LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 9/1 ts. 17-22
  • Go Tlhopha Tsela e e Molemo Bogolo ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhopha Tsela e e Molemo Bogolo ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgomarela Tlhopho ya Gago!
  • Tirafatso ya Tsholofelo ya Rona
  • O Dibetswe mo Molatong wa Madi
  • O ne A Dira Dilo ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Abigaile le Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “A go Bakwe [Botlhale] Jwa Gago!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 9/1 ts. 17-22

Go Tlhopha Tsela e e Molemo Bogolo ya Botshelo

‘Lo dibelwa ke thata ya Modimo ka tumelo.’—1 Petere 1:4, 5.

1, 2. Boemo jwa rona rotlhe pele ga fa re amogela “mahoko a a molemō” e ne e le bofe, mme ke ka ntlhayang re ka itumelelang seo?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwalela Bakeresete mo motseng wa Asia wa Efeso: “Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna kaha mokgweñ oa lehatshe yeno. . . Ba le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe: Me Modimo, ka o humile boutlwèlō botlhoko, le ka ntlha ea loratō lo logolo loa ōna, lo o re ratileñ ka lōna, Le re sa nntse re shule ka ditlolō tsa rona, oa re rudisa mmōgō le Keresete—lo bolokilwe ka tshegōhaco.”—Baef. 2:2-5.

2 Rotlhe gompieno bao re batlang go direla Modimo, pele re itse boammaaruri, re ne re tshela tumalanong le nama. A ga re itumele, lemororo, gore re dirisitse kgololesego ya tlhopho eo Modimo ka bopelonomi a e re neileng? Le gore, mo go direng jalo re tlhophile tsela eo e re gololang mo botlhankeng, tsela eo e re solofetsang botshelo jo bo sa khutleng?

3. (a) Ke eng se se tlhokegang mo go rona faele gore re tla bona tirafatso ya tsholofelo ya rona e e theilweng mo Bibeleng? (b) Re dirile tlhopho ya rona ka tsela efe, mme go tsoga dipotso dife kaga go e dira botlalo?

3 Moaposetoloi Petere o ne a bolelela Bakeresete ba lekgolo la dingwaga la ntlha gore Modimo o ne o ba neile ‘tsholofelo e e tshelang.’ (1 Pet. 1:3) Le rona, gape, re na le tsholofelo ya sebele mo dilong tse di kwa pele. Ereka seo re se solofelang se ise se goroge—ga re ise re bone tsholofelo eno e dirafadiwa—a re tla ineela? Moaposetoloi Paulo o rile: “Ha re sholohèla se re sa se boneñ, hoñ rea se lebèlèla ka bopelotelele.” (Bar. 8:25) Ka jalo, fa dilo di bonala ekete ga di diragale ka tsela eo re neng re lebeletse ka yone, go na le lebaka tota le le oketsegileng go bontsha bopelotelele le go nonotsha tsholofelo. Seno se kaya gore, morago ga go tlhopha tsela ya botshelo jwa sebele, tsela e e molemo bogolo, tota, e e yosi, re tshwanetse go ngaparela tlhopho eo. Ga re ne re nna le boikanyo jwa gore re tla bona tsholofelo eo fa re theekela le go sa tlhomama. (Yak. 1:6-8) Re dirile tlhopho ka go ineela go Modimo le go bontsha boineelo joo ka kolobetso. Mme tsatsi lengwe le lengwe rotlhe re lebane le mathata ao a re batlang go dira dikatlholelo le ditlhopho tse di potlana mo tumalanong le katlholelo eo ya ntlha e kgolo. A re ka tswelapele tsatsi le letsatsi go dira ditlhopho tse di tshwanetseng tseo di re bolokang mo tseleng ya botshelo? A re ka tlhomamisega gore labofelo re tla bona botlalo jwa tsholofelo ya rona mo nakong sentle?

Kgomarela Tlhopho ya Gago!

4. (a) Ke ka ntlhayang re sa tshwanela go letlelela maswabi a a dirilweng ke diphoso go re reketlisa mo tseleng eo re e tlhophileng? (b) Keletso ya tirafatso ya tsholofelo ya Bakeresete go ralala nako e e fetileng e ba isitse mo maikutlong afe a a phoso?

4 Fa re nna re ikanyegile, Modimo ga o ne o re leseletsa go dira diphoso tse di senyang. Mme ka dinako dingwe o re letlelela go fosa gore re bone tlhokafalo ya go nna re lebelela ka metlha kwa go one le Lefokong la ona. Seno se nitamisa kamano ya rona le ene le bopelotelele jwa rona fa re sa ntse re letile. Re ithuta go tswa diphosong tsa rona gore go a tlhokega go nna ba ba tlhoko bogolo mo nakong e e tlang. Keletso ya gore tsamaiso e ntšha ya dilo e tseye taolo e e feletseng mo lefatsheng ka metlha e nnile e e godileng thata go Bakeresete go ralala makgolo a dingwaga. Mme ka ntlha ya nako ya bone ya go tshela e khutshwane, kwantle ga pelaelo ba ne ba eletsa gore e tle mo nakong ya bone ya botshelo. Bao ba lekileng go ‘tlhologelelwa’ nako ya Modimo ya katlholo, mo makgetlong a mantsinyana go ralala ditiragalo, ba ile ba tlhagafalela go goroga ga letsatsi leo ka mo go feteletseng, mo dikgopolong tsa bone ba leka go potlakisa go goroga ga ditiragalo tse di eleditsweng. (2 Pet. 3:12) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a go bona go tlhokega go kwalela Bakeresete mo Thesalonia ka mokgwa o, jaaka re bala go 2 Bathesalonia 2:1-3: “Me yana rea lo rapela, ba ga echo, kaga go tla ga Morèna oa rona Yesu Keresete, le go phuthègela ga rona kwa go èna; Rea re, lo seka loa ba loa tshikiñwa mogopolō, leha e le go huduiwa ke mōea moñwe, leha e le ke puō, leha e le ke lokwalō lo go ka tweñ lo cwa kwano go rona, go etsa yaka ekete letsatsi ya Morèna le setse le le ha; Opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè; gonne ga go ketla go dihala, ha tenègo e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.”

5. (a) Tebelelo e e maatla e ile ya gola jang mabapi le ngwaga wa 1975? (b) Ke ka ntlhayang dipolelo tse di tlhagisang tseo di gatisitsweng di sa ka tsa fitlhelela go thibela kamego e e jalo ka letsatsi?

5 Mo metlheng ya segompieno botlhaga joo, joo bo siameng ka bojone, bo lebisitse maitekong a go tlhoma dinako tsa kgololo e e eleditsweng mo go bogeng le mathateng ao a welang batho botlhe go ralala lefatshe. Ka go ntshiwa ga buka Life Everlasting—in Freedom of the Sons of God, le dikakgelo tsa yone kaga ka moo go neng go tshwanetse ka teng ka puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete gore e tsamaisane le dingwaga tse di sekete tsa bosupa tsa go nna gone ga motho, tebelelo e kgolo e ne ya tsosiwa mabapi le ngwaga wa 1975. Go ile ga dirwa dipolelo ka nako eo, le morago ga foo, di gatelela gore se e ne e le kgonego fela. Lefa go ntse jalo, ka maswabi, gammogo le boikitsiso jo bo ntseng jalo jo bo tlhagisang, go nnile le dipolelo tse di gatisitsweng tseo di neng di kaya gore tiragatso ya ditsholofelo tse di ntseng jalo ka ngwaga oo e ne e ka nna bogolo ya sebele go na le go nna kgonego fela. Go utlwisa botlhoko gore dipolelo tse tsa moragonyana ekete di ile tsa khurumetsa tse di tlhagisang tsa bo tsa oketsa go aga tebelelo eo e neng e setse e simolotswe.

6. A boikitsiso go Tora ya Tebelo ya August 1, 1977, bo ile jwa baya boikarabelo jwa tebelelo e e jalo ka mo go feletseng kana segolo mo babading ba yone? Tlhalosa.

6 Mo tokololong ya yone ya August 1, 1977, Tora ya Tebelo, fa e ne e akgela mo boeleeleng jwa go tlhoma dipono tsa rona mo letsatsing je le rileng, e umakile gore: “Fa mongwe a ile a swaba ka ntlha ya go sa latele motlhala wa kgopolo o, o tshwanetse jaanong a tlhome tlhokomelo mo go baakanyeng pono ya gagwe, a bona gore e ne e se lefoko la Modimo leo le ileng la tlhaela kana go mo tsietsa le go tlisa tshwabo, moo eleng gore go tlhaloganya ga gagwe go ne go theilwe mo dintlheng tse di phoso.” Fa e ne e re, “fa mongwe,” Tora ya Tebelo e akareditse botlhe ba ba swabileng mo Basuping ba ga Jehofa, ka gone e akaretsa batho bao ba neng ba amana le kgatiso ya boikitsiso jo jo bo okeditseng go aga ditsholofelo tse di tlhomilweng mo letsatsing leo.

7. (a) Diphoso tse di jalo tsa batho di tshwanetse go nna le phelelo efe mo tumelong ya rona ya seo Modimo ka boene o se solofetsang? (b) Tota-tota, Lefoko la Modimo le gatelela eng jaaka ntlha e e botlhokwa?

7 Lefa go ntse jalo, ga go na lebaka lepe ka rona go reketlisiwa mo go dumeleng ditsholofetso tsa Modimo. Bogolo, ka ntlha ya moo, rotlhe re tlhotlhelediwa go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko e kgolo malebana le kgang e ya letsatsi la katlholo. Mo go direng jalo, re fitlhela gore selo sa botlhokwa ga se letsatsi. Seo se leng botlhokwa ke go nna re gakologelwa ka metlha gore letsatsi je le ntseng jalo lone le teng—mme le ntse le atamela—le gore le tla tlhoka gore rotlhe re ikarabelele. Petere o boletse gore Bakeresete ka tshwanelo ba tshwanetse go nna ba ‘lebeletse le go tlhologelelwa letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Pet. 3:12) Ga se letsatsi je le rileng kwa pele, mme fela ke botshelo jwa tsatsi le letsatsi mo karolong ya Mokeresete mo go leng ga botlhokwa. Gaa tshwanela go tshela letsatsi le le lengwe kwantle ga go gakologelwa gore o kafa tlase ga tlhokomelo le kaelo tsa ga Jehofa tse di lorato le gore o tshwanetse go ineela go ene, a ntse a ikgopotsa gore o tshwanetse go ikarabelela ditiro tsa gagwe.

8. (a) Mafoko a ga Jesu le a ga Paulo a tlhomamisa go siama ga pono e e jalo jang? (b) Re tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong; mme ‘bokhutlo’ joo bo tla tla leng, mme ke eng se re ka se itseng ka nako ya go goroga ga jone?

8 Jesu o ne a neela lebaka la gore ke ka ntlhayang re tshwanetse go boloka ntlha eo ya pono, ka go re: “Gonne Morwa Motho o tla tla ka kgalalèlō ea ga Rragwè, a na le baengele ba gagwè; ediha gōna o tla duèlañ moñwe le moñwe kaha ditihoñ tsa gagwè.” (Math. 16:27) Moaposetoloi Paulo le ene o bontshitse: “Rotlhe re tla èma ha pele ga sennō sa tshekèlō sa Modimo. . . . Ke gōna yalo, moñwe le moñwe wa rona o tla ikarabèla Modimo.” (Bar. 14:10-12) Mme, “rotlhe re na le go bōnadiwa ha pele ga sennō sa tshekèlō sa ga Keresete, gore moñwe le moñwe a amogèlè dilō tse di dihilweñ mo mmediñ, kaha o dihileñ ka gōna, goñwe e le molemō, goñwe e le boshula.” (2 Bakor. 5:10) Re saletswe ke lobaka lo lo kae pele re ikarabela jalo? Jesu o rile: “Me eo ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Math. 24:13) ‘Bokhutlo’ bo tla leng? Bokhutlo joo bo ka tla ekane e le bokhutlong jwa tsamaiso e ya dilo kana losong lwa motho pele ga nako eo. Mongwe le mongwe wa rona o saletswe ke lobaka lo lo kae he? Ga go ope yo o ka tlhomamisang letsatsi la gagwe la loso. Ka mo go tshwanang, Jesu o boleletse baaposetoloi ba gagwe kaga nako ya go tlhomamisiwa ga bogosi jwa Modimo: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.” (Dit. 1:7) Go a retela ka rona go itsetse bokhutlo jwa lefatshe kwa pele.

Tirafatso ya Tsholofelo ya Rona

9. Ke mafoko afe a ga Petere ao a ka re neelang ikanyo ya go nna boammaaruri mo tlhophong eo re e dirileng?

9 Fa motho ope a boifa gore, ka ntlha ya diteko tse gongwe di ka tsogang, ga a kake a ngaparela mo tlhophong ya gagwe go direla Modimo le Keresete, mma a reetse mafoko a ga moaposetoloi Petere. Moaposetoloi yo o re tlhomamisetsa gore tsholofelo ya rona e tlhomame fa re e tlamparela ka go dumela Modimo le ditsholofetso tsa ona tse di tlhomameng. A re: “Lona ba lo dibèlwañ ke thata ea Modimo ka tumèlo, go tla lo bōna polokō ñwe e e etleetsegetseñ go senolwa mo motlheñ oa bohèlō.” (1 Pet. 1:3-5) Re ithuta eng mo mafokong ano?

10, 11. (a) Tlotlo ya sebele ya go amogela ga rona “mahoko a a molemō” e ya go mang, mme ka ntlhayang? (b) Modimo o dira jang gore batho ba kgone go ka lemoga lesedi la boammaaruri? (c) 1 Bakorintha 2:9 e bontsha eng kaga kgono ya batho go lemoga dinnete tsa bomodimo ka bobone?

10 Mme kana, fa santlha re ne re tlhokomela le go reetsa ka go dumela “mahoko a a molemō” ao re neng re a bolelelwa, a ka tshwanelo re ne re ka itlotla ka borona jaaka ba re nnileng botlhale go ka bona molemo wa ona le go a tlhaloganya ka yone nako eo? Nnya. “E rile re sa nntse re le bokōa,” re palelwa ke go ipoloka, “e rile re sa nntse re le baleohi,” ee, erile re santse re le baba, ra “letlañwa le Modimo ka losho loa Morwa ōna.” (Bar. 5:6-10) Ka jalo, ke mang, yo re tshwanetseng go mo lebogela boemo jo bo amogelegang joo jaanong re emeng mo go jone? Jesu o boleletse barutwa ba gagwe: “Ga go motho opè eo ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge.” (Yoh. 6:44) Ka borona fela le ka motlha re ne re se kake ra nna le kitso ya Modimo. Sebopego sa rona sa botho sa go sa itekanela, le seo se nang le sebe se ne se se kake le ka motlha sa re letla go dira seo.

11 Lefa go ntse jalo, re ka o batla, gonne ga o “kgakala le moñwe le moñwe oa rona.” (Dit. 17:27) Fa fela re ka batla kana ra apaapa Modimo, se se a mo kgatlha. Mme he o atamela go rona. (Yak. 4:8) Modimo o itse keletso ya kafa teng ya mosenki mme o romela mongwe go ene ka “mahoko a a molemō”; mme ka go leba mo lefokong la Modimo, ka thuso ya moya o o boitshepo, oo Modimo a o neelang, mosenki o phaphamela seemo sa gagwe. Mme he, fa a bontsha tumelo mo go seo Modimo o se buang, o kgona go tswa mo lefifing. Mabapi le go kgona ga motho, Bibela e re: “Dilō tse leitlhō le se kañ ya di bōna, le tsèbè e se kañ ea di utlwa, le tse di se kañ tsa tsèna mo peduñ ea motho, eboñ dilō cotlhe tse Modimo o di baakanyeditseñ bōnè ba o ba ratañ.” (1 Bakor. 2:9) Ka kakanyo le dikeletso tsa rona tsa botho le ka motlha re ne re se kake ra tlhaloganya boammaaruri faele gore Modimo o ne o sa re utlwela botlhoko le go re thusa motho-ka-mongwe.

12. (a) Gore re ngaparele tlhopho ya rona ya ntlha, ke eng seo re tshwanetseng go se boloka mo mogopolong ka metlha? (b) Modimo o ka re dibela jang mo dikotsing tseo go tlhoka temogo ga rona go ka re tsenyang go tsone?

12 Ka jalo, fa re itse gore Modimo o bona tlalelo ya rona le go re thusa fela go tswa mo tshimologong, re kgona go lemoga ka moo go ka kgonegang ka teng go ngaparela tlhopho ya rona ya ntlha jaaka dingwaga di ntse di feta. Tota-tota, Modimo o ka dira gore re gole moyeng. Jaaka Petere a umaka, re dibelwa ka thata ya Modimo. Re tshwanetse go lemoga gore, gangwe fela fa re fetogile Bakeresete, ga se ka nonofo, botlhale kana kutlwisiso tsa rona re kgonang go itshoka re bo re fenye—re ne re se kake ra tswelela ka borona. Ka sekai, gantsi ga re tlhaloganye dilo. Ka makgetlo a mantsi re sa go lemoge, re tsena mo maemong a a bodiphatsa thata mo bothokgaming jwa rona jwa Bokeresete. (Bagal. 6:1) Re ka ne re setse re batla go tsaya kgato eo e ka re senyang. Mme fela Modimo, o lebile, o re rata le go re utlwela botlhoko, o boloka ditsholofetso tsa ona go rona, mme ka motsotso o o tshwanetseng o ka nna wa re golola mo kotsing. Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo, morago ga go itemogela go ‘dibelwa’ mo go ntseng jalo ke Modimo mo tlhokomelong ya ona e e kelotlhoko, o rile: “U golotse mōea oa me mo loshuñ; a ga ua thiba dinaō tsa me mo go kgocweñ? Gore ke tle ke nnè ke tsamaee ha pele ga Modimo mo lesediñ ya batshedi.”—Pes. 56:13.

O Dibetswe mo Molatong wa Madi

13, 14. (a) Dafide o ne a atamela mo go diphatsa jang gaufi le go tsholola madi a a senang molato? (b) Abigaile o ne a direla jang go mo sokolola mo tseleng ya gagwe e e phoso?

13 Motlhala wa go dibela ga Modimo le go boloka Dafide mo dikakanyong le ditlhotlheletso tsa gagwe tse di sa itekanelang o kwadilwe go 1 Samuele kgaolo 25. Fa Dafide a ne a tshela jaaka selatlhwa, e le motshabi a tshaba letsholo le le bolayang la ga Kgosi Saulo, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba thusa, ba lebela le go sireletsa batho ba Iseraele gongwe le gongwe koo ba neng ba na le sebaka sa go dira jalo. Monna mongwe yoo ba mo thusitseng e ne e le Moiseraele yo o humileng thata a bidiwa Nabale. Ka lobaka longwe fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba thibeletse mo lefelong la badisa ba ga Nabale le matsomane a bone, banna ba ga Dafide ba ile ba itshupa go nna lorako lwa pabalelo mo batlhaseding, mme ba seka ba kopa lefa e le sepe lefa e le go tsaya sengwe bakeng sa ditirelo tsa bone. Moragonyana, fa banna ba ga Dafide ba ne ba tlhoka dijo, Dafide ka bopelonomi o ne a kopa Nabale, jaaka morwa-rraagwe wa Moiseraele, gore a thuse ka dimpho tsa dijo. Mo boemong jwa go bontsha tebogo le go tlhoka bogagapa tse molao wa ga Moshe o neng o di laotse, Nabale a tlhapatsa le go kgobolola banna ba ga Dafide.

14 Kgato e, e e bolalome, e e senang tebogo ya shakgatsa Dafide, mo eleng gore a bo a ntsha banna ba le 400 go ipusolesetsa godimo ga Nabale le ba-ntlo ya gagwe. Mme mosadi wa ga Nabale Abigaile, erile a utlwela ka boitshwaro jo bo bosula jwa monna wa gagwe, a itlhaganelela kwa go Dafide ka mpho e kgolo ya dijo. O ne a rapela Dafide mo motheong wa kamano ya gagwe le Jehofa go fapoga mo ipusolosong ya gagwe eo a neng a e ikaeletse, ka go re: “Ga go ketla go nna khutsahalō mo go wèna, leha e le kgopishō ea pelo mo go morèna oa me, ea go re, u kile ua cholola madi a a senañ molatō, leha e le go re, morèna oa me o kile a ipusholosetsa ka esi.” Dafide, a tharabologelwa, a fetola: “A go bakwè Yehofa, Modimo oa Iseraela, eo o gu romileñ gompiyeno ua tla go nkgatlhantsha. Me a go bakwè wèna, eo u nthibileñ gompiyeno mo madiñ a a senañ molatō, le mo go ipusholosetseñ ka seatla sa me.”—1 Sam. 25:31-33.

15, 16. (a) Fa Dafide a kabo a tsweletse-pele mo tseleng ya gagwe, ke diphoso dife tse pedi tseo a kabong a le molato wa tsone, mme ke eng se se mo sireleditseng mo go se? (b) Re ithuta thuto efe mo go se, mme se tshwanetse go nna le phelelo efe go rona?

15 Dafide, go tswa ponong ya botho, o ne a sa bone phoso epe fa a ne a ya go duedisa Nabale boikepo jwa gagwe. Mme fa a kabo a dirile jalo a kabo a ne a ikaegile ka ene mo go ipusolosetseng le go ikgodisa, mme a kabo a ile a nna le molato wa madi ka go bolaya maloko a a senang molato a ba-ntlo ya ga Nabale. O bolokilwe ke eng? Jehofa Modimo o ne a lebile, mme a mo dibela mo sebeng se.

16 Go tswa sekaong se re bona gore ga re kitla re ikaega ka rona go tswelela mo tseleng eo e isang polokong, mme ka metlha re tshwanetse go leba go Modimo, yo o re lebelang le go bona gore re sepela ka polokesego. Seno se tshwanetse go re neela ikanyo le go re dira boikokobetso.

17. (a) A re tshwanetse go akanya gore Modimo o tla direla motlhanka wa gagwe yo o ikokobeditseng mo go botlana gompieno? (b) Modimo o ka re dibela mo go direng diphoso tse di masisi ka ditsela dife?

17 Lefa go ntse jalo, mongwe a ka re, ‘Yoo e ne e le Kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa Dafide, yo Modimo o nong o dirile kgolagano ya bogosi le ene. Gongwe ga o kitla o re tlhokomela mo go kalo-kalo.’ A ruri re ka kaya gore Modimo, oo o re rekileng ka madi a a tlhokegang a Morwa wa ona, ga o dibele matshelo a rona ka lefufa ka mo go tshwanang? Eleruri o dira jalo. Fela jaaka Modimo o ile wa golola Dafide mo kgatong ya lepotlapotla, e e bosula ka go dirisa Abigaile, kwantle ga pelaelo o tla re golola. Jaaka o ile wa tlhotlheletsa Abigaile go boloka Dafide, o ka nna wa dirisa Lefoko la ona Bibela, kana baengele ba ona, kana monkane wa Mokeresete, kana o ka rulaganya maemo ka go babalela go re thibela mo go direng selo sa boeleele, faele gore re na le tumelo le go tswelela re latelela tsela ya thapelo, e e ikokobeditseng re ikaegile ka ona.

18, 19. Kitso e e jalo e ka re kgothaletsa jang go itshoka ka boikanyegi mo tseleng eo re e tlhophileng, mme ke potso efe e e santseng e setse go ka arabiwa?

18 Abo go tlhaloganya mo ga dikgang go gomotsa le go kgothatsa jang! Modimo ga o re, ‘Ahee, jaanong o itse se o ka se dirang mme o ka tswelapele ka bowena. Bogolo, ka lorato o kgatlhegela poloko ya rona mme ka botlhaga o re sireletsa fa fela re ntse re boloka tumelo ya rona mo go ene le mo thekololong e e baakanyeditsweng ka Morwa wa ona. O “itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla,” a itse gore, ka borona fela, re tla patelesega go palelwa mo maitekong a rona a go ngaparela tsela ya bothokgami go fitlha bokhutlong.—Pes. 103:10-14, 17, 18; bapisa Pesalema 38:4, 22; 40:12, 13; 130:3, 4.

19 A seno se raya gore ga re na karolo epe mo kgannyeng ya go tshela ka boikanyegi—gore gotlhe go ikaegile ka Modimo? Go se tualo, jaaka motlotlo o o latelang wa Dikwalo o phepafatsa.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fela jaaka Jehofa a dibetse Dafide mo kgatong ya lepotlapotla, e e bosula ka go dirisa Abigaile, kwantle ga pelaelo o tla re golola

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela