LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 7/1 ts. 17-24
  • Mmuso wa Modimo—Tsholofelo ya Setho e le Yosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmuso wa Modimo—Tsholofelo ya Setho e le Yosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SETLHOGO SA BIBELA
  • SETLHOGO GO TSWA TSHIMOLOGONG GO YA BOKHUTLONG
  • LESEDI MALOKA LE BOGOSI LEA GOLA
  • KGOSI YA PUSO YA MODIMO E A BONALA
  • TSHOLOFELO E PHATSIMA GO TSWA LEFIFING
  • PUSO E E KGOTSOFATSANG DITLHOKAFALO TSA BATHO
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bogosi “Jo bo Se Kitlang bo Senngwa le ka Motlha”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 7/1 ts. 17-24

Mmuso wa Modimo—Tsholofelo ya Setho e le Yosi

1-3. (a) Mathata a a lebaneng le setho a magolo go le kanakang? (b) Bokamoso bo ka itsiwe jang?

SELEMO se se fetileng, kwa kopanong ya bo-ramatlhale le baeteledipele ba bodumedi kwa Kagong ya kwa Massachusetts ya Boranyane, mathata a a lebaneng le lefatshe a ne a tlhalosiwa jaaka a a ‘gaufi thata-thata le bokhutlo jwa leeto la lefatshe.’ Ga go na “thulaganyo epe ya kgato bakeng sa phalolo,” go ile ga tlhagisa jalo Jerome R. Ravetz, morutisi wa filosofi go tswa kwa Unibesithing ya Leeds mo Engelane. “Selekano sa mathata le go raraana ga ona go gogolo mo eleng gore tlhaloso ya botho e le yosi ga e kitla e a fenya.”

2 Ke eng, he, seo re ka se lebelelang kaga bokamoso? Moruti wa United Church of Canada o ile a tlhomamisa: “Ga go ope yo ka tiiso a ka bolelelang-pele gore letsatsi le le botoka le e tla. Ekane tlhabologo e tla nyelela kana ekane kwa bokhutlong go tla nna le mokgatlho o mosha ka botshelo jo bo humileng go botlhe, ga go ope yo o ka tlhomamisang.”

3 Mme, a seo ke boammaaruri? Nnya! Ntlha ke gore Mongwe o gone yo o itseng seo bokamoso bo se tshotseng gonne o na le maatla le botlhale go bo baakanya go ya ka thato ya Gagwe. Yono ke Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. Mo ponong ya go palelwa mo go sa belaetseng ga batho mo go tliseng mmuso o o molemo, a ga o dumele gore jaanong ke nako ya go mo reetsa? Kaga gagwe, Modimo o rile: “Eo ke bolèlañ bokhutlo e sa nntse e le tshimologō, ke bolèle e sale bogologolo dilō tse di e señ di dihwe; ka re, Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla.” (Isa. 46:10) Mme ke go kgatlhega ga Modimo go baakanyetsa batho ka mmuso o o molemo.

SETLHOGO SA BIBELA

4, 5. (a) Setlhogo se segolo sa Bibela ke eng? (b) Se ntse se itsisiwe jang?

4 Faele gore mongwe o ne a ka go botsa: “Setlhogo se segolo mo Bibeleng ke eng?” o ne o tla reng? Mo go kgatlhisang, kgatiso ya bodumedi ya Modern Churchman e rile: “Tiro e e botlhokwa ya bo-rabodumedi mo lekgolong la dingwaga le le fetileng e nnile go ribolola gape Bogosi jwa Modimo jaaka setlhogo se segolo sa Testamente e Ntšha.” Mme a bo-rabodumedi le baruti ba ntse ba itsise batho kaga thuto e e botlhokwa e ya Bibela? Tlhokomela karabo e e neetsweng potso eo ke motsenakereke yo o tumileng wa Mopresbiteria, a kwala go Christianity and Crisis:

“Faele gore go kile ga nna le kganetsano e kgolo gareng ga borabodumedi bosheng jaana kaga tlhaloso ya Bogosi kana kamano ya jone go lefatshe la rona ga ke ise ke ko ke utlwe sepe kaga gona. Mme faele kaga dithero, tota e setse e le go feta dingwaga di le masome a mararo fa esale ke reetsa moruti a leka go tlhalosetsa batho ba gagwe gore Bogosi ke jwa sebele go bone. . . . Jaaka motsenakereke ke rapela borabodumedi ba rona le baruti ba rona: Re boleleleng kaga Bogosi jwa Modimo; re tlhalosetseng gore ke eng le gore bo amana jang le lefatshe la motlha wa rona.”

5 Lefa go le jalo baeteledipele bano ba bodumedi ga ba ise ba ke ba dire jalo! Fa ditsheka-tsheko di tsewa, go welwa moya-kerekeng a le mongwe yo o ka kgonang go kgetholola gore bogosi jwa Modimo ke eng, ka moo bo tla tlang ka teng, kana gore bo tla direla setho eng. Mo letlhakoreng je lengwe, makasine o o mo diatleng tsa gago o dirafaditse setlhogo sa ona Tora ya Tebelo E itsise Bogosi jwa ga Jehofa. Ditsebe tsa ona di gateletse molaetsa wa Bogosi ka metlha. Tota-tota, mmuso wa Modimo ke setlhogo se segolo sa Bibela.

SETLHOGO GO TSWA TSHIMOLOGONG GO YA BOKHUTLONG

6-9. (a) Ke ditiragalo dife tse di dirileng gore Jehofa a rulaganyetse mmuso o mosha? (b) Genesise 3:15 e perofesa kaga eng, mme Tshenolo 12 e re thusa go tlhaloganya tirafatso ya yone jang?

6 Bibela e simolola ka go tlhalosa fa Modimo o baakanya lefatshe bakeng sa go agiwa ke batho le go baya banyalani ba ntlha ba batho mo legaeng je lentle ja tshimo e e bidiwang Edena. Lefa go le jalo, pele ga fa banyalani ba nna le bana bape, mongwe wa baengele ba Modimo o ne a dirisa noga go bua le mosadi, Efa, le go mo kgona go tsuolola kgatlhanong le taelo ya Modimo. Mosadi, le ene morago, o ile a bua le monna wa gagwe, Adame, mme a mo kgona go kopanela le ene mo go ganeng kaelo ya Modimo. (Gen. 3:1-6; Tshen. 12:9) Ka ntlha ya moo, Jehofa o ne a bonela-pele tlhokafalo ya nako e e tlang ya puso e ntšha e e rulagantsweng ka tsela ya bomodimo godimo ga setho. Ka jalo, fa a ne a bua le mosimolodi wa botsuolodi, moengele yo o itirileng Satane Diabolo, Modimo o rile: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.”—Gen. 3:15.

7 Mme o ka nna wa botsa: “Ke kae moo boperofeti jo bo umakang puso e ntšha?” A re bo seka-sekeng, mme re tla bona. Lokwalo lo re go ne go tshwanetse go nna le bobaba kana kilano fa gare ga Satane le “mosadi,” le fa gare ga “losika” kana bana ba ga Satane, le “losika” kana lotsalo lwa mosadi. Santlha-ntlha, re tlhoka go kgetholola “mosadi” yo.

