LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/96 ts. 8
  • “Tumelo e Tswa mo go Utlweng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tumelo e Tswa mo go Utlweng”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Botshelo Jo bo Sa Khutleng ke Jo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Anamisa Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kitso e e Tswang Kwa Modimong e Araba Dipotso Tse Dintsi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Thusa ba Bangwe go Nna le Kitso e e Isang Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 4/96 ts. 8

“Tumelo e Tswa mo go Utlweng”

1 Fa re bona motho yo o “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng,” go botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya motho yoo malebana le dilo tse a di utlwileng. (Dit. 13:48; Bar. 10:17) Gore re tle re kgone go dira jalo, re tshwanetse go boela kwa re tsamaisitseng dimakasine gone gore re ise dimakasine tse di latelang tseo mme re bo re tlotla le bone go ya pele. Mme gape re tshwanetse go nna podimatseba go buelela dipeeletso tsa dimakasine tsa rona. Lefa go ntse jalo, ipeele mokgele wa go simolola thuto ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Dikakantsho dingwe tse di ka thusang ke tse:

2 Fa o dira loeto lwa go boela kwa o neng o tlotla ka setlhogo se se reng “Bakang Kgosi ya Bosaenkae!,” o ka nna wa simolola ka gore:

◼ “Fa re ne re tlotla maloba, re ne ra sekaseka bosupi jo bo bontshang gore go na le Modimo mothatayotlhe. Lefa go ntse jalo, go itse fela gore o gone ga go a lekana. Re tshwanetse go itse leina la gagwe. O bitsa Modimo ka leina lefe? [Letela karabo.] Dimilione tsa batho di mmitsa fela ‘Morena’ kana ‘Modimo,’ maina a e leng direto fela. Mo godimo ga moo, o batla gore re mo itse ka leina la gagwe. [Bala Pesalema 83:18.] Baebele e re bolelela dilo tse dintsi kaga Jehofa Modimo, jaaka go tlhalosiwa mo bukeng eno.” Mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng 29 mo bukeng ya Kitso, mme o bo o bala mafokonyana a a fa thoko. Fa o sena go tlotla ka dirapa tsa ntlha tse tharo mo kgaolong 3, o tla bo o setse o simolotse thuto!

3 Mo bathong ba o neng o sekaseka setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo Bodumedi Jwa Lefatshe bo Tlile go Fela,” o ka nna wa godisa kgatlhego ya gagwe ka go bolela jaana:

◼ “Gongwe fa o sena go bala setlhogo seo o ile wa kgatlhiwa ke go bona gore ga re ka ke ra leba ditumelo tsotlhe ka tsela e e tshwanang. Go na le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. Seno se tsosa potso e e tshwanelang ya gore, Modimo o amogela bodumedi jwa bomang? Jesu o ne a araba potso eno mme e tlhalosiwa mo bukeng eno.” Bula kgaolo 5 mo bukeng ya Kitso mme o bo o bala serapa 4, mmogo le Johane 4:23, 24. Morago ga foo mmotse gore, “A o ka rata go nna le thuto ya legae ya Baebele ya mahala?” Fa a re ee, bula kgaolo 1 o bo o simolola thuto.

4 Fa ba ne ba kgatlhegela makasine wa “Tsogang!” wa May 8, fa o boela o ka nna wa leka go bua jaana gore o simolole thuto mo bukeng ya “Kitso”:

◼ “O ka nna wa bo o santse o gakologelwa tsela e re neng re tlotla ka yone malebana le tebelelo ya gore kgabagare re tla bo re bona lefatshe le sena ntwa. Go thata go akanya gore go tla bo go ntse jang tota. Motaki o supa ka setshwantsho seno gore go tla nna jang. [Mmontshe setshwantsho se se mo ditsebeng 188-9 mo bukeng ya Kitso.] A ga go kitla go nna monate go nna mo lefelong le le ntseng jaana? [Bula ditsebe 4-5, mmontshe setshwantsho mme o bo o bala se se mo lebokosong.] Setlhogo sa buka eno se tshwana le mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 17:3. [E bale.] Fa o ka ntetla, nka rata go go bontsha gore buka eno e ka dirisiwa jang le Baebele ya gago go bona kitso eo e e bolokang botshelo.” Fa mongantlo a rata, simolola thuto mo kgaolong ya ntlha.

5 Fa e le gore o ne wa kopana le motho yo o neng a tshwaregile fa o ne o mo etetse la ntlha, o ka nna wa bolela jaana fa o boela:

◼ “Ke ne ke go etetse bosheng jaana mme ka go tlogelela dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Makwalopaka ano a dira gore re tlotle Baebele le kaelo ya yone e e siameng. E re ka ke akanya gore go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tlhaloganye Lefoko la Modimo, ke ile ka boa go tla go go bontsha sengwe se se ka go thusang go e tlhaloganya.” Mmontshe buka ya Kitso, mme o bo o tlhalosa diteng tse di mo tsebeng ya 3. Mmotse gore ke kgaolo efe e e mo kgatlhang thata, e bule mme o simolole thuto.

6 Re tla itumela thata fa re ka kgona go ‘phunyetsa batho ba bangwe kgoro ya tumelo’ e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Dit. 14:27; Joh. 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela