Go Boneswa ga Modiro
1. Jerusalema e ne e bona go boneswa mo go kgethegileng jang ka nako ya modiro wa diobo, mme Bajuda ba ne ba dira jang tlase ga go boneswa mo?
MODIRO wa diobo e ne e le lobaka lwa go boneswa mo go kgethegileng ga “motse oa Kgosi e kgolo,” Jehofa. (Math. 5:35) Bosigo bongwe le bongwe mo tempeleng ya ga Herode, mo Lwapeng lwa Basadi loo lo neng lo le kafa botlhaba jwa sebeso, go ne go na le pontsho e e sa tlwaelegang. Ditlhomo tse dikgolo tsa dipone di le nne di ne di tlhomilwe moo. Sengwe le sengwe se ne se na le megopo e megolo e le mene. Gore go kgonwe go tlatsa megopo ka lookwane lo lo tukang, go ne go tshwanetse ga dirisiwa dipalamo go e fitlhelela. Dikatana tsa diaparo tsa baperisiti di ne di dirisiwa jaaka megala e e tukang ya megopo ya lookwane. Lesedi le le neng le ntshiwa ke megopo e ya lookwane lo lo tukang e le 16 le ne le le legolo mo go lekaneng go ka bonesa Jerusalema yotlhe bosigo. Tlase ga go bonesa mo go godisitsweng mo, banna ba Baiseraele mo Lwapeng lwa Basadi ba ne ba ke ba bine kana ba dire mathaithai, fa batho ba sesadi ba ne ba bogetse go tswa mathuding a bone. Baopedi ba ne ba dumalanya Dipesalema di le 15 tsa Ditlhatlogo le diletso tsa mmino wa Balefi. Go itumela mo go ne ga tswelela go fitlha maphakela.
2. Baditšhaba ba ba neng ba tsenetse modiro o ba ne ba le kae ka nako e?
2 Baditšhaba ba ba sa rupang ba ba neng ba tlile modirong ba ne ba felela Lwapeng lwa Baditšhaba, lo kgaogantswe go Lwapa lwa Iseraele ke Thibedi ya Matlapa le Lwapa lo lo kwantle.—Tlhokomela Ditiho 21:28, 29, go tshwantsha dithibelo mo Baditšhabeng kwa tempeleng.
3, 4. (a) Jesu o tlile jang modirong wa gwetla ya 32 C.E., mme o ne a reng koo seo se neng se ka gopodisang Bajuda kaga metsi a Siloama? (b) Go ya ka Yohane 7:39, Jesu koo o ne a supela go eng?
3 Ponong ya ditiragalo tse di thwadi tse di neng di okeditswe mo ketekong ya modiro wa diobo, re ka tlhaloganya dingwe tsa dikakgelo tsa ga Jesu Keresete tse di neng di tshwanela sentle kwa modirong. O ketekile modiro o ka lekgetlo la bofelo ka gwetla ya 32 C.E. Ereka Bajuda kwa Jerusalema ba ne ba senka go mmolaya, Jesu o ne a tloga kwa Galilea a le esi mme a ya kwa modirong a sa lemogiwe. Ekane mo bogareng jwa ona, a re re gongwe ka Tishri 18, o ne a emela mo mpaananeng mme a simolola go ruta batho, bontsi-ntsi jwa baketeki mo tempeleng.
4 Letsatsi la bofelo la modiro, Tishri 21, le ne le bidiwa “letsatsi ye legolo ya modihō.” Mo letsatsing leo Jesu o bonala a ne a gopodisa batho kaga go tshelwa ga metsi a Siloama fa a ne a re: “Ha moñwe a nyōrilwe, a a tlè mo go nna, a nwè. Eo o dumèlañ mo go nna, dinoka tsa metse a a tshedileñ di tla èla di cwa mo mpeñ ea gagwè, yaka dikwalō di buile.” Mo go seo Jesu a se buileng koo, moaposetoloi Johane o dira kakgelo e: “Me go mo, a go bua kaga Mōea, o ba ba dumetseñ mo go èna ba ne ba tla o amogèla: gonne Mōea o no o e se o abiwe; ka Yesu o na a e se a galalediwe.”—Yoh. 7:37-39.