8 Ga se mosadi wa selefatshe—Satane ga a ise a ke a nne le kilano e e kgethegileng go mosadi ope wa motho. Bogolo, yo ke mosadi wa tshwantshetso. Mo bukeng ya bofelo ya Bibela ya Tshenolo, o umakiwa e le yo o apesitsweng “letsatsi, kgwedi eōna e le ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè, me mo tlhogoñ ea gagwè ga bo go le serwalō sa dinaledi di le shomè le bobedi.” Go re thusa go kgetholola mosadi yo, tlhokomela seo Tshenolo e tswelang-pele go se bua ka ngwana wa gagwe: “Me a bèlèga ñwana, ñwana oa mosimane, eo e leñ èna eo o tla busañ dichaba cotlhe ka tsamma ea tshipi: me ñwana oa gagwè a phamolwa a isiwa kwa Modimoñ, le kwa setuloñ sa ōna sa bogosi.”—Tshen. 12:1-5.

9 “Ñwana” yo ke mang—‘morwa’ yo wa semmuso—“eo o tla busañ dichaba cotlhe” jaaka moemedi wa Modimo? Ke bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu, jaaka re tla tlhomamisa moragonyana. Mme mosadi wa selegodimo, ka jalo, ke phuthego ya Modimo ya dibopiwa tsa baengele tse di boikanyo, mme e le gore bogosi jwa Bomesia bo tsalwa mo go yone phuthego eo. Ka jalo, he, morago kwa fa Adame le Efa ba ne ba tsuolola kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo, Jehofa o ile a tsaya kgato ka boene mme a laodisa puso ya Bogosi eo e neng e tla direla jaaka tlhotlheletso le tsholofelo go barati ba tshiamo.

LESEDI MALOKA LE BOGOSI LEA GOLA

10, 11. (a) Batlhanka ba bogologolo ba Modimo ga baa ka ba ikanya mo magosing afe, mme ke ka ntlhayang? (b) Ke “motse” ofe o Modimo o o ba baakanyeditseng?

10 Jehofa Modimo o nnile a tswelela ka go senola boikitsiso kaga puso e go batlhanka ba gagwe, a supela go yone jaaka puso e le yosi eo setho ka tsholofelo se ka e ikanyang. Ereka maatla a a Thatayotlhe a e tlhomamisetsa katlego e e tlhomameng, batlhanka ba ba boikanyo ba Modimo ga baa ka ba ikanya magosi a a dirilweng ke batho. Ba ipoletse pepeneneng gore ba ne ba lebeletse puso ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o kwala kaga se:

“Ba botlhe [batlhanka bano ba ba boikanyo ba Modimo ba pele ga Bokeresete], ba shule ba le mo tumeloñ, ba e se ba amogele dipolèlō tsa choloheco; me ba di bōna, ba ba ba di itumèlèla di le kgakala, me ba ipolèla ha ba le baeñ le baeti mo lehatshiñ. . . . Me ke ha ba eletsa lehatshe ye le molemō bogolo, ke go re, ya selegodimo: ke gōna Modimo o sa ba tlhabelweñ ke ditlhoñ go bidiwa Modimo oa bōnè: gonne o ba baakanyeditse motse.”—Baheb. 11:13-16.

11 Ke “motse” ofe oo Modimo o o bakanyeditseng batlhanka bano ba gagwe ba bogologolo? Ke bogosi jwa selegodimo jwa Modimo, puso ya gagwe. A re latedisiseng dipaakanyetso tse di neng di diretswe go tlhomiweng ga puso eo ya Bogosi. Jaaka go tlhokometswe fa godimo mo lekwalong la ga Paulo go Bahebera, batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba “e se ba amogele dipolèlō tsa choloheco” maloka le Bogosi. Ditsholofetso dife?

12-14. Aberahame, Isake, Jakobe, Juda le Dafide ba ne ba solofeditswe ditsholofetso dife maloka le mmuso wa Modimo?

12 Go Genesise 22:18 Jehofa o ne a solofetsa Aberahame: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” Moaposetoloi Paulo, mo lekwalong la gagwe go Bagalatia, o ile a kgetholola Jesu Keresete jaaka losika lwa ga Aberahame, yoo ka ene merafe e neng e tla itshegofatsa. (Bagal. 3:16) Ditsholofetso tse di tshwanang kaga “losika” lwa tshegofatso lo lo tlang di ne tsa dirwa go morwa wa ga Aberahame Isake le setlogolwana sa gagwe Jakoba. (Gen. 26:3-5; 28:13, 14) Ka gone, jaaka go bontshitswe ke ditsholofetso tse, “losika” lwa mosadi wa Modimo no ne lo tshwanetse go tla ka moralo wa ga Isake le Jakoba.

13 Tlhokomela tsholofetso e e oketsegileng eo e dirilweng go morwa wa ga Jakoba Juda: “Thōbane ea bogosi ga e ketla e tloga mo go Yuda, leha e le lore loa molaodi go tloga ha gare ga dinaō tsa gagwè, go bo go tlo go tsamaee Shilo a tle pele: me go utlwa ga dichaba go tla nna kwa go èna.” (Gen. 49:10) Jesu Keresete, yo o ‘tswileng mo go Juda,’ o itshupile go nna “Shilo” yo, yoo ‘go utlwa ga ditšhaba go tla nnang mo go ene.’ Mme tlhokomela ka moo seno se tlhomamisiwang ka mo go oketsegileng ka teng mo Bibeleng.—Baheb. 7:14.

14 Mo e batlileng e nna dingwaga di le 700 morago ga tsholofetso e go Juda, Jehofa o rile mabapi le Dafide wa lotso lwa ga Juda: “Ke bonye Dafide motlhanka oa me; ke mo tloditse ka loukwane loa me lo lo boitshèpō: Ke eo seatla sa me se tla tlhōmamañ mo go èna; lecōgō ya me le yeōna le tla mo thatahatsa. Le lōna losika loa gagwè ke tla lo diha gore lo èmè ka bosakhutleñ, le setulō sa gagwè sa bogosi yaka malatsi a legodimo.” (Pes. 89:20, 21, 29) Fa Modimo o bua ka “losika” lwa ga Dafide e le lo lo emisiwang “ka bosakhutleñ,” le “setulō sa gagwè sa bogosi” se se emisiwang ka lobaka lo lo “yaka malatsi a legodimo,” o supela go bosaengkae jwa puso ya Bogosi mo diatleng tsa molaodi wa gagwe yo o tlhophilweng, eleng Jesu Keresete. Re itse jang?

KGOSI YA PUSO YA MODIMO E A BONALA

15, 16. (a) Re itse jang gore Jesu Keresete ke “losika” lwa ga Dafide? (b) Ke ka ntlhayang Johane a ne a ka bolela, “Bogosi yoa legodimo bo atametse”?

15 Akanyetsa fela se se diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng. Jehofa o ile a roma moengele wa gagwe Gaberiele go bolelela lekgarebana Maria kaga ngwana yo a neng a tla mo tsala ka kgakgamatso. “U tla mo raea leina, u re, YESU,” Gaberiele o ne a rialo. “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; me Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè: Me o tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” (Luke 1:31-33) Ka nako ya botsalo jwa ga Jesu “moengele oa Morèna” o ile a bolelela badisa gore yo e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, Mmoloki le Morena.—Luke 2:8-12.

16 Ka jalo puso ya Modimo e simolotse go nna ya sebele mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Fa nako e ntse e tswelela, Johane Mokolobetsi o ne a simolola go rera: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 3:1, 2) Ke ka ntlhayang Johane a neng a ka rialo? Gonne yo o tlhophilweng go nna Kgosi o ne a le mo gare ga bone. Morago ga fa Johane a sena go kolobetsa Jesu, Modimo o ne wa tshela moya wa ona o o boitshepo go tlotsa Jesu jaaka Yo a neng a tla nna kgosi ya puso ya selegodimo. Morago, mo tirelong ya dingwaga tse tharo le seripa, Keresete o bonaditse ditshwanelego tsa gagwe go ka nna kgosi ka boikanyegi jwa gagwe go Modimo go ya losong, fa Noga e ne e mo loma serethe. (Gen. 3:15) Fa a sale a tsosetswa botshelong kwa legodimong, Keresete o mo boemong jwa go dirafatsa thato ya ga Raagwe ya go ‘thubaganya le go nyeletsa magosi ao otlhe’ a batho go sutela puso ya Modimo ya lefatshe e e tlang.—Dan. 2:44; Math. 6:9, 10.

17. Go ne go na le ditshenolo dife tse di oketsegileng kaga popego ya mmuso wa Modimo?

17 Tshenolo e e oketsegileng kaga Puso e ke gore ba bangwe go tswa mo sethong ba tla nna le tshiamelo ya go busa le Keresete jaaka dikgosi. Ka moperofeti wa gagwe Daniele, Modimo o ile wa bontsha gore batho ba ba bidiwang “baitshepi” ba tla busa le Morwa wa gagwe. (Dan. 7:13, 14, 27) Gape, Keresete o dirile tsholofetso e e jalo go baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. (Luke 22:28-30) Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosetsa Bakeresete ba ba tloditsweng mo lekwalong la gagwe go Bagalatia: “Me ha lo le ba ga Keresete, hoñ lo losika loa ga Aberahame.” Ka gone Paulo o bontshitse gore, lemororo Keresete segolo e ne e le losika lo lo solofeditsweng, Modimo o ne o tla tlhopha ba bangwe go arola le ene jaaka “barui ba bogosi.” (Bagal. 3:16, 29; Yak. 2:5) Mo tumalanong le seo, Paulo o ne a kwalela Timotheo: “Ha re ichōka naè, le gōna re tla busa naè.” (2 Tim. 2:12) Moragonyana moapasetoloi Johane o ile a kwala kaga bao ba tla ‘busang jaaka dikgosi godimo ga lefatshe’ mmogo le Keresete Jesu, a neela palo ya bone e le 144 000.—Tshen. 5:10; 14:1-3.

TSHOLOFELO E PHATSIMA GO TSWA LEFIFING

18-20. (a) Ramotlakase mongwe o ile a sobokanya setlhogo sa Bibela ka matsetseleko jang? (b) Ke bomang ba le bosi bao ba rerang molaetsa wa Bogosi?

18 A ga se mo gontle ka moo Modimo o senotseng boikaelelo jwa gagwe jo bogolo jwa go tlhoma puso e e siameng molemong wa bao ba mo ratang le go mo ikanya? Lefa go le jalo abo baruti le boradumedi ba ba senang tumelo ba La-Bodumedi ba paletswe mo go tlhomolang pelo jang go itsise boikaelelo jo go matsomane a bone! Ka gone batho, ba le mo lefifing la mogopolo ebile ba sena kitso ya Bogosi, ba ile ba baya ikanyo ya bone mo dupusong tsa batho ka go di kabakanya, mo go feletseng ka go ikgobatsa le go itshwabisa. A wena, lefa go le jalo, o lemoga molaetsa wa Bibela? O ne o ka araba jang fa mongwe a ne a ka go botsa, “Setlhogo se segolo sa Bibela ke sefe?”

19 Dingwaga di le mokawana tse di fetileng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ramotlakase wa ntlo-borekelo nngwe e kgolo kwa Dayton, Ohio, o nnile le sebaka se sentle go ka neela karabo. O ne a kopilwe ke morulaganyi wa koranta ya ntlo-borekelo eo go kwala poeletso ya buka e e monate go gaisa eo a e badileng bosheng. O kwadile:

“Ga ke ne ke wetsa go bala buka e fa ke sa ntse ke tshela. E simolola ka go senngwa ga legae le lentle ka botsoulodi. Masetlapelo, kotsi-kgolo, khutsafalo, polao ie loso tsa latela. Jaaka lelapa le ntse le ata, go wela mo tsholofologong le mo lefifing go ya godimo. Makgolo a dingwaga a a feta, merafe e a tsoga le go wa, dikete-kete tsa batho di nyelela mo kgakologelong, go rakanwa le boikutlo bongwe le bongwe jwa botho, eleng go tloga go kilo e e feletseng le e e tala go ya go lorato lwa moswela-tumelo. Tsholofelo, e simolola jaaka tlhase e e bokoa, e gola go nna tlhomamiso e e feletseng. Puso e e itekanetseng e tshwanetse go tlhomamisa gape legae le lentle. Molaodi wa yone ke Kgosi, Jesu Keresete. Puso yone ke Bogosi jwa Modimo. Lelapa lone ke lotso lwa batho. Buka eo ke Bibela!”

20 Abo ramotlakase yo o neetse bosupi jo bontle jang kaga bogosi jwa Modimo le seo bo tla se direlang setho! Eleruri, puso ya Modimo ke tsholofelo e le yosi ya go ka ipelela botshelo jo bo tletseng, ka boitumelo jwa boammaaruri! O ke molaetsa oo Basupi ba ga Jehofa ba sa bolong go o bolela mo tumalanong le boperofeti jwa ga Jesu: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Math. 24:14) Ee, mo bogautshwaneng dipuso tsotlhe tsa batho di tla nyelediwa—ka gobo di paletswe ke go kgotsofatsa ditlhokafalo tsa batho. Seno se tla tshwaya tshimologo ya tsamaiso e ntšha e e siameng tlase ga kaelo le taolo ya Kgosi ya selegodimo, mmogo le babusi-mmogo le ene. Ija, abo go gontle jang go nna mmusiwa wa puso eo ya Modimo! Tlhatlhoba ka motsotswana masego oa Bibela e kayang gore puso eo e tla a nesetsa setho.

PUSO E E KGOTSOFATSANG DITLHOKAFALO TSA BATHO

21, 22. (a) Mo phapaanong le maiteko a batho, Bogosi bo tla nna le katlego efe mo go dirisaneng le ntwa, bokebekwa le poifo? (b) Phelelo ya puso ya Modimo mo diphologolong e tla nna efe?

21 Go Pesalema 46:8, 9 re lalediwa go tlhatlhoba ditiro tsa ga Jehofa: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ.” Mme ke dife tse dingwe tsa dilo tse di shafaditsweng tse? “O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe.” Dipuso tsa batho di paletswe mo go tlhabisang ditlhong go khutlisa ntwa. Lefa go le jalo Modimo ga o ne o palelwa ke go tlisa kagiso ya goya-goile, gonne mopesalema a re: “Badiha boshula ba tla kgaolwa; . . . moikepi a bo a sa tlhole a le gōna.” (Pes. 37:9, 10) Mokgatlho wa batho o tla tlhoka dikgolegelo, mapodisi, dinotlolo mo mejakong, ee, le poifo. Ka gone, tsholofetso ya Modimo ke gore tlase ga puso ya Bogosi jwa gagwe bao ba tshelang ba tla ipelela botshelo, “me opè ga a ketla a ba boihisa.”—Mika 4:4.

22 Le eleng gompieno batho ba ba nang le ditshekamelo tsa bophologolo, ka go dirisa Lefoko la Modimo mo matshelong a bone, ba ithuta go tshela ka kagiso le ba bangwe. Lefoko la Modimo le supa gore, tlase ga puso ya Bogosi, tota le diphologolo di tla tshela ka kagiso. “Me phiri e tla aga le kwanyana,” e rialo Bibela, “nkwè e tla botha le potsane; le namane le ledumedi le e e amuleñ mmōgō: me ñwanyana eo monnye o tla di gōga.” Eleruri ga go puso epe ya batho e tota e ka solofelang go fitlhelela selo se se jalo!—Isa. 11:6.

23. Ke maatla afe a mmusi wa lefatshe yo mosha ao a tla tlhomamisetsang babusiwa botlhe ba Bogosi letlotlo la dijo?

23 Tlhokafalo e nngwe ya botlhokwa ya mofuta wa lefatshe leo rotlhe re neng re tla rata go tshela mo go lone ke gore go nne le letlotlo la dijo tsa botlhe. Dipuso tsa batho di paletswe ke go khutlisa tlhaelo ya dijo le leuba, mme puso ya Bogosi ha e ne e palelwa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o bontshitse gore, ka moya wa Modimo, o ne a kgona go laola diphefo le lewatle, a laola dimedi le ditlhapi. (Mar. 4:39; Math. 21:19; Yoh. 21:6) Akanyetsa gore se se tla kaya eng tlase ga Bogosi! Lefatsheng lotlhe go tla nna taolo e e itekanetseng ya boemo jwa loapi, mo go tla kayang go atlega ga dijalo. Mme seno le sone se tla tlhomamisa dijo tse di lekaneng go mongwe le mongwe. Bibela e re: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.”—Pes. 72:16.

24-26. Bogosi bo tla dira eng bakeng sa balwetsi, digole, bosusu, tota le eleng bakeng sa bao ba tsofalang?

24 Dipuso tsa batho di paletswe go golola lelapa la batho mo bolwetsing le dipobolong, eo eleng tlhokafalo e e botlhokwa go ka ipelela botshelo jo bo itumetseng tota. Lefa go le jalo fa a ne a le mo lefatsheng Jesu o alafile mofuta mongwe le mongwe wa bolwetsi le mofuta mongwe le mongwe wa bokoa, a bontsha seo a tla se dirang lefatshe ka bophara go baakanyetsa babusiwa botlhe ba gagwe ka botsogo le botshelo. Tlase ga puso ya Bogosi tsholofetso ya Bibela e tla nna le tirafatso ya sebele: “Me monni wa gōna ga a ketla a re: Kea bobola.” (Isa. 33:24) Ee, ga go tlhole go le ditshupamolato tsa ngaka le tsa ngaka ya meno! Ga go tlhole go le matlwana a maokelo, maokelo le ditshupamolato tsa maokelo!

25 Le eleng go tsofala e ka nna boitemogelo jo bo tlaletsang go gaisa thata gompieno. Jaaka mosadi mongwe a kwadile: “Ga ke mofuta wa motho yo o hutsafalang, mme go a ntiragalela gona jaanong ebile kea itse gore ke ka ntlhayang, Kea tsofala. . . . Matlhoko le ditlhabi tse di tlwaelegileng ga di ntswenye thata jaaka tebego ya me. Ke ne ke le montle fa ke ne ke le mosha mme jaanong ga ke tlhole ke le jalo. Ke na le methalo le matsutsuba ao karo ya ntlafatso e se kakeng ya a siamisa ebile moriri wa me o pududu. . . . Ke ka nyeletsa jang dikhutsafalo tse!”—Post ya New York, March 23, 1979.

26 Boammaaruri ke go re, bogosi jwa Modimo ke pheko e le yosi e e tlhomameng ya mathata a a jalo. Tlase ga puso ya jone botsofadi bo tla busediwa morago ka maatla a Modimo, mo eleng gore mmele le tlhaloganyo di tla ntšhafaletswa boitekanelong! Batho ba tla busediwa mo botsogong jo bo itekanetseng mo eleng gore motho “nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana.” (Yobe 33:25) Maemo e tla nna a a jaaka a a tlhalositsweng go Isaia 35:5, 6: “Ediha gōna matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”

27. Go na le bosupi bofe jwa gore tota le eleng loso lo tla fenngwa?

27 Mme mongwe a ka botsa, “Faele gore batho ba ne ba sa lwale, kana go tsofala, he ba ne ba se kitla baa swa.” O buile sentle. Ke seo tota se tla diragalang. Baboloka-ditopo ba tla tshwanela go senka mofuta o mongwe wa tiro, gonne Modimo o a solofetsa: “Me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” (Tshen. 21:4; Isa. 25:8) Mopesalema o rile kaga Jehofa: “U huporolola seatla sa gago, mme u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” (Pes. 145:16) Akanya gore seo se kayang! Ditlhokafalo tse di tshwanetseng le dikeletso tsa motho mongwe le mongwe di tlaa kgorisiwa, ebile go tla nna botoka thata go gaisa ka moo rona ba ba sa itekanelang re ka go akanyang jaanong.

28, 29. (a) Bogosi bo tla dirafatsa masego afe a a oketsegileng a a ntseng a tlhologeletswe? (b) Go na le bosupi bofe jwa gore baswi ba tla tsosiwa? (Luke 7:11-15; 8:49-56)

28 A boipelo! Tlase ga maemo a a siameng a puso ya Bogosi bana ba tla bona lobaka lo lontle lwa go gola le go ithuta go fitlha boitekanelong, kwantle ga botlhoka-tshireletso jwa lefatshe le, le dipōpō tsa mebila ya lone. Go sa tlhole go le poifo ya go nna lekgoba la diokobatsi kana tlhotlheletso e e senyang ya bokopano jo bo bosula! Motho mongwe le mongwe o tla nna le sebaka sa go godisa dinonofo le dikgono tsa gagwe ka botlalo, mme go tla nna le tiro e e itumedisang le e e duelang go botlhe. Moperofeti Isaia o tshwantshitse seo puso ya Bogosi e ka se dirang, ka go re: “Me ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauño a aōna. . . . gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isa. 65:17-25.

29 Fano ke tsholofetso ya seriti le boikaelelo tsa monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe. Botshelo jo jwa bogologolo bo tla nyelela mo kgakologelong. Motho o tla aga, a jala le go roba seo se tla agang e ntse e le sa gagwe. Bana ba tla godisetswa mo ditikologong tse di sisibetseng le bophepa. Le eleng baswi ba tla tsosiwa! (Yoh. 5:28, 29) Borre le bomme, barwarre-mmogo le bokgaitsadi-mmogo, bo-malome le bo-rakgadi, ditsala le baagelani go tswa lobakeng lwa ga Abele go fitlha le eleng mo oureng e, botlhe ba tla kopanngwa gape mono lefatsheng. Abo letsatsi leo e tla nna le legolo jang!

30. (a) Boikaelelo jwa ntlha jwa Modimo kaga lefatshe bo tla fitlhelelwa ka eng? (b) Tsholofelo ya Bogosi e go tlhotlheletsa go dira eng?

30 Ga go puso epe ya setho gompieno e e ka lekang go lora ka diphitlhelelo tse di jalo bakeng sa babusiwa ba yone. Ke Modimo fela o ka tlhomamisang tirafatso ya ditsholofetso tse di jalo. Go feta moo, tlase ga puso ya Bogosi setho sotlhe se tla kopanngwa mo kobamelong ya ga Jehofa. Tlase ga kaelo ya gagwe ya selegodimo, lefatshe ka iketlo le tla fetolelwa go nna paradaise ya kgolokwe yotlhe, tshimo ya Edene ya lefatshe lotlhe. Mme botlhe bao ba tshelang ba tla ipelela botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng tlase ga bogosi jwa Modimo. Tsholofelo e ntle ruri! Le gone e theilwe mo motsweding o o ikanyegang go gaisa, Jehofa Modimo ka boene.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Aberahame o bonetse bogosi joo kwa “kgakala.”—Baheb. 11:13-16

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Johane, a kgetholola Jesu jaaka yo o tlhophilweng go nna Kgosi, o ne a rera, ‘Bogosi bo atametse’

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tlase ga mmuso wa Modimo, “O tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.”—Tshen. 21:4

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela