LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 6/15 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Ema Katlholeloloso Nokeng?
    Tsogang!—1996
  • Seabe sa Babusi Ba Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Modimo le Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Ntshetsa Kaesare Dilo Tsa ga Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 6/15 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Baebele ya reng ka kgang ya go atlholela dikebekwa loso?

Go a utlwala gore mongwe le mongwe wa rona o na le tsela e a ikutlwang ka yone ka kgang eno go ikaegile ka dilo tse di re diragaletseng kana ka boemo jo re mo go jone mo botshelong. Le fa go ntse jalo, rona Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go leka go tsamaisana le megopolo ya Modimo malebana le katlholeloloso, fa re ntse re itlhaotse mo seemong sa dipolotiki seo ba le bantsi ba se tsereng mo kgannyeng eno.

Fa re bua ka tlhamalalo fela, mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng, Modimo ga a bontshe gore katlholeloloso e phoso.

Bogologolo mo hisitoring ya motho, Jehofa o ne a bolela mogopolo wa gagwe ka kgang eno, jaaka re bala mo go Genesise kgaolo 9. E ne e le mo kgannyeng e e amang Noa le lelapa la gagwe, ba ba neng ba nna bagologolwane ba batho botlhe. Fa ba sena go tswa mo arekeng, Modimo o ne a re ba ka nna ba ja diphologolo—se se rayang gore, diphologolo di ka bolawa, madi a tsone a tshololwa, mme tsa jewa. Morago ga foo, mo go Genesise 9:5, 6, Modimo o ne a re: “Ruri madi a lona, madi a matshelo a lona, ke tlaa a lopa; ke tlaa a lopa mo phologolong nngwe le nngwe, le mo sebataneng; le mo seatleng sa motho e bong seatla sa morwa rramotho, ke tlaa lopa botshelo jwa motho. Le fa e le mang yo o tshololang madi a motho, le ene madi a gagwe a tlaa tshololwa ke motho; gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa one.” Ka jalo Jehofa o ne a laela gore go nne le katlholeloloso fa motho a bolaile yo mongwe.

Ka nako ya fa Modimo a ne a dirisana le Iseraele e le batho ba gagwe, melato e mengwe e e farologaneng kgatlhanong le molao wa Modimo e ne e otlhaiwa ka loso. Mo go Dipalo 15:30, re bala jaana: “Motho yo o dirang sengwe ka boikgodiso, le fa e ka nna yo o tsaletsweng mo gae, kgotsa moeng, motho yoo o tlhapatsa Jehofa; motho yoo o tlaa kgaolwa a tswa mo bathong ba ga gabo.”

Mme go tweng ka nako ya fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa? Gone mme, re itse gore Jehofa o ne a laela gore go nne le mebuso ya batho mme a ba bitsa babusi ba bagolo. E bile tota, fa e sena go kgothaletsa Bakeresete gore ba nne kutlo mo babusing bao, Baebele e bolela gore bao ba direla jaaka “modiredi wa Modimo mo go lona molemong wa lona. Mme fa e le gore lo dira se se bosula, nnang mo poifong: gonne ga bo a tshola tšhaka kwantle ga boikaelelo; gonne ke modiredi wa Modimo, mmusolosi yo o bontshang tšhakgalo mo go yo o dirang se se bosula e le tlwaelo.”—Baroma 13:1-4.

A seo se raya gore mebuso e na le thata ya go bolaya le dikebekwa tse di nang le molato wa tlolomolao e e masisi? Go ya ka mafoko a a mo go 1 Petere 4:15, re tla tshwanelwa ke gore re konele ka ee. Mo temaneng eo moaposetoloi o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe jaana: “A ope wa lona a se ka a boga e le mmolai wa ka boomo kgotsa legodu kgotsa modirabosula kgotsa e le mosunyanko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.” A o etse tlhoko mafoko a a reng, “a ope wa lona a se ka a boga e le mmolai”? Petere o ne a sa akantshe gore babusi ba ne ba sa tshwanela go dira gore mmolai a boge ka ntlha ya molato wa gagwe. Go na le moo, o ne a bontsha gore mmolai o ka tshwanelwa ke go otlhaiwa. A seo se akaretsa go otlhaiwa ka loso?

