Boemo Jwa Mmino mo Kobamelong ya Gompieno
GO OPELA ke mpho e e tswang kwa Modimong. Go tsholetsa mantswe a rona ka pina go ka re itumedisa le go itumedisa Mmopi wa rona. Ka one, re ka ntsha maikutlo a rona, a khutsafalo mmogo le a boitumelo. Go feta moo, re ka ntsha maikutlo a rona a lorato, a tlotlo le a go baka Mosimolodi wa mmino e leng Jehofa.
Bontsi jwa makgetlho a ka nna kgoloamararo a go buiwang ka mmino mo go one mo Baebeleng a amana le kobamelo ya ga Jehofa. Go opela go amana gape le boitumelo—e seng fela boitumelo jwa bao ba opelang mme boitumelo le mo go Jehofa ka boene. Mopesalema o ne a kwala jaana: “A ba mo opelele dipako. Gonne Jehofa o na le kgatlhego mo bathong ba gagwe.”—Pesalema 149:3, 4.
Mme gone go opela go botlhokwa go le kana kang mo kobamelong ya gompieno? Ke jang batho ba ga Jehofa gompieno ba ka mo itumedisang ka go tlhatlosa mantswe a bone ka go opela? Mmino o tshwanetse go nna le boemo bofe mo kobamelong ya boammaaruri? Go ithuta ka hisitori ya mmino mo kobamelong go tla thusa go araba dipotso tseno.
Boemo jo Mmino o Ntseng O na Le Jone mo Kobamelong mo Hisitoring
Lekgetlo la ntlha mo Baebeleng le go buiwang ka mmino mo go lone ga le amane ka tlhamalalo le kobamelo ya ga Jehofa. Mo go Genesise 4:21 Jubale go bolelwa fa e le mosimolodi wa seo e ka nnang ya nna go tlhamiwa ga diletswa tsa ntlha tsa mmino kana gongwe go tlhamiwa ga tiro ya mofuta mongwe ya mmino. Lefa go ntse jalo, mmino e ne e ntse e le karolo ya kobamelo ya ga Jehofa le pele batho ba bopiwa. Dithanolo di le dintsi tsa Baebele di tlhalosa baengele ba opela. Jobe 38:7 e re bolelela gore baengele ba goa ka boitumelo le go “thela lošalaba lwa boitumelo.” Ka jalo, go na le lebaka la Dikwalo la go dumela gore go opela mo kobamelong ya ga Jehofa go ne go dirwa bogologolo pele motho a tlhaga.
Bakwalahisitori bangwe ba bolela gore mmino wa bogologolo wa Sehebere e ne e le molodi fela, o sena dinoto tse di tsamaisanang le one. Lefa go ntse jalo, go ne go ka tshamekiwa dinoto tse di fetang e le nngwe ka nako e le nngwe mo harepeng, e leng seletswa se go buiwang thata ka sone mo Baebeleng. Baletsadiharepa ba tshwanetse ba bo ba ile ba lemoga molodi o o dumalanang o o tswang fa go kopanngwa medumo e e farologaneng ya seletswa. Go na le gore mmino wa bone e nne o o fetilweng ke nako, kwantle ga pelaelo mmino wa bone o ne o le wa maemo a a kwa godimo. Mme fa re tlhatlhoba maboko le mekwalo e mengwe e e tlwaelegileng ya Dikwalo tsa Sehebere, re ka konela ka gore mmino wa Baiseraele e ne e le wa maemo a a kwa godimo. Eleruri, se se neng se ba tlhotlheletsa go tlhama mmino wa bone e ne e le sa maemo a a kwa godimo thata go gaisa se se neng se tlhotlheletsa merafe ya boagelani.
Tsela e tempele ya bogologolo e neng e rulagantswe ka yone e ne e dira gore go kgonege go nna le mmino o o raraaneng wa diletswa le mantswe mo kobamelong ya mo tempeleng. (2 Ditirafalo 29:27, 28) Go ne go na le ‘ba ba tlhabeletsang,’ “ditswerere,” “ba ba ithutang,” le “ditlhogo tsa baopedi.” (1 Ditirafalo 15:21; 25:7, 8; Nehemia 12:46) Mokwalahisitori Curt Sachs fa a tshwaela ka botswerere jwa bone jo bo gatetseng pele jwa mmino, o ne a kwala jaana: “Ditlhopha tsa baopedi le baopedi ba okesetera tse di amanang le Tempele mo Jerusalema di dira gore re akanye ka boemo jo bo kwa godimo jwa thuto ya mmino, botswerere le kitso. . . . Lefa tota re sa itse gore mmino oo o ne o utlwala jang, re na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore o ne o nonofile, o na le seriti e bile e le wa botswerere.” (The Rise of Music in the Ancient World: East and West, 1943, ditsebe 48, 101-2) Sefela sa ga Solomone ke sekai sa go bontsha kafa dipina tsa Sehebera di neng di tlhamiwa bontle ka gone le kafa e neng e le tsa boleng jo bo kwa godimo ka gone. Ke kgang mo pineng, e e tshwanang le libretto kana mafoko a opera. Pina eno mo dikwalong tsa Sehebere e bidiwa “Sefela sa Difela,” ke gore pina e e monate go di gaisa tsotlhe. Mo Bahebereng ba bogologolo, go opela e ne e le karolo ya botlhokwa thata ya kobamelo. Mme go ne go ba thusa go bontsha maikutlo a kanaanelo fa ba baka Jehofa.
Go Opela ga Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
Mmino o ne wa tswelela go nna karolo ya ka gale ya kobamelo gareng ga Bakeresete ba bogologolo. Mo godimo ga go nna le Dipesalema tse di tlhotlheleditsweng, go bonala ba ne ba tlhama mmino o e leng wa bone le mafoko a bone a kobamelo, ba tlhoma sekao sa go tlhamiwa ga dipina tsa Bokeresete gompieno. (Baefeso 5:19) Buka ya ga Waldo Selden Pratt e bong The History of Music, e tlhalosa jaana: “Go opela mo kobamelong phatlalatsa lefa ba le bosi fela e ne e le tlwaelo mo Bakereseteng ba bogologolo. Mo Bajuteng ba ba sokologileng seno e ne e le tsweletso ya tlwaelo ya kwa ntlong ya kobamelo . . . Mo godimo ga Dipesalema tsa Sehebere . . . , tumelo e ntšha e ne e tle e dire difela tse disha ka metlha, tse gongwe kwa tshimologong di neng di le jaaka di-rhapsody.”a
Go bontsha botlhokwa jwa go opela, fa Jesu a ne a simolola Sejo sa Morena sa Maitseboa, go ka direga ene le baaposetoloi ba ne ba opela Difela Tsa Hallel. (Mathaio 26:26-30) Tseno e ne e le dipina tsa go baka Jehofa tse di kwadilweng mo Dipesalemeng mme di opelelwa mokete wa Tlolaganyo.—Dipesalema 113-118.
Tlhotlheletso ya Kobamelo ya Maaka
Ka nako eo e neng e itsege e le Metlha ya Lefifi, mmino wa bodumedi o ne wa fetoga go nna dipina tsa khutsafalo. Mo e ka nnang ka 200 C.E., Clement wa kwa Alexandria o ne a re: “Re tlhoka seletswa se le sengwe fela: lentswe, e seng diharepa kana meropa kana diphala kana diterompeta.” Go ne ga dirwa dithibelo tse di neng di dira gore mmino wa kereke o opelwe ka mantswe fela. Mokgwa ono o ne wa itsiwe e le pina fela e e tlhamaletseng. Buka ya Our Musical Heritage ya re: “Mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le someamanè morago ga go emisiwa ga ga Constantinople, Lekgotla la Laodicea (A.D. 367) le ne la kganela go tsaya karolo ka diletswa le ka diphuthego mo tirelong ya kobamelo. Mmino wa Orthodox e ntse e le wa mantswe fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Dithibelo tseno di ne di se na motheo mo Bokereseteng jwa ntlha.
Mo lobakeng lwa Metlha ya Lefifi Baebele e ne e sa itsiwe e bile e sa bonwe ke batho fela. Bakeresete ba ba neng ba leka go nna le Baebele ya bone kana go e bala ba ne ba bogisiwa le go bolawa. Ga go gakgamatse he, go bo tlwaelo ya go opelela Modimo dipako e ne ya nyelela jaana mo nakong eo ya lefifi. Go sa le jalo, fa batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba sa bone Dikwalo, ba ne ba tla itse jang gore nngwesomeng ya Baebele yotlhe ke dipina? Ke mang yo o neng a tla ba bolelela gore Modimo o ne wa laola baobamedi ba gagwe gore ba “opelele Jehofa sefela se sesha le pako ya gagwe mo phuthegong ya baitshepi”?—Pesalema 149:1.
Go Busetsa Mmino mo Boemong Jwa One jo bo Siameng mo Kobamelong
Mokgatlho wa ga Jehofa o dirile go tlala seatla go busetsa mmino le go opela mo boemong jwa one jo bo siameng mo kobamelong. Ka sekai, makasine wa Zion’s Watch Tower wa February 1, 1896, o ne o na le dipina fela. O ne o na le setlhogo se se reng “Dipina Tsa Ntlha Tsa Boitumelo Tsa Sione.”
Ka 1938 go opela kwa dipokanong tsa phuthego go ne ga kgaodiwa thata. Lefa go ntse jalo, botlhale jwa go latela sekao sa baaposetoloi le kaelo ya bone ka bonako fela bo ne jwa ba tlhotlheletsa. Kwa kopanong ya kgaolo ya 1944, F. W. Franz o ne a neela puo e e reng “Pina ya Tirelo ya Bogosi.” O ne a bontsha gore dipina tsa go baka Jehofa di ne di opelwa ke dibopiwa tsa Modimo tsa selegodimo bogologolo le pele motho a bopiwa mme a re: “Go siame e bile go itumedisa Modimo gore batlhanka ba Gagwe ba mo lefatsheng ba tlhatlose mantswe a bone ka go opela.” Morago ga gore a tlotle ka go opela mo kobamelong, o ne a itsise ka go gololwa ga Kingdom Service Song Book e e neng e tla dirisiwa kwa dipokanong tsa tirelo tsa beke le beke.b Mme Informant (e jaanong e bidiwang Tirelo ya Rona ya Bogosi) ya December 1944 e ne ya itsise gore dipokano tse dingwe le tsone di tla akaretsa pina e e bulang le e e tswalang. Go opela ga boa ga nna karolo ya kobamelo ya ga Jehofa gape.
‘Go Opelela Jehofa ka Dipelo Tsa Rona’
Botlhokwa jwa go opela go tswa pelong bo bontshiwa ke bakaulengwe ba rona kwa Yuropa Botlhaba le kwa Afrika bao ba neng ba tshwarwa makgwakgwa le go bogisiwa ka dingwaga di le dintsi. Lothar Wagner o ne a fetsa dingwaga di le supa a tswaletswe a le nosi. Ke eng se se mo thusitseng go itshoka? A re: “Ka dibeke di le dintsi ke ne ka tlhoma mogopolo wa me mo go akanyeng ka dipina tsa Bogosi. E ne e re fa ke sa itse mafoko sentle ke ne ke itlhamela tema kana di le pedi. . . . A bo dipina tsa rona tsa Bogosi di tletse ka megopolo e e kgothatsang le e e agelelang jang ne!”—1974 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 226-8.
Ka nako ya fa a ne a tswaletswe a le nosi dingwaga di le tlhano ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe, Harold King o ne a gomodiwa ke go tlhama le go opela dipina tse di bakang Jehofa. Di le mmalwa tsa tseo a di tlhamileng jaanong Basupi ba ga Jehofa ba di dirisa mo kobamelong ya bone. Boitumelo jo bo leriwang ke go opela ke jo bo nonotshang tota. Mme ga go tlhokege gore le rona re bogisiwe e le gore re tle re bone botlhokwa jwa go opelela Modimo dipako.
