KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Baakanyetsa Dikarabo Tse di Tla Nonotshang ba Bangwe
Fa re le kwa dipokanong, re na le tshono ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka dikarabo tsa rona. (Baheb. 10:24, 25) Re ka baakanyetsa jang dikarabo tse di tla kgothatsang ba bangwe?
Rapela Jehofa. Mo kope gore a go thuse gore fa o araba o mmake le gore o kgothatse ba bangwe.—Pes. 35:18.
O se ka wa bala fela se se mo kgatisong. Fa o araba ka mafoko a gago, ba bangwe ba tla kgothadiwa ke go go utlwa o tlhalosa tumelo ya gago.
Araba ka bokhutshwane. Gantsi dikarabo tse dikhutshwane e bile di le motlhofo di kgothatsa ba bangwe e bile di dira gore batho ba le bantsi ba kgone go araba.—Diane 10:19.
Kgothatsa ba bangwe fa o araba. O se ka wa kgalemela kgotsa wa tshwayatshwaya phuthego kgotsa Mokeresete mongwe phoso fa o araba.
Tota le fa o sa supiwa gore o arabe, o sa ntse o ka kgona go kgothatsa ba bangwe. Reetsa ka tlhoafalo fa ba araba, mme o ba lebogele dikarabo tsa bone morago ga dipokano.—Diane 10:21.