LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 8/1 ts. 27-32
  • Modiro o o tla Ketekwang ke Dibilione

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modiro o o tla Ketekwang ke Dibilione
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DITEBELELO TSA NAKO E E TLANG TSA MODIRO
  • Go Boneswa ga Modiro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Meletlo ya Ditiragalo mo Hisitoring ya Iseraele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Phenyo ya Kobamelo ya Boammaaruri e a Atamela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Mediro e e Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 8/1 ts. 27-32

Modiro o o tla Ketekwang ke Dibilione

1. Ke bosupi bofe jo bo buelelang go arola ga “dinku di sele” mo modirong wa diobo wa sebele jo bo sedifetseng ka 1931? Mme ka 1932?

A “DINKU DI SELE” tsa Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete, di tsena mo ketekong ya modiro wa diobo wa sebele? Bosupi jo bo itumedisang ke gore ba dira jalo ka nako e Modimo o e ba tshwaetseng. Go boneswa ga modiro go ne ga phatsimela boperofeti jwa ga Esekiele, kgaolo 9, ka 1931. Go ne ga senola gore batho ba ba fegelwang bao monna yo o apereng leloba ebile a tshotse kurwana ya enke kafa lothekeng lwa gagwe a ba tshwayang mo diphatleng e ntse e le tsona “dinku” tse di mo setshwantshong sa ga Jesu go Mathaio 25:31-46. Go boneswa ga modiro mo go oketsegileng go ne ga senola ka 1932 gore sone setlhopha se sa “dinku” se ne se tshwantsheditswe-pele ke Jonadabe morwa Rekabe, yo o nnileng tsala ya molaolelwa-polao wa ga Jehofa, Kgosi Jehu wa Iseraele.—2 Dikg. 10:15-28; Yer. 35:1-19.

2. (a) Mo boperofeting jwa ga Jesu kaga “bokhutlō yoa lehatshe,” go ne go tshwanetse go nna le go phuthiwa gofe mo gongwe ka nako e kwantle ga moo ga Mathaio 24:31? (b) Ka 1935, ke eng seo se neng sa neela tlhotlheletso e kgolo go tiro e ya go phutha?

2 A re gakologelweng gore Jesu o neetse setshwantsho se se go Mathaio 25:31-46 jaaka e le karolo ya “seshupō” se se neng se tla bontsha “go tla” ga gagwe mo go sa bonaleng le sa “bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 24:3) Ka tsela e Jesu o boleletse-pele gore go ne go tla nna le go phuthiwa ga ba bangwe kwantle ga “baitshenkedwi” ba Mathaio 24:31 ka nako ya “bokhutlō yoa lehatshe.” Go phuthiwa mo go jalo ga bao ba direlang “baitshenkedwi” molemo go ne ga simolola ka dikgakologo tsa 1935. Seo se neng sa neela tlhotlheletso e kgolo go go phutha mo e ne e le puo e e neetsweng ka Labotlhano, May 31, 1935, kwa kopanong e e neng e itsisitswe ka bophara ya Basupi ba ga Jehofa mo Washington, D.C., eo go yone bao go tweng ba setlhopha sa ga Jonadabe ba neng ba laleditswe segolo.

3. (a) Puo e e neetsweng ka nako eo e ne e le mo setlhogong sefe, mme go kolobeditswe ba bakae morago ga moo? (b) Tirafatso ya Mathaio 25:31-46 jaanong e ile ya fetoga karolo ya “seshupō” sefe?

3 Ka letsatsi leo mookamedi wa Watch Tower Society o ne a bua mo setlhogong “Boidiidi yo Bogolo yoa Batho” mme a tlotla boperofeti jwa Tshenolo 7:9-14. O ne a kgetholola “boidiidi yo bogolo yoa batho” jaaka e le jo bo tshwanang le “dinku” mo setshwantshong sa ga Jesu go Mathaio 25:31-46. Tlhaloso e e ne ya amogelwa ka boitumelo bobedi ke bao ba masalela a a tloditsweng le bao ba setlhopha sa ga Jonadabe. Letsatsi le le latelang go ne ga kolobediwa, mme go ne go le ba le 840 bao ba tshwantshitseng boineelo jwa bone go Jehofa Modimo ka go inwa mo metsing. Bontsi jwa bano bo ne jwa itshupa go nna “dinku” tseo di itsalanyang le “bonnake” ba semoya ba ga Kgosi Jesu Keresete. Bano jaanong e ne ya nna karolo ya “seshupō” seo se supang gore Jesu Keresete yo o busang o gone ka mo go sa bonaleng mme gape le gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa lefatshe.’

