha ya go sala Morena wa gagwe morago ka boikanyego, eleng Keresete. Ga go tlotlo epe e kgolo eo e ka tlelang Mokeresete go feta go swela tumelo ya gagwe. Pele a tlhopha tsela ya go sala Keresete morago, eo e akareditseng go kgobiwa le go bogisiwa thata, moaposetoloi Paulo e ne e le motho yo o neng a na le tebelelo e e kwa godimo thata ya tumo, tlotlo le maemo. Tlhokomela ka moo a ntshitseng maikutlo a gagwe ka teng ka kgang e: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. E, rure, ke kaea dilō cotlhe di ntatlhegetse, ka ntlha ea molemō o mogolo oa go itse Keresete Yesu Morèna oa me: eo ke latlhegecweñ ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, me ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete, . . . Gore ke itse èna, le thata ea go coga ga gagwè, le go tlhakanèla naè dipogishō tsa gagwè, ke bopègèla mo chwanoñ ea losho loa gagwè.” (Bafil. 3:7-10) Paulo o eleditse go tshwana le Keresete mo ntlheng nngwe le nngwe, a go kaya jaaka kgalalelo e kgolo ha e le gore a ka bilediwa go swa jaaka Keresete a dirile.

19, 20. (a) Ke go ya bokgakaleng bofe Modimo a letlelelang pogo e e jalo go wela batlhanka ba gagwe? (b) Ke jang tšhakgalo ya baganetsi le babogisi labofelo e ka direlang pakong ya Modimo? (c) Ke ntlha efe e nngwe maloka le boleele jwa pogo eo e letleletsweng ka bomodimo e ka re kgothaletsang go itshoka?

19 Gape, Petere ga a bontshe fela gore go na le tuelo, mme gape le gore fa Modimo o letla pogiso o e letla go ya bokgakaleng jo eleng gore e re neela thapiso le kotlhao ka ditsela tseo rona motho-ka-mongwe re di tlhokang. Mopesalema o kwadile: “Rure bogale yoa motho bo tla gu baka.” (Pes. 76:10) Fa Modimo o letla motho go re shakgalela, re ka tlhomamisega gore go boga kana go swa ga rona go direla molemo. Ga e kake ya nna thapiso fela go rona, mme gape Modimo o tla senya boikaelelo jwa baikepi ka go dira gore ba bangwe ba galaletse Modimo ka go tlhokomela ga bone go boga ga rona ka ntlha ya leina la ona. Go feta moo, go boga ke ga lobaka lo lo khutshwane thata mme go tla khutla.

20 Ka jalo Petere o gomotsa Bakeresete, ka go re: “E tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka osi o tla lo diha boitekanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse.”—1 Pet. 5:10.

21. (a) Ke dipotso dife tsa botho tseo re tla robang mo go tsone ka go di ipotsa? (b) Ke dintlha dife tse di nitamisang tseo moaposetoloi Petere a di tlhagisang kwa bokhutlong jwa lekwalo la gagwe la bobedi?

21 A o ikutlwa gore o dirile tlhopho e e tshwanetseng? A o ikutlwa gore o ka ngaparela tlhopho eo, eseng fela ka go itshokela se se tlang o sa dire sepe, mme fela ka go direla ka tlhagafalo? A o ikitlieleditse go direla ka natla mo go diriseng dineo tsa gago go thusa bakaulengwe ba gago? A o na le keletso, ee, tlhoafalo, go thusa ba bangwe go ithuta “mahoko a a molemō” le gore ba itirele tlhopho e e tshwanang ka bobone, mme a o ikitlieleditse go ba thusa go ema ba nitame jaaka ba latela tlhopho eo ba e dirileng? Petere o re gomotsa ka mafoko a a tswalang a lekwalo la gagwe la bobedi: “Ke gōna, lona baratwa, ka lo itsile dilō tse galè, lo itisè, e se re kgotsa loa katogana le tlhōmamō ea lona, ka go ucwiwa dipelo ke timèlō ea baikepi. Me golañ mo tshegohacoñ le mo kicoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete. A kgalalèlō e nnè go èna, yanoñ le ka bosakhutleñ.”—2 Pet. 3:17, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go bala Bibela ka borona go ka re thusa go gatisa boammaaruri mo dipelong tsa rona

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go neela thuso e e tshwanetseng, tlhomamisega gore kgakololo e o e neelang e theilwe Bibeleng

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go dirisa dikgono tsa rona ka boikokobetso go neela tirelo nngwe e e thusang go godisa nonofo ya lorato le go amogela tshegofatso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela