LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 7/1 ts. 25-31
  • A O Mmusiwa yo o Boikanyo wa Mmuso wa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Mmusiwa yo o Boikanyo wa Mmuso wa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KITSO E A TLHOKEGA GO KA NNA MMUSIWA
  • BOITSHWARO JO BO SIAMENG BO A BATLEGA
  • MODIMO O SENKA KEMO-NOKENG E E BOIKANYO
  • O EME KAE?
  • Bogosi jwa Modimo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng? Kafa re ka Bontshang ka Teng Gore re Batla bo Tle
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Mmuso wa Modimo—Tsholofelo ya Setho e le Yosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Kafa Re Tla Fiwang Tse Re Di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 7/1 ts. 25-31

A O Mmusiwa yo o Boikanyo wa Mmuso wa Modimo?

1. O ne o ka akanya gore batho ba ne ba tla rata mofuta ofe wa mmuso?

FA GO kabo go na le morafe mongwe mo lefatsheng gompieno oo o neng o kgona go golola baagi ba ona mo bolwetsing gotlhelele, go fodisa digole tsa ona, go busetsa difofu pono, go bula ditsebe tsa bosusu, tota le eleng go tlisa baswi ba ona botshelong gape, a puso ya morafe oo e ne e se kitla e ikgantsha ka diphitlhelelo tse di jalo? Mme a mongwe le mongwe o ne a se kitla ka bonako a dira gotlhe mo go mo maatleng a gagwe go itlhomamisetsa bonno tlase ga puso eo? O ne o ka akanya jalo. Mme ditiragalo di bontsha tshekamelo e e farologaneng mo karolong ya ba le bantsi.

2, 3. Ke eng se se dirileng gore babusi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, gammogo le babusiwa ba bone, ba gane Kgosi ya Modimo?

2 Akanyetsa boemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna Kgosi ya puso ya Modimo, a ne a fitlhelela diphitlhelelo tse di jalo. Batho ba ne ba mo amogela jang? Ba ne ba tlhotlhelediwa ga motlhofo ke babusi ba Bajuda, mme ba ne ba etsaetsega kaga boikanyo jwa bone. Maikaelelo a babusi bano a ne a tsepametse segolo mo go bolokeng manno le maemo a bone mo pusong ya’batho go na le go tlhokomela dikgatlhego tse di molemo tsa batho, jaaka Bibela e bontsha:

“Hoñ ditlhōgō tsa baperisiti le Bafarasai ba èpa picō, ba re, Re dihañ? gonne monna eo [eleng Jesu] o diha dichupō di le dintsi. Ha re mo lesa hèla yana, batho botlhe ba tla dumèla mo go èna; me Baroma ba tla tla ba tlosa bonnō yoa rona, le morahe oa rona. Me moñwe oa bōnè, go twe Kaiafase, e le moperisiti eo mogolo ka ñwaga ouō, a ba raea, a re, Ga lo itse sepè, Le gōna ga lo tlhokomele ha go ka nna molemō mo go lona gore motho a le moñwe hèla a shwèlè seshaba, e señ morahe otlhe go nyèlèla. . . . Yalo go simolola hèla ka letsatsi yeuō ba gakololana gore ba mmolaeè.”—Yoh. 11:47-53.

3 Dikgatlhego tsa bone tse di bohula ga dia ka tsa ba kganela fela mo go ineeleng mo pusong ya Modimo, mme bohula jwa bone bo ba tlhotlheleditse go tlhotlheletsa batho go gana Jesu. Bibela e umaka gore erile fa molaodi wa Moroma Ponto Pilatwe a ntsha Jesu, a re, “Bōnañ Kgosi ea lona!” batho ba ne ba goa: “A a eè koñ, a a eè koñ, mmapole! Pilatwe a ba raea, a re, A ke tla bapola Kgosi ea lona? Ditlhōgō tsa baperisiti tsa mo hetola, tsa re, Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” Ka jalo e ne e le baeteledipele ba bodumedi ba ba kgonneng batho go tlhopha kgatlhanong le kgosi le bogosi tsa Modimo.—Yoh. 19:14, 15.

4. Ke tlhopho efe e e lebaneng le mongwe le mongwe wa rona gompieno?

4 Ekane o a go lemoga kana nnya, o lebane le tlhopho e e tshwanang gompieno. Mme yone ke: Go nna mmusiwa yo o boikanyo wa mmuso wa Modimo, kana go ema le bao ba ganetsang puso ya one. Ntlha ya gore Jesu Keresete le batho bao ba tla busang le ene ba kwa legodimong ebile ga ba bonale ga go ba dire ka gope ba eseng ba sebele. Bosupi ke jo bo maatla: Keresete o ne a tsosiwa mo baswing, mme gautshwane jaanong, ene gammogo le babusi-mmogo le ene, o tla dirafatsa taolo ya Modimo ya go nyeletsa mebuso yotlhe ya selefatshe le batshegetsi ba yone. (Dan. 2:44; 2 Bathes. 1:6-9; Tshen. 2:26, 27) Ka jalo tlhopho ya gago ke efe? A e dumalana le puso ka batho kana mmuso ka Modimo?

KITSO E A TLHOKEGA GO KA NNA MMUSIWA

5. Ke tlhokafalo efe eo mmuso mongwe o e bayang mo bafalading go ka bona tetlelelo ya boagi?

5 Ga o ne o tsholetsa letsogo fela o bo o re: “Ke batla go nna mmusiwa wa mmuso wa Modimo.” Ka mo go utlwalang, mo gontsi go a senkwa. Ka sekai, fa mofaladi a eletsa go nna moagi wa United States of America, o ne a tla tshwanela go fitlhelela ditlhokafalo dingwe. The World Book Encyclopedia e a tlhalosa: “Badiredi ba Tirelo ya Phudugo le Kamogelo ba tlhatlhoba le go botsolotsa mofaladi. . . . O tshwanetse go bontsha gore o kgona go bala, go kwala, le go bua Seesemane se se tlwaelegileng . . . Mofaladi o tshwanetse go bontsha gape gore o itse sengwe kaga ditiragalo le popego tsa mmuso wa United States.”—Kgat. ya 1973, Bol. 14, ts. 52.

6. Re tshwanetse go ithuta “puō” efe faele gore re tla tshwanelegela go nna mmusiwa wa bogosi jwa Modimo?

6 Go tshwanelega jaaka mmusiwa wa mmuso wa Modimo, o tshwanetse go fitlhelela ditlhokafalo tse di tshwanang. Santlha o tshwanetse go ithuta “puō” ya ba ba tla tshelang tlase ga puso ya bogosi jwa Modimo. Mo Lefokong la gagwe, Bibela, Jehofa a re: “Gonne hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefa. 3:9) “Puō e e itshekileñ” e ke boammaaruri jwa Modimo go tswa Bibeleng, segolo maloka le bogosi jwa gagwe jo bo tla tlisang kagiso mo lefatsheng. Jesu le barutwa ba gagwe ba buile “puō e e itshekileñ” eno fa ba ne ba le mo lefatsheng. Ba ne ba supa kaga boammaaruri jwa Bogosi, ba boloka molaetsa oo kwa pele. Gompieno bao e tla nnang babusiwa ba bogosi jwa Modimo ba tshwanetse go dira se se tshwanang.—Yoh. 18:36; Luke 8:1; 10:8-11.

7. Ke dipotso dingwe dife tseo mmusiwa wa mmuso wa Modimo a tshwanetseng go ka di araba? A o ka di araba?

7 Godimo ga moo, go tshwanelega jaaka mmusiwa wa bogosi jwa Modimo, o tshwanetse go itse sengwe kaga ditiragalo tsa jone, gammogo le babusi ba jone. A o ka bontsha gore o itse sengwe ka go araba dipotso tse di jaaka: Modimo o ile a simolola leng go dira dipaakanyetso tsa mmuso wa ona wa Bogosi? Bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete bao ba neng ba lebile pele go go nneng babusiwa ba mmuso wa gagwe o o siameng e ne e le bomang? Ba ile ba bontsha tumelo mo mmusong oo jang? Ke ba bakae ba ba tla direlang jaaka babusi mo mmusong wa Modimo? Bangwe ba batho ba ba umakilweng mo Bibeleng bao ba supileng ditshwanelego tsa bone go nna babusimmogo le Keresete ke bomang? Ba dirile eng go bontsha boikanyego jwa bone? Jesu o dirafaditse jang ditshwanelego tsa go nna kgosi? Ke maemo afe a a tla nnang gone tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo ao a tla bontshang lorato lwa gagwe go setho? Go itse dintlha tse di jalo ke ga botlhokwa, gonne, mo thapelong go Rraagwe, Jesu o rile: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yoh. 17:3.

BOITSHWARO JO BO SIAMENG BO A BATLEGA

8. Ke tlhokafalo efe gape eo mmuso mongwe o e bayang mo bafalading go ka bona tetlelelo ya boagi?

8 Jaaka go na le ditlhokafalo tse dingwe tsa go nna baagi ba mebuso ya selefatshe, ka jalo di gone tsa go ka nna mmusiwa wa bogosi jwa Modimo. The World Book Encyclopedia e re ka motho yo o neng a tla tshwanelegela boagi jwa United States: “O tshwanetse go nna motho wa boitshwaro jo bontle . . . Molao o kaya gore mofaladi ga se wa boitshwaro jo bontle fa e le letagwa, a dirile boaka, a na le basadi ba ba fetang a le mongwe, yo o tshelang ka go betšha,” jalo le jalo. Bao ba tshwanelegang jaaka babusiwa ba mmuso wa Modimo ka mo go tshwanang ba tshwanetse go fitlhelela ditlhokafalo tsa boitshwaro. Tseno di thadisitswe mo Bibeleng.

9. Ke ditlhokafalo dife tsa boitshwaro tseo motho a tshwanetseng go ka di fitlhelela gore a tshwanelege jaaka mmusiwa wa mmuso wa Modimo?

9 Yo o tla nnang mmusiwa wa Bogosi, ka sekai, mo botshelong jwa gagwe o tshwanetse go dirisa seo Bibela e se buang kaga boikanyego. Ga a ne a nna maaka kana legodu. (Baef. 4:25, 28; Tshen. 21:8) Gape o tshwanetse go tsayatsia thibelo ya Bibela kaga botagwa. (Baef. 5:18; 1 Pet. 4:3, 4) Go feta moo, ditiro tse di jaaka kgokahalo, boaka kana bosodoma di tlola ditlhokafalo tsa Modimo, mme di dira gore badiri ba tsone ba seka ba tshwanelegela botshelo tlase ga bogosi jwa Modimo. (1 Bakor. 6:18; Baheb. 13:4; Bar. 1:24-27) Lefa go le jalo, batho bao pele ba neng ba tshwaregile mo ditirong tse di jalo, mme ba di tlogetse, ga ba dirwe ba ba sa tshwanelegeng ka ntlha ya tsela ya bone ya pele ya boitshwaro jo bo maswe. (1 Bakor. 6:9-11) Ntlha ke gore: Modimo ga a ne a leseletsa go tlolwa ga melao ya gagwe ga ka boomo; batho ba tshwanetse go dumalana le ditlhokafalo tsa boitshwaro mo Lefokong la gagwe faele gore ba tla tshwanelega jaaka babusiwa ba mmuso wa gagwe.

10. Ke paakanyetso efe ya kaelo eo babusiwa ba mmuso wa Modimo ba tshwanetseng go e tlotla?

10 Seno se kaya gore bao ba tla tshelang tlase ga bogosi jwa Modimo ba tshwanetse go dumalana ka go rata le seo Lefoko la Modimo le se buang. Mme go senkwa mo go fetang moo. Gape ba tshwanetse go bontsha tlotlo go kgakololo le diphetso tsa bao Modimo o ba bayang mo maemong a boikarabelo mo teng ga phuthego ya Bokeresete. Ga ba ne ba nna batho ba ba tla ‘itirelang maratwa-e-pelo’ go sa kgathalesege kaelo e e amogelwang go tswa go “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” yoo Keresete a mo laoletseng go lebelela dikgatlhego tsa Bogosi mo lefatsheng. (Math. 24:45) Moaposetoloi Petere o ne a kwala kaga batho ba ba nyatsang bolaodi, a bua kaga bone jaaka “bōnè ba ba tsamaeañ kaha nameñ mo thatoñ e e leshwèhatsañ, me ba nyatse taolō.” A tswelapele go ba tlhalosa, moaposetoloi a re: “E le ba ba pelokgale, le ba ba bogōma, ba sa boihe go kgala ba ba tlotlègañ [batho ba ba laoletsweng go lebelela mo teng ga phuthego ya Modimo].”—2 Pet. 2:10.

11. (a) Ke ditaolo dife tsa kgosi ya Modimo tseo babusiwa botlhe ba Bogosi ba tshwanetseng go di utlwa? (b) Ditaolo tse di latelwa jang, mme ke ka ntlhayang go di utlwa go le botlhokwa jaana?

11 Lefa go le jalo mo go oketsegileng go a senkwa go mmusiwa wa mmuso wa Modimo go na le go ikeha fela mo tseleng ya botshelo e e lonyatso le e e boitshwaro bo maswe. Gape ba tshwanetse go tsaya kgato ya ntlha mo go direleng ba bangwe ditiro tse di molemo. Ba tshwanetse go tshela ka taolo ya bomodimo e e neetsweng ke Kgosi, Jesu Keresete: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Math. 7:12) Keresete o tlhomile sekao mo loratong lwa gagwe go ba bangwe, tota le go neelela setho botshelo jwa gagwe. Mme o ne a laola balatedi ba gagwe: “Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile.” (Yoh. 13:34; 1 Yoh. 3:16) Ke lorato lo lo intshang setlhabelo lo le kamego go ba bangwe tseo di tla dirang go tshela tlase ga puso ya bogosi jwa Modimo boipelo jwa sebele. A boitshwaro jwa gago bo dira gore o tshwanelegele botshelo jwa ka nako eo? A eleruri o dira boiteko jwa go direla ba bangwe ditiro tse di molemo?

MODIMO O SENKA KEMO-NOKENG E E BOIKANYO

12. Ke tlhokafalo efe gape-gape eo mmuso mongwe o e bayang mo bafalading go ka bona tetlelelo ya boagi?

12 Gore Modimo o ne o tla senka gore babusiwa ba gagwe ba tshegetse mmuso wa gagwe wa Bogosi ka boikanyo ga go a tshwanela go gakgamatsa, gonne mebuso ya batho e batla selo se se tshwanang. The World Book Encyclopedia e tswelapele ka go re kaga mofaladi yo o eletsang go nna moagi wa United States: “O ikana go ema-nokeng le go femela Molao le go tlhabanela United States.” Go feta moo, o “a ikana gore o tlogetse maemo otlhe a seeng le boikanyegi go naga epe fela.” Mme Modimo o batla gore batho ba emenokeng bogosi jwa gagwe ka boikanyo ka tsela efe?

13. Ke eng seo se bontshang gore go phoso ka Mokeresete go tlhabanela mmuso wa Modimo ka dibolao tsa sebele?

13 Seno ga se dirwe ka go tlhabanela Bogosi ka dibolao tsa sebele. Jesu o tlhaloseditse molaodi wa Moroma Ponto Pilatwe: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” (Yoh. 18:36) Go sale galenyana, fa moaposetoloi Petere a ne a senka go femela Morena wa gagwe, Jesu o ne a mmolelela: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eōna: gonne botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka. Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa?” (Math. 26:52, 53) Bakeresete ga ba ne ba nna le karolo mo go nyeletseng baba ba Modimo; eo ke tiro ya batlhabani ba Modimo ba selegodimo. Bibela e bontsha gore Bakeresete ga baa tshwanela go tshwarega mo ntweng ya sebele, ya senama.—Bapisa 2 Bakorintha 10:3-5; 2 Timotheo 2:24.

14. (a) Modimo o senka gore babusiwa ba gagwe ba Bogosi ba dire tiro efe? (b) Ba tshwanetse go bontsha boineelo jwa bone go Modimo jang?

14 Bogolo, Modimo o senka gore batlhanka ba gagwe ba selefatshe e nne baemedi ba mmuso wa gagwe—babueledi ba Bogosi kana baboledi ba jone. Ka gona, ‘ka molomo ba dira polelo ya phatlalatsa go bolokwa.’ (Bar. 10:10) Go feta moo, Modimo o senka gore babusiwa ba gagwe ba ineele le go ikanyega go ene. Jesu Keresete o ile a itlhagisa go dira thato ya Modimo, mme o ne a kolobediwa mo pontshong ya se. (Math. 3:16, 17; Baheb. 10:5-10) Bakeresete ba tshwanetse go dira se se tshwanang. Morago ga go amogela kitso e e tlhokegang le go dumalana le dilhokafalo tsa Modimo tsa boitshwaro, ba tshwanetse go neela matshelo a bone go ene le go bontsha seno ka kolobetso ya metsi. Morago ba tshwanetse go arola ka pelo yotlhe mo tirong e kgolo ya go itsise eo Jehofa a batlang gore e wediwe.

15, 16. (a) Tiro e kgolo ya ga Jesu mo lefatsheng e ne e le efe, mme o bontshitse barutwa ba gagwe jang gore eno gape e ne e tshwanetse go nna tiro ya bone e kgolo? (b) Go latela ditaelo tsa ga Jesu go ne go tlhoka go etela batho kae?

15 Ke thato ya ga Jehofa gore mongwe le mongwe a itse gore bogosi jwa gagwe ke eng le gore bo tla rarabolola mathata a setho jang. Mmuso oo o a ratega mo pelong ya Modimo, ka gobo ke sedirisiwa seo ka sone a tla phimolang tlhapatso yotlhe mo leineng la gagwe le go tlisetsa batho ba gagwe masego. Ka gona Bibela e re jaana kaga tiro e kgolo ya Morwa Modimo mo lefatsheng: “Me Yesu a tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, . . . a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Math. 9:35) Mme mo lobakeng lo longwe Jesu o kile a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.”—Luke 4:43.

16 Jesu o ile a thapisa balatedi ba gagwe go dira tiro yone e. Lantlha, o ne a roma baaposetoloi ba gagwe ba le 12, a ba laela: “Me lo ètè lo rèra, lo re, Bogosi yoa legodimo bo atametse. . . . Me leha e ka ne e le motse ohe, leha e le motsana o lo tsenañ mo go ōna, lo senkè eo o chwanetseñ gōna; me lo nnè hoñ, go tlo go tsamaeè lo cwè gōna. Me e re lo tsèna mo tluñ lo e dumedisè. Me ha ntlo euō e le eōna e e chwanetseñ, a kagishō ea lona e tlè mo go eōna.” (Math. 10:5-14) Go dirafatsa ditaelo tse, baaposetoloi ba ile ba etela magae a batho, mme ba ile ba nna le ba ba “cwanetseñ,” ba abalana le bone molaetsa wa Bogosi. Moragonyana, Jesu o ile a laela ba le 70 ba barutwa ba gagwe: “Me motse o lo tsènañ mo go ōna, leha e ka nna ohe, me ba lo chola, . . . lo bo lo ba reè, lo re, Bogosi yoa Modimo bo lo atametse.” (Luke 10:1-11) Ee, Jesu o ne a roma balatedi ba gagwe mo tirong ya Bogosi.

17. (a) Ke ka ntlhayang go ne go tlhoka bopelokgale go rera ka Bogosi mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Bakeresete ba go sale gale ba ne ba bontsha jang bopelokgale ba bone mo go rereng?

17 Go arola mo tirong e go ne go tlhoka bopelokgale tota. Jesu o ne a bolailwe ka ntlha ya tlhotlheletso ya baganetsi ba Bogosi, mme, fa nako e ntse e tsweletse, balatedi ba gagwe Setefane le moaposetoloi Jakobe ba ne ba bolawa le bone. (Dit. 7:54-60; 12:2) Lefa go le jalo balatedi ba ga Jesu ga baa ka ba ngodiega. Tota le eleng morago ga fa baaposetoloi ba sena go kgwathisiwa, Bibela e re, “me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Dit. 5:42) Dingwaga moragonyana sekwata sa batho mo Thesalonia ka go latofatsa se ne sa re kaga moaposetoloi Paulo le bankane ba gagwe: “Batho ba botlhe ba tlola melaō ea ga Kaesare, ka ba re, go na le kgosi e ñwe, ga twe, Yesu.” (Dit. 17:7) Mme pogiso eo ga ya ka ya ba itsa go rera. Dikwalo di supa gore Paulo ga a ka a boifa mo ‘go boleleng mafoko a a molemo.’ O ne a ya a “ruta mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo,” a neela bosupi jo bo feletseng go Bajuda le ba bangwe ba ba neng ba tlhoka go ikwatlhaya.—Dit. 20:20, 21.

O EME KAE?

18, 19. (a) Ke eng seo Modimo o ratang gore se dirwe jaanong? (b) Re ka thuswa ke go gakologelwa dilo dife gore re arole mo go rereng ka Bogosi?

18 Go nna mmueledi wa Bogosi gompieno go tlhoka bopelokgale jo bo tshwanang le joo gotlhelele. Kganetso ya molaetsa wa Bogosi jaanong e lekana gotlhelele le ya lekgolo la ntlha la dingwaga ka bogolo. Ka jalo potso ke: O eme kae? A o tla neela kemo-nokeng e e boikanyo go bogosi jwa Modimo? Thato ya gagwe ke gore bosupi jo bogolo jwa Bogosi bo neelwe pele bokhutlo bo tla. A o tla nna le karolo mo go bo neeleng?—Math. 4:14.

19 O ka nna wa go fitlhela go le thata go tsaya kgato ya ntlha go bua le ba bangwe kaga mmuso wa Modimo. Mme o ka go dira. Go dira jalo go tla supa lorato lwa gago go Jehofa. (1 Yoh. 5:3) Gakologelwa gore Modimo o neile Aberahame kabelo e e thata ya go neela morwa wa gagwe jaaka setlhabelo. Erile Aberahame a dira jaaka a laetswe, Modimo o ne wa mo thibela go tswelapele ka setlhabelo, a mmolelela: “Ka yanoñ kea itse ha u boiha Modimo.” Ee, kutlo ya ga Aberahame e ne ya supa gore o ne a ikanya Modimo ka mo go feletseng. (Gen. 22:12; Baheb. 11:17-19) Ka mo go tshwanang, ka go rera ga rona Bogosi ka tlhoafalo re bontsha Modimo go ema mmuso wa gagwe nokeng mo go boikanyo, kemo-nokeng eo a e senkang go babusiwa ba gagwe. Ka nako e e tshwanang, re bontsha lorato le kamego tsa rona go batho, ereka tsela e le yosi fela ya go falola tshenyo ya “sepitla se segolo” se se tlang ka bofefo ke ka go utlwa molaetsa wa Bogosi le go o dirisa.—Math. 24:21; 1 Yoh. 2:17.

20. Sekao sa ga Moshe se ka re thusa jang go tsaya boemo jo bo botlhale maloka le ditlhokafalo tsa Modimo tsa boitshwaro?

20 Kemo-nokeng ya rona e e boikanyo ya mmuso wa Modimo, lefa go le jalo, e bontshiwa gape ka go ngaparela ga rona ditlhokafalo tsa Modimo tsa boitshwaro. Re eme kae mo ntlheng e? Bangwe ba baya go ipedisa mo maemong a ntlha, ‘ba itirela maratwa-e-pelo’. Mme ke boammaaruri gore go ka nna le boipelo mo go tabogeng le sekwata se se tshwaregileng mo tseleng ya botshelo e e lebileng boipelong, e e repileng. Mme boipelo ke jwa nakwana fela. Mo go botlhale, Moshe ga a ka a tlhopha tsela e e jalo. “Ka tumèlō Moshe, e rile a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Farwe; A itshenkèla go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka; . . . gonne o na a lebile tehō ea tuèlō.” (Baheb. 11:24-26) Go tla mo go reng ke eng seo se leng botlhokwa go gaisa go rona. A ekane ke fela go kgotsofatsa ditshekamelo tsa rona tse di bohula? Kana ke go dira seo se itumedisang Mmopi wa rona le go direla dikgatlhego tsa mmuso wa Bogosi jwa gagwe?

21. (a) Jesu o ile a tlhagisa jang tlhopho eo rotlhe re tshwanetseng go e dira? (b) O ikitlieleditse go dira tlhopho efe?

21 Eleruri, go na le ditlhopho tse pedi fela. Keresete o ne a go bapisa le tlhopho ya nngwe ya ditsela tse pedi. O rile tsela e nngwe ‘e atlhame ebile e kgolo.’ Ba ba tsamayang mo go yone ba letlelelwa kgololesego ya ‘go dira maratwa-e-pelo.’ Tsela e nngwe, lefa go le jalo, “e pitlaganye.” Ee, bao ba leng mo tseleng eo ba tlhokwa go ka ngaparela kaelo ya Modimo. Bontsi, Jesu o ile a tlhokomela, bo tsaya tsela e e atlhameng, mme bobotlana e tshesane. O tla tlhopha efe? Fa o dira tlhopho ya gago, boloka se mo mogopolong wa gago: Tsela e e atlhameng e tla fitlha ka tshoganyetso mo bokhutlong jo bo feletseng—tshenyo! Mo letlhakoreng je lengwe, tsela e tshesane e tla ralala go fitlha mo tsamaisong e ntšha moo o ka tshelang ka bosakhutleng jaaka mmusiwa wa Bogosi yo o boikanyo. (Math. 7:13, 14) Ka jalo tlhopho ke ya gago! E tla nna efe?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Malkaelelo a baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu a ne a tsepametse mo go bolokeng maemo a bone mo mmusong wa batho. Ka jalo, ba ne ba gakololana go mmolaya

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Bibela e tshwanetse go ithutiwa ke babusiwa ba mmuso wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fa Petere a ne a senka go femela Morena wa gagwe, Jesu o ne a mmolelela: “Ba u shomèlè chaka ea gago mo bonnoñ yoa eóna.” Gompieno babusiwa ba ba boikanyo ba bogosi jwa Modimo ga ba kopanele mo ntweng ya sebele

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kutlo ya ga Aberahame e supile gore o ne a ikanya Modimo ka mo go feletseng. Ka mo go tshwanang, re bontsha go ema mmuso wa Gagwe nokeng ka boikanyo ka go rera ka Bogosi ka tlhoafalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela