Mediro e e Itumedisang
“U tla itumèla gotlhe hèla.”—Dute. 16:15.
1. Ke bomang gompieno bao ba itshupang go nna ba ba itumetseng go gaisa, mme ka ntlhayang?
KE MANG yo o sa itumeleleng modiro? Go ralala makgolo a dingwaga batho ba nnile ba itumelela mediro. Seno se akaretsa le batho ba ba boneng melao ya bone ya bomorafe go tswa go Mmopi wa motho ka moperofeti wa gagwe Moshe. Mme mediro ya bone e ne e farologane; e ne e bolelela-pele dilo tse di molemo tse di neng di tla tla. Boitumelo ka mo go tshwanang ke karolo ya setshwani sa motlha wa segompieno sa baketeki bao ba bogologolo ba mo Botlhaba Gare, gonne bano ba tsena mo tirafatsong ya mediro eo ya boperofeti. Go tswa ntlheng ya pono ya Bibela e e Boitshepo, baketeki bano ba motlha wa jaanong ke Baiseraele ba semoya, mme ba itshupa go nna batho ba ba itumetseng go gaisa mo sefatlhogong sa lefatshe.
2. Go Duteronome 16:16, go ne go baakanyeditswe ka mediro e le mekae, mme e ne e le efe?
2 Mo dibukeng tse di tlhotlheleditsweng tse di kwadilweng ke Moshe, go ne go baakanyetswa ka mediro e le meraro. Mo bukeng e ya botlhano, e e bidiwang Duteronome, kgaolo 16, temana 16, rea bala: “Lonna lotlhe loa gago a lo bōnalè ha pele ga Yehofa Modimo oa gago gararo ka ñwaga, mo heloñ ha o tla go itshenkèlañ; mo moletloñ oa senkgwè se se sa bedisiwañ, le mo moletloñ oa diweke, le mo moletloñ oa diōbō: me ba seka ba bōnala ha pele ga Yehofa ba iphotlhere hèla.”
3. Fa mafoko a a okeditsweng a Duteronome 16:17 a ne a buiwa, boemo jwa Baiseraele ba tlholego e ne e le bofe?
3 De 16 Temana 17 e re: “Monna moñwe le moñwe a a ntshè kaha o nonohileñ ka gōna, kaha tshegōhacoñ ea ga Yehofa Modimo oa gago, e o e gu neileñ.” Ka nako ya fa mafoko ao a ne a buiwa, Baiseraele ba ne ba tshela mo ditenteng, ba le mo tseleng go ya kwa Lefatsheng la Tsholofetso la Kanana.
MODIRO WA SENKGWE SE SE SA BEDISIWANG
4. Modiro wa ntlha e ne e le ofe, mme, mo letsatsing la ona la bobedi, moperisiti yo mogolo o ne a neela Jehofa eng?
4 Modiro wa ntlha wa mediro ya ngwaga le ngwaga, wa senkgwe se se sa bedisiwang, o ne o tshwariwa fela morago ga go ja selalelo sa Tlolaganyo ka Abibe kana Nisane 14. Modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang o ne o tshwariwa ka malatsi a le supa, go tloga ka Nisane 15 go ya go, le go akaretsa, Nisane 21. Letsatsi la ntlha la modiro o e ne e le letsatsi la Sabata leo le neng le latela go bolokwa ga selalelo sa Tlolaganyo. Mo letsatsing la bobedi la modiro, kana ka Nisane 16, moperisiti yo mogolo wa Moiseraele kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema o ne a ke a Mo neele ngata go tswa mo thobong ya barele e e sa tswang go butswa.—Lefi. 23:11-16.
5. Ke ka ntlhayang Jesu a sa ka a keteka modiro o ka Nisane 15, 33 C.E., mme barutwa ba gagwe ba ne ba tsena leng mo boitumelong jo bo neng bo sa lekanngwe?
