Moaposetoloi Petere O Bua le Wena
GA GO motlhofo gompieno go nna Mokeresete. Go na le dikgatelelo di le dintsi. Mo mafatsheng a mangwe Puso e leka go re patelela go dira dilo tseo di leng kgatlhanong le segakolodi sa Mokeresete. Basadi ba bantsi ba Bakeresete banna ba bone ke ba ba sa dumeleng. Basha ba bantsi ba gogelwa ke go tsabakela le “botlhale” jwa lefatshe. Mme, morago ga go letela ka masome a dingwaga a mantsi, bangwe ba ka nna ba botsa gore: ‘A Hara-Magedona e tla tlhola e tla?’
Fa o thulane le mathata a a tshwanang le a—mme gone ke Mokeresete ofe yo o sa lebanang le one?—dikwalo tse pedi tsa Bibela tse di kwadilweng ke moaposetoloi Petere di bua ka tlhamalalo le wena. Petere o ne a kwalela diphuthego tsa motlha wa gagwe gongwe dingwaga tse di ka fetang 30 go se go ne ne fela morago ga loso lwa ga Jesu. Mme mathata a Bakeresete ba thulaneng le one ga a fetoga mo go kalo mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Kgakololo e Petere a neng a e neela e ntse e le botlhokwa fela thata jaaka e ne e ntse ka nako eo. Mme gone o ne a tshwanelegela go ka neela kgakololo e e ntseng jalo.
Modisa yo o Tshwanelegang
Ka go bala ditiragalo tsa Diefangele le buka ya Ditihō, re ithuta mo gontsi ka motshwara-ditlhapi yo o tswang Galalea yo o neng a nna moaposetoloi Petere. O bonala a le motho yo o pelo-namagadi. Ga go ise go ke go nne le pelaelo epe kaga boikanyegi jwa gagwe mo go Jesu, mme o ne a phomesegela ebile ka dinako tse dingwe o ne a dira diphoso. Gongwe re ka itemogela sengwe ka borona ka Petere mo botlhoka-lesegong ga gagwe.
Ka sekai, gakologelwa boitshwaro jwa ga Petere fa a ne a bona Jesu a tsamaya mo godimo ga metsi. Le ene ka matlhagatlhaga o ne a batla go tsamaya mo godimo ga metsi. Mme fa a ne a lemoga gore o fa kae o ne a tshoga mme a tshwanelwa ke go falodisiwa. Gakologelwa gape, nako ya fa Petere ka bosebete a ne a ganelela gore ene ga a ne a kgotšwa. Mme dioura di sekae moragonyana o ne a itatola Jesu gararo.—Mathaio 14:23-34; 26:33, 34, 69-75.
Lefa go ntse jalo, mokwadi wa dikwalo tseno tse pedi tse di boammaaruri o ne a fetoga ereka e ne e le ene yo o neng a amogela mafoko a a bogale a ga Jesu: “Tloga ha pele ga me Satana: gonne u sekgopi mo go nna.” (Mathaio 16:23) E ntse ke ene moaposetoloi yo o neng a fiwa taolo ke Jesu: “Hudisa dinku tsa me.” (Yohane 21:17) Mo dikwalong tsa ga Petere re kopana le monna yo o neng a nolofadiwa ka dingwaga tse di fetang 30 tsa boitemogelo mo go ‘hudiseng dinku.’
Ka gone fa re bala kgakololo ya gagwe, “Lo ratanè mo peduñ ka tlhōahalō,” re ka nna ra gakologelwa gore yo e ne e le ene moaposetoloi yo o neng a botsa Jesu a re: ‘Ke itshwarele wa ga etsho ga kae? A ke ga supa?’ Ka nako e, Petere o itse gore jaanong ga go na tekanyetso ya lorato lo Bakeresete ba lo bontshanang. (1 Petere 1:22; Mathaio 18:21) Mme fa a ne a kgothaletsa Bakeresete-ka-ene gore ba “bōnè go ineèla mo thapeloñ,” re bona gore o ne a ithuta thuto e e maatla fa e sale bosigo jo bo boitshegang jole kwa Gethesemane fa Jesu a ne a tlogela baaposetoloi ba rapela mme e re a boa a ba fitlhela ba robetse.—1 Petere 4:7; Luke 22:39-46.
Ee, motshwara-ditlhapi wa kwa Galalea o ne a nna modisa yo o tshwanelegang sentle. Mme, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, bodisa jwa gagwe bo mosola fela thata mo motlheng wa rona jaaka bo ne bo ntse mo go wa gagwe. Akanyetsa dingwe tsa dikgakololo tsa gagwe.
Anaanela Tumelo
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga lefatshe la Juda le Roma le ne le tsabakela ebile le le maatla. Go ne go le botlhokwa gore Bakeresete ba seka ba raelwa ke monate wa lefatshe kana ba patelediwa go tlogelwa ke dikgatelelo tsa lone. Ka jalo Petere o simolola ka go kgothaletsa babadi ba gagwe gore ‘ba itlame mo megopolong, ba nne tekano.’ (1 Petere 1:13) Jang? Ka go nna le kanaanelo e e tshelang ya ditshiamelo tse ba neng ba di ipelela.
Petere o ne a ba gakolola gore baperofeti ba bogologolo le eleng baengele ba ne ba kgatlhegela fela thata dilo tse Modimo o neng o di senoletse Bakeresete. O ne a bontsha gore ba ne ba segofaditswe go le kae: ka ba ne ba rekilwe ka madi a ga Jesu Keresete, ba tsetswe ka peo e e sa boleng ka Lefoko la Modimo le le tsheletseng ruri mme ba bopiwa go nna “losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.” (1 Petere 2:9) Ba ne ba tshwanetse go gakologelwa gore e ne e le bomang: bajaki mo lefatsheng le le sa reng Modimo sepe—batho ba ba ipelelang boutlwelo botlhoko jo bogolo jwa ga Jehofa Modimo.
Gompieno, lefatshe leo la bogologolo ke kgakologelo fela. Mme re sa ntse re tshela mo lefatsheng le le sa reng Modimo sepe leo le re hepisang ka dithaelo tsa lone kana go re faposa ka dikgatelelo tsa lone. Kgakololo ya ga Petere e santse e ntse e dira fela thata. Le ka motlha re se latlhegelwe ke pono ya seo re nang le sone. Go tila go fenngwa ke boitaodi le botlhokomologi jwa lefatshe la gompieno, re tshwanetse ‘go tlhologelelwa mashi a semoya a a senang boferefere a lefoko, gore ka yone re tle re golele polokong.’—1 Petere 2:2.
Go Ipela Go Sa Kgathalege Mathata
Go tshela ga rona mo lefatsheng le le sa reng Modimo sepe gantsi go a tle go tsose mathata, jaaka go ne ga dira mo motlheng wa ga Petere. Maemo a mararo ao a a umakang ke (1) boikarabelo jwa Mokeresete mo Pusong, (2) kamano ya lelata la Mokeresete le mong wa gagwe le (3) boikobo jwa mosadi wa Mokeresete ka go thusa monna yo o sa dumeleng.
Morago koo, maemo a a ntseng jalo e ne e le dikgang tsa botshelo le loso. Babusi gantsi ba ne ba na le taolo ya go bogisa kana go bolaya banni ba e seng Baroma. Malata a ntlo a ne a na le boikuelo jo bo botlana thata fa e le gore ba ne ba tshwarwa makgwakgwa ke beng ba bone. Basadi e ne e le dithoto tsa banna ba bone, ba na le ditshwanelo tsa semolao di se kae fela.
Gompieno, Bakeresete ba sa ntse ba na le mathata mo ditirisanong tsa bone le “Kaesare” kana bahiri ba bone, lefa boemo bo sa tshwane thata-thata le jwa kamano ya mong le lelata. Mme basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ba nang le banna ba ba sa dumeleng ba thulana le mathata a matona. Ke ka gone kgakololo ya ga moaposetoloi Petere e leng mosola fela thata. O reng?
Ka bokhutshwane, o re gakolola go gakologelwa dilo di le tharo. Sa ntlha, re tlhoka pono e e tshwanetseng ya boikobo—botlhe ba tshwanetse ba ikobela puso, bahiriwa ba tshwanetse go utlwa bahiri ba bone mme basadi ba tshwanetse ba tlotla le go utlwa banna ba bone. Ka jalo, tsela eo re itshwarang ka yone e tshwanetse ya bontsha ba ba sa dumeleng gore Bokeresete ke tsela e e molemo-lemo ya botshelo. (1 Petere 3:1; 4:15) Sa bofelo, re tshwanetse ra boloka segakolodi se se molemo fa pele ga ga Jehofa Modimo, ka metlha re ipaakanyeditse go tlhalosa ka tsela e e bonolo lebaka la ditiro tsa rona.—1 Petere 3:15, 16.
A seno se tla rarabolola mathata otlhe a rona? Petere o itsile gore go ne go se kitla go nna jalo. Ka dinako tse dingwe lefatshe le dira ditopo tse Mokeresete a ka se di amogeleng. Ka jalo, re ka nna ra tshwanelwa ke go boga ka ntlha ya tshiamo. Mme Petere o re, “gonne mo, goa lebosèga, ha e ka re ka ntlha ea go gopola Modimo, motho a ba a ichōkèla mahutsana, a utlwa botlhoko a sena molato.”—1 Petere 2:19.
Tota gone, go bogela tshiamo, fa go lejwa sentle, ke lebaka la boipelo. Petere o ne a itse seno ka go nna ene wa ntlha go se itemogela. Dingwaga go le pelenyana o ne a kgwathisetswa tumelo ya gagwe. Morago, ene le babogi-ka-ene ba ne “ba cwa . . . ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina.” (Ditihō 5:41) Ka jalo, o kwalela jaanong Bakeresete ba ba bogang ka ntlha ya pogiso: “Me ereka lo tlhakanetse le Keresete dipogishō tsa gagwè, lo itumèlè.”—1 Petere 4:12, 13.
Petere o ne a bolelela bakaulengwe gore, tota, ba ne rutuntshiwa ke Jehofa. O ne a re: “Ke gōna ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo.” O ne a ba bolelela gore ba ratane, le gore bagolwane ba tshwanetse go disa diphuthego ka maikutlo a a siameng. Mme o ne a solofetsa ka gore, gautshwane, “Modimo oa tshegōhaco eotlhe, . . . ōna ka osi o tla lo diha boitèkanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse.”—1 Petere 5:1-3, 6, 10.
A kgakololo eno ga e mo nakong fela jaaka e ne e ntse ka nako eo? A ga go tshwane jaaka ekete Petere o ne a bua ka tlhamalalo le wena? A ke o akanyetse fela gore e ne ya nonotsha Bakeresete ba motlha wa ga Petere morago koo jang. Mme ka bonakonyana moaposetoloi yo o neng a tsofala jaanong o ne a tshwanelwa ke go kwala lokwalo lwa bobedi go tlhagisa kaga matshosetsi a a kotsi go bakaulengwe ba gagwe.
Go Thulana le Matshosetsi a a Kotsi
Mo lokwalong lono lwa bobedi Petere o bolela gore tlhokafalo ya go tlhagisa Bakeresete-ka-ene e potlakile thata ka go bo ga a ne a nna le lobaka lo loleele a ntse a tshela. O tlhatlhamisa dinonofo tse Bakeresete ba tshwanetseng go di tlhagolela e le gore ba tle ba nne ba tiile ebile o bua ka dinonofo tse di tla bonalang mo teng ga phuthego go ba koafatsa.—2 Petere 1:5-8, 14, 16.
O tlhagisa gape ka gore, “le mo go lona go tla nna baruti ba e sen bōnè.” (2 Petere 2:1, 2) Baruti bano ba maaka ba ne ba tla godisa bopepe le go nna seleta mo go diriseng “mahoko a boitimokanyō.” Mme ba ne ba tla lebala ntlha e le nngwe e e botlhokwa-tlhokwa: “[Jehofa] o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ, go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le bè le ba hitlhèlé.” (2 Petere 2:3, 9) Ba ne ba ka nna ba tlhogonolofala ka lobakanyana, mme tshekiso ya bone e ne e tlhomamisega.
Ba bangwe ka tshotlo ba ne ba tla re: “Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala [mo losong], dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.” Bano le bone gape, ba ne ba tla lebala ka bomo gore nako ya ga Jehofa ga e tshwane le ya rona. Mme o pelotelele. Mme fela jaaka go tlhomamisega gore bokhutlo bo ne jwa tla mo motlheng wa ga Noa, ka jalo bokhutlo iwa tsamaiso e bo tla tla.—2 Petere 3:4-10.
Kwa bofelong, le eleng bangwe mo motlheng wa ga Petere ba ne ba ‘sokamisa Dikwalo.’ Mme seno e ne e tla bo e le go itshenya fela.—2 Petere 3:16.
Ponong ya matshosetsi ano, Petere o ne a batla go “tlhagahatsa [go akanya ga] dipelo tse di phèpa” tsa bakaulengwe. (2 Petere 3:1) Ga ba a tshwanela go lebala ditshupo tsa ditiragalo gore Jehofa o kgona go senya baikepi mme a boloke basiami, mme ba tshwanetse go nna ba “tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya [ga Jehofa].” (2 Petere 3:12) Letsatsi leo ke la mmatota. Le e tla. Lebaka le le tshwanetse la ama sengwe le sengwe seo ba se dirang kana ba rulaganyetsang go se dira.—2 Petere 1:19-21.
Ereka re tshela gautshwane thata le letsatsi leo, kgothatso ya ga Petere e tsaya phekelo e nngwe e e maatla: “Lo tlhōahaleleñ gore lo tlè lo hitlhèlwè lo le mo kagishoñ lo sena selabe, lo sena molato, mo matlhoñ a ōna.” (2 Petere 3:14) Eleruri, mafoko ao a dira mo go rona. Moaposetoloi Petere o bua le mongwe le mongwe yo tsholofelo ya gagwe e ikaegileng ka “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” a a solofeditsweng ke Jehofa. Ke ka gone, kgakololo ya gagwe ya bofelo e tlang e ntse e utlwala go kgabaganya makgolo a dingwaga ka nonofo yotlhe ya gagwe ya taolo ya boaposetoloi: “Lo itisè, e se re kgotsa loa katogana le tlhōmamō ea lona, ka go ucwiwa dipelo ke timèlō ea baikepi. Me golañ mo tshegōhacoñ le mo kicoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete.”—2 Petere 3:13, 17, 18.