LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 3/8 ts. 32
  • “Di Ile Tsa Nna Molemo Thata!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Di Ile Tsa Nna Molemo Thata!”
  • Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 3/8 ts. 32

“Di Ile Tsa Nna Molemo Thata!”

“Ke ntse ke ipelela go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha yotlhe, mme mo dingwageng tsa bosheng jaana, di ile tsa nna molemo fela thata mo e leng gore ga ke kgone go nna le matlhalosi a a ka di thalosang. Ke rata fela go supa kafa ke lebogetseng ka teng tshedimosetso e e kwadilweng mo makasineng wa November 8, 1994, wa Tsogang! wa ditlhogo tse di neng di re “Bodumedi Bo Nna le Seabe” le “Sarajevo—Go Tloga ka 1914 go Fitlha ka 1994.” Ntwa ya selegae ya Bosnia, Serbia, Croatia ke boemo jo bo raraaneng le jo bo botlhoko mme e le jo bo nkamang thata mo pelong jaaka motho wa Croatia. Ke ile ka kgatlhiwa thata ke tsela e lo neng lwa tlhalosa ka yone hisitori ya kafa dikgotlhang tseno di simologileng ka teng le medi ya tsone e e tseneletseng kwa teng go tloga fela ka 1054. Seno se ne sa thusa thata mo go senoleng kafa bodumedi bo ileng jwa tshegetsa ka gone bo sa ipone tsapa mo go direng gore batho ba kgaogane ba bo ba ilane ka ntlha ya ditšhaba tsa bone. Maswabi ke gore se lefatshe le se bonang fela gompieno ke bosula jo bo mo bathong bano ba ba molemo ka tlholego. Ke rata go lo leboga gape ka ntlha ya go thusa batho go tlhaloganya seemo seno se go leng thata go se tlhaloganya. [Go saenne] M. K.”

Tsogang! e ile ya itlhoma kwa pele mo go begeng dilo kafa tshwanelong le mo go batlisiseng dilo ka kelotlhoko. Mme gape ke makasine o o fang batho tsholofelo kaga isagwe e go nang le kagiso mo go yone e e theilweng mo tsholofetsong ya Modimo ya go dira gore lefatshe le busiwe ke Bogosi jwa gagwe.

Fa e le gore o ka rata go bala makasine ono ka metlha, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kana o kwalele kwa go nngwe ya diaterese tse di tshwanetseng tse di mo tsebeng ya 5.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Right: Culver Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela