A e Ne e Tlhamilwe?
Boxfish E e Sa Diriseng Maatla a Mantsi
Gore badiri ba dikoloi ba kgone go dira koloi e e nonofileng e e dirisang lookwane lo lonnye thata le e e se kitlang e kgotlela tikologo, ba ne ba leba mo lefelong le le sa tlwaelegang gore ba itse gore ba ka dira eng, ba ne ba leba kafa tlase ga lewatle! Boxfish e e bonwang gaufi le matlapa a dikorale mo metsing a boboatsatsi, ke sekaelo se se molemo thata sa go dira koloi e e seng boima le e e nang le maatla a a gakgamatsang fa e tsamaya mo phefong.
Ela tlhoko: Boxfish e ka kgona go thuma ka bofefo—e tsamaya sekgala se se ka nnang boleele jwa mmele wa yone ka makgetlho a le marataro ka motsotswana mongwe le mongwe. Mme lobelo lono ga se bosupi jwa gore e na le maatla. Go farologana le se se lebeletsweng, popego ya tlhapi eno e e keteng ya lebokoso ke yone e e tokafatsang dinonofo tsa yone tsa go kgona go tsamaya ka bofefo. Tota e bile, baenjeniri ba ba ileng ba dira koloi e e bopegileng jaaka boxfish, ba bo ba e tlhatlhoba mo teng ga thanele ya phefo ba fitlhetse gore koloi eno e feta mo phefong motlhofo thata go na le dikoloi tse dinnye.
Letlalo le le kafa ntle la boxfish le le marapo, le dira gore e nne le maatla a a lekaneng le boima jo bo kwa tlase. Fa tlhapi eno e thuma mo metsing, go nna le didikonyana go e dikologa mme seno se dira gore e ritibale fa metsi a gakala. Ka jalo, boxfish e na le tsela e e tlhomologileng ya gore e tile go gobala kgotsa e kgone go itshireletsa mo kgobalong.
Baenjeniri ba dumela gore ba ka ithuta go tswa mo tseleng e boxfish e dirilweng ka yone gore ba kgone go dira koloi e e babalesegileng thata, e e sa diriseng lookwane lo lontsi mme e se boima. Dr. Thomas Weber yo e leng mmatlisisi e bile e le moenjeniri a re: “Go bua boammaaruri, re ne ra gakgamadiwa ke gore re ne re ka etsa tlhapi eno e e sa bonaleng e le lobelo go dira koloi e e kgonang go tsamaya ka bofefo mo phefong, e bile e sa dirise lookwane lo lontsi.”
O akanya eng? A boxfish e e sa diriseng maatla a mantsi e itlhagetse ka boyone? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Boxfish: © Hal Beral/V&W/SeaPics.com; car: Mercedes-Benz USA