Lefoko la Modimo Le Tshedile
Bogosi jwa Modimo Ke Eng?
FA JESU KERESETE a ne a le mo lefatsheng tiro ya gagwe e kgolo e ne e le go rera le go ruta kaga Bogosi jwa Modimo. “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo,” a bolela jalo ka nako nngwe, “gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:43) Jaaka o ka bona fano, Jesu o ne a romela balatedi ba gagwe go dira tiro e e tshwanang ya go rera ka Bogosi. (Mathaio 10:1, 7) O ne a ruta le eleng balatedi ba gagwe go rapela Modimo jaana: “Bogosi jwa gago a bo tle. Thato ya gago a e dirwe mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10, Authorized Version.
Bogosi jo jwa Modimo ke eng, mme ke ka ntlha yang bo le botlhokwa mo go kalo?
Mme kana, o itse gore kgosi ke eng. Ke mmusi wa naga kana kgaolo. Ka go bo a le kgosi, puso ya gagwe e bidiwa bogosi. Bogosi jwa Modimo le jone ke goromente. Bibela e bolela ka ga jone ka mantswe ano: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè; me leina ya gagwè le tla bidiwa . . . Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.
Kgosana e—Morwa yo wa Kgosi e Kgolo, Jehofa Modimo—ke Jesu Keresete. Modimo o mo tlhomile go nna mmusi wa puso ya Bogosi jwa gagwe. Go bona gore Bogosi jwa Modimo e ne e le kgangkgolo e e botlhokwa ka nako ya bodihedi jwa ga Keresete, akanyetsa se se neng sa diragala mo letsatsing la loso lwa gagwe.
Bibela e re bolelela gore batho ba ne ba kgala Jesu ba re: “Re hitlhetse monna eo, a shōkamisa morahe, a itsa gore Kaesare a se ka a nèwa lekgèthō a re, le èna ka esi ke Keresete, Kgosi.” E rile a utlwa dilo tse, molaodi wa Roma Ponto Pilatwe a botsa Jesu: “A ke wèna Kgosi ea Bayuda?”—Luke 23:1-3.
Jesu ga a ka a araba potso ya ga Pilatwe ka tlhamalalo mme o ne a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” (Yohane 18:36) Jesu o ne a araba ka tsela eno ka go bo Bogosi jwa gagwe e ne e se ketla e nna jwa selefatshe jo bo kopanyeletsang dipolotiki tsa batho. Jaaka Kgosi ya Modimo, o ne a tla busa go tswa legodimong, eseng jaaka motho yo o tswang mo bogosing bongwe jwa lefatshe.
A o etse tlhoko mo go Isaia gore ke eng seo puso ya Modimo e neng e tla dira gore se totahale gore go se nne le bokhutlo jwa sone? Ee, ke kagiso. Ka jalo he a o ka bona gore ke ka lebaka lefe puso eo e leng botlhokwa mo go kalo? Ga go puso epe ya motho e e ka tlisang kagiso ya go ya go ile; ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka dirang jalo. Jesu o ne a senya botshelo jwa gagwe mo lefatsheng a bolelela batho boammaaruri jo bo gakgamatsang kaga puso ya Bogosi jwa Modimo. E ne e le molaetsa wa gagwe wa konokono. Bogosi e sa ntse e ntse e le kgang-kgolo fela thata le gompieno.