Batho botlhe ba ga Jehofa ba ka bona boitumelo mo go opeleng. Lefa gongwe re ka kgoreletsega go itlhalosa ka go bua, maikutlo a rona ka Jehofa re ka a ntsha ka kgololesego fa re opela dipina. Moaposetoloi Paulo o ne a supa ka moo re ka bonang boitumelo mo go opeleng dipako ka gone fa a ne a tlhagisa Bakeresete gore ba “buisanye ka dipesalema, le difela, le dipina tsa semowa, lo bina, lo opela, lo kotekeletsa Morena ka dipelo tsa lona.” (Baefeso 5:19) Fa dipelo tsa rona di tletse ka dilo tsa semoya, re kgona go itlhalosa ka tsela e e nonofileng mo pineng. Ka jalo selotlolo sa go tokafatsa go opela ga rona ke go nna le maikutlo a a siameng a pelo.
Go nna le kamano e e siameng le Jehofa go dira gore re nne le moya wa boitumelo, o o tla re tlhotlheletsang go bua, go opela le go goa dipako tsa ga Jehofa. (Pesalema 146:2, 5) Re opela ka pelo yotlhe ka dilo tseo re di itumelelang. Mme fa re rata pina e e rileng kgotsa mafoko a pina eo, go direga thata gore re e opele ka boikutlo jwa mmatota.
Ga go tlhokege gore motho a opelele kwa godimo thata gore a opele ka boikutlo. Go opelela kwa godimo thata ga se ka metlha go bolelang gore o opela sentle; le go opela ka lentswe le le kwa tlase thata ga se ka metlha go bolelang gore o opela sentle. Mantswe mangwe a a molodi o monate ka tlholego a ka nna a utlwala lefa a opelelwa kwa tlase. Karolo e e gwetlhang ya go opela sentle fa lo le setlhopha ke go ithuta go golagana sentle. Gore a lo opela ka mantswe a a farologaneng kana ka lentswe le le lengwe fela, go opela ka modumo o o lekanang le wa batho ba ba leng gaufi le wena go ka dira gore pina e nne e e itumedisang le e e kopaneng. Boingotlo jwa Mokeresete le tsebe e e reetsang di thusa motho go opela ka tekatekano le ka boikutlo mme fela a sa khurumetse ba bangwe ka lentswe la gagwe. Lefa go ntse jalo, bao e leng ditswerere mo go opeleng kgotsa ba ba nang le mantswe a a monate ka tsela e e tlhomologileng ga baa tshwanela go kgobiwa marapo fa ba opelela kwa godimo. Lentswe le le monate le ka dira pina monate thata fa phuthego e opelela Jehofa dipako.
Gape go opela kwa dipokanong tsa rona go neelana ka sebaka se se molemo sa go opela ka mantswe a a farologaneng go opelwa le molodi. Ba ba kgonang go opela ka mantswe a a farologaneng ba sa dirise dinoto kana bao ba kgonang go bala dinoto tsa mantswe tse di farologaneng mo bukeng ya dipina mme ba kgona go di opela ba kgothalediwa go opela jalo mme ba oketse monate wa mmino.c
Ba bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore, ‘Ga ke itse go opela sentle’ kgotsa ‘Ke a tlaila; segolobogolo mo dinotong tse di kwa godimo.’ Ka jalo, ba tshaba go opela, le e leng kwa Holong ya Bogosi. Boammaaruri ke gore ga go na lentswe lepe le e reng le opelela Jehofa dipako a ba a re le a “tlaila.” Fela jaaka lentswe la motho fa a bua le ka tokafadiwa ka go le tlwaetsa le ka go latela dikakantsho tse di thusang tse di neelwang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, le go opela ga gagwe go ka tokafadiwa. Ba bangwe ba tokafaditse mantswe a bone ka go nna ba opelela kwa tlase ba ntsha modumo fela wa lentswe fa ba ntse ba bereka. Go opela o ntsha modumo fela wa lentswe go thusa go baakanya segalo sa lentswe. Mme ka dinako tse di siameng fa re le nosi kgotsa re bereka foo re se kitlang re tshwenya ba bangwe, go opela dipina tsa Bogosi ke tsela e e siameng tota ya go tlwaetsa lentswe le go dira gore mogopolo wa gago o nne o itumetse, o lapologile.
Gape re ka nna ra kgothaletsa gore go opelwe dipina tsa Bogosi kwa dikokoanong tsa rona. Go opela mo go ntseng jalo, go patilwe ke seletswa sengwe se se jaaka katara kgotsa piano kgotsa dipina tsa Mokgatlho tse di rekotilweng tse di tshamekiwang ka piano, go neelana ka boemo jo bo itumedisang jwa semoya mo dikokoanong tsa rona. Gape go thusa thata go itse dipina le go di opela sentle kwa dipokanong tsa phuthego.
Go thusa diphuthego go nna mo moyeng wa go opela kwa dipokanong, Mokgatlho o re neile mmino o o rekotilweng wa diletswa. Fa di tshamekiwa, yo o berekang mo lephateng la modumo o tshwanetse a ele tlhoko modumo. Fa mmino o sa utlwale, phuthego e ka nna ya tshaba go opelela kwa godimo. Fa mokaulengwe yo o laolang lephata lwa modumo a tla bo a opela mmogo le phuthego, o tla kgona go lemoga fa mmino o etelela pele sentle kana nnyaa.
Opelelang Jehofa Pako
Go opela go re neela tshono ya go tlhalosa maikutlo a rona go Mmopi wa rona. (Pesalema 149:1, 3) Ga se go phatloga fela ka maikutlo a rona, mme ke go baka ka maikutlo a a laolegileng, a a tshwanetseng le a boitumelo. Go opela ka pelo yotlhe fa re le kwa phuthegong go ka re thusa go tlhoma mogopolo le dipelo tsa rona mo thulaganyong e e latelang mme go ka re tlhotlheletsa go nna le seabe se segolwane mo kobamelong ya ga Jehofa. Lefa tota go opela go tlhotlheletsa maikutlo, gape mafoko a ka re ruta. Ka go ntsha maikutlo a rona jalo ka lentswe le le lengwe le ka a a farologaneng, ka bonolo le ka boikobo re baakanya dipelo tsa rona gore re tle re ithute mmogo re le batho ba ba phuthegileng.—Bapisa Pesalema 10:17.
Go opela e tla nna e le karolo ya kobamelo ya ga Jehofa ka metlha. Ka jalo re na le tsholofelo ya go abalana ka bosakhutleng maikutlo a a tshwanang le a mopesalema: “Ke tla nna ke baka Jehofa ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa opelela Modimo wa me dipako ka ke sa ntse ke leyo.”—Pesalema 146:2.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Rhapsody ke pina e e arogantsweng ka dikarolo tse di farologantsweng ka moya wa kgololesego. Gantsi di-rhapsody di ne di tlotlomatsa ditiragalo tsa bogaka kana bagaka.
b Bakorinthe ba Ntlha 14:15 go bonala e supa gore go opela e ne e le thulaganyo ya ka gale ya kobamelo ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.
c Dingwe tsa dipina mo bukeng ya dipina ya gone jaanong, Opelelang Jehofa Dipako e na le dikarolo tsa mantswe a a farologaneng a le manè gore batho ba ba ratang go opela ka mantswe a a farologaneng ba dire jalo. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dipina di rulagantswe go opelwa go tsamaisanwa le piano mme di diretswe dinoto tsa mmino ka maiteko a go boloka tshimologo ya dikhii tsa tsone e le tsa ditšhabatšhaba. Go opela dinoto tsa mantswe a a farologaneng tsa dipina tse di kwadilweng go sa latelwe thata dikarolo tse nne tseo tse di farologaneng tsa mantswe go ka godisa go opela ga rona kwa dipokanong tsa rona.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Dikakantsho Dingwe Tsa Gore Re Opele Sentle
1. Tshwarela buka ya dipina kwa godimo fa o opela. Seno se thusa gore o itse go hema sentle ka tsela ya tlholego.
2. Goga mowa sentle mo tshimologong ya mola mongwe le mongwe.
3. Go bula molomo go feta ka moo o tlwaetseng go tla oketsa modumo le molodi wa lentswe.
4. Mo godimo ga tsotlhe, tlhokomela mafoko a pina e e opelwang ka gale.