5. Mafoko a mantle ao a simolotse go nna boammaaruri leng, mme jang?
5 Mafoko a mantle ao a ne a simolola go dirafala ka letsatsi la Pentekoste ya ngwaga o o latelang, fa barutwa ba kane ba le 120, ba rakane mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema, ba ne ba amogela go tshelwa ga moya o o boitshepo. Go tswa go bone, eleruri, dinoka tsa metsi a botshelo di ne tsa simolola go ela fa, mo dipuong tse dintsi tse di neilweng ka kgakgamatso, ba ne ba bolelela dikete tsa Bajuda ba ba gakgametseng ba ba neng ba kokoane go bogela segakgamalelo seno kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.”—Dit. 2:1-41.
6. Mo letsatsing la bofelo la modiro, Jesu o ile a reng seo se ka neng se gopodisitse barutwa ba gagwe kaga go boneswa ga tempele mo go kgethegileng?
6 Mo letsatsing la bosupa le la bofelo la modiro wa diobo, Jesu o ne a dira kakgelo e nngwe e e ka bong e gopodisitse barutwa ba gagwe kaga go boneswa mo go kgethegileng mo go neng go dirwa mo ketekong, eleng moo ga ditlhomo tsa dipone tse di telele mo Lwapeng lwa tempele lwa Basadi. Jesu o rile: “Ke nna lesedi ya lehatshe: eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.”—Yoh. 8:12.
7. Ke ka ntlhayang go ipitsa ga ga Jesu lesedi la “lehatshe” go ne go tshwanela thata kwa modirong wa diobo?
7 Go ipitsa ga ga Jesu “lesedi ya lehatshe” go ne go tshwanetse thata mo modirong o wa diobo, ereka jaaka modiro o ne o nna le dipopego tsa selefatshe. Jang jalo? Gonne mo molaong wa Modimo “moeñ” yo o mo teng ga dikgoro tsa Baiseraele o ne a umakilwe jaaka yo o nang le tshwanelo ya go tsaya karolo mo modirong, a itumela mmogo le batho ba Modimo ba ba tlhophilweng.—Dute. 16:14.
8. (a) Ke eng se se neng se sa tlwaelega kaga go tlhabiwa ga dipoo kwa modirong wa diobo? (b) Faele kaga palo, seno se tsamaisana jang le seo se thadisitsweng go Genesise kgaolo 10, mme se bontsha eng?
8 Go ya ka Dipalo 29:12-34, palo e e sa tlwaelegang ya dipoo e ne e neelwa mo setlhabelong. Mo letsatsing la ntlha dipoo di le 13 di ne di neelwa, mme mo malatsing a le marataro a a latelang go ne go fokotswa ka e le nngwe tsatsi lengwe le lengwe, go fitlha go dipoo di le supa tse di neng di neelwa mo letsatsing la bosupa le la bofelo, leo mo go lone Jesu a rileng: “Ke nna lesedi ya lehatshe.” Ka gona ka letsatsi la bofelo la modiro dipoo di le 70 di ne di neetswe. Palo 70 ke katiso ya 7 le 10, bobedi jwa dipalo tse e le tse di emelang botlalo, boitekanelo, 7 e le boitekanelo jwa semoya mme 10 e le botlalo jwa selefatshe. Ka Tishri 10, Letsatsi la Tetlanyo, poo e le nngwe fela e ne e neelwa jaaka setlhabelo sa tetlanyo. Mme ka nako ya modiro wa diobo wa malatsi a le supa, Tishri 15-21, dipoo di le 70 di ne di neelwa. Jaaka setshwantshi, tseno di ne di tla neela madi a a lekaneng go ka phepafatsa le go boloka lefatshe lotlhe la setho. Seno se tsamaisana le seo se thadisitsweng go Genesise kgaolo 10. Moo maina a botho a ditlhogo tsa malapa le merafe aa neelwa, a simolola ka Noa mme a ralala ka bomorwaawe ba bararo go ya go leina Jobabe. Ano a fitlha go dikumako di le 70, mme a bonala a ne a akaretsa baagi ba lefatshe ba lobaka loo lwa morago ga Morwalela.
9. Jesu o ile a re ke “lesedi” la bomang, mme setho sotlhe se tlhoka eng gore se bone botshelo?
9 Ka jalo, ka nako e e tshwanetseng, go ne go tshwanela bogolo kaga Jesu go itsise, “Ke nna lesedi ya lehatshe,” eseng fela lesedi la balatedi ba ba tloditsweng ba dikgato tsa gagwe. Faele kaga melemo ya lesedi, re gakologelwa gore e ne e le morago ga fa Modimo o sena gore, “A go nnè lesedi,” le morago ga fa a sena go bopa letsatsi, ngwedi le dinaledi mme a di kgonisa go bonesa lesedi mo lefatsheng la rona, ke fa a bopa diphologolo mme la bofelo monna le mosadi ba ba itekanetseng, go ipelela lesedi la botshelo. Gompieno, mo lefatsheng le le fifaditsweng ke boleo le bokgakala go Modimo, batho botlhe ba ka bona molemo mo leseding leo le phatsimang go tswa go Jesu Keresete, “lesedi ya lehatshe.” Botlhe ba tlhoka “lesedi ya botshelō.”—Yoh. 8:12; Gen. 1:3.
MODIRO WA DIOBO WA SEBELE
10. Modiro wa diobo o tshwana le mediro e mebedi e e fetileng mo ntlheng efe, mme re tshwanetse go akanyetsa dintlha dife fano?
10 Fela jaaka mediro e mebedi e e fetileng e Modimo o e laoletseng batho ba gagwe ba ba tlhophilweng, modiro wa diobo o tshwanetse go nna le bokao jo bo neng bo tshwantshetswa jwa metlha ya rona. Ka boitumelo o na le tirafatso e e neng e tshwantshetswa. Mme, he, eno e simolotse leng? Re ka tlhomamisa se jang? Ka go dirisa dintlha tse di neng di tshwantshetsa le tsa sebele, eleng tsa ditiragalo.
11. Dintlha tsa ditiragalo di bontsha eng faele kaga gore “thōbō” e e umakilweng go Mathaio 13:39 e simolotse ka ngwaga wa 1914, kana nnya?
11 Go Mathaio, kgaolo 13, Jesu Keresete o re neetse setshwantsho seo mo go sone go rorwa ga maungo a tshimo go neng go bontshwa. E ne e le setshwantsho sa mabele a korong le mofoka kana mofero. Fa a tlhalosa dikarolo tsa setshwantsho, Jesu o rile: “Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe.” (Math. 13:39) Boperofeti le ditshupa-mabaka tsa Bibela, gammogo le ditiragalo, di tlhomamisa gore bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya gompieno bo simolotse ka 1914 C.E., ngwaga oo ka gwetla ya ona “metlha e shupa” e khutlileng bakeng sa taolo ya baditšhaba ya lefatshe kwantle ga go tshwenngwa ke bogosi jwa Bomesia jwa Modimo. (Dan. 4:23-25) A “thōbō” kana go rorwa ga setlhopha sa “mabèlè” a Bakeresete ba boammaaruri go simolotse ka ngwaga oo? Nnya, gonne ditiragalo di bontsha gore baobamedi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ne ba phatlaladitswe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I eo e simolotseng ka 1914. Phuthego ya bone ya lefatshe ka bophara e ne e thubilwe ke baba ba bogosi jwa Bomesia jwa ga Jehofa, bogosi jwa selegodimo joo bo neng bo bolelwa ka tlhoafalo ke barutwa bao ba ga Jesu, Kgosi e e busang, ba ba tsetsweng ka moya le go tlodiwa. Go thubega ga phuthego la bofelo go ne ga fitlha le eleng kwa ntlong-kgolo ya batho ba ga Jehofa ba ba ineetseng kwa Brooklyn, New York, U.S.A., ka 1918.
12. Go phuthiwa mo go boleletsweng-pele ke Jesu go Mathaio 24:31 go simolotse leng, mme seno se ne se tshwaya tshimologo ya modiro ofe?
12 Mo boperofeting jwa ga Jesu kaga “seshupō” sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso e ya dilo, o rile, go Mathaio 24:31: “Me o tla roma baengele ba gagwè ka tumō e kgolo ea lonaka, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa sekhutloñ se señwe sa legodimo go ea kwa go se señwe.” Mafoko ao a ne a bolelela-pele go phuthiwa ga “baitshenkedwi” ba ga Keresete go tswa kwa mafelong otlhe ao ba neng ba phatlaleditswe go ona. Go phuthiwa mo go ne ga diragala ka ngwaga wa 1919 wa morago ga ntwa, ka bonako fela morago ga fa maloko a ntlo-kgolo ya kwa Brooklyn a sena go gololwa, morago ga go boga botshwaro jwa dikgwedi di le bofera-bongwe mo kgolegelong ya bosole ya mo Atlanta, Georgia, U.S.A., ka March 25, 1919. Ka gona modiro wa sebele wa go rora, kana wa diobo, o ne wa simolola go dira mo ngwageng o o gopolesegang oo. Seno se ne se tshwaiwa ke boitumelo jo bogolo mo karolong ya masalela a a tloditsweng a “baitshenkedwi” ba ga Keresete lefatshe ka bophara.
13. (a) Fa Jesu a ne a bua kaga thobo go Mathaio 13:39, o ne a bua kaga go rojwa ga batho bafe? (b) Ke bomang ba ba jalo bao ba neng ba robilwe ka 1919?
13 Go tlhomamisa se, re tshwanetse go gakologelwa dilo di le mmalwa tsa botlhokwa. Fa Jesu a ne a re, “Thōbō ke bokhutlō yoa lehatshe,” o ne a bua kaga eng? Kaga go phuthiwa ga “bana ba bogosi,” ke go re, barua-boswa ba bogosi jwa selegodimo ba ba tsetsweng ka moya. Ke setlhopha se se tloditsweng sa semoya, se se neng se tshwantshetswa ke mabele a korong, mme go phuthiwa ga bone eleruri go simolotse ka dikgakologo tsa 1919. Fa nako e ntse e tswelela ba ba oketsegileng ba ne ba phuthiwa kwantle ga barua-boswa bao ba neng ba phatlaladitswe ke ditiragalo tsa Ntwa ya Lefatshe I. Mo lobakeng lwa go tloga ka 1919 go ya pele dikete tsa ba bangwe di ne tsa tsaya kemo bakeng sa bogosi jwa Modimo jo bo tlhomamisitsweng mme ba ineela go Jehofa, ba kolobediwa, ba tsalwa ka moya, ba bo ba tlodiwa ka moya wa Modimo, mme bano ba ne ba okediwa mo masaleleng a ntlha. Bano ba ba sa tswang go okelediwa, jaaka setlhopha, ba ne ba tshwantshetswa-pele ke batho ba ba tlhomologileng mo ditiragalong tsa Bibela tsa nako ya pele ga Bokeresete. Batho bano ba ba tshwantshetsang e ne e le Ruthe wa Momoaba, yo o nnileng monkane yo o boikanyo wa ga Naomi wa Mojuda, matsalaagwe, gape le Kgosigadi Esethere, ntsalaa Moredekai wa Mojuda, yo o nnileng tonakgolo ya Bogosi jwa Baperesia tlase ga Molaodi Ahasueruse, kana Xerxes.
14. Ka gone, ke eng seo se tshwayang go simolola ga modiro wa sebele wa go rora, kana wa diobo?
14 Bobedi Ruthe le Esethere ba ne ba amana le moralo wa segosi wa ga Dafide le go bolokiwa ga ona go fitlha ka nako ya go tla ga ntlha ga ga Jesu, “morwa Dafide.” (Math. 1:1, 5; Ruthe 4:18-22; Esethere 4:13, 14) Go phuthiwa ga setlhopha sa ga Ruthe le Esethere, gammogo le masalela a a tloditsweng a ntlha, go tshwaya go simolola ga modiro wa sebele wa go rora, kana wa diobo.
15. Modiro wa gwetla e ne e le modiro wa bomang, mme ke bomang bao ba neng ba laotswe go nna mo diobong ka nako ya keteko?
15 Ntlha e nngwe: Mo metlheng ya pele ga Bokeresete e ne e le Bajuda ba tlholego bao ba neng ba keteka modiro wa diobo o o neng o tshwantshetsa. E ne e le bone ba ba laotsweng ke Jehofa ka Moshe go o keteka. Ka jalo, ka nako ya go rora ga gwetla ba ne ba sailela kwa Jerusalema mme ba nna koo mo diobong. Le eleng baagi ba leruri ba Jerusalema ba ne ba dira jalo. Modiro o wa diobo e ne e le segopodiso sa sengwe sa pelenyana. Eng? Lefitiko 23:42, 43 e a araba, ka go re: “Lo nnè mo dioboñ ka malatsi a shupa; botlhe ba ba tsalecweñ mo gae, a ba nnè mo dioboñ: Gore dikokomana tsa lona di itse ha bana ba Iseraela ba kile ba nna ka taolō ea me, yale ka ke ba ntsha mo lehatshiñ ya Egepeto: Ke nna Yehofa Modimo oa lona.” Bajuda ba ba tsaletsweng moo ba ne ba dira jalo.
16. (a) Mo tseleng go ya Lefatsheng la Tsholofetso, “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” bo ne jwa tshela jang mmogo le Baiseraele? (b) Mo tempeleng ya ga Herode mo motlheng wa ga Jesu, pharologano e ne e bolokwa jang magareng a Baditšhaba le Baiseraele?
16 Legale, “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” jwa ba eseng Baiseraele bao ba neng ba wa le go tsoga le Baiseraele ba bo ba “tlhatloga nabō” ba ne ba tshwanetse go nna mo ditenteng le bone mo tseleng go ya Lefatsheng la Tsholofetso. (Ekes. 12:38) Mme taolo ya go keteka modiro wa diobo e ne e sa lebisiwa go “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” mme e ne e neetswe Baiseraele. Tota le Lefatshe la Tsholofetso le ne le sa neelwa “bontsi yoa batho yo bo tlhakanyeñ” go le lema, mme le ne le kgaogantswe gare ga ditso di le 12 tsa Iseraele tsa ba eseng-Balefi, le molao wa pusetso ya lefatshe wa Jubile o ne o dira fela go Baiseraele. Ka jalo modiro wa go rora o ne o tla nna segolo-bogolo wa Baiseraele. Ka bopelo-tshweu “moeñ” o ne a letlelelwa go ka kopanela. Ka nako ya keteko mo malatsing a ga Jesu Keresete, ba eseng Bajuda, kana Baditšhaba, ba ne ba felela go Lwapa lwa Baditšhaba, ba kgaoganngwa go Lwapa lwa Iseraele ke Thibedi ya Matlapa le Lwapa lwa ka Kwantle. Bonno jwa bone e ne e le boalo jo bo kwa tlase-tlase jwa kago yotlhe ya tempele ya ga Herode.
BAKETEKI BA BA NENG BA TSHOLETSA DIKALA
17, 18. E ne e le bomang bao ba neng ba tsholetsa “dilulabo,” mme go simolola go dira jalo go kaiwa gore go tserwe lekwalong lefe?
17 Mo ketekong ka boyone e ne e le Baiseraele bao ba neng ba tsholetsa tseo go neng go twe ke “dilulabo” le di-ethrog (sika loo-ratsuru). Go bona mogopolo o o rileng kaga gore go ka ne go ne go le jang mo motlheng wa ga Jesu, re ka nna ra bala tlhaloso ya keteko ya Bajuda jaaka e neelwa go Nehemia 8:14-18. Lulabo e ne e le ngata ya dikala go tswa ditlhareng tse di farologaneng mme e ne e tsholwa mo seatleng sa moketeki wa Mojuda. Go e simolola go kaiwa gore go tserwe go Lefitiko 23:40:
18 “Me ka letsatsi ya ntlha lo tseè louñō loa ditlhare tse dintlè, dikala tsa makolane, le dikala tsa ditlhare tse dikima, le madibonoka a nokana; me lo itumèlè ha pele ga Yehofa Modimo oa lona ka malatsi a shupa.”
19. (a) Dikarolo tsa “lulabo” e ne e le dife? (b) Baiseraele ba ne ba tsholetsa lulabo ka mofuta ofe wa thulaganyo, mme ka kopelo efe?
19 Dikarolo tsa lulabo e ne e le (1) Letlhogela la setlhare sa mokolane le le santseng le menegile, (2) Dikalana di le tharo tsa maratele ka mosako wa matlhare mo go tsone, le (3) dikala tse pedi tsa modibonoka, oo logong lwa ona lo leng bohibidu le dikala tsa ona di leng ditelele ebile di le tshesane. Baiseraele ba ba neng ba tsholetsa dilulabo ba ne ba di fokisa mme ba di latlhe fa modiro o fela. Lulabo le ethrog (loungo lo lo jaaka ratsuru mme le sena ntlhana eo ratsuru e nang le yone kwa ntlheng e nngwe) di ne di tsholetswa ka popelano go dikologa sebeso mo Lwapeng lwa Baperisiti, ka modikologo o le mongwe mo go lengwe le lengwe la malatsi a ntlha a marataro mme medikologo e le supa mo letsatsing la bosupa le la bofelo. Morago ga moo ethrog, kana loungo seka-ratsuru, e ne e jewa. Mmogo le popelano, Pesalema 118:25 e ne e opelwa: “Boloka yanoñ, Yehofa, rea gu rapèla: Yehofa, rea gu rapèla, tlisa letlhōgōnōlō yanoñ.” Baditšhaba, mo lwapeng lwa bone, ba ne ba sa kgone go arola mo go sotlhe se.
20. Mo motlheng wa ga Molaodi Nehemia o ne a bolelela Baiseraele kwa Jerusalema go nna ba boikutlo bofe kwa modirong wa bone wa diobo?
20 Kwa modirong wa diobo mo motlheng wa ga Nehemia, ene jaaka molaodi o rile go Baiseraele bao ba neng ba boile kwa botshwaro kwa Babilona: “Letsatsi yeno le itshepetse Yehofa oa rona: le gōna lo se ka loa hutsahala; gonne boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona.” (Neh. 8:10) Baiseraele ba semoya ba gompieno ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le joo fa esale go gololwa ga bone go tswa go Babilona yo Mogolo ka ngwaga wa 1919 C.E.
21. (a) Ke ka ntlhayang masalela a Baiseraele ba semoya a ne a itumela ka dikgakologo tsa 1919? (b) Ba ne ba akanya gore ke mofuta ofe wa tiro o o neng o le kwa pele ka nako eo, mme e ne ya fetoga go nna eng?
21 Go a bonala gore tirafatso ya modiro wa diobo e simolotse ka ngwaga oo wa morago ga ntwa. Mo ponong ya ditebelelo tsa bone tsa pelenyana pele ga ngwaga oo, “bana ba bogosi” ba semoya ka tsela nngwe ba ne ba akabaditswe ke go tsenngwa ga bone mo motlheng wa morago ga ntwa. Mme ba ne ba itumela thata fa kgololo go Babilona yo Mogolo e ne e tla ka gwetla ya 1919. Ka bonako ba ne ba theogela mo tirong ya go rora eo ga jaanong e neng e le fa pele ga bone. Lantlha ba ne ba akanya gore e ne e tla nna fela “tiro ya go ronopa.” Mabapi le se, bona The Watch Tower ya May 1, 1919, le setlhogo sa yone “Thobo e Weditswe—Go Tla Latela Eng?,” tsebe 138, serapa 1. Lefa go le jalo, mo boemong jwa tiro ya go ronopa, e ne ya nna thobo ka botlalo.
22. A masalela a a tloditsweng a ne a ikaelela go nna mo lefatsheng la paradaise ka bosakhutleng, mme ba ikaya jang mo gare ga tsamaiso e ya dilo?
22 Masalela a a tloditsweng a barobi a ne a tshela, jaaka ekete mo ‘diobong,’ gonne ba ne ba sa tlhome dikeletso tsa bone mo dilong tsa selefatshe. Ba ne ba sa lebelele-pele go tsheleng mo paradaiseng ya selefatshe ka nako yotlhe e e tlang. Ba ne ba lebeletse-pele mo go tseneng mo bosweng jwa bone jwa selegodimo le Morena yo o galaleditsweng, Jesu Keresete. Ka gone, tebelelo ya bone ya dilo e ne e tshwana le eo e thadisitsweng go Bahebera 13:13, 14: “Ke gōna, le rona, a re cweleñ kwa go èna kwa ntlè ga motse, re belege kgōbō ea gagwè. Gonne mono ga re na motse o o tlhōmameñ, me re batla ōna motse o o tla tlañ.” Ka ntlha ya lebaka leo, ba ikaya jaaka baeti, “baeñ le baeti” mo gare ga tsamaiso e ya dilo, jaaka Aberahame, Isake le Jakobe.—1 Pet. 2:11; Gen. 47:9; Ekes. 6:4; Baheb. 11:13; Pes. 119:54.
23. (a) A go keteka ga masalela ga modiro wa diobo wa sebele go ne ga sedifatswa ka go boneswa ga semoya ka 1923? (b) Setshwantsho sa Mathaio 25:31-46 se ne sa tlhaloganngwa jang?
23 Go masalela a a neng a simolotse go tsena mo modirong wa segompieno wa diobo wa sebele, go boneswa ga semoya go tswa tempeleng ya selegodimo ya ga Jehofa go ne ga ba phatsimela. E ne e le ka nako ya go phuthiwa ga setlhopha sa semoya se se neng se tshwantsheditswe-pele ke Ruthe le Esethere fa setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, jaaka se kwadilwe go Mathaio 25:31-46, se ne se neelwa go boneswa mo go kgethegileng bakeng sa tshedifatso ya go tlhaloganya ga bone. Kwa kopanong ya kakaretso ya 1923 e e neng e tshwaretswe kwa Los Angeles, California, U.S.A., mookamedi wa Watch Tower Society, ga jaanong a gololesegile ka dingwaga di le nne go tswa botshwaro mo kgolegelong ya Atlanta (Ga.), o ne a tlotla setshwantsho sa dinku le dipodi. Se ne se sa tshwanela go leta go fitlha puso ya ga Jesu Keresete ya dingwaga tse di sekete gore tirafatso e simolole. Setlhopha sa seka-dinku ka nako eo se ne se setse se bopega. Maloko a sone a ne a setse a bonala mme ba ne ba direla masalela a “bonnake” ba semoya ba ga Jesu Keresete yo o galaleditsweng molemo. Setlhogo sa puo ya phatlalatsa “Didikadike tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa” se nnile sa dirisiwa go bone. E ne e le ba “dinku di sele” tseo Jesu a di umakileng go Yohane 10:16.
24. A ka nako eo go ne go na le boiteko bope jo bo dirilweng go phutha bao ba direlang “bonnake” ba semoya ba ga Keresete molemo?
24 Ka nako ya fa setshwantsho sa Mathaio 25:31-46 se tlhalosiwa, go ne go se boiteko bope jo bo kgethegileng jo bo neng bo dirwa go phutha bao ba “dinku di sele.” Mme kanaanelo e ne ya bontshwa bakeng sa bopelonomi joo ba neng ba bo direla masalela a “bonnake” ba semoya ba ga Keresete. Go boneswa mo go oketsegileng ga semoya ka nako ya modiro wa diobo wa sebele go ne go letetse nako e e tshwanetseng.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Kgoro
Mathudi
Kgoro
Kgoro
Segosi
Mathudi a ga Solomone
Kgoro
Mathudi a Bokone
Lwapa lwa Baditšhaba
Lwapa lwa ka Kwantle
Thibedi ya Matlapa
Lwapa lwa Basadi
Lwapa lwa Iseraele
Lwapa lwa Baperisiti
Tempele