5 Go na le polelo ya ditiragalo kaga mosimanyana wa dingwaga di le 12 yo o neng a tseetswe kwa Jerusalema go tswa Nasaretha go keteka Tlolaganyo. Mosimanyana e ne e le Jesu, morwa Maria. Dingwaga di le 18 moragonyana, ka 29 C.E., Moiseraele yoo wa monna, yo ga jaanong e leng Morena Jesu Keresete, e ne ya nna “Kwana oa Modimo,” eo e neng e tshwantshetswa ke kwana ya Tlolaganyo. (Luke 2:41-52; Yoh 1:29-37) Dingwaga tse tharo le sephatlo moragonyana tota o ne a neelwa setlhabelo mo setlhareng kwa Logata, kwantle ga Jerusalema, ka Labotlhano, Nisane 14, 33 C.E. Sigong joo jwa Labotlhano Nisane 15 e ne ya simolola, mme le modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang o ne wa simolola le one, mme Jesu ka boene ga a ka a kopanela mo boitumelong jo bo neng bo tshwaya lobaka loo. O ne a sule ebile a bolokilwe. Lefa lemororo Bajuda ka kakaretso kwa Jerusalema ba ne ba itumela fa modiro wa bone o ne o simolola, barutwa ba ga Jesu ga baa ka ba dira jalo. Ba ne ba hutsafaletse seo go bone se neng se bonala jaaka tatlhegelo ya go ya go ile ya Moeteledipele wa bone. Mme ka letsatsi le le latelang, Sontaga, Nisane 16, khutsafalo ya bone e ne ya fetoga boitumelo jo bo neng bo sa lekane le jwa Bajuda ba ba neng ba keteka modiro.
6. Mo tshedimosong ya 1 Bakorintha 15:20, ngata ya tlhaka ya barele e e neng e fokisiwa ke moperisiti yo mogolo ka Nisane 16 e ne e tshwantshetsa eng, mme ka ntlhayang?
6 Ka ntlhayang jalo? Ka gobo Moeteledipele wa bone, Jesu Keresete, o ne a tsositswe mo baswing ka maatla a thatayotlhe a Rraagwe wa selegodimo, Jehofa. A ranola gore seno se ne se kaya eng, moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, fa a ne a kwala kaga tsogo, o rile: “Yanoñ Keresete o cosicwe mo bashwiñ, e le lebucwa pele ya ba ba robetseñ.” (1 Bakor. 15:20) Ka gone ngata ya mabutswapele go tswa mo thobong ya barele eo moperisiti yo mogolo wa Mojuda kwa tempeleng a neng a e fokisa fa pele ga Jehofa ka Sontaga, Nisane 16, e ne e tshwantshetsa motho a le mongwe, Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng, motho wa ntlha go tsosiwa gotlhelele mo losong go ya botshelong jo bo sa khutleng. Ka jalo ke ene fela yo o neng a ka bidiwa “lebucwa pele ya ba ba robetseñ.” Kgakgamatso eno e ne ya tshwaya letsatsi la bobedi la modiro.
7. Ke ka ntlhayang fa sebediso se ne se kganetswe mo maagelong a Bajuda ka nako ya modiro wa malatsi a le supa, mme seno e ne e le segopotso sa eng?
7 Mo malatsing a le supa a modiro, go ne go sa tshwanela go bonwa sebediso mo maagelong ape a Bajuda, gonne sebediso se ne se emela selo se se seng mo kutlwanong le Modimo, eleng boleo. Modiro o eleruri o ne o gopotsa gore, ka ntlha ya go tswa mo Egepeto ka potlako, Baiseraele ba ne ba sena nako e e lekaneng ya go ka letlelela setou sa bone go bela. Ka gone, ba ne ba tshwanetse go ja senkgwe se se sa bedisiwang, fela jaaka ba ne ba dira ka letsatsi la Tlolaganyo.—Ekes. 12:11-34; Dute. 16:2-4.
8, 9. Go dumalana le setshwantshi, modiro wa sebele wa senkgwe se se sa bedisiwang o ne o tshwanetse go latela paakanyetso efe, mme Paulo o tlhomamisa se jang?
8 Fela jaaka modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang o ne o latela Tlolaganyo le go tshwariwa ka malatsi a le supa, setshwantshediwa sa modiro o se tshwanetse go latela go dirwa setlhabelo ga “Kwana oa Modimo,” Jesu Keresete, ka Labotlhano, Nisane 14, 33 C.E. Ereka palo ya malatsi a modiro, supa, a tshwantshetsa boitekanelo, botlalo, ka jalo modiro o o neng o tshwantshediwa o nnile wa tswelela go ralala makgolo a dingwaga go fitlha jaanong, mme Bakeresete bao eleng Baiseraele ba semoya, Bajuda ka mo gare, ba patelesega go o tshegetsa. Go 1 Bakorintha 5:6-8, moaposetoloi Paulo o supela go modiro o o neng o tshwantshetswa jaaka a kwala:
9 “A ga lo itse ha sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe. Tlosetsañ rure sebedishō se segologolo, gore lo nnè boupe yo bosha, hèla yaka lo sa bedisèga. Gonne le eōna Tlolaganyo ea rona e isicwe setlhabèlō, eboñ Keresete: Me ke gōna, a re diheñ modihō, e señ ka sebedishō se segologolo, leha e le ka sebedishō sa kilō le sa boikèpō, me e leñ ka senkgwè se se sa bedisiwañ sa bopelo e phèpa le boamarure.”
10. Ke ka ntlhayang ebile ke jang modiro wa sebele o tshwanetse go ketekwa gompieno, mme ke ka ntlhayang baketeki ba ka “itumèla gotlhe hèla”?
10 Seo se kwadilwe ekane ka 55 C.E., kana dingwaga di le 22 morago ga loso lwa ga Keresete lwa setlhabelo. Gompieno, Baiseraele ba semoya bao ba balang mafoko ao a ga moaposetoloi Paulo mo go fetang makgolo a dingwaga a le 19 moragonyana, ke tiro ya bone e e pateletsang go tshegetsa modiro o o neng o tshwantshetswa, eleng, ka bopelo-ephepa le boammaaruri. Jaaka masalela a a tloditsweng a Baiseraele ba semoya a dira jalo, ba kgona go nna le boikutlo jwa modiro wa bogologolo wa tshwantshetso mme ba “itumèla gotlhe hèla.” Ka ntlhayang? Ka gobo go tshegetswa mo go boikanyo ga modiro o o neng o tshwantshetswa go dira phuthego e e phepa le ya bomodimo eo Jehofa a ka bontshang kamogelo ya gagwe mo go yone.
MODIRO WA DIBEKE
11. Modiro wa bobedi wa mediro e e patelesegang e ne e le ofe, mme ke ka ntlhayang o ne o neilwe leina leo?
11 Modiro wa bobedi wa mediro e e patelesegang ya Iseraele wa bogologolo e ne e le modiro wa dibeke. Ke ka ntlhayang o ne o bidiwa jalo? Ka lebaka la gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go bala dibeke di le supa go tloga ka Nisane 16, letsatsi leo moperisiti wa bone yo mogolo a neng a neela Jehofa ngata ya tlhaka e e sa tswang go butswa jaaka mabutswapele go tswa mo thobong ya barele. Go balwa mo ga nako go ne go tla fitlha go malatsi a le 49, mme mo letsatsing la bo-50 ba ne ba tshwanetse go keteka modiro wa dibeke. Mo puong ya Segerika eo setlhopha sa Bajuda se fetoletseng Bibela ya bone mo go yone, lefoko la (letsatsi la) bo-50 ke pentecostē′. Ka gone, Bajuda ba ba buang Segerika ba ne ba bitsa modiro wa dibeke ba re ke Pentekoste. Go ne go tshwanetse go dirwa eng mo letsatsing le?
12. Go ya ka Lefitiko 23:15-21, go ne go tshwanetse ga dirwa eng mo letsatsing le la Modiro?
12 Fa e araba, Lefitiko 23:15-21 e re: “Me e re ka moshō moragō ga sabata, eboñ ka letsatsi ye lo lerileñ ñata ea chupèlō e e hokisiwañ ka yeōna, lo simololè go bala; lo bale bosabata ba shupa ba ba tletseñ: Go ea go hitlha kwa letsatsiñ ya ka moshō moragō ga sabata oa boshupa, lo balè malatsi a mashomè matlhano; me lo isetsè Yehofa chupèlō ea boupe yo bosha. Mo mannoñ a lona lo ntshè dinkgwè di le pedi tse di hokisiwañ, e le tsa emere e e reñ e kgaogancwè seshomè go bo go tsewè dikgaoganō di le pedi: a e nnè tsa setou, . . . Me moperisiti o tla di hokisa di na le senkgwè sa mabucwa pele e le chupèlō ya mohokō ha pele ga Yehofa, di na le dikwanyana tse pedi: di tla nna tsa gagwè moperisiti, e le tse di itshepetseñ Yehofa. Me lo dihè kitsishō ka yeōna tsatsi yeuō hèla; go tla nna phuthègō e e itshepileñ go lona; lo se ka loa diha tihō epè e e leñ ea setlhanka hèla: ke molaō o o sa khutleñ mo mannoñ aotlhe a lona, go ea dikokomaneñ cotlhe tsa lona.”
13. Modiro wa sebele wa Pentekoste o ne wa simolola go dira leng, mme lobaka loo lo ne lo tshwaiwa jang?
13 Modiro o wa boperofeti wa dibeke, kana Pentekoste, o ne wa dirafatswa mo phuthegong ya barutwa ba ga Jesu kwa Jerusalema mo letsatsing la bo-50 leo le neng le badiwa go tloga ka tsogo ya gagwe mo baswing. Ka jalo modiro wa dibeke wa sebele kana Pentekoste, o ne wa simolola go dira ka letsatsi la borataro la kgwedi ya boraro ya sejuda, ke gore, ka Sivane 6, ya ngwaga wa 33 C.E. Ka nako eo Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a le mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa, eleng, mo ponalong ya botho ya ga Jehofa kwa legodimong, koo a neng a tlhatlogetse teng ka letsatsi la bo-40 go tloga ka tsogo ya gagwe. Fa Bajuda ba ne ba keteka modiro wa dibeke o o neng o tshwantshetsa, kana Pentekoste, kwa tempeleng ya ga Herode mo Jerusalema, ekane barutwa ba le 120 ba ga Moperisiti yo Mogolo wa semoya, Jesu Keresete, ba ne ba rakane mmogo mo kamoreng e e kwa godimo mo motseng oo. Morago, pele ga oura ya boraro ya letsatsi (9 a.m.), Morena Jesu Keresete o ne a tshela moya o o boitshepo go tswa mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa tempele ya semoya ya ga Jehofa. Seno se ne sa felela ka go nna ga bone ba ba tsetsweng ka moya ke Rraabone wa selegodimo, Jehofa, le go nna ga bone ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ka tiriso ya Moperisiti wa bone yo Mogolo, Jesu Keresete. (Dit. 2:1-36) Ka gone dinkgwe tse pedi tsa tshwantshetso tsa setou di ne tsa bona kamogelo ya ga Jehofa kwa legodimong, mo Boitshepong jwa Maitshepo.—Baheb. 9:24.
14. (a) Ntlha ya gore dinkgwe tse pedi tsa korong di ne di bedisitswe e tshwantshetsa eng? (b) Ke mabaka afe a a neng a ka nna a neelwa kaga gore ke ka ntlhayang go ne go le dinkgwe tse pedi?
14 Mo modirong wa dibeke o o neng o tshwantshetsa, kana Pentekoste, ke ka ntlhayang dinkgwe tse pedi tse di neng di dirilwe ka tlhaka go tswa go thobo ya korong e e sa tswang go butswa di ne di neelwa Jehofa? Seno se ne se tshwantshetsa gore go ne go tla akarediwa palo e e fetang motho a le mongwe mo tirafatsong. Dinkgwe tse pedi tsa korong tse di neng di tshwantshetsa di ne di besiwa di bedisitswe. Seno se bontsha gore bao tirafatso ya modiro o e diragalang mo go bone ba bedisitswe ka boleo, ka tsalo ya tlhago, mo go neng go le jalo kaga barutwa ba ba 120 ba ga Jesu yo o senang boleo, ba ba neng ba letile mo Jerusalema ka Sontaga, Sivane 6, 33 C.E. Go nna pedi ga dinkgwe go ka nna ga bontsha gape gore bao e nnang ba ba tsetsweng ka moya, ba ba tloditsweng ba Jesu Mesia ba ne ba tla tsewa mo ditlhopheng tse pedi mo lefatsheng, lantlha go tswa go Bajuda ba tlhago ba ba rupileng mme moragonyana go tswa go merafe e mengwe ya lefatshe, Baditšhaba. Ba le mmogo, ditlhopha tse pedi di ne di tla dira tshupelo e le nngwe e e neng e tshwantshetsa ya mofoko go Jehofa.—Baef. 2:13-18.