4. Boikitsiso joo bo ne jwa gasediwa “dinku” tsotlhe jang, mme ke tiro efe ya go phutha eo e ileng ya gatela pele go tloga foo?

4 Boikitsiso jo bo ne jwa gasiwa go ralala lefatshe go ba seka-dinku ka go gatisiwa ga jone go ditolololo tsa The Watchtower tsa August 1 le 15, 1935. Ka jalo ka nako eo go phuthiwa ga setlhopha sa ga Jonadabe go ne ga tswelapele ka taolelo e e neetsweng ke Jehofa Modimo.

5. (a) Fa esale ka nako eo tiro ya go rora e atologile go ya bogolong jo bo kae? (b) Mme ke tiro ya go rora efe e e neng e sa emisiwa?

5 Go sa kgathalesege dikgoreletso tsotlhe tseo di dirilweng ke Ntwa ya Lefatshe II ya 1939 go ya go 1945 le go bogisiwa mo go golo ga Basupi ba ga Jehofa ka nako ya metlha e e gotetseng eo, go phuthiwa ga “dinku di sele” go atologile go ya tirong mo mafatsheng a a fetang 200 le ditlhopha tsa ditlhake. Lefa go le jalo, go phuthiwa ga bao ba “boidiidi yo bogolo yoa batho” ga go a ka ga thibela go phuthiwa ga maloko ape a a oketsegileng a setlhopha sa ga Ruthe le sa ga Esethere. Nnya, mme “dikala” tse di neng di tshwanelwa ke go ka nna karolo ya ga Keresete “mofine” di ne tsa tswelela go phuthiwa. (Yoh. 15:1-8) “Dikala” tse di oketsegileng di ne tsa tswelapele go phuthiwa go ka “lomèlèlwa” mo “motlhwariñ o o molemō” wa tshwantshetso, jaaka o tlhalositswe go Baroma 11:17-24.a—Dute. 16:13.

6. (a) Jehofa o ile a re boikutlo jwa batho ka nako ya modiro o wa kgwedi ya sejuda ya bosupa bo ne bo tshwanetse go nna bofe? (b) A modiro wa diobo le modiro wa go rora e ne e le diketeko tse pedi tse di farologaneng, nngwe le nngwe e simolola ka nako e e farologaneng?

6 Ka jalo go tloga ka 1919 go ya pele eleruri e nnile modiro wa go rora wa sebele, o tshwaiwa ke boitumelo jo bo neng bo bonala ka mo go kgethegileng mo modirong wa diobo wa bogologolo. Mafoko a ga Jehofa kaga baketeki ba modiro wa diobo e nnile taolo ya letsatsi: “U tla itumèla gotlhe hèla.” (Dute. 16:15) Fano a re seke ra lebala gore modiro wa diobo le modiro wa go rora ke modiro o le mongwe, modiro o mongwe o sa simolole morago ga o mongwe o sa bolo go simolola. Modiro wa go rora o ne o dirwa ka nako e le nngwe le oo wa go nna mo diobong. Mo setshwantshing sa bogologolo, modiro wa malatsi a le supa ka nako ya kgwedi ya bosupa ya sejuda o ne o neilwe maina a mabedi fela ka gobo go nna mo diobong go ne go tshwanetse go nna ka nako ya thobo ya kgwedi ya bosupa, Tishri (Ethanime). Ereka, mo setshwantshing sa bogologolo, thobo e ne e le ya Baiseraele, go ne go tshwanela gore tirafatso ya modiro wa go rora e simolole ka 1919 ka go rojwa ga bao ba neng ba tshwantshetswa ke Baiseraele ba tlholego, eleng, masalela a Baiseraele ba semoya.—Bapisa The Watchtower, July 15, 1967, ditsebe 441, 442.

DITEBELELO TSA NAKO E E TLANG TSA MODIRO

7. Ke ka ntlhayang ditebelelo tsa nako e e tlang tsa modiro wa diobo di le molemo?

7 Ditebelelo tsa modiro wa diobo wa sebele, kana wa go rora, oo mo go one re setseng re tsene di ntse jang? Di dintle! Ka ntlhayang? Ka gobo “sepitla se segolo” se se tlang le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ go Hara-Magedona ga di ne di nyeletsa boitumelo jwa modiro wa rona. (Math. 24:21; Tshen. 16:14, 16) Dipolelelo-pele tsa Bibela di bontsha gore modiro wa sebele o tla tswelapele o sa kgaoge go tsena mo Thulaganyong e Ntšha eo Jehofa Modimo o tla e tsenyeletsang ka Kgosi-Motlhabani, eleng, masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa “dinku di sele,” ba tla tsweletsa modiro mo Thulaganyong e Ntšha e e siameng.b

8, 9. Masalela a a salang mo lefatsheng a tla nna lobaka lo lo kae, mme Sekaria 14:16-19 e ba neela tebelelo efe kaga modiro wa diobo?

8 Faele kaga gore masalela a a tloditsweng a tla nna lobaka lo lo kae mo lefatsheng fa Thulaganyo e Ntšha e dira jaaka “baeti” go fitlha ba galalediwa mo bogosing jwa selegodimo, ga jaanong ga ba itse. Mme tebelelo ya bone ya jaanong e e itumedisang ya go keteka modiro ka nako ya go nna ga bone mo go oketsegileng mo lefatsheng e thailwe sentle mo Lefokong la boperofeti la ga Jehofa. Ka sekai, go Sekaria 14:16-19 baketeki bano ba modiro wa diobo wa sebele ka nako ya jaanong baa ntsifadiwa:

9 “Me go tla dihala, gore, moñwe le moñwe eo o setseñ oa merahe eotlhe e e neñ e tsile go tlhasèla Yerusalema, o tla ea ka ñwagañwaga go ōbamèla Kgosi, Yehofa oa mashomōshomō, le go diha modihō oa diōbō. Me go tla dihala, go re, leha e le mañ oa ditshika tsa lehatshe, eo o sa tlhatlogeleñ kwa Yerusalema a ea go ōbamèla Kgosi, Yehofa oa mashomōshomō, ga go ketla go na pula mo ga bōnè. Me ha losika loa Egepeto lo sa tlhatloge, me ba sa tle, le mo go bōnè ga e ketla e na: go tla nna sebecō se Yehofa o tla betsañ ka shōna merahe e e sa eeñ go diha modihō oa diōbō. E tla nna eōna pecō ea Egepeto, le pecō ea merahe eotlhe e e sa eeñ go diha modihō oa diōbō.”

10. Fa merafe yotlhe e dira tlhaselo ya yone ya bofelo go Jerusalema o o neng o tshwantshetswa, ke bomang ba ba tla tlogelwang ba tshela mme ke bomang ba ba se kitla?

10 Ke mang, jaanong, motho yo o tlhalosiwang jaaka “moñwe le moñwe eo o setseñ oa merahe eotlhe e e neñ e tsile go tlhasèla Yerusalema”? Ga se masalela a a tloditsweng a Baiseraele ba semoya, lefa e le bankane ba bone, “boidiidi yo bogolo yoa batho” bao ba tswang mo merafeng yotlhe mme ba amogela kobamelo ya ga Jehofa pele merafe e dira tlhaselo ya yone go Jerusalema yo o neng a tshwantshetswa. Masalela le “boidiidi yo bogolo yoa batho” ke bone bao ba tlang tlase ga tlhaselo e e kopanetsweng e e dirwang ke merafe gonne ba nna ba ikanyega go “Yerusalema oa selegodimo.” (Baheb. 12:22) Ditemana tse di fetileng (Seka. 14:1-15) di tlhalosa ka moo Modimo o tlhabanang kgatlhanong le merafe e e tlhaselang le ka moo a tlhomamisang bogosi kana bolaodi jwa gagwe godimo ga lefatshe la rona. Tshenolo 19:11-21 e bontsha ka moo merafe, yotlhe hela, e tla tlhaselang bao ba leng mo lefatsheng ba ba ngaparelang go “Yerusalema oa selegodimo,” le gore ga go ope wa merafe eo yo o tla falolang ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ kwa Hara-Magedona. Tota le eleng bao, jaaka go ka tualo, ba salang kwa gae mme ba neela tshegetso ya bone go masole a a kwa botlhabanelong, ga ba kitla ba falola, segolo-bogolo fa ba tlhotlheletsa batho ka mo go feletseng go ya ntweng.

11. Ka Hara-Magedona baba botlhe ba tla nyelediwa go ya bokgakaleng bofe, mme ka ntlhayang?

11 Mo ntweng ya Modimo ka Hara-Magedona baba botlhe ba ba jalo ba tla boga nyeletso ya bosakhutleng, kwantle ga paakanyetso epe ya tsogo ya bone. (Math. 25:31, 32, 41-46; Isa. 66:23, 24; Bar. 6:9; 1 Bakor. 6:9, 10) Ditopo tsa bone di tla tshwana le mebele e e tlogetsweng mo botlhabanelong jaaka dijo tse di bodileng go ka jewa ke dinonyane tse di phepafatsang. (Tshen. 19:17-21) Morago ga moo, go tla diragalang?

12. Go ya ka Dikwalo, he, ke mang yo o kaiwang ke “moñwe le moñwe eo o setseñ oa merahe eotlhe e e neñ e tsile go tlhasèla Yerusalema”?

12 Fano jaanong go tla sebaka sa yoo a kaiwang ke “moñwe le moñwe eo o setseñ oa merahe eotlhe e e neñ e tsile go tlhasèla Yerusalema.” (Seka. 14:16) Jaanong yoo e ka nna mang? Go ya ka Dikwalo, e ne e tla nna “moñwe le moñwe” wa dibilione tsa baswi ba batho bao ba suleng pele ga “sepitla se segolo” le ‘ntwa ya sone ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona mme e le bao go nang le tsholofelo ya tsogo ya selefatshe ka bone.c Jesu Keresete o buile ka lobaka lwa tsogo ya “botlhe ba ba mo diphuphuñ.” (Yoh. 5:28, 29; Tshen. 20:12, 13) Ba ba kileng ba nna Baegepeto bao ba senang palo ba tla nna gare ga bao ba tsositsweng mo baswing, mme koo ka nako eo ga go ne go nna le kgaolo ya lefatshe e e bidiwang Egepeto, kana dikgaolo dipe tsa bomorafe tsa dinako tse di fetileng.

13. Tlase ga bogosi jwa ga Keresete, ke temogo efe e e tshwanetseng ya dilo eo ba ba tsoseditsweng lefatsheng ba tshwanetseng go e dira, kana, go seng jalo, ba tla diragalelwa ke eng?

13 Tlase ga bogosi jwa ga Keresete jwa dingwaga tse di sekete botlhe ba ba tsoseditsweng mo lefatsheng ba tla rutiwa bodumedi bo le bongwe jwa boammaaruri. A botlhe ba tla dumalana le jone? Gore ope fela a bone botshelo jo bo sa khutleng o tla tshwanela ke go tla mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya eo e amanang le “Yerusalema oa selegodimo.” O tla tshwanela ke go keteka modiro wa diobo wa sebele mo Lwapeng lwa selefatshe lwa tempele koo “boidiidi yo bogolo yoa batho” jwa bafalodi ba Hara-Magedona ba setseng ba iphitlhela gona. (Tshen. 7:9-15) Ba tla tshwanela ke go tlotla “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe” tseo Kgosi Jesu Keresete o tla di “tlhōmañ” go tlhokomela dikgang tsa lefatshe. (Pes. 45:16) Go feta tsotlhe, bao ba tsoseditsweng mo lefatsheng ba tshwanetse go lemoga Jehofa jaaka Modimo le Molaodi wa Lobopo, jaaka “Kgosi ea lehatshe yeotlhe” ka tiriso ya Jesu Keresete. (Seka. 14:9) Go seng jalo, Modirapula yo Mogolo Jehofa ga a ne a ba nesetsa masego a gagwe ka Keresete. (Seka. 10:1) Go batho-ka-bongwe ba ba jalo ba ba sa segofadiwang seno se tla nna jaaka go nna mo kgaolong ya komelelo, mme seno e le se se kayang loso mo bokhutlong.

14. Ke eng se se tla kaiwang ke go bediwa ga ope fela ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete?

14 Go ya ka thulaganyo ya ga Jehofa go tla nna gape le “pecō” e e tshwanang le eo a kgemethileng merafe e e neng e lwa kgatlhanong le “Yerusalema oa selegodimo” ka yone. (Seka. 14:12-15) Go kgemetha ga gagwe baganetsi ba ba tlhogodi-thata ba ba jalo ba bodumedi jwa boammaaruri go tla kaya loso lwa bosakhutleng ka bone, lefa seno se diragala pele ga bokhutlo jwa puso ya ga Keresete ya dingwaga tse 1 000. Baleofi ba ba beditsweng jalo ga ba ne ba fitlha kwa dingwaga tse di sekete mme morago ga moo ba nna le sebaka sa go ka siamisiwa ke Jehofa go ya botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Bonno jwa bone jwa nakwana tlase ga bogosi jwa ga Keresete bo palelwa mo boitlhomong jwa jone.

15. Masalela a a setseng a Baiseraele ba semoya ba tla bona tirisano-mmogo ya bomang e e boikanyo ka nako ya boeti jwa bone mo Thulaganyong e Ntšha?

15 Fa Thulaganyo e Ntšha e simolola, masalela a a falotseng a Baiseraele ba semoya a tla bo a santse a nna mo ditenteng jaaka “baeti” mo lefatsheng. Ba tla bo ba lebile pele go go fudisiweng ga bone mo ponalong ya selefatshe go ya go boswa jwa bone jwa selegodimo, go nna le Keresete le dikgosi le baperisiti-mmogo le ene. (Tshen. 20:4-6) Mme ka nako ya boeti jwa bone jwa morago ga Hara-Magedona mo lefatsheng ba tla nna le tirisano-mmogo e e boikanyo ya setlhopha sa “kgōsana,” “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe,” mo go tlhokomeleng modiro wa sebele wa kgwedi ya bosupa, oo wa diobo.d—Esek. 45:17, 25.

16. (a) Maloko a mantsi a setlhopha sa “kgōsana” a tla tsewa go bomang? (b) E ne e tla nna boitumelo jo bo kgethegileng go masalela a a setseng go itemogelela tshiamelo efe le bone?

16 Maloko a setlhopha sa “kgōsana” a tla tsewa gare ga “boidiidi yo bogolo yoa batho” ba seka-dinku bao ba falolang “sepitla se segolo” mmogo le masalela a a tsetsweng ka moya. (Tshen. 7:1-15) Bano ba tla bogela go tsosiwa ga dibilione tsa baswi ba batho le go phuthelwa ga bone mo lwapeng lwa selefatshe lwa tempele ya ga Jehofa ya semoya go keteka modiro wa diobo wa sebele. Abo e tla nna boitemogelo jo bo itumedisang jang go masalela a semoya go nna ba ntse ba le mo lefatsheng go fitlha kwa tshimologong ya go phuthiwa mo go gakgamatsang jaaka go bonetswe-pele go Sekaria 14:16-19! Ka boitumelo jo bo sa kakeng jwa bolelwa ba tla kopanela mo ketekong ya lefatshe ka bophara gammogo le botlhe ba bano bao ba rekolotsweng ka madi a a botlhokwa a “Kwana oa Modimo,” ‘Tlolaganyo ya rona ebong Keresete.’e—Esek. 44:3; 45:7-46:18; 48:21, 22.

17. (a) Ke ka ntlhayang go ketekwa ga modiro ka nako ya puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete e se kitla e itshupa go nna lefela? (b) Boemo joo banni ba lefatshe, ba ba sa ntseng ba tshela, ba tla bong ba ne ba ntse ba tsamaela go jone jaaka ba ba nnang mo ditenteng ke bofe?

17 Go ketekwa ga modiro ga go ne go itshupa go nna ga lefela, gonne, kwa bokhutlong jwa puso ya ga Keresete ya dingwaga tse 1 000, botlhe bao ba tla bong ba setse ba tshela mo lefatsheng ba tla obamela Jehofa, ba mo direla mo Lwapeng lo lo bophara jwa lefatshe lwa tempele ya gagwe e kgolo ya semoya eo e amanang le “Yerusalema oa selegodimo.” Morago o tla neelwa “bogosi” ke Morwa wa gagwe Jesu Keresete, yo o tla bong a weditse puso ya gagwe ka katlego ya dingwaga tse di sekete tseo a di abetsweng. (1 Bakor. 15:24-28) Jo e tla nna boemo jwa selefatshe joo banni botlhe ba lefatshe ba neng ba tla bo ba ntse ba tsamaela go jone, jaaka ba ba nnang mo ditenteng.

18. Kabelo ya bao ba falolang teko ya bofelo ya ga Jehofa e tla nna efe?

18 Mo lobakeng lo go tla teko ya bofelo le e e tlhomamisang ya boikanyegi jwa bone go Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo. Bao ba tla palelwang mo tekong ka nako eo ba tla nyeletswa ka bosakhutleng. Bao ba siamisang Jehofa ka go falola teko e kgolo e ka katlego ba tla bona tshiamelo ya go aga lefatshe la se-Edena ka bosakhutleng. Ga ba ne ba tlhola ba nna mo ditenteng, “baeti,” mo lefatsheng. Boago jwa bone mo lefatsheng la paradaise e tla nna jwa go ya go ile. (Tshen. 20:7-15) Boitumelo jwa bone jo bo neng bo itemogelelwa ka nako ya go ketekwa ga modiro wa diobo wa sebele bo tla tswelapele ka bosakhutleng mo setlhomong sa dinao sa selefatshe sa Modimo-Kgosi yo o itumetseng, Jehofa.—1 Tim. 1:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona dipego tsa Segopotso tsa ngwaga le ngwaga tsa dipalo tsa baji go tloga ka 1945 go ya go 1977.

b Bakeng sa boikitsiso jo bo oketsegileng kaga katoloso ya “modihō oa diōbō” go ya nakong ya puso ya dingwaga tse di sekete, bona buka Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!, kgaolo 22, mme segolo ditsebe 400 go ya go 402; bapisa gape le ditsebe 53-57, 79-90 le 106-115. Setshwantshediwa sa Bokeresete seo se neng se tshwantshetswa-pele ke modiro o se simolotse go dirafatswa go tloga ka letsatsi la Pentekoste, 33 C.E. Boitumelo jwa phuthego bo ne jwa nyenyefadiwa fa botenegi jo bogolo bo ne bo tsena. Lefa go le jalo, ka kgololo ya Baiseraele ba semoya go tswa go Babilona yo Mogolo, morago ga Ntwa ya Lefatshe I, go rorwa, lantlha ga masalela a a tloditsweng mme morago ga “boidiidi yo bogolo yoa batho,” go ne ga tsweletswa-pele, mme mmogo le gone “modihō oa diōbō.” Ono ke modiro o o tswelang pele, o o ketekiwang “ka ñwagañwaga,” go ralala go fitlha ka nako ya tsogo ya baswi. O tla khutla fela morago ga teko ya bofelo ya setho se se itekanedisitsweng, fa botlhe bao ba falolang teko la bofelo ba tla nnang baagi ba go ya go ile mo lefatsheng. Bona gape The Watchtower, 1967, ditsebe 440-443; Tora ya Tebelo, 1974, ditsebe 35-66; w77, tsebe 541, le Aid to Bible Understanding, ditsebe 573 go ya go 576.

c Bona Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!, kgaolo 22, tlase ga setlhogwana “Botlhale bakeng sa Merafe go Kopanela mo Modirong,” ditsebe 398-401.

d Bona kgatiso ya Watch Tower Society Vindication, Bolumo III, tlase ga setlhogwana “Kgosana ya Lefatshe,” ditsebe 285-293.

e Bona Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!, tsebe 401, ser. 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela