Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong
“U nthekoletse, Yehofa, wèna Modimo oa boamarure.”—PESALEMA 31:5.
1, 2. (a) Kgaitsadi mongwe o ne a ikutlwa jang ka sengwe se a neng a se bala mo makasineng wa Tora ya Tebelo? (b) Go bodiwa dipotso dife mabapi le makwalopaka a rona?
“KE LO LEBOGA fela thata,” go ne ga kwala jalo kgaitsadi mongwe wa Mokeresete, “ke lebogela tshedimosetso e e molemolemo e e tswang mo setlhogong sa Tora ya Tebelo se se reng ‘O ka Kgona go Gomotsega ka Dinako tsa Fa O Ngomogile Pelo.’a Dintlha di le dintsi tota tse lo neng lwa di tlhagisa moo eleruri e ne e le maikutlo a ke neng ke tshwanetse go a itshokela; e ne e kete setlhogo seno se ne se kwaletswe nna ka tlhamalalo. Fa ke ne ke se bala la ntlha, ke ne ka tsholola dikeledi. Go monate tota go lemoga gore go na le motho mongwe yo o itseng kafa ke ikutlwang ka teng! Ke leboga tota go bo ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke kae gape koo re ka solofediwang botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo isagweng e e gaufi mme gone jaanong re bo re bonela meyasebele ya rona tapologo! Ke a leboga. Ke leboga go menagane gantsintsi tota.”
2 A wena o kile wa ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo? A o kile wa bona sengwe mo lokwalopakeng lwa Tora ya Tebelo kana mo go la ga lone, e leng Tsogang!, se e keteng ruriruri se ne se kwaletswe wena? Ke eng se se dirang gore dimakasine tsa rona di gape dipelo tsa batho jaana? Re ka thusa ba bangwe jang gore ba solegelwe molemo ke molaetsa o di o tshotseng o o nayang botshelo?—1 Timotheo 4:16.
Dimakasine Tse Di Buelelang Boammaaruri
3. Ke lebaka lefe le le utlwalang le le dirileng gore dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ame dipelo tsa babadi ba le bantsi jaana?
3 Jehofa ke “Modimo oa boamarure.” (Pesalema 31:5) Lefoko la gagwe e leng Bibela, ke buka ya boammaaruri. (Yohane 17:17) Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba amogela boammaaruri. (Bapisa Yohane 4:23, 24.) Lebaka le lengwe le le dirileng gore Tora ya Tebelo le Tsogang! di ame dipelo tsa batho ba le bantsintsi ke go bo e le makwalopaka a a ikanyegang e bile a le boammaaruri. E bile tota, kgang ya go ikanyega ga boammaaruri jwa Bibela ke yone e dirileng gore Tora ya Tebelo e simolole go gatisiwa.
4, 5. (a) Ke maemo afe a a neng a dira gore C. T. Russell a gatise Watch Tower? (b) “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o dirisa jang lokwalopaka lwa Tora ya Tebelo?
4 Ka 1876, Charles T. Russell o ne a simolola go dira mmogo le Nelson H. Barbour, wa kwa Rochester, kwa New York. Russell o ne a tlamela ka madi gore tiro ya go gatisa makasine wa bodumedi wa Herald of the Morning wa ga Barbour e tswelele pele, Barbour e le ene mokwadi yo mogolo fa Russell ene e le motlatsa mokwadi. Lefa go ntse jalo, fa go sena go feta mo e ka nnang ngwaga le sephatlo, mo tokololong ya August 1878 ya Herald, Barbour o ne a gatisa setlhogo se se neng se sa dumelane le gore re rekolotswe ka tlhotlhwa ya loso lwa ga Keresete. Russell, yo o neng a le mmotlana mo go Barbour ka dingwaga tse di ka nnang 30, o ne a tsaya kgato ka go kwala setlhogo sengwe se se neng se tshegetsa thekololo mo tokololong e e neng e latela eo, e a neng a bolela gore ke “nngwe ya dithuto tse di botlhokwa thata go gaisa ya Lefoko la Modimo.” (Mathaio 20:28) Fa Russell a sena go leka thata go bontsha Barbour mabaka a a tswang mo Dikwalong, labofelo o ne a swetsa ka gore a kgaogane le Herald gotlhelele. Leina la ga Russell ga le a ka la tlhola le kwalwa go twe ke motlatsa mokwadi, go simolola ka tokololo ya lokwalopaka loo ya June 1879. Morago ga kgwedi, Russell yo o neng a na le dingwaga di le 27 o ne a simolola go gatisa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence (e jaanong e itsiweng gore ke Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa), e go tswa kwa tshimologong fela e ileng ya tshegetsa boammaaruri jwa Dikwalo, jo bo jaaka thekololo.
5 Mo dingwageng tse 114 tse di fetileng, Tora ya Tebelo e ile ya itshupa e tshegetsa boammaaruri jwa Bibela le thuto ya yone, fela jaaka mmueledi yo o setswerere. Fa e ntse e tsweletse pele e gatisiwa, e ile ya dira gore dimilione tsa babadi ba ba nang le kanaanelo ba e ikanye. E santse e tshegetsa thekololo fela thata. (Ka sekai, bona tokololo ya February 15, 1991.) Mme “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le Setlhopha Se Se Laolang sa gagwe o santse a e dirisa go itsise Bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlhomilweng le go aba dijo tsa semoya “ka dipaka tse e leñ cōna.”—Mathaio 24:14, 45.
6, 7. Go ne go boletswe fa boikaelelo jwa The Golden Age e le bofe, mme ke eng se se bontshang gore batho ba ba akanyang sentle ba ile ba amogela molaetsa wa yone?
6 Re ka reng ka makasine wa Tsogang!? Fa e sale e simologa, Tsogang! le yone e ntse e buelela boammaaruri. Makasine ono, o kwa tshimologong o neng o bidiwa The Golden Age, o ne o diretswe gore o tsamaisediwe batho. Tokololo ya ntlha, ya October 1, 1919 e ne ya bolela jaana malebana le boikaelelo jwa yone: “Boikaelelo jwa yone ke go tlhalosa bokao jo bo boammaaruri jwa ditiragalo tse dikgolo tsa motlha wa segompieno e dirisa lesedi la botlhale jwa Modimo le go bontsha batho ba ba akanyang sentle bosupi jo bo sa belaetseng le jo bo tlhatswang pelo jwa gore nako jaanong e setse e atametse ya gore batho ba amogele masego a magolo.” Batho ba ba akanyang sentle ba ne ba amogela molaetsa wa The Golden Age. E ne ya ba ya anamisiwa go feta The Watchtower mo dingwageng di le dintsi.b
7 Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo makwalopaka a Tora ya Tebelo le Tsogang! a gogela thata jaana ga se ka gonne fela a gatisa thuto ya boammaaruri le go tlhalosa ditiragalo tsa boperofeti tsa maemo a lefatshe. Segolobogolo mo dingwageng tse di lesome kana tse di masomepedi tse di fetileng, go na le lebaka le lengwe gape le le ileng la dira gore dimakasine tsa rona di gape dipelo tsa batho.
Ditlhogo Tse Di mo Nakong Tse Di Amang Matshelo a Batho
8. Ke eng se Yude a neng a se fetola fa a ntse a kwala, a rotloetsa babadi ba gagwe go gana ditlhotlheletso dife mo phuthegong?
8 Mo e ka nnang dingwaga tse 30 morago ga loso lwa ga Jesu Keresete le go tsosiwa ga gagwe, mokwadi wa Bibela e bong Yude o ne a itshokela seemo se se gwetlhang tota. Batho ba ba neng ba na le boitsholo jo bo maswe, ba ba neng ba itshwara sephologolo ba ne ba tsene mo gare ga Bakeresete. Yude o ne a ikaeletse go kwalela Bakeresete ka ene kaga kgang e e amang bodumedi—poloko e e tla tlelang Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng. Go na le moo, e re ka a ne a kaelwa ke moya o o boitshepo, o ile a bona go le botlhokwa gore a rotloetse batho ba ba balang dikwalo tsa gagwe gore ba gane ditlhotlheletso tse di senyang tse di mo teng ga phuthego. (Yude 3, 4, 19-23) Yude o ne a fetoga le seemo mme a ba a ntsha kgakololo e e mo nakong e e neng e tshwanela dilo tse di neng di tlhokwa ke bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete.
