Ke ne Ka Nonotshiwa ke go Ikanya Jehofa ga Me
JAAKA GO BOLETSE AGENOR DA PAIXÃO
Paul, morwa wa rona a le mongwe fela, o ne a bolawa ke bronchitis fa a ne a na le dikgwedi di le 11 fela. Dikgwedi di le tharo moragonyana, ka August 15, 1945 mosadi wa me yo ke mo ratang thata o ne a bolawa ke nyumonia. Ke ne ke na le dingwaga di le 28, mme masetlapelo ano a ne a ntlogela ke hutsafetse e bile ke tlaletswe. Lefa go ntse jalo go ikanya Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe go ne ga nnonotsha. E re ke bolele se se dirileng gore ke mo ikanye jaana.
GO TLOGA fa ke tsholwa ka January 5, 1917 kwa Salvador, Bahia State, kwa Brazil, Mmè o ne a nthuta go obamela “baitshepi” ba Kereke ya Katoliki. O ne e bile a re tsosa phakela mo mosong nna le bomorwarre gore re tle re rapele mmogo. Lefa go ntse jalo, batsadi ba me gape ba ne ba ya kwa tirelong ya candomblé, e leng ditirelo tsa boloi tsa Ba-Afrika ba ba nnang kwa Brazil. Ke ne ke tlotla ditumelo tseno, mme fela ke ne ke sa tshepe ba go tweng ke baitshepi ba Katoliki lefa e le candomblé. Se se neng se ntshwabisa thata e ne e le letlhoo la ditso le le neng le le teng mo madumeding ano.
Fa nako e ntse e tsamaya bomorwarre ba babedi ba ne ba tloga mo gae go ya go senka tiro. Moragonyana rre a tlogela lelapa. Ka jalo fa ke le dingwaga di le robonngwe, ke ne ka tshwanelwa ke go bona tiro gore ke thuse mmè le kgaitsadiake. Dingwaga di ka nna 16 morago ga foo, metlotlo eo ke neng ka nna le yone le modirikanna mo feketiring e ne ya itshupa go nna yone e fetotseng botshelo jwa me.
Go Ikanya Jehofa
Ke ne ka kopana le Fernando Teles ka 1942. O ne a tlhola a nthaya a re go phoso go obamela “baitshepi.” (1 Bakorinthe 10:14; 1 Johane 5:21) Kwa tshimologong ke ne ke sa mo tseye tsia. Mme fela bopeloephepa jwa gagwe le go kgatlhegela batho ga gagwe, go sa kgathalesege gore ke ba mmala ofe, go ne ga nkgatlha, mme ka gapiwa maikutlo ke kitso ya gagwe ya Baebele, segolobogolo seo a neng a se bua ka Bogosi jwa Modimo le lefatshe la paradaise. (Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4) E rile a lemoga kgatlhego ya me, a mpha Baebele le dibuka tse dingwe tsa Baebele.
Dibeke di le mmalwa moragonyana, ka amogela taletso ya go ya kwa thutong ya Baebele ya phuthego. Setlhopha seno se ne se ithuta buka ya Religion, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society. Ke ne ka itumelela thuto eno mme ka simolola go ya kwa dipokanong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa. Se se neng sa nkgatlha tota ke go se nne gone ga letlhoo le ka moo ke neng ka amogelwa ka diatla tsoopedi ka teng. Ka yone nako eo ke ne ka simolola go ratana le Lindaura. E rile ke bua le ene ka seo ke ntseng ke se ithuta, o ne a simolola go ya dipokanong le nna.
Se sengwe gape se se neng sa nkgatlha kwa dipokanong e ne e le tsela e ba neng ba gatelela tiro ya go rera ka yone. (Mathaio 24:14; Ditiro 20:20) Ka ke ne ke kgothaditswe ke babulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba bidiwa, ke ne ka simolola go supa ka mokgwa o e seng wa tlwaelo le bangwe mo tereneng fa ke ya tirong le fa ke boa. E ne e re fa ke bona mongwe yo o kgatlhegang, ke ne ke batla aterese ya gagwe ke bo ke mo etela go leka go tlhagolela kgatlhego eo.
Ka yone nako eo, go ikanya ga me Jehofa le phuthego ya gagwe e a e dirisang ga nna ga gola. Ka jalo, e ne ya re fa ke sena go reetsa puo ya Baebele e e malebana le go ineela ga Bokeresete, ke ne ka kolobediwa mo Lewatleng la Atlantic ka April 19, 1943. Ka lone letsatsi leo, ka nna le seabe ka lekgetlho la ntlha mo bodireding jwa ntlo le ntlo.
Dibeke tse pedi morago ga moo, ka May 5, nna le Lindaura ra nyalana. Mme ka August 1943, o ne a kolobediwa mo kopanong ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa go tshwarelwa mo motseng wa Salvador. Kgatiso ya 1973 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya bua jaana ka kopano eno: “Kgato e baruti ba e tsereng e ne ya kgona go emisa thuto ya phatlalatsa mo Salvador, mme fela e seng pele ga go dirwa . . . tiro e e kgolo ya phasalatso.” Bosupi jwa gore Jehofa o ne a re kaela fa re ne re bogisiwa mo go botlhoko bo ne jwa nonotsha go mo ikanya ga me.
Jaaka ke boletse kwa tshimologong, dingwaga di le pedi fela morago ga gore Lindaura a kolobediwe—le dikgwedi di le tharo morago ga loso lwa morwa wa rona—mosadi wa me yo ke mo ratang thata a tlhokafala. O ne a na le dingwaga di le 22 fela. Mme go ikanya ga me Jehofa go ne ga nnonotsha mo dikgweding tse di bokete tseo.
Go Nonotshiwa ke Tiro ya Semoya
Ka 1946, ngwaga morago ga go latlhegelwa ke mosadi wa me le morwaake, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa thuto ya Baebele mo phuthegong e le nosi e e neng e le teng mo Salvador ka nako eo. Ka one ngwaga oo Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ne sa simololwa mo diphuthegong tsa mo Brazil, mme ke ne ka nna motshwari wa ntlha wa sekolo mo motseng wa Bahia. Mme ka October 1946, Kopano ya Puso ya Modimo ya “Merafe e e Itumetseng” e ne ya tshwarelwa mo toropokgolong ya São Paulo. Mong wa me yo ke mo diretseng ka dingwaga di le lesome o ne a re o a ntlhoka mme a nkgatelela gore ke se ye. Lefa go ntse jalo, morago ga gore ke mo tlhalosetse ka moo go leng botlhokwa ka teng gore ke ye kopanong, o ne a mpha mpho ya bopelotshweu mme a nkeleletsa masego mo loetong lwa me.
Dithulaganyo tsa kopano mo São Paulo’s Municipal Theater di ne di tshwerwe ka Sepotokisi—e leng loleme lwa mo Brazil—gape di ne di tshwerwe ka Seesemane, Se-Hungary, Sejeremane, Se-Poland, le Se-Russia. Mo kopanong eo makasine wa Tsogang! o ne wa gololwa ka Sepotokisi. Kopano eno e ne e nkamile tota—ba le 1700 ba ne ba reeditse puo ya phatlalatsa—mo ke neng ka bo ka tlatsa foromo ya go simolola bobulatsela ka November 1, 1946.
Ka nako eo re ne re dirisa fonokerafa thata mo tirong ya rona ya bobulatsela. Puo e e neng e re “Tshireletso” e ne e le yone e gantsi re neng re e tshamekela beng ba matlo. Morago ga go e tshameka re ne re re: “Go itshireletsa mo mmabeng yo o sa bonaleng, re tshwanetse go ngaparela tsala e le yone e sa bonaleng. Jehofa ke tsala ya rona e tona mme o na le thata e e gaisang ya mmaba wa rona, Satane. Ka jalo re tshwanetse go ngaparela Jehofa go itshireletsa go ene.” E re morago re mo neye bukana ya Protection, e e neng e neela tshedimosetso e e oketsegileng.
Ke ne ke ise ke fetse le ngwaga ke ntse ke bulatsela fa ke amogela taletso ya go dira ke le mmulatsela yo o kgethegileng mo Phuthegong ya Carioca mo Rio de Janeiro. Ka dinako dingwe re ne re ganediwa fela thata koo. Modirakanna Ivan Brenner ka nako nngwe o ne a tlhaselwa ke mong wa ntlo. Baagelani ba ne ba bitsa mapodisi, mme rotlhe ra isiwa kwa seteisheneng sa mapodisi.
Fa ba ntse ba re botsolotsa, mong wa ntlo yo o gaketseng o ne a re latofatsa ka gore re tsentse leferetlho. Mookamedi wa mapodisi a mo laela gore a didimale. Go tswa foo mookamedi wa mapodisi a retologela kwa go rona mme a bua ka lentswe le le kwa tlase gore re gololesegile go ka tsamaya. O ne a tshwara yo o re latofatsang mme a mo latofatsa ka gore o re tlhasetse. Maemo a a tshwanang le ano a ne a nonotsha go ikanya ga me Jehofa.
Tirelo e e Okeditsweng ya Nako e e Tletseng
Ka July 1, 1949 ke ne ka itumelela go lalediwa go direla kwa Bethele, jaaka ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga e e rileng e bidiwa. Ka nako eo Bethele e e mo Brazil e ne e le mo 330 Licínio Cardoso Street mo Rio de Janeiro. Ka nako eo, lelapa la Bethele lotlhe le ne le na le batho ba le 17 fela. Ke ne ka kopanela le Phuthego e e mo gaufi ya Engenho de Dentro ka nakonyana, mme morago ka abelwa go dira jaaka molebedi yo o okamelang mo phuthegong e e leng yone fela kwa Belford Roxo, toropong e e leng dikilometara di le mmalwa go tswa mo Rio de Janeiro.
Ka mafelobeke ke ne ke tshwarega thata. Ka boLamatlhatso ke ne ke tsamaya ka terena go ya Belford Roxo, ke nne mo tirelong ya tshimo thapama mme e re ka lotlatlana ke ye kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. Ke ne ke robala koo le bakaulengwe mme e re mo mosong o o latelang ke ye tirelong ya tshimo. Thapama ya Sontaga ke ne ke nna teng mo puong ya Baebele ya phatlalatsa le Thuto ya Tora ya Tebelo mme ke boele Bethele fa nako e ka nna someamararo morago ga ura ya borobongwe bosigo. Gompieno go na le diphuthego di le 18 mo Belford Roxo.
Ka 1954, morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo ke ntse ke dira jalo, ke ne ka busediwa gape kwa Rio de Janeiro jaaka molebedi yo o okamelang mo Phuthegong ya São Cristóvão. Ke diretse mo phuthegong eno dingwaga di le lesome morago ga foo.
Dikabelo Tsa me mo Bethele
Kabelo ya me ya ntlha mo Bethele e ne e le go agela koloi e e nosi ya Mokgatlho karatšhe, bene ya Dodge ya modiro wa 1949 e ba neng ba e teile leina la Chocolate ka ntlha mmala wa yone o o borokwa. Fa karatšhe e sena go fela, ke ne ka abelwa go dira kwa ntloboapeelo, moo ke neng ka dira dingwaga di le tharo gone. Mme morago ka abelwa go dira kwa Lefapheng la Kgatiso, e leng moo ke nnileng teng go fitlha jaanong dingwaga di feta 40.
Bontsi jwa didirisiwa tsa go gatisa tseo re neng re na le tsone e ne e le tse di dirisitsweng. Ka sekai, ka dingwaga di le dintsi re ne re na le motšhini wa bogologolo o o gatisang o o sepapetla o ka go o reta re neng re o bitsa Sara, re o sheleletse mosadi wa ga Aberahame. O ne wa dirisiwa ka dingwaga di le dintsi kwa madirelong a ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, mo New York. Mme e ne ya re ka bo-1950, o ne wa romelwa mo Brazil ka sekepe. Fano, fela jaaka mosadi wa ga Aberahame, o ntse o tsofetse jalo o ne o ntsha maungo—ka sebopego sa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
Ka gale ke gakgamadiwa ke koketsego ya dipalo tsa dikgatiso tse di ntshiwang ke motšhini o o gatisang mo Brazil. Mo ngwageng otlhe wa 1953, re gatisitse dimakasine di le 324 400, mme jaanong go gatisiwa tse di fetang dimilione di le tharo kgwedi nngwe le nngwe!
Legae la Rona la Bethele
E nnile mo go itumedisang fa dingwaga di ntse di feta go bona legae la rona la Bethele mo Brazil le gola. Ka 1952 re ne ra aga feketeri ya matlhatlhaganyane a mabedi mo morago ga legae la rona la Bethele mo Rio de Janeiro. Mme ka 1968, Bethele e ne ya fudusetswa kwa meagong e mesha mo toropokgolong ya São Paulo. Fa re ne re fudugela mo teng, sengwe le sengwe se ne se bonala se le setona le bonno bo le bogolo go ka nnisa maloko a le 42 a lelapa la rona la Bethele. Ruri re ne ra akanya gore moago ono o ne o tla lekana kgolo e e neng e tla nna teng mo isagweng. Lefa go ntse jalo, ka 1971 go ne ga okediwa ka dikago tse pedi tsa matlhatlhaganyane a le matlhano, mme ga rekiwa feketeri e e neng e le gaufi le moo, ya baakanngwa mme ya kopanngwa le moago ono. Mo dingwageng di le mmalwa fela, koketsego e e tswelelang pele ya baboledi ba Bogosi—ka 1975 re ne ra feta palo ya 100000—e ne ya batla lefelo le legolwanyane.
Ka jalo, dikago tse dingwe tse disha di ne tsa agiwa dikilometara di ka nna 140 go tswa mo São Paulo gaufi le torotswana ya Cesário Lange. Ka 1980 maloko a le 170 a lelapa la rona la Bethele a ne a fudusediwa mo meagong eno e mesha. Go tloga ka nako eo tiro ya Bogosi e goletse kwa godimo tota. Jaanong re na le ba ba fetang 410 000 ba ba nnang le seabe ka gale mo tirong ya go rera mo Brazil! Gore re tlhokomele ditlhokego tsa semoya tsa baboledi bano botlhe ba Bogosi, re ne ra tshwanela ke go aga difeketeri tse disha gore re gatise dibuka tsa Baebele le dikago tse disha tsa bonno tsa baithaopi ba Bethele. Jaanong re na le maloko a le 1100 a lelapa la Bethele!
Ditshiamelo Tse di Molemolemo
Ke tsaya tirelo ya Bethele e le tshiamelo e e rategang thata. Ka jalo, lefa tota mo dingwageng tse di fetileng ke ne ke akanya ka go nyala gape, ke ne ka tlhopha go baya mogopolo gotlhelele mo ditshiamelong tsa me mo Bethele le mo tirong ya go rera. Fano ke ne ka itumelela go dira le basha ba le bantsi mo tirong ya go gatisa le go ba thapisa mo dikabelong tsa bone. Ke ne ka leka go dirisana le bone jaaka e kete ke bomorwaake. Go tlhagafala ga bone le go se nne pelotshetlha di ne tsa nna kgothatso e kgolo mo go nna.
Tshiamelo e nngwe gape e nnile go itumelela go nna le batho ba ba siameng ba ke neng ke nna le bone mo kamoreng ka dingwaga di le dintsi. Ke boammaaruri gore botho jwa rona jo bo farologaneng ka dinako dingwe bo ne bo lere kgwetlho. Lefa go ntse jalo, ke ne ka ithuta gore ke se ke ka lebelela gore batho ba bangwe ba itekanele. Ke ne ka tila thata go godisa mathata a mannye go a dira a magolo kgotsa go itsaya ke le motho wa botlhokwa thata go gaisa ba bangwe. Go tshega diphoso tsa me go nthusitse go itshokela tsa ba bangwe.
Tshiamelo e nngwe ya botlhokwa eo ke e itumeletseng e ne e le ya go nna teng mo dikopanong tse dikgolo tsa ditšhabatšhaba mo United States. E nngwe ya tsone ke Kopano ya “Mafoko a a Molemo a Bosakhutleng,” e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium, kwa New York, ka 1963, mme e nngwe e ne e le Kopano ya Ditšhabatšhaba ya “Kagiso mo Lefatsheng” e e neng e tshwaretswe teng koo ka 1969. Fa ke le koo, ke ne ka itumelela go etela ntlokgolo e e leng gaufi le moo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo Brooklyn, kwa New York!
Gape ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe ka dingwaga di le lesome—re refosana le ba bangwe—mo go tshwareng temana ya letsatsi ya lelapa la Bethele. Lefa go ntse jalo, tshiamelo e kgolo thata, e e neng ya intumedisa le go nkgothatsa thata, ke ya go isa molaetsa wa Bogosi go ba ba dipelo di phepa, fela jaaka Mongarona, Jesu Keresete a dirile.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana ke lebane le kgwetlho ya go tshela ka bolwetse jwa Parkinson. Tlhokomelo e e lorato ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang mo bookelong jwa mo Bethele e nnile motswedi wa thuso le kgomotso mo go nna. Ke rapela Jehofa ka pelo yotlhe gore a nnonotshe gore ke tswelele ke dira mo nka go kgonang mo kobamelong ya gagwe ya boammaaruri.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Lekala la kwa Brazil moo ke nnang teng jaanong
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le mosadi wa me, yo o tlhokafetseng ka 1945