LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/96 ts. 8
  • Senkang Batho ba ba Tshwanelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Senkang Batho ba ba Tshwanelang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bua Boammaaruri le wa Gaeno
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • “Tumelo e Tswa mo go Utlweng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ipaakanyetse Tiro ya Dimakasine ka April
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 4/96 ts. 8

Senkang Batho ba ba Tshwanelang

1 Boikaelelo jo bongwe jwa tiro ya go rera ke go bona batho ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Re kgona go fitlhelela seno ka tsela e e molemolemo ka go tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka gonne makwalopaka a rona a itsise batho ka tsholofelo ya Bogosi. Re tla bo re tsamaisa dimakasine tseno ka April. Re solofela gore re ka kgona go simolola dithuto tse disha tsa Baebele koo re boneng kgatlhego gone ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Dikakantsho dingwe tse di ka go thusang ke tse:

2 Fa o dirisa “Tora ya Tebelo” ya April 1 o ka nna wa buelela setlhogo se se reng “Bakang Kgosi ya Bosaenkae!,” mme o bo o re:

◼ ◼“Batho ba le bantsi ba re buang le bone ba dumela mo Modimong. Bangwe ba fitlhela go le thata go dumela mo go ene. Wena o ikutlwa jang? [Letela karabo.] Re na le bosupi jo bo bonalang jo bo bontshang gore go tshwanetse ga bo go na le Modimo. [Bala Pesalema 104:24.] Fa re bona khamera kana khomputara, re dumela fela kwantle ga pelaelo gore go tshwanetse ga bo go na le motlhami mongwe yo o botlhale yo o e dirileng. A go tla bo go utlwala go bolela gore dilo tse di raraaneng thata go gaisa tseo, tse di jaaka lefatshe le rona batho, di itlhagetse fela?” Dirisa serapa sengwe mo setlhogong seo go bontsha lebaka le le utlwalang la go bo re tshwanetse go dumela mo Modimong. Tsamaisa dimakasine ka moneelo o o tlwaelegileng.

3 Makasine wa “Tora ya Tebelo” ya April 15 o na le setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo Kobamelo ya Boammaaruri e Segofadiwa ke Modimo.” Pele o e tsamaisa o ka nna wa botsa jaana:

◼ “E re ka go na le ditumelo tse dintsi mo lefatsheng, a o akanya gore Modimo o ka tswa o di amogela tsotlhe? [Letela karabo.] Jesu o ne a bolelela pele gore lefa go na le batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke badumedi, ba ba sa direng go rata ga Modimo ba tla ganwa. [Bala Mathaio 7:21-23.] Go botlhokwa gore re itse bodumedi jwa boammaaruri jo Jesu a neng a ruta ka jone.” Bula mo setlhogong se se reng “Bodumedi Jwa Boammaaruri bo Tshwanetse Jwa Ungwa Maungo Afe?,” se se simololang mo tsebeng 16, o bo o tlotla ka sekai se le sengwe go tlhalosa ntlha eo.

4 Fa o buelela setlhogo se segolo mo makasineng wa “Tsogang!” wa May 8, se se reng “Fa go Sa Tlhole Go na Le Dintwa,” o ka nna wa bolela jaana:

◼ “Mo lekgolong leno la dingwaga go nnile le dintwa tse dintsi thata go akaretsa le dintwa tse pedi tsa lefatshe. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang baeteledipele botlhe ba lefatshe ba re ba batla kagiso. Mongwe le mongwe yo ke mo itseng o bua fela jalo. Fa e le gore mongwe le mongwe o batla kagiso, ke eng fa ba sa kgone go e bona? [Letela karabo.] O akanya gore go tlhokega eng gore re bone kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng?” Fa mongantlo a sena go araba, bula tsebe 8 le 9 mme o bo o bala ditemana tse di jaaka Pesalema 46:8, 9. Mmontshe gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa jang kagiso e e tla nnelang ruri mo lefatsheng lotlhe o dirisa ditshwantsho le dikwalo tse di nopotsweng. Morago ga foo tsamaisa dimakasine ka moneelo o o tlwaelegileng mme o bo o rulaganyetsa go boa.

5 Fa o kopana le batho ba bantsi ba ba reng ba tshwaregile, o ka nna wa leka seno:

◼ “Re rata go thusa batho ba ba tshwaregileng mo botshelong mme ba sena nako e e kalo ya go akanya ka dilo tsa semoya mo botshelong. Makwalopaka a rona e leng Tora ya Tebelo le Tsogang!, a kwadilwe ka tsela ya gore a go fe tshedimosetso e e tshwanetseng malebana le dikgang tse di botlhokwa tse di amang wena le lelapa la gago. Nka rata go go tlogelela dikhopi tseno gore o di bale.”

6 Tlhomamisa gore o neye batho ba ba amogelang dimakasine sebaka sa gore ba dire peeletso ya makasine o le mongwe kana tsoopedi. Ba tla solegelwa molemo tota fa ba bala makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, tse di tlisang “mafoko a mantle a a molemo.”—Isa. 52:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela