Mosola wa go Opela mo Kobamelong ya Boammaaruri
A O KA akanya fela ka lefatshe le go senang pina kwa go lone? O sa tlhole o utlwa dipina tsa boitumelo tsa bananyana kana lentswe le le monate la nonyane e e fa e e lelang bosigo? Go sa tlhole go utlwiwa go khinkhinyega goo go anamelang kwa go tse dingwe ga nonyane e e fa e e mogatla motelele e phatshwa kana setshego se sekima sa kookaburra? Se se itumedisang ke gore, seno ga se kitla se bo se tsamaya se diragala. Mme go akanya goo go ntse jalo go papamatsa nngwe ya dimpho tse dintsi tse Modimo o di neetseng motho: mpho ya pina.
Jehofa Modimo wa Pina
Ke eng fa go opela go re tlisetsa monate le boipelo? Ntlha ke gore, Jehofa ka boene o ipedisiwa le ke dipina tsa pako tsa dibopiwa tsa gagwe ebile di mo jesa monate. A o ka akanya fela ka tiragalo nngwe ya fa baengele botlhe ba ne ba gowa ka boipelo ka ntlha ya bontle jwa popo ya selefatshe ya ga Jehofa? Kana a o ka akanya fela fa o ka bo o ne o le mo badiseng bale ba mo bosigong jole jwa dikgakologo jwa botsalo jwa ga Jesu jaaka motho o jele kgakge, o kgatlhilwe thata ke modumo wa masomosomo a baengele ba opela jaana: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ”?—Luke 2:13, 14; Yobe 38:7.
Tsela e nngwe e Jehofa a ileng a supa ka yone gore ke Modimo wa pina e ne e le ka go dira gore go opela e nne bontlhanngwe jwa kobamelo ya boammaaruri mo Iseraeleng. Moragonyana ga moo, Modimo gape o ne a senola ka moo go opela go amanang thata ka gone le kobamelo ya boammaaruri mo ponatshegelong ya Tshenolō e e neng ya neelwa moaposetoloi Johane. Mo tiragalong nngwe ya boperofeti go na le setlhopha se segolo sa baopedi—ba le 144 000—se opela pina e ntšha e e monate fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo.—Tshenolō 14:3.
Go Opela mo Metlheng ya Pele ga ya Bokeresete
Ditiro tse dikgolo ebile di boitshega tsa Modimo le tsone di ile tsa tlhotlheletsa batlhanka ba one ba mo lefatsheng gore ba thunye ka pina. A o ke o ikutlwele diphelelo tse di tsayang maikutlo tse go opela go neng ga nna le tsone mo Baiseraeleng fela fa morago ga ba sena go gololwa ka dikgakgamatso mo bokgobeng jwa Egepeto. Pelo ya ga Moshe le tsa Baiseraele-ka-ene di ne tsa tlhotlheletsega fa ba ne ba opela pina ya phenyo ba gakologelwa se Jehofa a neng a se dirile mo go Faro le masomo a gagwe.—Ekesodo 15:1-21.
Moragonyana ga moo mo ditsong tsa Iseraele, go ne ga tla letsatsi le legolo fa letlole la kgolagano le ne le tsenngwa mo tenteng e e kgethegileng ya lone kafa tlase ga kaelo ya ga Kgosi Dafide. Abo e ile ya nna tiragalo gare ga ditiragalo jang nel E ne e se fela go opela mo go tlhomologileng goo go neng ga oketsa boipelo jwa letsatsi leo mme le setlhopha sa baopedi ba diletso se se isang le naga.—1 Ditihalō 16:4-36.
Go rata mmino ga ga Dafide le botswerere jwa gagwe jwa go letsa harepa di ne tsa tlhotlheletsa tlhoafalo ya gagwe ya go godisa mmino le go opela mo kobamelong ya boammaaruri. Mo go Pesalema 33:1, 3 re utlwa ka moo a ikuelang ka matlhagatlhaga ka gone gore baobamedi ba ga Jehofa ba opelele Modimo kwa godimo ka dipelo tsa bone tsotlhe jaana: “Itumeleñ mo go Yehofa, lona basiami . . . letsañ ka bocwiriri, ka modumō o mogolo.”
Go Opela mo Metlheng ya Bokeresete
Mo metlheng ya pele ya Bokeresete, go opela gape e ne e le karolo ya botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba opela mmogo morago ga selalelo pele fela ga loso lwa ga Jesu. (Mareko 14:26) Paulo le Silase ba ne ba opelelela kwa godimo mo kgolegelong gore botlhe ba utlwe. (Ditihō 16:25) Jaaka Daiide, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagafaletse go dirisiwa ga pina. Mo makgetlong a a fetang le le lengwe, o ne a kgothaletsa badumedi-ka-ene gore ba opelele Jehofa dipina tsa pako.—Baefesia 5:18, 19; Bakolosa 3:16.
Mo kobamelong ya Bokeresete ya gompieno go opela e santse e le sengwe sa botlhokwa. Ka 1905 go ne ga gatisiwa buka ya Hymns of the Millennial Dawn. Tsebe ya yone ya setlhogo e tlhalosa dipina tsa yone tse 333 jaaka “Dipesalema tse di ngthegileng le Difela le Dipina tsa Semoya tsa go Thusa Batho ba Modimo fa ba Opela le fa ba Ntshetsa Morena Dipako mo Dipelong tsa bone.”
Go tswa foo ka 1928 go ne ga baakanyediwa ka buka ya dipina e e tlhabolotsweng e e nang le dipina di le 337. E ne e bidiwa Songs of Praise to Jehovah, mme ketapele ya yone e ne e bolela jaana: “Dipina tseno di tla fitlhelwa di dumalana le boammaaruri jwa bomodimo jo jaanong bo tshwanetseng go tlhaloganngwa.” Lefa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta le lesedi la boammaaruri le ntse le oketsega, go ne ga phepafala gore dingwe tsa dipina tseno di ne di tlhotlheleditswe ke kakanyo e e fetiseditsweng mo go tsone go tswa kwa bodumeding jwa maaka. Mo godimo ga moo, go ne go tlhokega dipina tsa Bogosi tse di kgothaletsang go rerwa ga mafoko a a molemo, jaaka go bolelwa ga phatlalatsa go ne go tswelela pele.—Mathaio 24:14; Bahebera 13:15.
Ka 1944 go ne ga baakanyediwa ka Kingdom Service Songbook, e na le dipina di le 62. Masome a mabedi a dingwaga moragonyana ga moo, ka 1966, go ne ga gololwa buka ya Singing and Accompanying Yourselves With Music in Your Hearts. Eno e ne e na le dipina tsa Bogosi di le 119 tse di neng di akareletsa dintlha tsotlhe tsa botshelo jwa Bokeresete le kobamelo, go kopanyeletsa go neela ba bangwe bosupi le go baka Jehofa Modimo le Keresete Jesu.
Go fetile mo e ka nnang dingwaga tse dingwe di le masome a mabedi, tse lesedi la boammaaruri le neng la nna la oketsega mo go tsone. (Diane 4:18) Go ne ga bonala gore go tlhokafala buka e nngwe gape. Ka gone, go ne ga gololwa buka e nngwe ya dipina ka 1984 e e nang le setlhogo se se reng Sing Praises to Jehovah. E na le dipina tsa Bogosi di le 225, mafoko le melodi e di nang nayo di itiretswe fela ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.
Dirisang go Opela ga Bolegodimo ka Botlalo
Setshwantsho se se bontshitsweng mo tsebeng ya bofelo e e sebedi e e kafa morago mo bukeng e ntšha eno ya dipina se re tlhotlheletsa gore re dirise go opela ga bolegodimo ka botlalo kwa dipokanong tsa Bokeresete. Baopedi ba ba katisitsweng ba kwa tempeleng ba ba tshwantshitsweng foo ka phepafalo ba opelela Modimo kwa godimo ka dipelo tsa bone le mantswe a bone.—1 Ditihalō 25:7.
Re ka opela jalo kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, re bula melomo ya rona le go opela go tswa mo dipelong tsa rona. Lefa go ntse jalo, ga re dire jalo rotlhe. Gongwe boikgogomoso bo re dira gore re latlhegelwe ke boipelo jwa go opelela Jehofa kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong, go sa kgathalesege gore re na le lentswe le le ntseng jang. Re ka nna ra tswa re amegile thata ka gore bao ba emeng gaufi le rona ba ikutlwa jang. Moshe o ne a na le bothata jo bo tshwanang le joo—e seng jwa go opela mme e leng jwa go bua. Karabo e Jehofa a neng a mo e neela e ka nna ya re thusa fa re na le mokgwa wa go ikgogona go opela ka ntlha ya go bo re sena bokgoni. Jehofa o ne a botsa Moshe jaana: “E mañ eo o dihileñ molomo oa motho? . . . A ga se nna, Yehofa?” (Ekesodo 4:11) Ruri, Jehofa o tla reetsa ka boitumelo fa re dirisa bokgoni bope fela jo a re bo neetseng jwa go opelela dipako tsa gagwe kwa godimo!
Gape, akanya ka moo Paulo le Silase ba neng ba opelela kwa godimo ka gone fa ba ne ba le mo kgolegelong. Go ne go sena go tlhabiwa ke ditlhong koo, gape ba ne ba sa opele le seletswa sepe sa mmino, lefa e le buka epe ya dipina e ba neng ba ka e latela. A o ke o akanye ka tiragalo eo fela: “Me ea re bosigo gare Paulo le Silase ba bo ba rapèla, ba ōpèlèla Modimo dihela, me bagolegwi ba ba reeditse.” (Ditihō 16:25) A seno e ne e le ka ntlha ya go bo lentswe la ga Paulo kana Silase le ne le thapiseditswe go opela? Nnyaa ga go reye jalo. Kamego ya bone e kgolo e ne e le gore ba opelele kwa godimo le go tswa mo pelong! Kamego ya rona e kgolo ke eng fa re opela dipina tsa pako?
Botlhe Re Ka Tokafatsa
Kgakololo ya seopedi ebong Dafide e a tshwanela fano: “Letsañ ka bocwiriri [ka bojotlhe jwa lona, NW], ka modumō o mogolo.” (Pesalema 33:3) Seo ke sone se Jehofa a se lebeletseng mo batlhankeng botlhe ba gagwe—e seng sepe se se fetang seo, fa e se fela gore re ‘dire bojotlhe jwa rona.’ Fa re dira jalo fela, re ka lebelela gore Jehofa a segofatse maiteko a rona, le go re ipedisa—mme ka dinako tse dingwe e ka nna se se ka re gakgamatsang—re ka nna ra kgona go tokafatsa.a
Dikakantsho tse di mosola ke tseno tse di ka nnang tsa go thusa gore o tokafatse boleng jwa go opela ga gago: Leka go reetsa dipina tsa Bogosi tse disha kgapetsa, o dirisa ditheipi kana direkoto, fa go kgonega. Mo go ba bangwe, go opela dipina tseno kwa gae kana mo dikokoanong tse dipotlana le badumedika-bone go ile ga itshupa go le mosola ebile go ipedisa. Kwa dipokanong tsa phuthego go botlhokwa gore go tshamekelwe seletso sa dipina kwa godimo gore botlhe ba ba opelang ba kgone go se utlwa. Seno se dira gore go nne motlhofo go latela molodi ebile se oketsa go itshepa ga bao ba opelang. Yo o itsiseng pina o tshwanetse go bua setlhogo sa yone, gongwe le e leng go tlhokomedisa ka moo e tshwanelang ka gone, eseng nomoro ya yone fela.
Batsadi, a lo kgothaletsa bana ba lona gore ba opele dipina tsa Bogosi ka matlhagatlhaga le go tswa mo dipelong tsa bone? Malapa a a ileng a kgothaletsa bana ba one gore a opele go tswa mo pelong, le ka kutlwisiso, mo mabakeng a le mantsi a ile a fitlhela go opela mo go ntseng jalo e le thuso e e molemo mo go goleng semoyeng.
Go Na le Melemo e Mentsi
Go na le melemo e mentsi ya go opelela kwa godimo le go opela go tswa mo pelong. Go kopanela ga rona ka namana mo go obameleng phatlalatsa go a nonofa. Bao ba emeng gautshwane le rona ba kgothalediwa gore ba opelele kwa godimo fa ba utlwa re opela kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong. Gape phuthego yotlhe e solegelwa molemo, ka gonne modumo o mogolo o a tshelanwa!
Mo godimo ga moo, go opela ka maatla go neela ba ba simololang go tla kwa dipokanong bosupi jo bo molemo. Bao ba fetang gaufi le Diholo tsa rona tsa Bogosi, gammogo le baagelani ba ba nnang go bapa le tsone, ba kgatlhwa thata ke go opela ga rona mo go molemo, fela jaaka kwantle ga pelaelo go ne go ntse ka magolegwa a mangwe ao a neng a utlwa Paulo le Silase. Seno se ile sa bo sa felela ka gore bangwe ba bao ba utlwang ba batle go itse ka mo go oketsegileng kaga boammaaruri.
Sa botlhokwa-tlhokwa ke gore, go opela ga rona goo go tokafaditsweng go tla tlisetsa Jehofa pako e kgolo, ebong Mosimolodi wa mmino le go opela, ene yo o tshwanelwang ke go bakiwa ka pina go feta ba bangwe botlhe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dingwe tsa dipina tse disha di ka nna tsa nna thatanyana mo go rona gore re di opele lantlha, mme morago ga re sena go di tlwaela, di ka nna tsa itshupa eletserediratangthata. Kasekai, fabukayadipina e kgologolo ya nako e e fetileng e ne e tswa, pina 88, “Ho Tsamaea ka Botsèpehi,” e ne e sa ratege mo nageng nngwe, mme moragonyana e ne ya fetoga e e rategang thata.