Ee go ka akaretsa seo. Seno se phepafadiwa ke mafoko a ga Paulo a a fitlhelwang mo go Ditiro kgaolo 25. Bajuda ba ne ba latofaditse Paulo ka gore o tlodile Molao wa bone. Fa molaodi wa masole a romela motshwarwa wa gagwe, e bong Paulo kwa mmusing wa Roma, o ne a bega jaana jaaka go kwadilwe mo go Ditiro 23:29: “Ke ne ka fitlhela a latofadiwa kaga dikgang tsa Molao wa bone, mme a sa latofadiwe ka selo lefa e le se le sengwe fela se se tshwanetseng loso kgotsa dikgole.” Morago ga dingwaga tse pedi Paulo o ne a iphitlhela a le fa pele ga Mmusimogolo Feseto. Re bala jaana mo go Ditiro 25:8: “Paulo a bua jaana a iphemela: ‘Ga ke a dira boleo bope kgatlhanong le Molao wa Bajuda lefa e le kgatlhanong le tempele lefa e le kgatlhanong le Kaesara.’” Mme le fa go ntse jalo, ela tlhoko kakgelo ya gagwe malebana le kotlhao, le e leng katlholeloloso. Re bala jaana mo go Ditiro 25:10, 11:

“Paulo a re: ‘Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe, fela jaaka le wena o lemoga sentle tota. Fa, mo letlhakoreng le lengwe, tota ke le modiraphoso e bile ke dirile lefa e le eng se se tshwanetseng loso, ga ke ikgogone go swa; fa, mo letlhakoreng le lengwe, go se na sepe sa dilo tse banna bano ba ntatofatsang ka tsone, ga go na motho ope yo o ka nneelang bone e le thuso. Ke ikuela kwa go Kaesara!’”

Fa Paulo a ne a eme fa pele ga mmusi yo o tlhomilweng go ya ka molao, o ne a dumela gore Kaesare o na le thata ya go otlhaya badirabosula le e leng go ba atlholela loso. O ne a sa gane go otlhaiwa fa e le gore o ne a le molato. Mo godimo ga moo ga a ka a re Kaesare o ne a tshwanetse go otlhaya fela babolai ka katlholeloloso.

Ke boammaaruri gore tsamaiso ya boatlhodi ya Baroma e ne e sa itekanela; fela jaaka go ntse ka tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa segompieno. Mo nakong e e fetileng le gone jaanong batho ba ba se nang molato ba ile ba bonwa molato ba ba ba otlhaiwa. Le e leng Pilato o ne a bua jaana ka Jesu: “Ke ne ka bona go se sepe se se tshwanetseng loso mo go ene; jalo ke tla mo kgwathisa ke ba ke mo golola.” Ee, le fa mmusi a ne a dumela gore Jesu ga a na molato, monna yono yo o se nang molato o ne a atlholelwa loso.—Luke 23:22-25.

Tshiamololo e e ntseng jalo ga e a ka ya dira gore Paulo le Petere ba bolele gore totatota katlholeloloso ga e a siama. Go na le moo, tsela e Modimo a lebang kgang eno ka yone ke gore, fa fela babusi ba bagolo ba ga Kaesare ba sa ntse ba le teng ba ‘tshola tšhaka go bontsha tšhakgalo mo go ba ba dirang se se bosula e le tlwaelo.’ Seo se akaretsa go dirisetsa tšhaka go atlholela loso. Mme fa go tsenwa mo kgannyeng ya gore a puso epe fela ya lefatshe leno e ka dirisa thata ya yone ya go atlhola babolai ka loso, Bakeresete ba boammaaruri ba nna ba itlhaotse ka kelotlhoko. Go farologana le baruti ba Labokeresete, ga ba nne le seabe ka gope mo kgannyeng eno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela