LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 32
  • A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso e Modimo a e nayang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong
  • Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’
    Tsogang!—2009
  • Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
    Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Pelo ya Me E Nna Botlhoko mo go Kana Kana?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • “Nametsañ ba ba Lapañ Pelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 32

A Baebele e ka Nthusa fa ke Tshwenyegile mo Maikutlong?

Karabo ya Baebele

Ee, ka gonne thuso e e di gaisang tsotlhe e tswa kwa “Modimong yo o gomotsang, yo o kgothatsang yo o lapolosang le yo o itumedisang ba ba tshwenyegileng.”​—2 Bakorintha 7:6, The Amplified Bible.

Thuso e Modimo a e nayang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong

  • Maatla. Modimo o go ‘lapolosa le go go itumedisa,’ e seng ka go tlosa mathata otlhe a gago mme ka go araba dithapelo tsa gago fa o rapela o kopa nonofo ya gore o lebane le one. (Bafilipi 4:13) O ka tlhomamisega gore o iketleeleditse go go reetsa ka gonne Baebele ya re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Tota e bile, Modimo a ka utlwa selelo sa gago o kopa thuso le fa o sa kgone go tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone.​—Baroma 8:26, 27.

  • Dikao tse di molemo. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a rapela Modimo a re: “Fa ke le mo botennyeng jwa tlalelo ke goela kwa go wena.” Fa mopesalema yono a tshwenyegile mo maikutlong o ne a gomodiwa ke go gakologelwa gore Modimo o batla go re itshwarela maleo. Mme o ne a raya Modimo a re: “Fa o ka bo o ne o boloka pego ya maleo a rona, ke mang yo o neng a ka se ka a atlholwa? Mme o a re itshwarela, gore re go boife.”​—Pesalema 130:1, 3, 4, Good News Translation.

  • Tsholofelo. Le fa Modimo a re gomotsa gone jaanong, gape o re solofeditse gore o tla tlosa mathata otlhe a a dirang gore re tshwenyege mo maikutlong. Fa a diragatsa tsholofetso eo, “dilo tsa pele [go akaretsa le go tshwenyega mo maikutlong] ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”​—Isaia 65:17.

Ntlha ya botlhokwa: Le fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Modimo o a ba thusa, le bone ba batla kalafi ya malwetse a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong [clinical depression]. (Mareko 2:17) Le fa go ntse jalo, ga re buelele mofuta ope fela wa kalafi, re dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo dikgannyeng tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela