LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/96 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Tshegetsa Tumelo ma Lelapeng le le Kgaoganeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 4/96 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Tsela e e tshwanetseng ya go dirisa mafoko “mokaulengwe” le “kgaitsadi” ke efe?

Fa a dirisiwa fela jaaka a ntse, mafoko “mokaulengwe” le “kgaitsadi” a raya bana ba motho. Gantsi kamano eno ya tlholego e dira gore batho bano ba atamalane thata mme go atamalana goo ga bone go tokafadiwa thata ke kamano ya bone ya botsala jo ba nang le jone, ya tikologo le ya maikutlo.

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba bitse Jehofa mo thapelong ba re “Raetsho.” Go dirisa lefoko leo go kaya gore jaaka Bakeresete, rotlhe re bontlhanngwe jwa lelapa le le lengwe leo mo go lone re nang le kamano e e molemolemo ya semoya. Jesu o ne a boa a gatelela seno gape fa a ne a bolelela balatedi ba gagwe gore “lotlhe lo bomorwa Rraalona.”—Math. 6:9; 23:8.

Ka go bo re na le kamano e e atamalaneng thata mo lelapeng la Modimo, re bitsana “Mokaulengwe” le “Kgaitsadi,” segolobogolo kwa dipokanong tsa phuthego. Lefa gone bangwe ba ka tswa ba tlwaetse go dirisa mafoko a a tshwanang le “Rra” le “Mma” fa ba bua le batho ba ba godileng kwa dipokanong tsa Bokeresete, re kgothalediwa gore rotlhe re dirise mafoko a puso ya Modimo e bong “Mokaulengwe” le “Kgaitsadi.” Ka dinako tseno tsa dilo tsa semoya, motho yo o okametseng pokano eo o tla bitsa batho ba ba kolobeditsweng ka lefoko “mokaulengwe” kana “kgaitsadi” a bo a akaretsa sefane sa motho yo a buang le ene.

Go tweng fa motho yo o sa kolobediwang a batla go nna le seabe mo dipokanong? Fa motho a ntse a kopanela le batho ba ga Jehofa ka sebaka se se leleele mme a setse a le gaufi le go kolobediwa, a itsaya gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ga go na molato go mmitsa “Mokaulengwe” kana “Kgaitsadi” o bo o akaretsa le sefane sa gagwe kwa bofelong. Seno se ka dirwa segolobogolo fa motho yoo e setse e le mmoledi yo o sa kolobediwang.

Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba kgatlhegang ba ba sa tswang go tla mo dipokanong tsa rona ga ba ise ba tseye kgato ya gore ba itlhaole e le bontlhanngwe jwa lelapa la Modimo. Batho bano ga ba kitla ba bidiwa “Mokaulengwe” kana “Kgaitsadi,” ka gonne ga ba ise ba nne le kamano ya semoya le lelapa la Modimo. Ka jalo, ka nako ya dipokano, re tla ba bitsa kafa tshwanelong, re dirisa sereto se se tshwanetseng se se jaaka “Rre” le sefane sa gagwe.

Go dirisa mafoko “mokaulengwe” le “kgaitsadi” kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego go supa gore re na le kamano e e atamalaneng thata le e e botlhokwa thata go gaisa fa re dirisa maina fela. Go re gopotsa kamano e e segofaditsweng thata e re nang le yone ya lelapa la semoya re na le Rre a le mongwe fela e bong Jehofa Modimo. Gape re gopodiwa ka lorato lo logolo le lo lo tswang pelong lo re ratanang ka lone.—Baef. 2:19; 1 Pet. 3:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela