Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Dipego tsa dikgang di bolela gore fa ngwana a sena go tsholwa, dikokelo dingwe di boloka samorago le khubu gore di tle di ntshe dilo dingwe mo mading a tsone. A seno se tshwanetse go tshwenya Mokeresete?
Mo makgetlhong a le mantsi, selo se se umakilweng fa godimo ga se direge thata, ka jalo Bakeresete ga ba a tshwanela go tshwenyega. Fa o na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore mokgwa oo o a dirwa kwa kokelong e Mokeresete a yang go tsholela ngwana teng, go tla bo go tshwanetse gore o itsise ngaka gore samorago le khubu di tshwanetse go latlhiwa, di se ka tsa dirisiwa ka tsela epe e sele.
Melemo mengwe ya kalafi e e farologaneng e ntse e tsewa mo dikarolong dingwe tsa mmele, e ka tswa e le tsa phologolo kana tsa motho. Ka sekai, di-hormone dingwe di ntse di tsewa mo morotong wa dipitse tse di emereng. Madi a pitse a ne a ntse a dira seedi se se lwantshang bolwetse jwa kitlano ya ditlhaa, mme gamma globulin e e lwantshang bolwetse e sa le ka e ntse e ntshiwa mo mading a samorago (selo se se ntshiwang morago ga go tshola ngwana). Disamorago di ntse di tsewa ke dikokelo dingwe di bo di tsidifadiwa mme kwa morago di bo di tsewa ke laboratori ya diokobatsi tsa kalafi e le gore go ntshiwe gamma globulin mo mading a a neng a na le dilo tse dintsi tse di lwantshang bolwetse.
Bosheng thata jaana, babatlisisi ba ile ba bolela fa ba atlegile mo go diriseng madi a samorago gore ba alafe mofuta mongwe wa leukemia, mme go ntse go fopholediwa gore madi a a ntseng jalo a ka alafa malwetse mangwe a a sa thibelweng ke dilo tse di lwantshang malwetse kana go ne go ka dirisiwa one go na le go tsenya mooko o mongwe wa marapo mo mothong. Ka gone, go ntse go anamisiwa ka selekanyo se se rileng malebana le batsadi ba ba ntshiwang madi mo go samorago, a bo a tsidifadiwa le go bolokiwa e le gore a ka thusa go alafa ngwana wa bone mo isagweng.
Kgwebo e e ntseng jalo ya madi a samorago ga e kgatlhegelwe ke Bakeresete ba boammaaruri, ba ba kaelang tsela ya bone ya go akanya ka molao o o itekanetseng wa Modimo. Mmopi wa rona o leba madi a le boitshepo, a emela botshelo jo bo tswang kwa Modimong. Go dirisiwa ga madi mo a neng a go letlelela fela e ne e le mo sebesong, malebana le go ntsha ditlhabelo. (Lefitiko 17:10-12; bapisa Baroma 3:25; 5:8; Baefeso 1:7.) Kwantle ga moo, madi a a neng a ntshiwa mo sebopiweng sengwe a ne a tshwanetse go tshololelwa mo mmung, a latlhiwa.—Lefitiko 17:13; Duteronome 12:15, 16.
Fa Bakeresete ba tsoma phologolo kana ba bolaya koko kana kolobe, ba ntsha madi mo go yone ba bo ba a latlha. Ga go tlhokege gore ba a tshololele mo mmung ka tsela ya mmatota, ka gonne ntlha ke gore ba latlhe madi mo boemong jwa go a dirisa ka tsela epe.
Bakeresete ba ba robaditsweng mo kokelong ba tlhaloganya gore dikarolo dingwe tsa mmele tse di ntshitsweng mo go bone di a latlhiwa, e ka tswa e le leswe le le tswang mo mmeleng, e le togwa e e nang le bolwetse, kana e le madi. Ke boammaaruri gore ngaka e ka batla gore go dirwe ditlhatlhobo dingwe pele, jaaka go tlhatlhoba motlhapo, go tlhatlhoba bolwetse jwa ditogwa tse di rurugileng, kana go tlhatlhoba madi. Mme morago ga moo, dilo tseno di a latlhiwa go dumalana le molao wa lefelo leo. Molwetse yo o robaditsweng a ka nna a se ka a tlhoka go botsa ka kgang eno ka gonne go a utlwala e bile go botlhale go ya ka tsa kalafi go latlha dilo tse di ntseng jalo tsa mmele. Fa molwetse a ne a na le lebaka le le utlwalang la gore a belaele gore mokgwa o o ntseng jalo o o tlwaelegileng o tla dirwa, o ka nna a umakela seo ngaka nngwe e e amegang, a bolela gore ka mabaka a bodumedi o ne a batla gore dilo tsotlhe tseo di latlhiwe.
Lefa go ntse jalo, jaaka go setse go umakilwe, seno ga se gantsi se tshwenya molwetse yo o tlwaelegileng fela ka gonne mo mafelong a le mantsi dilo tse di ntseng jalo tse di ntshitsweng le go dirisa gape samorago kana dikarolo tse dingwe tsa mmele tota ga di akanngwe le go akanngwa, kana gone go ka dirisiwa ka metlha.
Setlhogo se se reng “A re Ileng se se Bosula,” se se leng mo makasineng wa “Tora ya Tebelo” ya January 1, 1997, go lebega se ne se bua thata ka tlhakanelodikobo le bana. Mokgwa ono o ka tlhalosiwa jang?
Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa “tlhakanelodikobo le bana” e le “go sotliwa ka tlhakanelodikobo mo go batliwang bana gore go tlhakanelwe dikobo le bone.” Dikarolo tsa mokgwa ono di nyadiwa mo go Duteronome 23:17, 18. Mo go yone Modimo o ne a bua kgatlhanong le go nna seaka sa tempele (“kana, ‘catamite,’ mosimane yo o dirisediwang tlhakanelodikobo,” ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW). Gape ditemana tseno di iletsa motho ope fela go lere tlhwatlhwa ya “ntša” mo “ntlong ya ga Jehofa” (“gongwe e le pederast; e leng motho yo o dirisang marago mo tlhakanelodikobong, segolobogolo le mosimane,” ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW). Ditshupiso tseno tsa Dikwalo le tsa lefatshe di tlhomamisa gore Tora ya Tebelo e ne e tlhalosa ka ngwana yo segolobogolo a neng a sotliwa ka tlhakanelodikobo, go akaretsa le go mo phoraphora, mme go dirwa ke motho yo o godileng.