‘Basadi ba le Some ba Besa Senkgwe mo Pesetsong e le Nngwefela’
NNGWE ya dipetso tse di neng di tshwanetse go tlela Iseraele ka baka la bosaikanyegeng e kwadilwe go Lefitiko 26:26 ka mafoko a: “Basadi ba le shomè ba tla besa senkgwè sa lona mo pesecoñ e le ñwe hèla.” Mo maemong a a tlwaelegileng, mosadi mongwe le mongwe o ne a tla tlhoka pesetso go besa ka mo go tlhokegang ka teng. Lefa go ntse jalo, mafoko a ga Lefitiko 26:26 a ne a lebisa nakong ya fa go neng go tla bo go na le dijo tse di nnye mo eleng gore pesetso e le nngwefela e ne e tla lekana go tsenya mo go besiwang gotlhe mo basadi ba le 10 ba neng ba ka go dira.