9. Go gatisa ditlhogo tse di mo nakong tsa makwalopaka a rona go akaretsa eng?
9 Ka mo go tshwanang, go gatisa ditlhogo tse di mo nakong tsa makwalopaka a rona ke boikarabelo jo bo gwetlhang tota. Dinako di a fetofetoga, le batho le bone ba a fetoga—dilo tse ba di tlhokang le tse di ba kgatlhang ga di tshwane le tsa mo dingwageng tse di lesome kana tse di masomepedi tse di fetileng. Molebedi mongwe yo o etang o ne a lemoga seno bosheng jaana: “Fa ke ne ke simolola go nna Mosupi mo dingwageng tsa bo1950, mokgwa o re neng re ithuta Bibela le batho ka one o ne o theilwe thata mo dithutong tsa bodumedi—re ne re ba ruta boammaaruri kaga Tharonngwe, molelo wa dihele, moyasebele, le tse dingwe fela jalo. Mme jaanong, go bonala batho ba na le mathata a mantsi mo matshelong a bone mo re tshwanelwang ke go ba ruta kafa ba ka tshelang ka gone.” Ke ka ntlha yang fa seno se le jalo?
10. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go gakgamadiwa ke go bo boitsholo bo ntse bo leswafalela pele ka iketlo mo dikgannyeng tsa batho fa e sale go tloga ka 1914?
10 Bibela e ne ya bolelela pele jaana fa e ne e bua ka ‘metlha ya bofelo’: “Batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele hèla ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:1, 13) Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamala go bo boitsholo bo ne jwa senyegela pele ka iketlo mo dikgannyeng tsa batho fa e sale motlha wa bofelo o simologa ka 1914. Satane, yo o saletsweng ke nako e khutshwane go feta lefa e le leng pele, o galefela batho le go gaisa. (Tshenolō 12:9, 12) Ka lone lebaka leo, boitsholo le ditekanyetso tsa lelapa ga di sa tlhole di ntse jaaka tsele tsa dingwaga tse 30 kana tse 40 tse di fetileng. Batho ka kakaretso fela ga ba sa tlhole ba rata bodumedi jaaka mo dingwageng tse di masomesome tse di fetileng. Bokebekwa bo ntsifetse mo batho ba itshireletsang ka tsela e e neng e sa itsewe mo dingwageng tse 20 kana tse 30 tse di fetileng.—Mathaio 24:12.
11. (a) Batho ba akantse ka mefuta efe ya dikgang, mme setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale se ne sa tsaya kgato efe go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang? (b) Naya sekai sa setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo kana Tsogang! se se ileng sa ama botshelo jwa gago.
11 Ga go gakgamatse, he gore dikgang tsa maikutlo, tsa loago, le tsa lelapa, di bo di tshwenya batho ba le bantsi jaana. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale se ile sa tsaya kgato ka bopelokgale se dirisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka gore se gatise ditlhogo tse di mo nakong tse di tla thusang ka dilo tse batho ba di tlhokang tota le tse di neng tsa ama matshelo a bone. Sekaseka dikai tse dingwe.
12. (a) Ke ka ntlha yang fa ditlhogo tse di buang ka malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela di ne tsa gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ka 1980? (b) Kgaitsadi mongwe o ne a bontsha jang gore o anaanela ditlhogo tse di malebana le malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela?
12 Dikgang tsa lelapa. Fa dipego tsa lefatshe lotlhe di ne di bontsha gore malapa a go nang le motsadi a le mongwe fela a ntse a oketsega ka palo, go ne ga gatisiwa ditlhogo tse disha mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya March 1, 1981, tse di neng di na le setlhogo se se reng “Malapa A A Nang le Motsadi a le Mongwe Fela—Ba Itshokela Mathata.” Ditlhogo tseno di ne di na le maikaelelo ano a mabedi: (1) go thusa batsadi ba ba leng bangwe fela go itshokela mathata a e leng a mofuta wa one fela a ba lebaneng le one le (2) go thusa ba bangwe gore ba sedimosediwe botoka gore ba ‘ratane’ le go “lekola” malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela ka tsela ya mmatota. (1 Petere 3:8; Yakobe 1:27) Babadi ba le bantsi ba ne ba kwala ba itumelela ditlhogo tseno. “Eleruri fa ke ne ke e bona ka fa ntle ke ne ka tsholola dikeledi,” motsadi mongwe yo o mongwe fela o ne a kwala jalo, “mme e ne ya re fa ke bula makasine ono ke bo ke bala tshedimosetso eo, ke ne ka leboga Jehofa tota go bo a ne a nneela tshedimosetso e e ntseng jalo ka nako e e tshwanetseng.”
13. Awake! ya 1981 e ne ya gatisa tlhaloso efe e e bophara mabapi le go tshwenyega thata mo maikutlong mme mmadi mongwe o ne a reng ka yone?
13 Dikgang tsa maikutlo. Go ne ga tlotliwa ka kgang ya go tshwenyega thata mo maikutlong fa e sale mo dingwageng tsa bo1960 mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! (1 Bathesalonia 5:14) Mme lefa go ntse jalo setlhogo seno se ne sa sekasekiwa sesha le ka tsela e e tshwanelang mo motseletseleng wa setlhogo se se kafa ntle se se reng “You Can Fight Depression! [O Ka Fenya go Tshwenyega Thata mo Maikutlong!]” go Awake! ya September 8, 1981. Go ise go ye kae makwalo a ne a tshologela kwa Mokgatlhong wa Watch Tower a tswa dintlheng tsotlhe tsa lefatshe e le a a bontshang kanaanelo. “Ke ka tlhalosa jang mo pampiring gore ke ikutlwa jang mo pelong?” kgaitsadi mongwe o ne a kwala jalo. “Ke na le dingwaga di le 24, mme mo dingwageng tse lesome tse di fetileng, ke ne ke nna le dinako di le dintsi ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Mme jaanong ke ikutlwa ke le gaufi thata le Jehofa e bile ke itumelela go bo a ne a tsaya kgato mabapi le dilo tse di tlhokwang ke batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ka ditlhogo tseno tse di bontshang lorato, mme ke sone se ke neng ke batla go lo se bolelela.”
14, 15. (a) Kgang ya go sotlwa ga bana e ne ya tlotliwa jang mo makwalopakeng a rona? (b) Mopalami mongwe wa dipitse wa kwa Australia o ne a kgatlhiwa ke ditlhogo dife tsa makasine?
14 Dikgang tsa loago. Bibela e ne ya bolelela pele gore “mo metlheñ ea bohèlō” batho ba ne ba tla nna “baithati, . . . ba sena loratō loa tlhōlègō, . . . ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè.” (2 Timotheo 3:1-3) Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo go sotlwa ga bana go tletse gongwe le gongwe gompieno. Kgang eno e ne ya tlotliwa ka tlhamalalo mo setlhogong se se reng “Thuso go Ba Ba Beteletsweng ke Ba-Losika” sa Tora ya Tebelo ya April 1, 1984. Fa go sena go feta dingwaga di le robedi, go ne ga gatisiwa ka kelotlhoko motseletsele wa setlhogo se se kafa ntle se se reng “Go Fodisa Dintho Tse Di Bakilweng ke go Sotliwa Fa O Ne O Sale Ngwana” sa Tsogang! ya October 8, 1991 se se neng se rulagantswe sentle go thusa batho ba ba sotlilweng gore ba tlhaloganye le go nna le tsholofelo mmogo le go sedimosetsa ba bangwe gore le bone ba thuse ka tsela e e mosola. Motseletsele ono wa ditlhogo o ne wa dira gore babadi ba le bantsi thata go feta nako epe e sale makwalopaka a rona a nna gone, ba kwale kaga tsone. Mmadi mongwe o ne a kwala jaana: “Sengwe se se nthusitseng thata gore ke fole e ile ya nna dintlha tse di gomotsang le ditshupiso tsa Dikwalo mo ditlhogong tseno. Go itse fela gore Jehofa ga a ntseele kwa tlase go ne ga dira gore ke wele dibete tota. Go itse fela gore ke ne ke se nosi go ne ga nkgomotsa ka mo go tshwanang.”
15 Mopalami mongwe wa dipitse kwa Melbourne, kwa Australia, o ne a leletsa kgakala kwa ofising ya kwa Sidney ya Mokgatlho wa Watch Tower, a bolela kafa a kgopisiwang ka teng ke dilo tse di diragalang malebana le mabelo a dipitse. O ne a bolela gore o ne a sa tswa go bala Tsogang! ya March 8, 1993 e e buang ka “Petelelo—Selo Se Se Sa Jeseng Basadi Diwelang” mme o ne a gakgamaletse thata gore makasine wa botlhokwa jalo o a bonwa. O ne a botsa dipotso metsotso e ka nna 30 mme a itumelela go utlwa dikarabo tse a neng a di newa.
16. O ka bontsha ka ditsela dife gore o anaanela makwalopaka a rona?
16 Go tweng ka wena? A botshelo jwa gago bo ile jwa amiwa ke setlhogo se se rileng se se gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo kana Tsogang!? Fa go le jalo, kwantle ga pelaelo o itumelela makwalopaka a rona fela thata. O ka bontsha jang gore o a di anaanela? Eleruri ka go ipalela tokololo nngwe le nngwe. Gape o ka nna le seabe sa go aba makwalopaka ano a a botlhokwa ka bontsi jo o ka bo kgonang. Seno se ka dirwa jang?
Di Abele Ba Bangwe!
17. Diphuthego di ka dira jang go oketsa tsela ya tsone ya go anamisa dimakasine?
17 Lantlha, go na le sengwe se phuthego nngwe le nngwe e ka se dirang. Tokololo ya Informant ya October 1952 (e jaanong e leng Tirelo ya Rona ya Bogosi) e ne ya bolela jaana: “Ditsela tse di nang le matswela thata tsa go tsamaisa dimakasine ke ka ntlo le ntlo le kwa mabenkeleng. Ka gone Mokgatlho o akantsha gore ditsela tseno tsa go tsamaisa dimakasine di tshwanetse go nna karolo ya ka metlha ya tiro ya Letsatsi la Dimakasine.” Kgakololo eo e sa ntse e dira le gompieno. Diphuthego di ka rulaganya gore go nne le Letsatsi la Dimakasine la ka metlha, e leng letsatsi le le beetsweng kwa thoko la go neela bosupi ka dimakasine fela. Diphuthego di le dintsi di tla fitlhela gore boMatlhatso ba ba rileng eleruri ke yone nako e e tshwanetseng. Ee, e kete phuthego nngwe le nngwe e ka beela kwa thoko malatsi kana maitseboa mangwe a a kgethegileng e le a go neela bosupi ka dimakasine—ka ntlo le ntlo, kwa mabenkeleng, mo tirong ya mebila, le mo ditselaneng tsa dimakasine. Mo godimo ga moo, wena jaaka mmoledi wa Bogosi, ke eng se o ka se dirang gore o oketse palo e dimakasine di anamisiwang ka yone?
18, 19. (a) Go kgothalela Tora ya Tebelo le Tsogang! go ka go thusa jang go tsamaisa dimakasine? (b) Mosola wa puisano e khutshwane, e bile e opa kgomo lonaka ke ofe fa re tsamaisa dimakasine? (c) Ke eng se se bontshang kafa go leng botlhokwa ka gone go tlogela dimakasine mo magaeng a batho?
18 Kgato ya ntlha ke go kgothalela “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” Bala dimakasine tseno nako e sa ntse e le teng. Fa o ntse o bala setlhogo sengwe le sengwe, ipotse jaana, ‘Ke mang yo o ka kgatlhegelang setlhogo seno?’ Akanya mafoko a sekae a o ka a buang go dira gore motho a kgatlhegele setlhogo seno. Mo godimo ga go tshegetsa Letsatsi la Dimakasine ka metlha, ke ka ntlha yang o sa tsamaye o tshwere dikopi dingwe e le gore fa o bona sebaka sengwe o bo o ka se sola molemo o di abela ba bangwe—fa o tsaya mosepele kana o ya mabenkeleng le fa o bua le badirikawena, baagisani, ba o tsenang sekolo le bone, kana barutabana?
19 Kakantsho ya bobedi ke ya gore e nne motlhofo. The Watchtower ya December 1, 1956 e ne ya bolela jaana: “Puisano e khutshwane, e e opang kgomo lonaka ke yone e e molemolemo fa o tsamaisa dimakasine. Boikaelelo ke go tsamaisa dikopi di le dintsi. Ke tsone tse di tla ‘ipuelelang.’” Baboledi ba bangwe ba bone go le mosola gore ba tseye kgopolo e le nngwe mo setlhogong sengwe, ba bo ba e bua ka mafoko a sekaenyana, ba bo ba tsamaisa dimakasine tseno. Fa motho mongwe mo gae a tsere dimakasine, di ka nna tsa “bua” le ba bangwe kwantle ga yo o neng a di tsaya mo go wena. Kwa Ireland mosha mongwe yo o tsenang sekolo kwa yunibesithing o ne a bala tokololo ya Tora ya Tebelo ya September 1, 1991, e rraagwe a neng a e tsere mo Mosuping mongwe. Ditlhogo tse di neng di bua ka puisano le ka dikgang tse dingwe di ne tsa dira gore a nne le kgatlhego. Ka bofefo fela fa a sena go bala makasine ono, o ne a founela Basupi, a dirisa nomoro e e mo lenaaneng la buka ya difoune. Go ise go ye kae o ne a simolola go ithuta Bibela, e bile mohumagatsana yono o ne a kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” ka July 1993. A re direng bojotlhe jwa rona gore re ise dimakasine tseno kwa magaeng a batho, gore di kgone “go bua” le bone! Molebedi mongwe yo o etang o ne a ntsha kakantsho e nngwe e e motlhofo: “Ntsha dimakasine mo bekeng ya gago ya dibuka.” Eleruri, fa se o se buang se sa gape kgatlhego ya mong wa ntlo, he gongwe ditshwantsho tsa sone tse di kafa ntle tse di ntlentle di tla go tsamaisetsa dimakasine tseo.
20, 21. (a) O ka fetofetoga jang fa o le mo tirong ya dimakasine? (b) O ka dira eng gore o kgone go tsamaisa dimakasine di le dintsi kgwedi nngwe le nngwe?
20 Kakantsho ya boraro ke ya gore o fetofetoge. (Bapisa 1 Bakorintha 9:19-23.) Baakanyetsa dipuisano di sekaenyana tse dikhutshwane. Dira gore o nne o akantse ka setlhogo se le sengwe se se tla kgatlhang banna, se sengwe basadi. Fa e le basha, o ka nna wa ba bontsha setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana. . . .” Gape, o tshwanetse wa fetofetoga gore o itse gore o tla nna le seabe leng mo tirong ya dimakasine. Mo godimo ga Letsatsi la Dimakasine, o ka fitlhela gore go neela bosupi mo maitsiboeng go go neela sebaka se se molemolemo sa go tsamaisa dimakasine ka ntlo le ntlo.
21 Kakantsho ya bonè ke gore o ipeele mokgele ka namana. Tsenyeletso e e reng “Dimakasine Di Supa Tsela E E Isang Botshelong,” e e neng e le go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 1984, e ne ya bolela jaana: “Fa go akantshiwa fela, ka sekai, baboledi ba ka itirela mokgele wa go tsamaisa dimakasine di le 10 ka kgwedi, go ikaegile ka maemo a bone; babulatsela ba ka nna ba lekela go tsamaisa dimakasine di le 90. Le gale baboledi ba bangwe ba ka nna ba kgona go tsamaisa dimakasine tse di fetang tseo ka kgwedi mme ka jalo ba ka ipeela mokgele o o kwa godimo go feta foo. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba ipeela mekgele e e kwa tlase go feta eo ka ntlha ya bokoa, mofuta wa tshimo, kana ka ntlha ya mabaka a mangwe a a utlwalang. Lefa go ntse jalo go direla ga bone Jehofa go santse go le botlhokwa fela thata. (Math. 13:23; Luke 21:3, 4) Selo sa botlhokwa ke gore motho a ipeele mokgele wa gagwe ka namana.”
22. Re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa ka ntlha ya makwalopaka a rona a boammaaruri a a mo nakong?
22 A bo re leboga jang ne go bo Jehofa, “Modimo oa boamarure,” a ile a dirisa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe se se Laolang go re neela makwalopaka ano a a mo nakong! (Pesalema 31:5) Fa fela Jehofa a santse a rata, dimakasine tseno di tla tswelela pele di thusa ka dilo tsa mmatota tse batho ba di tlhokang. Di tla tswelela pele di rotloetsa ditekanyetso tsa ga Jehofa tse di kwa godimo tsa boitshwaro. Di ka se kgaotse go rotloetsa thuto e e siameng. E bile di tla tswelela pele di dira gore re tlhokomele go diragadiwa ga boperofeti jo bo tshwayang gore metlha ya rona ke yone e Bogosi jwa Modimo bo busang mo go yone e bile thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng go gaisa lefa e le leng pele ke baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba palo e e ntseng e oketsegela pele. (Mathaio 6:10; Tshenolō 11:15) A bo re na le letlotlo je le tlhwatlhwakgolo jang ne la Tora ya Tebelo le Tsogang! A re diriseng sebaka sengwe le sengwe gore re abele batho ba ba dipelo di ikanyegang makwalopaka ano a a botlhokwa a a amang matshelo a batho e bile a tshegetsa boammaaruri kaga Bogosi.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a July 15, 1992, ditsebe 19-22.
b Tora ya Tebelo e ne e lebiwa thatathata jaaka makasine o o neng o kwalelwa Bakeresete ba ba tloditsweng mo dingwageng di le dintsi. Lefa go ntse jalo, go simolola ka 1935 go ne ga gatelelwa thata gore ba “boidiidi yo bogolo,” ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng, ba ikamogelele Tora ya Tebelo ba bo ba e bale. (Tshenolō 7:9) Ka 1940, fa go sena go feta dingwaga di sekaenyana fela, Tora ya Tebelo e ne ya tsamaisediwa batho ka metlha mo mebileng. Morago ga moo, e ne ya tsamaisiwa ka bontsi jo bogolo.
O Ka Araba Jang?
◻ Ke eng se se bontshang gore Tora ya Tebelo le Tsogang! ke makwalopaka a boammaaruri?
◻ Tora ya Tebelo le Tsogang! di ile tsa ama matshelo a batho jang?
◻ Diphuthego di ka dira eng gore di oketse tsela ya tsone ya go anamisa dimakasine?
◻ Ke dikakantsho dife tse di ka go thusang gore o tsamaise dimakasine tse di oketsegileng?
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Ditlhogo Dingwe Tse Di Neng tsa Ama Matshelo a Batho
Mo dingwageng tse di fetileng babadi ba le bantsi ba ile ba kwala ba lebogela ditlhogo tse di rileng mo makasineng wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ditlhogo tse di mo lenaaneng le le fa tlase fano ke di sekae tsa tse dintsi tse di neng tsa ama babadi ba rona. A ditlhogo tseno kana tse dingwe di ile tsa fetola botshelo jwa gago?
Tora ya Tebelo
“Amogela Thuso ya Modimo go Fenya Diphoso tsa mo Sephiring” (April 15, 1985)
“Go Supa Poifomodimo mo Batsading Ba Ba Godileng” (June 1, 1987)
“Thuto E E Nang le Boikaelelo” (November 1, 1992)
Tsogang!
“You Can Fight Depression! [O Ka Fenya go Tshwenyega Thata mo Maikutlong!]” (September 8, 1981 ka Seesemane)
“When Someone You Love Dies . . . [Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Swa . . .]” (April 22, 1985 ka Seesemane)
“Sireletsa Bana Ba Gago!” (October 8, 1993)
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Kwa Canada—go rerwa ka ntlo le ntlo go dirisiwa dimakasine
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Kwa Myanmar—go tsamaisiwa dimakasine tse di bontshang tsela ya botshelo