15. Senkgwe, jaaka se ne se emela senkgwe sa Bajuda se ne sa neelwa leng go Jehofa, mme kamogelo ya gagwe e ne ya bontshwa jang?
15 Fa kgang eno e lebiwa go tswa ntlheng ya pono ya bofelo, santlha sa dinkgwe tsa sebele, jaaka se kaya Baiseraele ba ba rupileng, se ne sa neelwa Jehofa Modimo ke Moperisiti yo Mogolo Jesu ka nako sentle, ka Sivane 6, leo e neng e le letsatsi lone leo moperisiti yo mogolo a neng a fokisa dinkgwe tse pedi tse di neng di tshwantshetsa fa pele ga Jehofa mo tempeleng ya ga Herode kwa Jerusalema. Ereka dinkgwe tse pedi tseo tsa korong di ne di sa tlhole di tlhokafala jaaka tse di tshwantshetsang, Jehofa ga a ka a di amogela, mme ka jalo Bajuda ba ba neng ba keteka kwa tempeleng ya ga Herode ga baa ka ba amogela neo ya moya o o boitshepo. Bajuda bao ba neng ba batla gore tirafatso ya Yoele 2:28, 29 e diragale mo go bone ba ne ba tshwanetse go tswa mo tempeleng mme ba ikopanye le barutwa ba ga Keresete ba ba 120 bao boperofeti jo bo neng bo setse bo diragetse mo go bone. Ka gone ekane ba le 3 000 ba bone ba nnile karolo ya senkgwe sa sebele sa mofoko ka letsatsi leo la bokao-bobedi la Pentekoste, 33 C.E.
16. Senkgwe sa bobedi sa tshwantshetso se neetswe leng go Jehofa, mme ke go fitlha leng dinkgwe tse pedi tse tsa tshwantshetso di nnileng mo tirong ya go ka dirwa botlalo?
16 Senkgwe sa bobedi sa tshwantshetso, jaaka se kaya Baditšhaba, kana ba eseng-Bajuda, se ne sa simolola go fokisiwa fa pele ga Jehofa moragonyana fa Basamaria ba ba dumelang ba ne ba letlelelwa mo phuthegong ya Bokeresete mme morago fa go ne go letlelelwa Baditšhaba ba ba sa rupang kana batho ba merafe ka kakaretso. Ntlha e ya bofelo e tlhaloganngwa gore e diragetse ka gwetla ya 36 C.E. (Dit., dikg. 8 le 10) Dinkgwe tse pedi tsa sebele di ntse di dirwa botlalo mo makgolong a dingwaga a le 19 a a sa tswang go feta. Dintlha di bontsha gore bangwe ba okeditswe go nna karolo ya “dinkgwè” mo metlheng ya bosheng, bano e le gore ba tshwantsheditswe-pele ke Ruthe wa Moaba le mogologolwane wa mosadi wa ga Jesu Keresete gammogo le Kgosigadi Esethere, ntsalaa Moredekai wa Mojuda yo o nnileng tona-kgolo ya Bogosi jwa Baperesia.—Bona buka Preservation, e e gatisitsweng ka ngwaga wa 1932 mme e boeletsa dintlha mo tatelanong ya ditlhogo tse di leng mo ditokololong tsa The Watchtower tsa 1931 le 1932.
17. (a) Tiro ya go dirwa botlalo ga go nna tokololo ya dinkgwe tse pedi tsa tshwantshetso e nnile lebaka la eng mo karolong ya baketeki ba modiro? (b) Ke ka ntlha ya lebaka lefe bao eleng ba dinkgwe tsa tshwantshetso eleng mofuta wa “mabucwèla pele”?
17 Go dirwa botlalo ga go nna tokololo ya dinkgwe tse pedi tsa sebele tsa Pentekoste mo nakong e ga jaanong e fetang dingwaga di le 1 900 e nnile lebaka la boitumelo jo bogolo mo karolong ya Baiseraele bao ba semoya ba ba ketekang modiro wa dibeke wa sebele. Fela jaaka dinkgwe tse pedi tse di neng di tshwantshetsa di ne di emela mabutswapele a kgwedi ya thobo ya Sivane, ka jalo bao e nnang ba dinkgwe tsa sebele ke mabutswapele go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete, ereka ba etelela kwa pele ga lefatshe le le setseng la setho, ba bona boswa jwa selegodimo jaaka melemo ya ntlha ya setlhabelo sa “Kwana oa Modimo.”—Yak. 1:18; Tshen. 14:4.
MODIRO WA DIOBO
18. Modiro wa bofelo wa ngwaga o o boitshepo wa Bajuda o ne o bidiwa eng, o ne o diragala leng, mme ke bomang ba ba neng ba tshwanetse go tsaya karolo mo go one?
18 Modiro wa bofelo wa e megolo ya ngwaga o o boitshepo wa Bajuda o ne o diragala mo kgweding ya bosupa, kgwedi ya Ethanima, kana Tishri. (1 Dikg. 8:2) O ne o tlhomologile mo dintlheng tse di rileng. Gantsi thata o ne o bidiwa modiro wa diobo, mme ka makgetlo a mabedi o bidiwa modiro wa go rora. (Ekes. 23:16; 34:22) Ka sekai, Ekesodo 23:16, 17 e kaya gore: “Le modihō oa molomo, mabucwapele a ditihō tsa gago, a u a yalañ mo lotlhagariñ: le modihō oa go rora mo bokhutloñ yoa ñwaga, ha u rora ga ditihō tsa gago mo lotlhagariñ. Lonna lotlhe loa gago a lo bōnalè gararo ka ñwaga ha pele ga Yehofa Modimo.” Gape, Ekesodo 34:22 e bua kaga “modihō oa go rora mabèlè mo bokhutloñ yoa ñwaga.” Duteronome 16:13-15 e o umaka jaaka modiro wa diobo mme e re: “U tshegetsè modihō oa diōbō ka malatsi a shupa, u sena go rora kwa sebopiñ sa gago sa pholèlō, le kwa kgatisecoñ ea gago ea boyalwa yoa mofine: Me u itumèlè mo moletloñ oa gago, wèna, le morwao, le morwadio, le motlhanka oa gago, le lelata ya gago, le Molefi, le moeñ, le lesièla, le motlhōlogadi, ba ba mo teñ ga dikgōrō tsa gago. Tshegeletsa Yehofa Modimo oa gago modihō ka malatsi a shupa, mo heloñ ha Yehofa o tla go itshenkèlañ: gonne Yehofa Modimo oa gago o tla gu segōhatsa mo totahalèloñ eotlhe ea gago, le mo tihoñ eotlhe ea diatla tsa gago, me u tla itumèla gotlhe hèla.”
19. (a) Ke ka ntlhayang modiro o o ne o le boammaaruri go leina la ona ka tsela eo o neng o ketekwa ka yone? (b) Ke ka ntlhayang nako ya fa o ne o tshwarwa e ne e le ya kamogelo bogolo go baketeki?
19 Mo makgetlong a mantsi, modiro o o bidiwa “modihō oa diōbō.” Mo malatsing a ona a a supa Bajuda ba ba neng ba kopane kwa Jerusalema ba ne ba nna mo diobong kana mo metlaaganeng, o le boammaaruri go leina la ona. O ne o simolola malatsi a matlhano morago ga Letsatsi la Tetlanyo, leo le neng le diragala ngwaga mongwe le mongwe ka Tishri 10 gape e le leo mo go lone morafe wa Iseraele o neng o busediwa mo dikamanong tsa kagiso le Jehofa Modimo. Ka jalo modiro wa diobo o ne o simolola ka nako ya kamogelo e e gaisang, mme o ne o nna go tloga ka Tishri 15 go ya go Tishri 21, palo e e tletseng ya malatsi.
20. Go ya ka dipego tsa ditiragalo kwantle le Bibela, moperisiti o ne a ke a dire eng moso mongwe le mongwe wa modiro?
20 Go ne go se ope o o tshwanang le one ka boitumelo jo bo neng bo o tshwaya. Go ya ka dipego tsa ditiragalo, ka maphakela a letsatsi lengwe le lengwe la modiro moperisiti o ne a tsaya nkgwana ya gauta e e neng e ka tshola dipaente tse pedi tsa metsi mme o ne a ke a fologe go tswa kwa Jerusalema go ya moo morago go ileng ga bidiwa Lekadiba la Siloama. Bangwe ba babadi ba rona ba ba kileng ba etela Jerusalema wa gompieno ba tlaa gakologelwa ka moo, fa ba ne ba tswa mo motseng ka Kgoro ya Lesutele kwa sekhutlong sa ona sa borwa-botlhaba, ba tlileng ka teng go seo se neng se bidiwa Sediba sa Gihona. Go tswa mo sedibeng se, Kgosi Hesekia o ile a epa moedi ka nako ya pōpō ya tlhaselo ya Baasiria. Baeti ba ba pelo-e-tona ba tla gakologelwa ka moo, morago ga go apa-apa tsela ya bone mo lefifing la ona moedi o ka lobakanyana, ba neng ba tswela mo Lekadibeng la Siloama.
21. (a) Moperisiti o ne a ke a fitlhe jang kwa Lekadibeng la Siloama, mme o ne a ke a dire eng ka metsi a Siloama? (b) Boitumelo ka nako e bo ne bo ke bo gopodise Bajuda kaga mafoko afe a boperofeti jwa ga Isaia?
21 Moperisiti ka nkgwana ya gauta o ne a tle a ye kwa Lekadibeng la Siloama, eseng ka go feta mo moeding wa ga Hesekia mme a setswe morago ke popelelo e kgolo, go akaretsa le setlhopha sa baopedi. Morago ga go tlatsa nkgwana ka metsi, moperisiti o ne a tle a boele kwa motseng mme o ne a tla ya kwa lwapeng loo sebeso sa ga Jehofa sa tlhabelo se neng se agilwe gona. Kafa ntlheng ya borwa ya sebeso go ne go tlhomilwe megopo e mebedi, mongwe le mongwe o na le phatlha ka fa tlase. Mogopo o o kafa sekhutlong sa borwa-bophirima jwa sebeso e ne e le wa metsi a Lekadiba la Siloama. Fa moperisiti a ne a tshela metsi mo teng, a ne a tla dutlela kwa tlase mme a wele mo botlaseng jwa sebeso. Mo lobakeng lo, Bajuda ba ba neng ba bogetse ba ne ba itumela thata-thata. Seno se kane se gopodisitse baketeki ba ba itumetseng ka Isaia, kgaolo 12, eo e tlhalosang boitumelo jo bo neng bo itemogelelwa ke Baiseraele fa ba ne ba gololwa mo botshwarong kwa Babilona ka 537 B.C.E. Isaia 12:3 e re: “Ke gōna ka mouō lo tla gañ metse ka boitumèlō mo didibeñ tsa polokō.”
22. (a) Jehofa e ne e le Motswedi wa metsi a poloko jang go borre-mogolo ba baketeki ba Bajuda? (b) Boitumelo jwa ga go ne go tshelwa metsi bo ne jwa tlhalosiwa jang?
22 Jehofa Modimo e ne e le motswedi wa selegodimo wa poloko ya bone. E ne e le Ene yo o golotseng borrabone-mogolo mo botshwarong jwa dingwaga tse 70 kwa Babilona wa boheitane koo ba neng ba nyoretswe poloko e e neng e tshwanetse go tla morago ga go digwa ga Babilona ka 539 B.C.E. (Isa. 44:28 go ya go 45:7; Yer. 2:13) Kgopolo ya kgololo eno e ne e le lebaka la boitumelo ka nako ya modiro wa diobo. Seane sa bogologolo sa Sejuda se re: ‘Yo a iseng a ke a bone boitumelo fa go tshelwa metsi a Siloama ga a ise a ke a bone boitumelo mo botshelong jwa gagwe.’
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ngata ya mabutswa-pele go tswa mo thobong ya barele e tshwantshetsa Jesu
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Dinkgwe tse pedi tsa tshwantshetso di bona kamogelo ya ga Jehofa kwa legodimong go tloga ka Pentekoste