Bopelonomi Bo Na Le Maatla
Mo El Salvador, babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng (baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng) ba ne ba abetswe go supa mo motseng o o kwa godimo mo dithabaneng. Mongwe wa baagelani ba bona e ne e le Moroma Katoliki yo o ineetseng yo o ne a tlhakanela Selalelo tsatsi le letsatsi. Mo lobakeng le longwe, mmè yo o ne a lwala thata mme basetsana ba babulatsela ba utlwa go duma ga gagwe. Ka bofefo, ba ne ba ya go mo thusa, mme fa ba ntse ba mo thusa, ba ne ba mo neela bosupi jo bokhutshwane. Mosadi yo o ne a sa kgatlhegele boammaaruri jwa Bibela, mme boishwaro jwa gagwe bo ne bo fetogile go tloga ka letsatsi leo go ya pele.
Mosadi yo o ne a bapisa bopelonomi jwa babulatsela le ditiro tsa moagelani yo mongwe—mmè yo a yang Selalelong le ene tsatsi le letsatsi. Lemororo moagelani yo wa Mokatoliki a ne a itse kaga bolwetsi jwa mosadi yo, ga a ise a ishwenye go ka mo etela le go mo thusa.
Lefa go le jalo, bopelonomi jo bo bontshitsweng ke babulatsela bo ne jwa dira tota. Mosadi o ne a amoI gela thuto ya Bibela, e tsamaisiwa ke mongwe wa babulatsela, mme a kgothaletsa barwadi ba gagwe ba babedi go tlhakanela go yona. Mongwe wa barwadi o ne a kgatlhana le kganetso go tswa go monna wa gagwe, mme lorato go Jehofa lo ne lwa mo naya nonofo go tswelapele go dira kgatelo-pele ya semoya. Fa nako e ntse e tsweletse, mmè le barwadi ba babedi ba ne ba kolobetswa jaaka Bakeresete.
Mosadi wa monna yo o ganetsang o ne a dirisa dipaka tse di tlhagelelang go mo supela, mme babulatsela le bone ba ne ba buisana le ene ka mokgwa wa bopelonomi le botsalano. Ka nako nngwe moragonyana, monna yo le mosadi wa gagwe ba ne ba fudugela kwa kgaolong e nngwe. Koo o ne a ithuta Bibela mme a simolola go bolela “mahoko a a molemō” go ba bangwe. Tota, ene ka boene o ne a simolola dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang ba ba farologaneng. Boo-babedi ene le baithuti ba ba Bibela ba ne ba ithuta ka nako e le nngwe. Labofelo, ene le batho ba babedi bao a neng a tsamaisa dithuto le bone ba ne ba tsaya kgato ya go kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo.
Dikgatelo-pele tsotlhe tse di molemo tse di simolotse fela ka tiro e e molemo. Abo go tshwanelega jang go Bakeresete go sala kgakololo ya go ‘apara pelonomi’ morago!—Bakol. 3:12.