“E Re ka Re na le Tirelo e . . . , Ga re Ngodiege”
JAAKA GO BOLETSE RONALD TAYLOR
Ke ne ka iphitlhela ke lwela go falotsa botshelo jwa me mo selemong sa 1963. Fa ke ntse ke gobua go bapa le lotshitshi, ke ne ka gata mo lehuting le le neng le sa itshupe mme ka wela mo metsing a a boteng thata. E re ka ke ne ke sa itse go shapa, ke ne ke setse ke nwela dimetara di sekae fela go tswa mo lotshitshing. Ke ne ke setse ke nwetse gararo mme ke nole metsi a mantsintsi a lewatle fa tsala ya me e ne e lemoga seemo se se maswe se ke neng ke le mo go sone e bo e nkgogela kwa lotshitshing. E re ka ke ne ka budulelwa moya ka bonako, ke ne ka falola.
ENE e se la ntlha ke lemoga botlhokwa jwa go sa itlhoboge—lefa gone maemo a sa solofetse. Ke ne ka tshwanela go lwela botshelo jwa me jwa semoya go tloga fa ke santse ke le monnye.
Ke ne ka utlwa boammaaruri jwa Bokeresete la ntlha ka malatsi a a neng a sa itumedise a ntwa ya bobedi ya lefatshe. Ke ne ke le mongwe wa bana ba ba dikete ba ba neng ba ntshiwa mo Lontone go tshabisiwa dikotsi tsa fa go ne go tlhaselwa ka dibomo. E re ka ke ne ke na le dingwaga tse 12 fela, ntwa e ne e sa reye sepe se se kalo mo go nna; e ne e kete ke sengwe fela se se kgatlhang.
Banyalani bangwe ba babedi ba ba godileng kwa Weston-super-Mare, kwa borwabophirima jwa Engelane, ba ne ba ntlhokomela. Ka bonakonyana fela morago ga go goroga kwa lelapeng la banyalani bano, badiredi bangwe ba babulatsela ba ne ba simolola go re etela. E ne e le ba lelapa la ga Hargreaves; ka bonè jwa bone—Reg, Mabs, Pamela le Valeri—e ne e le babulatsela ba ba kgethegileng. Batsadi ba me ba e seng ba tlholego ba ne ba amogela boammaaruri, mme le nna ke ne ka dira tshwetso ya go direla Jehofa fa ke sena go ithuta buka ya The Harp of God. Ke ne ka lalediwa go nna le seabe mo tirong ya go rera morago ga dibeke tse thataro fela.
Ke santse ke gakologelwa letsatsi leo la ntlha mo tirelong ya tshimo. Ke ne ka fiwa dibukana dingwe ke sa ipaakanya gotlhelele mme ka bolelelwa jaana: “O dire ntlha e e ka fale ya seterata.” Ke kafa letsatsi la me la ntlha la go rera le neng le ntse ka teng. Ka nako eo, gantsi re ne re rera ka go dirisa direkoto tsa fonokerafa tse di neng di na le dithero tse di maatla. Ke ne ke itumela thata fa ke ne ke kgona go tsamaya ke tshotse fonokerafa ka ntlo le ntlo ke be ke tshameka dipuo tse di gatisitsweng. Ke ne ke tsaya go dirisiwa ka tsela eo jaaka tshiamelo tota.
Ke ne ke rera thata kwa sekolong, e bile ke gakologelwa ke tsamaisetsa mogokgo sete ya dibuka tsa Baebele. Fa ke ne ke na le dingwaga tse 13, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong e e neng e le gaufi kwa Bath. Kopano e nngwe ya nako ya ntwa e ke se kitlang ke e lebala ke e e neng e tshwaretswe kwa Leicester ka 1941 kwa Holong ya De Montfort. Ke ne ka ya kwa seraleng go amogela kopi ya me ya buka e e bidiwang Children, e e neng e tshotse molaetsa o o neng o tswa ka namana kwa go Mokaulengwe Rutherford, yo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo. Basha ba ne ba beelwa puo e e neng e tshikinya maikutlo e e neng ya nonotsha keletso ya me ya go direla Jehofa ka bosakhutleng.
Ka jalo, ke ne ka nna dingwaga tse pedi tse di itumedisang ke golela mo boammaaruring le batsadi ba me ba e seng ba tlholego. Mme ke ne ka tshwanela go boela kwa Lontone gore ke simolole tiro ya boitshediso fa ke ne ke na le dingwaga tse 14. Lefa ke ne ke kopane gape le ba lelapa la me, ke ne ka tshwanela go ikemela ka nosi semoyeng, ka gore go ne go sena ope yo o neng a dumela se ke neng ke se dumela. Jehofa o ne a nthusa ka se ke neng ke se tlhoka ka bonakonyana. Morago ga dibeke tse tharo fela ke sena go goroga kwa Lontone, mokaulengwe mongwe o ne a tla kwa gae go tla go kopa rre tetla ya go tsamaya le nna kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong leo. Mokaulengwe yoo e ne e le John Barr, yo jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. O ne a nna mongwe wa “borre” ba semoya mo dingwageng tse di botlhokwa tseo tsa bolesome.—Mathaio 19:29.
Ke ne ka simolola go kopanela le Phuthego ya Paddington, e e neng e tshwarela dipokano kwa Craven Terrace go bapa le Legae la Bethele la Lontone. Ka go bo ke ne ke le lesiela la semoya, mokaulengwe yo o godileng wa motlodiwa, “Papa” Humphreys o ne a abelwa gore a ntlhokomele ka tsela e e kgethegileng. Ruri go kgona go tlwaelana la bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba direla mo phuthegong eo e ne e le lesego tota. Rona ba re neng re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng—ba re neng re bidiwa Bajonadabe—re ne re se bantsi. Totatota e ne e le nna fela “Mojonadabe” mo Thutong ya Buka ya Phuthego e ke neng ke kopanela kwa go yone. Le mororo gone ke ne ke sena bankane ba bantsi ba nka tsalanang le bone, go obamela mmogo le bakaulengwe ba ba godileng mo go neng go le botlhokwa moo, go ne ga nthuta dithuto tse dintsi tse di nang le mosola. Gongwe e e neng e le botlhokwa go di gaisa tsotlhe e ne e le gore le ka motlha ke se ka ka tlogela go direla Jehofa.
Mo metlheng eo, re ne re tle re beele mafelobeke otlhe kwa thoko gore re dire tiro ya go rera. Ke ne ke abetswe go tlhokomela “koloi ya modumo,” e tota e neng e le baesekele e e maoto mararo e e neng e diretswe go tshwara didirisiwa tsa modumo le beteri ya koloi. Matlhatso mangwe le mangwe, ke ne ke ya kwa makgabaganyong a a farologaneng a diterata ka baesekele e e maoto mararo, koo re neng re tshameka mmino le nngwe ya dipuo tsa ga Mokaulengwe Rutherford. Matlhatso gape a ne a dirisediwa go dira tiro ya mmila re dirisa dikgetsi tsa rona tsa dimakasine. Ka boSontaga go ne go dirwa tiro ya ka ntlo le ntlo, go abiwa dibukana le dibuka.
Go tlwaelana le bakaulengwe ba ba tlhagafetseng ba ba godileng go ne ga tsosa keletso ya go bula tsela mo go nna. Keletso eno e ne ya nonotshiwa fa ke ne ke reetsa dipuo tse di buang ka bobulatsela kwa dikopanong tsa kgaolo. Kopano e e neng ya ama botshelo jwa me thata ke e e neng e tshwaretswe kwa Earl’s Court, kwa Lontone ka 1947. Ke ne ka simolola tirelo ya bobulatsela dikgwedi tse pedi moragonyana mme ke ile ka kgaratlhela go boloka moya wa bobulatsela e sale go simolola foo. Boitumelo jo ke bo boneng mo go tsamaiseng dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele bo nthusitse go ntlhomamisetsa gape gore ke ne ke dirile tshwetso e e siameng.
Monyadiwa wa Mosepanishe le Kabelo ya Sepanishe
Fa ke ne ke santse ke bula tsela mo Phuthegong ya Paddington ka 1957, ke ne ka kopana le kgaitsadi yo montle wa Mosepanishe, yo o bidiwang Rafaela. Re ne ra nyalana morago ga dikgwedi di sekaenyana. Mokgele wa rona e ne e le go bula tsela mmogo, mme re ne ra ya kwa Madrid pele gore ke kgone go kopana le batsadi ba ga Rafaela. E ne e le loeto lo lo neng lwa fetola botshelo jwa me. Fa re ntse re le kwa Madrid, Mokaulengwe Ray Dusinberre, molebedi wa lekala la Spain, o ne a mpotsa gore a re ne re ka akanyetsa go direla kwa Spain, kwa go neng go tlhokega bakaulengwe ba ba nang le boitemogelo thata teng.
A re ne re ka gana taletso e e ntseng jalo? Ka jalo, re ne ra simolola tirelo ya rona ya nako e e tletseng mmogo kwa Spain ka 1958. Ka nako eo naga eno e ne e busiwa ke Franco, mme tiro ya rona e ne e sa letlelelwa semolao, mo go neng go dira gore tiro ya go rera e nne bokete thata. Mo godimo ga moo, ke ne ke tshwanela go kgaratlha go ithuta Sepanishe mo dingwageng di sekae tsa ntlha. Gape, e ne e le kgang ya go sa itlhoboge, lefa gone ke ledile ka makgetlho a a fetang bongwe ka go bo ke ne ke swabisiwa ke go palelwa ke go buisana le bakaulengwe mo phuthegong.
Balebedi ba ne ba tlhokega thata mo e leng gore morago ga kgwedi fela ke ne ke setse ke tlhokomela setlhopha se sepotlana, lefa ke ne ke sa kgone go bua Sepanishe. Ka lebaka la go bo tiro ya rona e ne e le ya sephiri, re ne re rulagantswe ka ditlhopha tse dipotlana tse di neng di na le baboledi ba le 15 go ya go 20 tse di neng di dira jaaka diphuthego tse dipotlana. Kwa tshimologong, go tshwara dipokano go ne go le thata ka gore ke ne ke sa kgone go tlhaloganya dikarabo tsa bareetsi ka metlha. Lefa go ntse jalo, mosadi wa me o ne a nna kwa morago mme a bo a oma ka tlhogo ka botlhale go mpontsha gore karabo e siame fa a ne a lemoga gore ga ke itse gore ke reng.
Ka tlholego, ga ke kgone thata go ithuta dipuo tse dingwe, e bile gantsi ke ne ke ikutlwa e kete ke ne ke ka boela kwa Engelane kwa ke neng ke ka kgona go dira sengwe le sengwe motlhofo teng. Le gale, lorato le botsalano jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba Basepanishe, fela go tswa kwa tshimologong lo ne lwa bipa go swabisiwa ga me ke go palelwa ke puo. Gape Jehofa o ne a ntshegofatsa ka gore ke bone ditshiamelo tse di kgethegileng tse di neng tsa dira gore gotlhe go lebege go na le mosola. Ke ne ka lalediwa go nna teng kwa kopanong ya boditšhabatšhaba kwa New York jaaka moemedi go tswa kwa Spain ka 1958. Mme ka 1962, ke ne ka fiwa thapiso e e molemolemo tota kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi se re neng re se rulaganyeditswe kwa Tangier, kwa Morocco.
Bothata jo bongwe jo ke neng ka lebagana le bone, kwantle ga jwa puo, e ne e le go nna ke tshwenyegile ka go tshwarwa ke mapodisi. Ka ke ne ke le motswakwa, ke ne ke itse gore fa ke tshwarwa ke ne ke tla bo ke kobiwa gone fela foo. Go fokotsa gore seo se se ka sa diragala, re ne re bereka ka bobedi ka bobedi. Fa yo mongwe a ne a fa bosupi, yo mongwe o ne a tla bo a reeditse ditshupo dipe fela tsa kotsi. Gantsi e ne e re fa re sena go etela ntlo e le nngwe kgotsa tse pedi kwa godimo ga folete re bo re tsamaya sekgala sa diboloko tse tharo re be re tsena mo malapeng a mangwe a mabedi kgotsa a mararo. Re ne re dirisa Baebele ka botlalo, gape re ne re tshola dibukana di sekae fela re di tsentse mo dijaseng gore re di fe batho ba ba kgatlhegang.
Morago ga go nna ngwaga kwa Madrid, re ne ra abelwa go direla kwa Vigo, toropo e kgolo e e kwa bokonebophirima jwa Spain, kwa go neng go sena Basupi gotlhelele teng. Mo kgweding ya ntlha, Mokgatlho o ne wa bona go le botoka gore mosadi wa me e nne ene a neelang bosupi thata—go dira gore go lebege e kete re ne re le bajanala. Go rera ga rona go ne ga lemogiwa le mororo re ne re dira ka mokgwa o o ka se lemogiweng bonolo. Mo lobakeng lwa kgwedi fela, baruti ba Katoliki ba ne ba simolola go re bua bosula mo radiong. Ba ne ba tlhagisa maloko a dikereke tsa bone mo lefelong leo gore go ne go na le banyalani ba babedi ba ba tsamayang ka ntlo le ntlo ba bua ka Baebele—e e neng e setse e le buka e e sa dumelelweng kafa molaong ka nako eo. “Banyalani ba ba neng ba batliwa” e ne e le monna wa motswakwa le mosadi wa gagwe wa Mosepanishe, yo e neng e le ene a buang thata!
Baruti ba ne ba laola gore go bua le banyalani ba ba kotsi bao fela e ne e le boleo jo bo neng bo ka itshwarelwa fela fa bo ne bo ka ipolelwa ka bofefo kwa moruting. Mme jaaka motho a ne a ka solofela, fa re ne re fetsa motlotlo o o monate o re neng re na le one le mmè mongwe yo o nyetsweng, o ne a re bolelela a ikopa maitshwarelo gore o ne a tla tshwanela go ya go ipolela. Fa re ne re tswa mo ntlong ya gagwe, re ne ra mmona a itlhaganeletse ntlheng ya kwa kerekeng.
Go Kobiwa
Mapodisi a ne a re tshoganetsa fela morago ga dikgwedi tse pedi re sena go goroga kwa Vigo. Lepodisi le le neng le re tshwere le ne la re utlwela botlhoko mme la se ka la re bofa ka dihakaboi fa re ya kwa seteishaneng sa mapodisi. Kwa seteishaneng seo, re ne ra bona motho yo re neng re kile ra mmona pele, e bong motlanyi yo re neng re mo reretse bosheng. Go ne go bonala sentle gore o ne a swabisitswe ke go bona re tshwerwe jaaka dinokwane, mme a itlhaganela go re tlhomamisetsa gore ga a ise a re pege molato wa gore re dinokwane kgotsa wa phoso epe. Mme gone, re ne ra pegiwa molato wa go batla go senya “moya wa kutlwano mo Spain,” mme re ne ra kobiwa morago ga dibeke tse thataro.
E ne e le poelomorago, mme re ne re sa ikemisetsa go ineela. Go ne go santse go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa mo Sekasetlhakeng sa Iberian. Morago ga dikgwedi tse tharo re le kwa Tangier, re ne ra abelwa go ya kwa Gibraltar—tshimo e nngwe e e neng e ise e berekwe. Jaaka moaposetoloi Paulo a bolela, fa re tseela bodiredi jwa rona kwa godimo, re tla tswelela re dira, mme re tla duelwa. (2 Bakorinthe 4:1, 7, 8) Seno se ne sa nna fela jalo mo seemong sa rona. Kwa legaeng la ntlha le re neng ra le etela kwa Gibraltar, re ne ra simolola thuto ya Baebele le lelapa lotlhe. Go ise go ye kae, mongwe le mongwe wa rona o ne a tsamaisa dithuto tse 17. Bontsi jwa batho ba re neng re ithuta le bone e ne ya nna Basupi, mme mo dingwageng tse pedi go ne go setse go na le phuthego ya baboledi ba le 25.
Mme fela jaaka kwa Vigo, baruti ba ne ba simolola go bua kgatlhanong le rona. Bishopo wa Anglican ya kwa Gibraltar o ne a tlhagisa mookamedi wa mapodisi gore re ne re le “batho ba ba sa batliweng,” mme tlhotlheletso ya gagwe e ne ya nna le matswela kwa bofelong. Ka January 1962, re ne ra kobiwa kwa Gibraltar. Re ne re tla ya kae? Go ne go santse go tlhokega batho thata kwa Spain, ka jalo re ne ra boela teng re solofela gore rekoto ya rona ya mapodisi ya mo nakong e e fetileng e tshwanetse ya bo e beilwe kgakala.
Legae la rona le lesha e ne ya nna toropo e e mogote ya Seville. Re ne ra ipelela go dira le banyalani ba bangwe ba babulatsela e bong Ray le Pat Kirkup. Lefa Seville e ne e le toropo ya batho ba le sephatlo sa milione, go ne go na le baboledi ba le 21 fela, ka jalo go ne go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa. Jaanong go na le diphuthego tse 15 tsa baboledi ba le 1 500. Ngwaga moragonyana ga foo, go ne ga diragala sengwe se se itumedisang thata; re ne ra lalediwa go dira tiro ya go eta mo tikologong ya Barcelona.
Tiro ya go potologa mo nageng e tiro ya rona e neng e sa letlelelwa semolao kwa go yone e ne e farologane. Re ne re etela ditlhopha tse dinnye tse bontsi jwa tsone di neng di se na bakaulengwe ba bantsi ba ba nang le bokgoni beke le beke. Bakaulengwe bano ba ba neng ba bereka ka natla ba ne ba tlhoka thapiso le tshegetso yotlhe e re neng re ka e ba naya. A bo re ne re rata kabelo eno jang ne! Re ne re itumelela go bo re ne re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba farologaneng morago ga go senya dingwaga di le mmalwa mo mafelong a go neng go na le Basupi ba sekaenyana fela, fa ba ne ba le teng. Mo godimo ga moo, go rera kwa Barcelona go ne go le motlhofo, gape batho ba bantsi ba ne ba batla go ithuta Baebele.
Go Lwa le go Tshwenyega Thata mo Maikutlong
Lefa go ntse jalo, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga fela thata morago ga dikgwedi tse thataro. Malatsi a rona a ntlha a boikhutso a re neng re a ile kwa lewatleng a ne a batla a felela ka matlhotlhapelo jaaka ke ne ka nna le kotsi e ke e tlhalositseng pelenyana. Ke ne ka tokafala ka bonako mo mmeleng mo letshogong la go rata go nwela mo metsing, mme tiragalo eo e ne e amile tlhaloganyo ya me fela thata.
Ke ne ka tswelela mo tirong ya potologo ka dikgwedi di sekae ke kgaratlha, mme la bofelo ke ne ka tshwanela go boela kwa Engelane go ya go alafiwa. Morago ga dingwaga tse pedi ke ne ka fola mo go lekanetseng gore nka kgona go boela kwa Spain, kwa re neng ra simolola tiro ya go potologa gape teng. Lefa go ntse jalo, e ne ya nna ka nako e khutshwane fela. Batsadi ba mosadi wa me ba ne ba lwala thata, mme re ne ra tlogela tirelo ya nako e e tletseng, gore re ba tlhokomele.
Botshelo bo ne jwa nna bokete le go feta ka 1968, fa ke ne ke tshwenyega thata mo tlhaloganyong. Go ne go na le dinako tse nna le Rafaela re neng re akanya gore ga ke ne ke tlhola ke fola. E ne e kete ke nwela gape, mme ka tsela e e farologaneng! Kwantle ga go ntira gore ke fekeediwe ke maikutlo a boitlhobogo, go tshwenyega thata mo maikutlong go ne go dira gore ke felelwe ke nonofo. Go ne go na le dinako tse ke neng ke lapa mo go feteletseng, mo go neng go mpateletsa gore ke nne fela ke ikhuditse. Ka nako eo bakaulengwe ba bangwe ba ne ba sa tlhaloganye bothata jo; nna legale ke ne ke itse gore Jehofa o ne a tlhaloganya. Go bala ditlhogo tse di molemo tse di tlhalosang e bile di thusa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong mo dimakasineng tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo, go ne go nkgotsofatsa thata.
Mosadi wa me e ne e le motswedi wa kgothatso ka dinako tsotlhe mo nakong e e thata eo. Go itshokela mathata mmogo ruri go nonotsha kgolagano ya lenyalo. Batsadi ba ga Rafaela ba ne ba tlhokafala, mme ya re morago ga dingwaga tse 12, botsogo jwa me bo ne jwa tokafala mo e leng gore re ne ra akanya go boela mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka 1981, re ne ra gakgamala le go itumela tota fa re ne re lalediwa gape gore re dire tiro ya go potologa.
Go ne go dirilwe diphetogo tse dikgolo tsa puso ya Modimo mo Spain e sale go tloga fa re ne re le mo bodireding jwa go eta mo nakong e e fetileng. Jaanong go rera go ne go letlelelwa, ka jalo ke ne ke tshwanetse go itlwaelanya le maemo a masha. Lefa go ntse jalo, go direla jaaka molebedi wa potologo gape e ne e le tshiamelo e kgolo. E re ka re ne re kile ra bula tsela le mo maemong a a thata seo se ne sa re thusa go kgothatsa babulatsela ba ba neng ba na le mathata. Gantsinyana re ne re kgona go thusa ba bangwe go simolola go bula tsela.
Morago ga dingwaga tse 11 re dira tiro ya go eta kwa Madrid le Barcelona, botsogo jwa rona jo bo neng bo ntse bo nna maswe bo ne jwa dira gore go tlhokege gore re fetole dikabelo gape. Re ne ra abelwa go ya go direla jaaka babulatsela ba ba kgethegileng kwa toropong ya Salamanca, kwa ke neng ke tla dira jaaka mogolwane teng. Bakaulengwe ba kwa Salamanca ba ne ba dira gore re ikutlwe re le kwa gae. Ngwaga moragonyana, matlhotlhapelo a mangwe a ne a tlile go dira gore re itshoke tota.
Rafaela o ne a tlhaela thata disele tse dikhibidu mo mading, mme fa a tlhatlhobiwa go ne ga bonala gore o ne a na le kankere ya ngati. Jaanong e ne e le nna ke tshwanetseng go nonofa mme ke tshegetse mosadi wa me tota. Kwa tshimologong re ne re sa dumele mme morago re ne ra simolola go boifa. A Rafaela o ne a tla fola? Mo dinakong tse di tshwanang le tse, go ikanya Jehofa ka mo go feletseng ke gone mo go re thusang gore re tswelele. Ke itumelela go bolela gore Rafaela o ne a ariwa ka katlego, mme re solofela gore kankere eo ga e ne e boelela gape.
Le mororo re ne ra nna le mathata mo dingwageng tse 36 tse re di nnileng kwa Spain, go tshela mo nakong eno ya kgolo ya semoya go ne go itumedisa. Re bone setlhophanyana sa baboledi ba ba 800 ka 1958 se gola go nna lesomo la baboledi ba feta 100 000 gompieno. Mathata a rona a ile a bipiwa ke dilo tse dintsi tse re neng ra di ipelela—go thusa ba bangwe go amogela boammaaruri le go gola semoyeng, go dira mmogo jaaka monna le mosadi le go ikutlwa gore re dirisitse matshelo a rona ka tsela e e molemo go gaisa.
Paulo o bolela jaana mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi go Bakorinthe: “E re ka re na le tirelo e, fela jaaka re bonye boutlwelobotlhoko, ga re ngodiege.” (2 Bakorinthe 4:1) Fa ke leba kwa morago, ke dumela gore go ne go na le mabaka a mantsi mo botshelong jwa me a a nthibetseng gore ke se ka ka itlhoboga. Sekao sa bakaulengwe ba ba ikanyegang ba batlodiwa ba ba neng ba ntlhokometse mo dingwageng tsa me tsa bosha, se ne sa thaya motheo o o molemo. Go nna le molekane yo o nang le mekgele ya semoya e e tshwanang le ya me ke thuso e e molemolemo; fa ke ne ke tshwenyegile, Rafaela o ne a nkgothatsa, mme le nna ke mo diretse se se tshwanang. Go tsaya dilo motlhofo go thusa tota. Go kgona go tshega le bakaulengwe ba rona—le go itshega—ka tsela nngwe go dira gore e nne e kete mathata ga a magolo thata.
Mme mo godimo ga tsotlhe, go itshoka fa o lebane le diteko go tlhoka nonofo ya ga Jehofa. Ke nna ke gakologetswe mafoko ano a ga Paulo: “Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.” Fa Jehofa a re eme nokeng, ga go tlhokege gore re itlhoboge le ka motlha.—Bafilipi 4:13.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ronald le Rafaela Taylor ka 1958
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Go kopana ka nako ya fa re ne re thibetswe kwa Spain (1969)