LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/09 ts. 6-9
  • Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong go Tla Felela Ruri!
  • Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
    Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
  • Ba Batla Go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • “Nametsañ ba ba Lapañ Pelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 7/09 ts. 6-9

Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’

KGOSI DAFIDE o ne a na le matshwenyego a mantsi le ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang.’ Le fa go ntse jalo, ga a ise a ko a belaele gore Mmopi o re tlhaloganya ka ditsela tsotlhe. O ne a kwala jaana: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala. Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, mme bona! wena Jehofa, o setse o le itse lotlhe fela.”—Pesalema 139:1, 2, 4, 23.

Le rona re ka tlhomamisega gore Mmopi wa rona o a re tlhaloganya e bile o tlhaloganya kafa go tshwenyega thata mo maikutlong go ka koafatsang megopolo le mebele ya rona e e sa itekanelang ka teng. O itse se se bakang go tshwenyega thata mo maikutlong le gore re ka lepalepana botoka jang le maemo a re iphitlhelang re le mo go one. Mo godimo ga moo, o tlhalositse kafa a tla alafang go tshwenyega thata mo maikutlong ka teng ka bosakhutleng. Ga go na ope yo o botoka yo o ka re thusang go na le “Modimo wa rona yo o lorato, Yo o re gomotsang le go re nonotsha le go re lapolosa le go re nametsa fa re tshwenyegile thata mo maikutlong.”—2 Bakorintha 7:6, The Amplified Bible.

Mme gone, batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka ipotsa gore Modimo o tla ba thusa jang fa ba nna le maikutlo ano a a ngomolang pelo.

A Modimo o gaufi le ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong?

Modimo o gaufi thata jaana le ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong mo e keteng o nna mmogo le ‘ba moya wa bone o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore a rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.’ (Isaia 57:15) A bo go gomotsa jang ne go itse gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng”!—Pesalema 34:18.

Modimo a ka gomotsa jang motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong?

Baobamedi ba Modimo ba ka kgona go ikgolaganya nako nngwe le nngwe le “Moutlwi wa thapelo,” yo o ka ba thusang go lepalepana le maikutlo le maemo ape fela a a ngomolang pelo. (Pesalema 65:2) Baebele e re kgothaletsa go ntshetsa maikutlo a rona kwa go ene jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

Go tweng fa e le gore go ikutlwa re se na mosola ope go dira gore re akanye gore dithapelo tsa rona ga di utlwiwe?

Go tshwenyega thata mo maikutlong go ka dira gore re swetse ka gore maiteko a rona a go itumedisa Modimo ga a lekana. Le fa go ntse jalo, Rraarona yo o kwa legodimong o tlhaloganya maikutlo a rona a a bokoa, “a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Tota le fa ‘dipelo tsa rona di ka re bona molato,’ re tla “tlhomamisetsa dipelo tsa rona” gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:19, 20) Ka jalo, fa o rapela o ka dirisa mafoko a o a badileng mo ditemaneng tsa Baebele tse di jaaka Pesalema 9:9, 10; 10:12, 14, 17 le 25:17.

Mme go tweng fa e le gore re tshwenyegile thata jaana mo e leng gore ga re kgone go tlhalosa kafa re ikutlwang ka teng?

Fa o utlwile botlhoko thata mo maikutlong mo e leng gore ga o kgone go bua sentle, o se ka wa latlhela seditse! Nna o atamele “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe,” o ntse o itse gore o tlhaloganya maikutlo a gago le gore o tlhoka eng. (2 Bakorintha 1:3) Maria yo o umakilweng pelenyana mo metseletseleng eno a re: “Ka dinako dingwe fa ke ikutlwa ke tlhakane tlhogo, ga ke itse gore ke tshwanetse go rapelela eng. Mme gone, ke a itse gore Modimo o a tlhaloganya le gore o a nthusa.”

Modimo o araba jang dithapelo tsa rona?

Baebele ga e bolele gore Modimo o tlosa mathata otlhe a rona gone jaanong. Le fa go ntse jalo, Modimo o re naya maatla a go emelana le ‘dilo tsotlhe’—go akaretsa le go tshwenyega thata mo maikutlong. (Bafilipi 4:13) Martina o dumela jaana: “Fa ke ne ke simolola go tlhaselwa ke go tshwenyega thata mo maikutlong, ke ne ka rapela Jehofa gore a nkalafe ka bonako ka gonne ke ne ke akanya gore nka se kgone go itshoka. Gone jaanong ke kgotsofaletse go rapelela gore a nneye maatla letsatsi le letsatsi.”

Dikwalo di botlhokwa thata mo go neyeng batho ba ba tshwenyegang thata mo maikutlong maatla a semoya gore ba lepalepane le bothata joo. Sarah yo o itshoketseng go tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le 35, o ile a bona botlhokwa jwa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. O tlhalosa jaana: “Ruri ke itumelela thuso e ke e neilweng ke ba tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga tsotlhe, ke lemogile mosola wa go bala Lefoko la Modimo. Ke itlwaeditse go le bala.”

Go Tshwenyega Thata mo Maikutlong go Tla Felela Ruri!

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha maatla a gagwe a a neilweng ke Modimo a go alafa malwetse a a botlhoko. Jesu o ne a tlhoafaletse go alafa batho ba ba neng ba tshwerwe ke malwetse a a botlhoko. Mo godimo ga moo, ene ka boene o itse botlhoko jwa go nna le maikutlo a a ngomolang pelo. Bosigo jwa pele ga a swa loso lo lo botlhoko, “Keresete a le mo nameng o ne a isa mekokotlelo mmogo le dikopo kwa go Ene yo o neng a kgona go mmoloka a mo ntsha mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Bahebera 5:7) Le fa go ne go le botlhoko jalo mo go Jesu ka nako eo, gompieno  re solegelwa molemo ka gonne “o kgona go tswa ba ba lekwang thuso.”—Bahebera 2:18; 1 Johane 2:1, 2.

Baebele e tlhalosa gore Modimo o ikaeletse go tlosa maemo otlhe a a ngomolang pelo a a dirang gore batho ba tshwenyege thata mo maikutlong. O solofetsa jaana: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong. Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang.” (Isaia 65:17, 18) “Magodimo a masha,” e leng Bogosi jwa Modimo, a tla dira gore “lefatshe le lesha,” e leng setšhaba sa batho ba ba siameng mo lefatsheng, ba boe ba itekanele gape mo mmeleng le mo maikutlong mme ba nne le botsogo jo bo siameng jwa semoya. Malwetse otlhe a tla fedisediwa ruri.

“Ke biditse leina la gago, tlhe Jehofa, ke le mo kgatamping e e kwa tlasetlase. O tshwanetse go utlwa lentswe la me. O se ka wa subela tsebe ya gago kgololo ya me le go goa ga me ke kopa thuso. O atametse mo letsatsing le ke neng ka nna ka go bitsa ka lone. O ne wa re: ‘O se ka wa boifa.’”—Dikhutsafalo 3:55-57

‘GO BUA KA TSELA E E GOMOTSANG LE BA BA TSHWENYEGILENG MO MAIKUTLONG’

Fa go tshwenyega thata mo maikutlong ga ga Barbara le go ikutlwa a se na mosola go feta se ene le monna wa gagwe ba kgonang go se itshokela, ba leletsa Gerard, yo e leng tsala ya lelapa la bone e bile e le molebedi wa Mokeresete mogala. O reetsa ka bopelotelele fa Barbara a lela ka tsela e e sa laolesegeng mme a boeletsa maikutlo a go tlalelwa a a kileng a a tlhalosa mo nakong e e fetileng.

Gerard o ithutile gore a se ka a mo tshwayatshwaya diphoso, a mo ganetsa kgotsa a mo kgala. (Jakobe 1:19) Jaaka Baebele e gakolola, o ithutile ‘go bua ka tsela e e gomotsang le ba ba tshwenyegileng mo maikutlong.’ (1 Bathesalonika 5:14) Ka bopelotelele o tlhomamisetsa Barbara gore o botlhokwa thata mo go Jehofa Modimo, mo go ba lelapa la gagwe le mo ditsaleng tsa gagwe. Gantsi o bala temana e le nngwe kgotsa di le pedi tse di gomotsang go tswa mo Baebeleng, tota le fa a kile a di mo balela mo nakong e e fetileng. Go tswa foo, o ithaopa a dirisa founo gore a rapele le Barbara le monna wa gagwe, e leng selo se ka metlha se ba gomotsang thata.—Jakobe 5:14, 15.

Gerard o itse sentle gore ga se ngaka e e thapisitsweng, mme le ka motlha ga a ke a leka go dira tiro ya dingaka tsa ga Barbara. Le fa go ntse jalo, o mo naya sengwe mo godimo ga kalafi e dingaka di le mmalwa di e mo nayang—ditemana tse di nametsang le dithapelo tse di gomotsang.

‘Go bua ka tsela e e gomotsang le ba ba tshwenyegileng mo maikutlong’

O ka nna wa re: “Ke ne ke batla fela go go bolelela gore ke ntse ke akanya ka wena. Ke a itse gore ga se ka metlha o ikutlwang sentle. O ntse o ikutlwa jang moragonyana jaana?”

Gakologelwa: Bua go tswa pelong mme o reetse ka tsela e e supang gore o a amega, tota le fa motho yo o tshwenyegileng mo maikutlong a boeletsa dilo tse a kileng a di bua mo nakong e e fetileng.

O ka nna wa re: “Ke gakgamadiwa ke go bona se o kgonang go se dira (kgotsa “ke kgatlhiwa ke dinonofo tsa Bokeresete tse o nang le tsone”) le fa gone o na le bokoa jwa botsogo. Le fa o ka tswa o eletsa go dira mo go oketsegileng, Jehofa o a go rata e bile o a go anaanela mme le rona re a go rata le go go anaanela.”

Gakologelwa: Nna pelotlhomogi le pelonomi.

O ka nna wa re: “Ke bone temana e e kgothatsang eno.” Kgotsa “ke ne ka akanya ka wena fa ke ne ke bala gape temana e ke e ratang thata eno.” Go tswa foo, bala kgotsa o bo o nopola temana eo.

Gakologelwa: Tila go utlwala e kete o a mo rerela.

Remember: Avoid a preachy tone.

Kgomotso e e Tswang mo Dikwalong

Lorraine o nonotshiwa ke tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Isaia 41:10 e e reng: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”

Álvaro a re gantsi o gomodiwa ke mafoko a a mo go Pesalema 34:4, 6 a a reng: “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me. Yo o bogisiwang yono o ne a bitsa, mme Jehofa a utlwa. Mme a mmoloka mo matshwenyegong otlhe a gagwe.”

Naoya a re go bala Pesalema 40:1, 2 go a mo gomotsa ka metlha: “Ke ne ke solofetse mo go Jehofa ka tlhoafalo, ka jalo o ne a ntshekegela tsebe mme a utlwa go goa ga me ke kopa thuso. . . . O ne a tlhomamisa dikgato tsa me ka thata.”

Pesalema 147:3 e tlhomamisetsa Naoko gore Jehofa “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”

Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 12:6, 7 a thusa Eliz go ikanya tlhokomelo ya ga Jehofa: “Dithaga di le tlhano di rekisiwa ka madi a tshipi a le mabedi a tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga ke re? Le fa go ntse jalo ga go e le nngwe ya tsone e e lebalwang fa pele ga Modimo. Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.”

Ditemana tse dingwe tsa Baebele:

  • Pesalema 39:12: “A ko o utlwe thapelo ya me, tlhe Jehofa, a ko o sekegele go goa ga me ke kopa thuso tsebe. O se ka wa didimalela dikeledi tsa me.”

  • 2 Bakorintha 7:6: Modimo “o gomotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.”—“New American Standard Bible.”

  • 1 Petere 5:7: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo Modimong, ka gonne o a lo kgathalela.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela