Morago ga Nyeletso ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng, go Iwa Kae?
Mmadi o tla go bona go le molemo go bala Jeremia dikgaolo 40 go ya go 49 pele a tlhatlhoba setlhogo seno le se se latelang.
“A go hutsègè èna eo o dihañ tihō ea ga Yehofa a itshemeleditse, me a go hutsègè èna eo o kganèlèlañ madi chaka ea gagwè.”—Yer. 48:10.
1. Bafalodi ba nyeletso ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng ba tla lebana le bothata bofe?
“BODUMEDI jo bo Rulagantsweng jwa lefatshe bo wele!” Re ka nna ra lebelela batlhoi ba bodumedi jotlhe jo bo tlwaelegileng go goa mafoko a a jalo ka boitumelo, fa bodumedi jo bo rulagantsweng jwa gompieno bo wa ka phediso e e setlhogo. Bafalodi ba tiragalo eno eo eketeng ga e dumelesege ba tla ya kae? Go tla bo go na le eng seo ba ka retologelang go sona ka nako eo? Re botsa dipotso tseno ka tlhoafalo yotlhe.
2. Ke potso efe e e neng e tsogile ka ntlha ya go perofesa ga ga Jeremia, mme morago ga mo go ka lekanang dingwaga di le 40 tsa go perofesa mo go jalo, o ne a iphitlhela kae?
2 Ka go sa dumele bangwe bao ba ngaparetseng mofuta mongwe wa bodumedi jo bo tlwaelegileng go fitlha jaanong ba ka nna ba botsa, ‘A mmopi wa legodimo le lefatshe a ka letlelela selo se se ntseng jalo?’ Potso eno e tshwana le e e tsholeditsweng mo dingwageng di kane di le 2 625 tse di fetileng ka ntlha ya Mojuda wa moralo wa seperisiti, moperofeti wa mosha Jeremia wa motse wa Anathotha mo Botlhaba Gare. O ne a bonala a perofesa kgatlhanong le bodumedi jo bo neng bo dirwa ke batho ba eleng ba gagwe ka nako eo. Go ya ka Jeremia, tempele ya bone, eo e neng e letleletswe ke molao wa sedumedi e le esi, e ne e tshwanetse go fisiwa. Motse wa bone wa tempele, Jerusalema, o ne o tshwanetse go diriwa thothobolo ya matlakala fela. Badiri ba mofuta o o tlwaelegileng wa bodumedi ba ne ba tshwanetse go isiwa botshwarwa kwa lefatsheng la bafenyi ba bone, go nna koo ka dingwaga di le 70. Go perofesa ga ga Jeremia kaga masetlapelo a a jalo go ne ga tsosa kganetso e kgolo. Gaufi le bokhutlo jwa dingwaga di le 40 tsa go perofesa mo go jalo Jeremia o ne a iphitlhela a golegilwe mo Jerusalema, tlase ga puso ya kgosi ya bofelo ya lelapa la segosi la ga Dafide go nna mo setulong sa bogosi, eleng Sedekia.
3. Ka go letlelela masetlapelo a bodumedi a a jalo, a Jehofa o ne a senya kobamelo e eleng ya gagwe, kana jang?
3 Modimo yo leina la gagwe le neng le bidiwa godimo ga tempele ya Jerusalema o bile a letlelela tshenyego e e jalo ya bodumedi go diragala. Tota-tota, Jerusalema o bone molaetsa o o jalo wa tatlhego ka tlhamalalo go tswa go Modimo yo ka boene, Jehofa. Ao? A o ne a ya go senya bodumedi jo eleng jwa gagwe, kobamelo ya gagwe jaaka Modimo wa boammaaruri? Legoka! O ne a ikaeletse fela go senya mofuta o o leswefaditsweng, o o sokamisitsweng wa bodumedi jwa gagwe oo ka nako eo o neng o dirwa mo tempeleng eo e neng e na le leina la gagwe, mo go neng go tlontlolola leina le le boitshepo leo. Lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia le ne la fenya! Bao ka botlhogo-e-thata ba neng ba le ganetsa ba ne ba latlhegelwa. Mo kgweding ya selemo ya Ab, kgwedi ya botlhano ya ngwaga wa bona, go tloga ka letsatsi la bosupa go ya go la bo-10 la kgwedi eo, tempele e ne ya rutlomololwa, mme motse wa Jerusalema o o thubilweng, o o tlhasetsweng ke leuba o ne wa nyelediwa gotlhelele. Pele ga se kgosi Sedekia o tshwerwe a santse a tshaba mme dikete tsa bafalodi ba Bajuda ba ba tlhoregileng ba ne ba tsewa jaaka batshwarwa, ba lebile botshwaro jo bo ngodiisang kwa Babilona, ka nako eo e neng e le molaodi wa lefatshe.
4. A ditiragalo tsotlhe tseo tsa bogologolo ke tsa botlhokwa le tsa kamego go rona gompieno?
4 Jaanong, he, a ditiragalo tsotlhe tseo tsa bogologolo ke tsa kamego ya sebele go rona gompieno? Ee! Ka lebaka lefe? Ka lebaka la gore di ne di perofesa, mme ka jalo di ne di tshwanetse go kwadiwa le go bolokiwa mo ditsebeng tsa Bibela e e Boitshepo mo dipuong tse dintsi tse di tshelang go fitlha motlheng wa rona. Seithuti se se tlhaga sa ditiragalo tseo tsa bogologolo, Mojuda yo batho ba gagwe ba neng ba amana ka tlhamalalo le ditiragalo tse di hutsahatsang tseo, o ne a gatelela botlhokwa jwa ditiragalo tseo tsa bogologolo ka go kwala mafoko ano mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o tlwaelegileng: “Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.”—1 Bakor. 10:11.
5. Paulo o kwadile 1 Bakorintha 10:11 pele ga masetlapelo a bodumedi afe, mme ke ka ntlhayang go se kitla go nna le poeletso ya selo se se jalo?
5 Mafoko a a botlhokwa jwa boperofeti ao e ne e le ao a kwadilweng ke moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, ekane dingwaga di le 15 pele ga go senngwa ga motse o o agilweng sesha wa Jerusalema, mmogo le tempele ya one, ka 70 C.E., ka nako eo ka masole a Baroma. Ga go kitla go nna le lekgetlo la boraro gore selo se se jalo se diragale, ka gobo ga go tempele epe ya Sejuda go Jerusalema wa gompieno. Jaanong ditumelo di le tharo tse dikgolo di iphaka go nna le kgatlhego mo motseng oo wa ditiragalo, eleng bodumedi jwa La-Bodumedi, jwa Iselame le jwa Sejuda.
6. Karolo ya ntlha ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng go ka nyelediwa e tla nna efe, mme go tshekanyetsa go dikarolo tse dingwe tsa Bodumedi jo bo Rulagantsweng go tla kaya eng?
6 Go na le ditumelo tse eleng tsa bogologolo go gaisa joo jwa La-Bodumedi. Mme lefa go ntse jalo, go ya ka seo Jeremia wa Jerusalema wa ntlha a se supileng, La-Bodumedi e tla nna karolo ya ntlha ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng go ka nyelediwa. Ehe, ee, Jerusalema o ne o tshwantshetsa La-Bodumedi ka tsela ya seperofeti, ka gobo o iphaka go dira bodumedi jo bo neng bo simolotse ka 33 C.E. kwa Jerusalema wa bobedi. Morago ga fa setshwani se sa segompieno sa Jerusalema yo o latlhilweng wa motlha wa ga Jeremia se sena go nyelediwa, he balatedi bape ba gagwe ba ba falotseng ba tla ya kae? Go ditumelo dipe tse eseng tsa Bokeresete tse di falotseng? Go dira ga bone jalo go ne go tla kaya go bona ga bone botshabelo mo dikarolong tse dingwe tsa seo se lebileng tshenyegong ya bosakhutleng, eleng, Bodumedi jo bo Rulagantsweng.
7. Morago ga go wa ga Jerusalema, Bababilona ba ne ba letlelela Jeremia le mokwaledi wa gagwe go tshela kae, mme ke modiro ofe oo ka nako eo o neng o atamela?
7 A re tlhokomeleng ka moo seno se neng sa tshwantshediwa morago ga fa Jerusalema wa ntlha o ne o senngwa ka 607 B.C.E., mo motlheng wa ga Jeremia. Bangwe ba Bajuda ba batlhoki mo lefatsheng leo ba ne ba letleletswe go sala mo lefatsheng le le fentsweng la Juda tlase ga Gedalia, oo Kgosi Nebukadenesare wa mofenyi a mo tlhomileng go nna molaodi godimo ga lefatshe. Seno se diragetse ka kgwedi ya botlhano ya sejuda (Ab) ya 607 B.C.E. Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke ba ne ba tlogelwa ba tshela, mme molaodi wa masole wa Babilona o ne a neela Jeremia tlhopho ya go sala le batlhoki ba lefatshe leo tlase ga molaodi Gedalia. Go ne ga diragalang? Paka ya thobo ya gwetla mo kgweding ya bosupa (Ethanime, kana Tishri) e ne e atamela. Ka gone nako e e laoletsweng ya go keteka modiro wa go rora, kana wa diobo, ka malatsi a le supa (Tishri 15-21) e ne e atamela. Mme, mmalo! go ne go se tempele epe ya Jerusalema koo go neng go ka ketekelwa moletlo gona ka boitumelo.—Dute. 16:13-16.
8. A Bajuda ba batshabi ba ne ba boela kwa Juda go re ba keteke modiro wa go rora?
8 Kwantle ga mophato wa masole a botlhokomedi, masole a Bababilona a ne a tswile mo lefatsheng, a tswatswaila Bajuda ba bantsi ba ba neng ba falotse jaaka batshwarwa. Ka jalo batshabi ba Bajuda ba ne ba simolola go boela mo lefatsheng la Juda go tswa mafatsheng a a neng a potologile. A ba ne ba boela kwa nageng ya bone gore ba tle ba utlwe Monei-molao wa bone, Jehofa, ka go keteka modiro wa diobo, kana wa go rora, ntswa Jerusalema le tempele ya yone di ne di se gone? Jaaka go ne ga diragala, ga baa ka ba dira jalo.
9. Ke ka ntlhayang go ne go na le potso kaga gore baboi le bahumanegi ba lefatshe la Juda ba ne ba tla ya kae?
9 Baboi le batlhoki ba lefatshe leo ba ne ba ya kae? Ba ne ba sa patelediwa go tswa mo lefatsheng. Mme Jeremia o ne a boleletse-pele gore dingwaga di le 70 tsa go ropefatswa mo go feletseng ga lefatshe, kwantle ga motho le seruiwa, go ne go tshwanetse go wela lefatshe. Le ka nako eo Jeremia o ne a santse a bolelela baagi ba lefatshe leo go itulela koo ka kagiso, ba sa boife sepe go tswa go Bababilona ba ba tsamaileng. Molaodi wa bone, Gedalia, e ne e le Mojuda jaaka bone, fela jaanong e le motlhanka wa Kgosi Nebukadenesare wa Babilona. Ka gone Jehofa Modimo wa bone o ne a sa ba pateletse go tswa mo lefatsheng la bone leo ba le neilweng ke Modimo, ntswa lemororo a tlhotlheleditse Jeremia go bolelela-pele dingwaga di le 70 tsa go ropefatswa mo go feletseng ga lefatshe la Juda.
MMOLAI O A RATHA!
10. Ke ka ntlhayang boemo jwa bodumedi jo bo neng bo lebane le ‘bahumanegi ba lefatshe’ koo mo lefatsheng la Juda e neng e le jo bo tlhomolang pelo?
10 A boemo jwa bodumedi jo bo tlhomolang pelo joo bo neng bo lebane le ‘bahumanegi ba lefatshe’ bao ba neng ba tlogetswe mo kgaolong ya Juda! (Yer. 40:7) Go se tempele epe mo Jerusalema eo mo go yone go ka rapelwang Jehofa! Kwantle ga Jeremia, go se moperisiti, lefa e le Molefi! Go se sebeso seo mo go sone ba ka fisetsang ditlhabelo tsa bone! Ee, go se “letlole ya kgōlagano” la Gauta leo go leng ditshwantsho tse pedi tsa baengele godimo ga lone, leo moperisiti yo mogolo a neng a ka kgatshetsa madi a ditlhabelo tsa Letsatsi la Tetlanyo ka Tishri 10. Le nyeleletse kwa lefelong leo go seng motho ope yo o le itseng go fitlha le gompieno!—Hos. 3:4.
11. Ke ka ntlhayang Kgosi Baalise wa Moamona a ne a kaya Ishemaele morwa Nethania go nna sedirisiwa se se molemo mo go nyeletseng Gedalia, molaodi wa Mojuda?
11 Jaanong mo seraleng sa ditiragalo ga tsena mongwe yo o setlhogo! O ne a bonala mo bothong jwa ga Ishemaele morwa Nethania. Kwantle ga pelaelo Kgosi Baalise wa Baamona, yoo Ishemaele a neng a tshabetse Bababilona kwa go ene, o ne a bona Ishemaele e le yo o tshwanetseng go ka thapiwa go bolaya Gedalia yo Kgosi Nebukadenesare a mo tlhophileng go nna molaodi wa kgaolo ya Juda. Ka ntlhayang jalo? Gonne Ishemaele e ne e le wa “losika loa segosi.” Ka jalo ka Elishama, rraagwe-mogolo, Ishemaele o ne a amana le bogosi ebile e ne e le mongwe wa “balaodisiwa ba bagolo ba kgosi.” (Yer. 41:1) Ka gone, monkane yo wa semmuso wa Kgosi Sedekia yo o tlositsweng o ne a ka nna a nyatsa gore Gedalia o ne a dirilwe molaodi lemororo e se “oa losika loa segosi.” Ka jalo Kgosi Baalise wa Moamona, yo o neng a ipelela go senngwa ga Jerusalema, o ne a dira Ishemaele sedirisiwa sa gagwe mo go nyeletseng Gedalia.—Pes. 83:7, 8; Yer. 40:14.
12. Ishemaele o ne a dirafatsa tiro ya gagwe e e makgapha jang, mme lefa go ntse jalo ke ka ntlhayang la bofelo a ne a patelesega go tshaba?
12 Go sa tlhokomelege tlhagiso ya ga Johanane morwa Karea, Gedalia o ne a amogela Ishemaele le bankane ba gagwe ba le 10 go ja le ene mo ntlung ya gagwe ya segosi kwa Misepa, dikhilomitara di se kae go ya bokone jwa marope a Jerusalema. Lefa lemororo masole a se makae a Bababilona a ne a le gone, Ishemaele le lekoko la gagwe ba ne ba tshoganetsa botlhe ba ba fa dijong le ba ba fa gaufi mme ba ba bolaya botlhe mo go makgapha. (Yer. 41:2, 3) Le ba bangwe gape ba ne ba bolawa ke Ishemaele le lekoko la gagwe le le bosula. Seno se diragetse mo kgweding ya sejuda ya bosupa, Tishri, kgwedi eo ka tlwaelo e neng e tshwaiwa ke keteko ya diobo ka malatsi a le supa. Batho ba Misepa jaanong ba ne ba ineela go latela moikgapedi yo wa maatla jaaka batshwarwa ba gagwe. Lefa go ntse jalo, erile fa Johanane morwa Karea a bonala mme a ganetsa Ishemaele, he Ishemaele le banna ba gagwe ba ba bofera-bobedi ba ne ba tshabela kwa lefatsheng la Amona, leo le neng le ise le laolwe ke Kgosi Nebukadenesare wa Babilona.—Yer. 41:10-15; 49:1-5.
13. Ka kopo ya ga Johanane le balatedi ba gagwe, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Jeremia go ba neela molaetsa ofe? Ka karabelo efe?
13 Ka ntlha ya seo se diragalatseng mmuso wa kgaolo o o tlhomilweng ke Bababilona, Johanane le batho ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba na le lebaka la go boifa maatla a lefatshe a masha, Bogosi jwa Babilona, joo Jehofa Modimo a neng a bo dirisa jaaka molaolelwa-polao wa gagwe mo Botlhaba Gare. Jaanong ba ne ba tshwanetse go ya kae? Ka tshwanelo Johanane le dikgosana tsa gagwe ba atamela Jeremia, yo o perofesitseng go ropefatswa ga Jerusalema sentle. Ba ne ba solofetsa gore, ekane molaetsa wa ga Jehofa ka Jeremia o ne o tla nna oo ba o ratang kana nnya, ba ne ba tla o latela. Malatsi a le lesome morago ga go kopana le Jeremia molaetsa wa ga Jehofa o ne wa tla ka ene. Ba seka ba ineela mo poifong, mme ba tshwanetse go nnela ruri mo lefatsheng tlase ga taolo ya Babilona. Mme fa ka boikanyologi ba ne ba ya kwa borwa go tsena mo Egepeto, tšhaka e e fenyang ya Kgosi ya Babilona e ne e tla ba fitlhelela koo, le ka popamo le ka kgogodi. Ba ne ba tla nyelela mo lefatsheng le le hutsitsweng la Egepeto, mme go sale masalela a mannye fela. Ba ne ba se kitla ba boela kwa kgaolong ya Juda ka kagiso morago ga go ribegetswa ga Bogosi jwa Babilona. A Johanane le balatedi ba gagwe ba ne ba tsaya molaetsa oo wa bomodimo tsiya? Eleruri, Nnya! Ba ne ba o kaya jaaka maaka. Ba ne ba bitsa Jeremia moaki.—Yer. 42:1–43:3.
14. Ke bomang ba ba itshupileng go nna bao ba sa bolokeng lefoko la bone, mme ke ka ntlhayang modiro wa go rora o ne o sa ka wa ketekiwa ka 607 B.C.E.?
14 Mme ntekwane ke mang yo o neng e le moaki, haese mongwe le mongwe wa bone, ka gobo ba ikanne go latela molaetsa oo ba o neileng Jeremia lefa o ka bo o se o ba o ratang? Ba ne ba setse ba le mo tseleng ya bone go ya kwa borwa jwa Egepeto, mme jaanong ba ne ba ikitlieleditse go tswelapele go fitlha ba tsena mo lefatsheng la Nile. Ba ne ba sa batle go ineela mo taolong ya Maatla a Boraro a Lefatshe, ao a Babilona. Pele Egepeto e ne e le mothusi wa bone kgatlhanong le maatla a lefatshe a Babilona a a neng a atologa. Jaanong ereka lefatshe la Juda le ne le tlile tlase ga bolaodi jwa Babilona, ba ne ba ikitlieleditse gore go ne go se kitla go sala ope mo lefatsheng go ineela tlase ga Babilona. Babueledi ba boineelo tlase ga Babilona, eleng, Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke, ba ne ba sa tshwanelwa go tlogelwa. Ka jalo ba ne ba tswatswaila batlhanka bano ba ga Jehofa go tsamaya le bone. Kwantle ga boikaelelo jwa bone go lepa jalo, erile fela ka nako ya fa lefatshe la Juda le ne le tshwanetse go keteka modiro wa go rora, kana wa diobo, ka boitumelo, ka Tishri 15-21, 607 B.C.E., batsuolodi bao kgatlhanong le thato ya ga Jehofa ba ne ba tlogela lefatshe fela jaaka a ne a boleletse-pele, le sena moagi le seruiwa.—Yer. 43:4-7.
15. Ditiragalo tseo tsa motlha wa ga Jeremia di ne tsa gokagana jang le dikgang tsa motlha wa rona le go itshupa go nna tsa kamego go rona?
15 Thato ya Modimo Mothatayotlhe ga e ne e thibelwa ka katlego ka motlha ope. Lefoko la gagwe la boperofeti ga le ne le supiwa maaka le ka motlha ope. Fa Bajuda ba ba tlhogo-di-thata ba ne ba tswa mo lefatsheng la Juda, dingwaga di le 70 tse di boleletsweng-pele tsa tshwahatso ya lefatshe kwantle ga moagi wa Moiseraele le seruiwa di ne tsa simolola. Gape le “metlha e shupa” ya tshwantshetso eo Jehofa a dirileng gore Kgosi Nebukadenesare a lore ka yone le gore moperofeti Daniele a neele tlhaloso e ne ya simolola palo ya yone ya dingwaga di le 2 520. (Dan. 4:13-27; Luke 21:24) Ka jalo go ne go sa itlhagele fela fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e kubugela lefatshe le le neng le le mo kagisong, go tshwaya bokhutlo jwa “metlha e shupa” eo ka kgwedi ya sejuda ya Tishri ka 1914 C.E. Eleruri, he, ditiragalo tsa motlha wa ga Jeremia di ile tsa nna le kgokagano le metlha ya rona. Bokao jwa ditiragalo tseo ke jwa kamego e e boteng go rona jaanong!
16. Ke ka ntlhayang go tshabela ga Bajuda bao ba sa dumeleng kwa Egepeto go sa ka ga itshupa go nna tsela e e siameng, mme tsela ya Bajuda bao e re dira gore re lebelele eng kwa pele?
16 Morago ga fa bodumedi jo bo neng bo rulagantswe ke Bajuda ba ba neng ba tlotse molao bao kwa Jerusalema bo sena go thubega ka 607 B.C.E., a Bajuda bao ba tshabetseng kwa Egepeto ba ne ba ikeha seo ba neng ba se ila? A ba ne ba tlhopha tsela e e molemo bogolo, tsela e e siameng? Nnya, faele gore ba nnile ponalo e e boifisang ya seo se diragalelang batho ba bodumedi bao ba ganang go utlwa Lefoko la ga Jehofa. Jeremia, lemororo a pateleditswe go aga mo Egepeto, gaa ka a emisa go perofesa ga gagwe koo. Moya wa ga Jehofa o ne wa tswelapele go tlhotlheletsa Jeremia go perofesa, ee, go batshabi ba Bajuda ba ba sa dumeleng gammogo le kgatlhanong le lefatshe leo ba itlhophetseng go aga mo go lone. Mekwalo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e ntse e le gone go fitlha le mo motlheng o o thata o. E direla jaaka tlhagiso go ditshwani tsa segompieno tsa Bajuda ba ba neng ba tsuololola bao ba motlha wa ga Jeremia. Mo ponong ya se, ke eng seo re ka se lebelelang mo malatsing a a fela fa pele ga rona?
17. Ke kgato efe eo re sa kakeng ra e lebelela mo karolong ya babogedi ba ba falolang tshenyo ya La-Bodumedi, mme ke ka ntlhayang?
17 Re tshwanetse ra lebelela tshenyo ya karolo e e tlhotlheletsang segolo ya Bodumedi jo bo Rulagantsweng, eleng, La-Bodumedi le tlhakatlhakano yotlhe ya makoko a bodumedi le dikereke tsa lone. Seno se tla diragala ka nako ya ga Jehofa e e sa fetogeng. Ka jalo, potso ke, ka nako ya fa seo se diragala, he babogedi botlhe ba tiragalo e e gakgamatsang eo ba tla ineela mo tseleng efe? Go ya ka sekao se se tlhomilweng ka 607 B.C.E. ke Ishemaele le Johanane le balatedi ba bone bao ba ganneng go tsaya kgakololo ya ga Jehofa tsia, ga re na re lebelela gore boidiidi jo bogolo jo bo senang palo jwa babogedi ba ba jalo bo retologele go Bokeresete jwa boammaaruri jaaka bo dirwa ke setlhopha sa segompieno sa ga Jeremia le bankane ba bone ba ba boikanyo. Bokeresete jwa boammaruri bo tlhokomela kobamelo ya Modimo wa ga Jeremia, Jehofa, Rre wa selegodimo wa ga Jesu Keresete. O ne a bua kaga kobamelo ya ga Jehofa fa a ne a bolelela mosadi kwa sedibeng mo Samaria gore: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yoh. 4:23, 24.
18. Jesu Keresete e ne e le mosupi wa ga mang fa a ne a le mo lefatsheng, mme ke bomang bao ba tshwanetseng go nna basupi jaaka ene?
18 Tota le Mokeresete ga a ne a tlhokomologa kobamelo ya ga Jehofa jaaka Modimo. Mo go Tshenolo 1:5 Morwa Modimo o ipiditse “Yesu Keresete, eo e leñ èna moshupi eo ikanyègañ.” Fa a ne a le mo lefatsheng jaaka motho e ne e le Mojuda, Moiseraele, yo morafe wa gagwe o neng o kwaletswe mafoko a ga Isaia 43:10: “Lona lo bashupi ba me, go bua Yehofa, u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ.” Jesu o bontshitse gore e ne e le mosupi yo o boikanyo le wa boammaaruri wa ga Jehofa Modimo. Barutwa ba gagwe ba sebele ba gompieno ba tshwanetse go nna mofuta o o tshwanang wa basupi, eleng ba ga Jehofa.
19. Morago ga go wa ga La-Bodumedi, a babogedi ba ba falolang ba tla thologela go Basupi ba ga Jehofa, mme ditsamaiso tse dingwe tsa bodumedi di neela bafalodi tsholofelo efe?
19 Ga re kgone go ka supela go dikwalo dipe tsa boperofeti tsa Bibela go bontsha gore, morago ga fa setshwani sa segompieno sa Jerusalema wa bogologolo se nyelediwa mo ‘sepitleng se segolo’ se se tlang, bangaparedi ba pele ba ba senang palo ba La-Bodumedi ba tlaa sokologa le go tsena mo setlhopheng sa Bakeresete bao ba ba bogisiwang ba ba itsegeng jaaka Basupi ba ga Jehofa. Batho ba bantsi ba ka nna ba lelela melemo eo e ba latlhegetseng ka ntlha ya tshenyo e e gotetseng ya La-Bodumedi le le ratang dilo tse di bonalang, jaaka babapadi bao Tshenolo, kgaolo 18, e ba tshwantshang jaaka ba ba lelelang go fisiwa ga Babilona o Mogolo. Ba latlhegetswe ke kgwebisano ya go ikhumisa le ene. Ka gongwe batho bangwe ba ba ratang bodumedi ba ka nna ba tshabela go ditumelo dipe tse eseng tsa Bokeresete tseo di tla tshelang go feta La-Bodumedi ka lobakanyana. Ba ba jalo ba tla bo ba ya fela mo tsamaisong e nngwe ya bodumedi eo e hutsitsweng, gonne tsotlhe ke tsa Babilona o Mogolo, bogosi jwa lefatshe jwa bodumedi jwa maaka. Dikarolo tsotlhe tsa gagwe di rulaganyeditswe nyeletso!
20. Re ka itse jang gore bao ba falolang tshenyego ya Babilona o Mogolo ba tla tsaya tsela efe?
20 Bafalodi ba nyeletso ya Babilona o Mogolo ba tla ya kae kana ba tla tsaya tsela efe morago ga moo? Dikwalo tsa seperofeti tse di tlhotlheleditsweng di supa eng? A ba tla ya, kana ba tla kgona go ya, letlhakoreng la bao ba tshwantsheditsweng ke Jeremia le mokwaledi wa gagwe Baruke? Ditiragalo tsa boperofeti tsa nako ya metlha ya bofelo ya baobamedi bao ba ga Jehofa di neela karabo.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A re se tshwaneng le Bajuda ba ba robang molao ba motlha wa ga Jeremia