Baakanya Botsala ka Bonako!
A MOKAULENGWE kgotsa kgaitsadi o kile a go utlwisa botlhoko mo e leng gore gone jaanong ga lo tlhole lo le ditsala? Gore o baakanye botsala jwa lona, o tshwanetse go rarabolola bothata ka bonako e bile o dire jalo ka maikaelelo a a siameng.a
Ka sekai, fa motho a robegile lerapo, o tshwanetse go ya kwa ngakeng gore a kgone go fola. Mme fa a ka se ka a dira jalo ka bonako, o tla nna fela a le mo ditlhabing. Se se maswe le go feta ke gore a ka nna a golafala.
Fela jaaka motho yo o robegileng lerapo, re tshwanetse go nna bonako go baakanya botsala jwa rona. Fa re sa dire jalo, re tla nna fela re utlwile botlhoko, re bolokile sekgopi, e bile go ka direga gore re se ka ra tlhola re nna ditsala. Jesu o ile a re: “Nna bonako go rarabolola dikgang.” (Math. 5:25) Ka jalo, bua le tsala ya gago o le pelonomi mme gone o mmolelele gore ke eng se se go utlwisitseng botlhoko. Goreng go ka nna thata go dira jalo? A re tlotleng ka mabaka ano a mabedi.
La ntlha, o ka tswa o akanya gore go botoka gore o itlhokomolose kgang eo ka gonne o sa ikutlwe o phuthologile go bua ka yone.b Akanya ka se se diragaletseng Yudia le Sentike. Bokgaitsadi bano ba ne ba sa kgone go rarabolola kgotlhang e ba neng ba na le yone. Go lebega go ne go fetile lobaka lo loleele ba sa e rarabolole ka gonne moaposetoloi Paulo, yo o neng a le kgakala kwa Roma, o ile a utlwela ka yone. O ile a ba kopa gore ba dire sotlhe se ba ka se kgonang gore ba agisane. (Bafil. 4:2) Go nna boikokobetso, go bua ka bothata jono le go itshwarelana, go ne go tla ba thusa gore e nne ditsala gape.
La bobedi, o ka tswa o lebeletse gore tsala ya gago e tle go go bolelela gore ke yone e e phoso. Mme gone selo sa botlhokwa ke gore lo nne ditsala gape, e seng go bontsha gore ke mang yo o phoso. Ngaka e amega thata ka go alafa motho yo o robegileng lerapo, e seng ka go batla go itse dintlha tsotlhe tsa gore go tlile jang gore a robege. Ka jalo fa o ya go bua le tsala ya gago, o se ka wa akanya thata ka gore ke mang yo o bakileng bothata. Go na le moo, gopola gore o tsaya botsala jwa lona bo le botlhokwa e bile o batla gore lo nne ditsala gape.
Fa e le gore o na le bothata le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, bua le ene gompieno mme lo leke go baakanya botsala jwa lona. “Lo se ka lwa letla gore letsatsi le phirime lo sa ntse lo galefile.” (Baef. 4:26) Fa lo dira sotlhe se lo ka se kgonang go baakanya botsala jwa lona ka bonako, lo tla “dirisana ka kagiso.”—Baef. 4:1-3.
a Fa ditsala di utlwisane botlhoko mme e se sengwe se se masisi, ba tshwanetse go bua ka bothata joo mme ba ikemisetse go itshwarelana. (Math. 5:23, 24) Fa e le gore bothata joo bo masisi, ba ka kopa bagolwane gore ba ba thuse. (Math. 18:17) Mme pele ba dira jalo, ba tshwanetse go dira se Mathaio 18:15 le 16 e se buang.
b Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dirile sengwe se se re utlwisitseng botlhoko mme re sa ntse re le ditsala, re ka tlhopha go lebala ka sone.—Diane 26:20.