Khopolo E e Mo Baebeleng
A Bakeresete ba Tshwanetse go Ema Katlholeloloso Nokeng?
“E PHOSO tota e bile ga e dumalane le molao wa boitsholo.” “E tlhamaletse e bile e siame.” Dikgopolo tse di ganetsanang tseno di ne tsa tlhaga mo baruting ba babedi, bao ba iphakang fa e le Bakeresete. Ba ne ba tshwaragane ka e nngwe ya dikgang tsa moruthutha tsa nako ya gompieno e leng—katlholeloloso. Fa kgang nngwe ya lekwalodikgang lengwe e ne e nopola mafoko a bone e ne ya re: “Fa baeteledipele ba bodumedi ba bua ka kgang ya katlholeloloso, ka bobedi jwa bone ba ikemela ka ditemana tsa Baebele.”
Ba bangwe ba bolela gore katlholeloloso e sireletsa batho ba ba senang molato, e dira gore go nne le tshiamiso, e bile e kganela bokebekwa jo bo masisi. Bangwe ba gatelela gore ga se selo se se siameng—ke tsela ya go busolosa thubakanyo ka thubakanyo e e oketsegileng mme e bile e gaisiwa ke tiro e e botoka thata ya go tlhabolola megopolo ya dikebekwa, go di thusa gore di nne batho ba ba botlhokwa mo setšhabeng.
Kwa United States, kganetsano eno ke yone kgangkgolo mo go bo radipolotiki, mo e leng gore tota le baeteledipele ba bodumedi ga ba okaoke go tsena mo go yone. Mme gongwe o ka nna wa ipotsa wa re, ‘A go na le sengwe seo Baebele e se buang kaga katlholeloloso?’ Ee, se teng.
Go Rebolelwa ga Babusi ba Batho go Dirisa “Tšhaka”
Moragonyana fela ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, Jehofa Modimo o ne a tiisetsa gore botshelo jwa motho bo botlhokwa thata ka gore a re: “Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho.” (Genesise 9:6) Legale, seno se ne se sa rebolele batho gore ba ipusolosetse. Go na le moo, seo se ne se raya gore go tloga ka nako eo, baeteledipele ba batho ba ba tlhomilweng kafa molaong ba ne ba tla rebolelwa gore ba bolaye batho ba ba neng ba bolaya ba bangwe.
Kwa Iseraele wa bogologolo, Molao o Modimo a neng a o neile batho ka Moshe, o ne o laela gore batho ba ba dirileng ditlolo dingwe tse di masisi ba atlholelwe loso. (Lefitiko 18:29) Lefa go ntse jalo, Molao oo gape o ne o batla gore katlholo e ntshiwe ka tekatekanyo, go nne le basupi ba ba boneng ka matlho, le go thibela go dira dilo ka tshiamololo. (Lefitiko 19:15; Duteronome 16:18-20; 19:15) Baatlhodi ba ne ba tshwanetse go nna banna ba ba ineetseng e bile ba ne ba ikarabelela mo Modimong! (Duteronome 1:16, 17; 2 Ditirafalo 19:6-10) Ka gone, batho ba ne ba sireleditswe kgatlhanong le katlholeloloso e e sa ntshiweng kafa tshwanelong.
Gompieno tota ga go na puso epe mo lefatsheng leno e e dirisang tshiamiso ya bomodimo jaaka go ne go ntse ka Iseraele wa bogologolo. Mme dipuso di dira jaaka ‘badiredi’ ba Modimo kgotsa barongwa ba gagwe ka ditsela tse dintsi, ka gonne ba tlhokomela gore dilo di tsamaye ka tolamo le kafa tshwanelong e bile ba re direla ditiro tse di tlhokegang. Moaposetoloi Paulo o ne a gopotsa Bakeresete gore ba ikokobeletse “babusi ba bagolo” mme o ne a oketsa jaana: “Fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a [puso] tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.”—Baroma 13:1-4.
“Tšhaka” e Paulo a neng a e umaka fano e tshwantshetsa tshwanelo ya puso ya go otlhaya disenyi—tota le e leng ka loso. Bakeresete ba tlotla tshwanelo eo, a mme ba tshwanetse go ntsha maikutlo a bone gore e dirisiwe jang?
Go sa Dirisiweng Sentle ga “Tšhaka”
Ke boammaaruri gore mebuso ya batho e ile ya dirisa “tšhaka” ka dinako tse dintsi go diragatsa tshiamiso. Mme re tshwanetse go dumela gore gape e ile ya nna molato wa go sa e dirise kafa tshwanelong. (Moreri 8:9) Mmuso wa Roma wa bogologolo o ne wa nna molato wa go dirisa “tšhaka” mo go atlholeleng batlhanka ba Modimo ba ba senang molato loso. Bangwe ba batho ba ba bolailweng jalo e ne e le Johane Mokolobetsi, Jakobe, le e leng ene Jesu Keresete ka boene.—Mathaio 14:8-11; Mareko 15:15; Ditiro 12:1, 2.
Sengwe se se tshwanang se ile sa diragala mo metlheng ya segompieno. Batlhanka ba ba senang molato ba ga Jehofa ba ile ba bolawa mo dinageng tse di farologaneng—ka go thuntshiwa ke masole, ka go kgaolwa ditlhogo, ka go kalediwa, ka go bolawa ka gase—gotlhe go dirwa kafa “molaong” ka mebuso e e neng e leka go kganela Bokeresete. Babusi botlhe ba ba sa diriseng thata ya bone kafa tshwanelong ba tla ikarabela mo Modimong. Abo ba na le molato o mogolo wa madi jang ne!—Tshenolo 6:9, 10.
Bakeresete ba boammaaruri ba tshoga tota fa ba akanya ka kgang eno ya go nna le molato wa madi fa pele ga Jehofa Modimo. Jalo he, le mororo ba dumalana gore puso e na le tshwanelo ya go dirisa “tšhaka,” ba lemoga sentlentle kafa e ileng ya seka ya e dirisa kafa tshwanelong ka gone. E ile ya e dirisetsa go bogisa batho mme ka dinako tse dingwe ya e dirisa ka bosetlhogo ka tsela ya letlhoo mo bathong ba bangwe le ka go repisa mo go ba bangwe.a Jalo he, Bakeresete bone ba itshwara jang mo dikganetsanong tse di amanang le kwatlhao ya loso? A ba itshunya nko mo dikgannyeng tseo ba bo ba gagamalela gore go dirwe diphetogo dingwe?
Boitlhaodi Jwa Bokeresete
Ka go farologana le baruti ba ba boletsweng kwa tshimologong bano, Bakeresete ba boammaaruri ba leka go tlhoma mogopolo wa bone mo molaomotheong mongwe o o botlhokwa: Jesu Keresete o ne a raya balatedi ba gagwe a re ‘ba se nne ba lefatshe.’—Johane 15:19; 17:16.
A Mokeresete o ka kgona go utlwa taolo eo le mororo a na le seabe mo dikganetsanong tse di amanang le katlholeloloso? Ruri go ka se nne jalo. Seno ruri ke kgang e e amang baagi ba naga eo e bile ke kgang ya sepolotiki. Kwa United States, boradipolotiki gantsi ba dirisa kgang eno ya katlholeloloso go itlhalosa gore ba mo letlhakoreng lefe—gore a ba e ema nokeng kana nnyaa—go nna sedirisiwa sa bone se se botlhokwa go tshegetsa letsholo la bone. Ba bua ka kgang eno ba sa kgwe mathe gore ba tle ba dirise maikutlo a batho a a gogomositsweng ke kgang eno gore e nne seikokotlelo sa bone sa go gapela batlhophi kafa letlhakoreng la bone.
Gongwe potso e Mokeresete a tshwanetseng go e jela tlhogo ke e e reng: A Jesu o ka bo a ile a itsenya mo dikgannyeng tsa gore mebuso ya lefatshe leno e dirisa “tšhaka” jang? Gakologelwa nako ele fa batho ba gagabo Jesu ba ne ba re ba leka go mo tsenya mo dipolotiking, gore o ne a “ngongwaelela kwa thabeng a le esi.” (Johane 6:15) Go bonala go utlwala sentle go dumela gore o tshwanetse a bo a ile a tlogela kgang eno koo Modimo a neng a e tlogetse teng—mo diatleng tsa mebuso.
Go ntse fela jalo le gompieno, go lebega Bakeresete ba tla itisa gore ba se tsene mo dikganetsanong tse di amanang le kgang eno. Ba tla dumalana le lebaka la gore mebuso ke yone e nang le tshwanelo ya go dira kafa e ratang ka teng. Mme jaaka fa e le badiredi ba Bakeresete ba boammaaruri ba e seng karolo ya lefatshe, ga ba ne ba itshupa gore ba tshegetsa katlholeloloso kana gore ba buelela gore e fedisiwe.
Go na le moo, ba nna ba gakologetswe mafoko ano a Moreri 8:4 a a reng: “Lefoko la kgosi le na le thata; mme e mang yo o ka e rayang a re: ‘Ana o dirang?’” Ee, ‘dikgosi’ tsa lefatshe, kana babusi ba dipolotiki ba ile ba newa thata ya go dira kafa ba ratang ka teng. Ga go na Mokeresete ope yo o ka ba sekisetsang se ba se dirang. Mme Jehofa ene o ka dira jalo. Mme e bile o tla dira jalo. Baebele e re thusa gore re lebe fela kwa nakong eo Modimo a tla diragatsang ka yone tshiamiso ya makgaolakgang mo tirong nngwe le nngwe ya bokebekwa le mo tirisong nngwe le nngwe e e sa siamang ya “tšhaka” mo lefatsheng leno le legologolo.—Jeremia 25:31-33; Tshenolo 19:11-21.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka sekai, tsamaiso ya dikgolegelo ya United States e ile ya nyadiwa thata ka ntlha ya go bolaya magolegwa a a atlholetsweng loso a a kwa tlase ga diperesente tse 2 ngwaga le ngwaga. Bontsi jwa bone ba itshwela fela ka tsela e e tlwaelegileng mme e seng ka go bo ba bolailwe. E ile ya tshwaiwa phoso gape ka ntlha ya letlhoo la bone—jaaka fa dipalopalo di bontsha gore, mo makgetlhong a le mantsi, mmolai o ka atlholelwa loso fa e le gore o bolaile motho yo mosweu go na le fa a bolaile motho yo montsho.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
The Bettmann Archive