LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/1 ts. 26-29
  • Ke Fetotse Kabelo Ke na Le Dingwaga di le 80

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Fetotse Kabelo Ke na Le Dingwaga di le 80
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boammaaruri Jwa Baebele bo Fetola Matshelo a Rona
  • Dikao Tse di Neng Tsa re Nonotsha
  • Go Bula Tsela Kwa Anglia Botlhaba
  • Nako ya Ntwa le Lelapa
  • Tshwetso ya Rona ya go Fudugela kwa Spain
  • “E Re ka Re na le Tirelo e . . . , Ga re Ngodiege”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bommê—Ithuteng mo Sekaong sa ga Yunise
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Nna ke Tlhomile Matlho le Pelo mo Mokgeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/1 ts. 26-29

Ke Fetotse Kabelo Ke na Le Dingwaga di le 80

JAAKA GO BOLETSE GWENDOLINE MATTHEWS

Fa ke ne ke tshwara dingwaga di le 80, nna le monna wa me re ne ra swetsa gore re phuthe dithoto tsotlhe tsa rona re di tsenye mo loring e e hirilweng mme re tswe kwa Engelane re fudugele kwa Spain. Re ne re sa itse puo ya Se-Spain, mme re ne re ya kwa borwabophirima jwa Spain, kgakala le kwa bajanala ba ba buang Seesemane ba fitlhang gone. Bontsi jwa ditsala tsa rona bo ne bo akanya gore re a tsenwa, mme ke ne ke ikgakolola ke itumetse gore Aborahame o ne a ya kwa Ure a na le dingwaga di le 75.

GO NE ga direga gore dingwaga tse re di ntseng mo Spain fa e sa le re goroga kwano ka April 1992 e ile ya nna tse di duelang thata mo matshelong a rona. Pele ke tlhalosa lebaka la go bo re ne ra fuduga, mma ke bolele kafa botshelo jwa rona re le mo tirelong ya ga Jehofa bo neng jwa dira ka gone gore re dire tshwetso e e ntseng jalo e kgolo.

Boammaaruri Jwa Baebele bo Fetola Matshelo a Rona

Ke goletse mo legaeng le le ratang bodumedi kwa borwabophirima jwa Lontone, kwa Engelane. Mmè o ne a tle a tsamaye le nna le nnake wa mosetsana kwa mafelong a a farologaneng a kobamelo fa a ntse a batla sengwe se se kgotsofatsang mo semoyeng. Rre yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng jwa thiibi, o ne a sa nke a tsamaya le rona. Mme e ne e le mmadi wa Baebele yo o tlhagafetseng, mme o ne a sega mola nako le nako fa a bona temana e e mo rutang sengwe. Nngwe ya dithoto tse ke neng ke di tsaya e le letlotlo thata ke Baebele eo e e neng e onetse e a neng a e rata thata.

Ka 1925, fa ke ne ke na le dingwaga di le 14, go ne ga tsenngwa pampitshana ka fa tlase ga lebati la rona e e neng e re laletsa go tla puong ya phatlalatsa kwa holong ya motse wa West Ham. Mmè le moagelani mongwe ba ne ba swetsa gore ba tla nna gone kwa puong eo, mme nna le nnake re ne ra tsamaya le bone. Puo eo e e reng, “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Ketla di Swa,” e ne ya jala dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele mo pelong ya ga Mmè.

Dikgwedi di sekae fela morago ga moo, Rre o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 38. Loso lwa gagwe lo ne lwa re tlisetsa masetlapelo a magolo, e re ka re ne re le mo khutsafalong e kgolo e bile re humanegile. Kwa tirelong ya segopotso, e e neng e tshwaretswe mo Church of England ya lefelo leo, Mmè o ne a gakgametse fa a utlwa moruti a bolela gore moya wa ga Rre o ile legodimong. O ne a itse go tswa mo Baebeleng gore baswi ba robetse mo mabitleng, e bile o ne a dumela tota gore ka letsatsi lengwe Rre o tla tsosediwa mo botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Pesalema 37:9-11, 29; 146:3, 4; Moreri 9:5; Ditiro 24:15; Tshenolo 21:3, 4) A tlhatswegile pelo gore o tshwanetse go kopanela le batho ba ba rutang Lefoko la Modimo, o ne a swetsa gore a nne tsala le Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo.

E re ka re ne re se na madi a dipalangwa, beke le beke re ne re tsamaya ka maoto diura tse pedi go tswa kwa gae re ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga moo, re ne re tsaya diura tse dingwe tse pedi re boela gae. Mme re ne re tsaya dipokano tseo di le botlhokwa thata, mme re ne re sa nke re tlodisa go ya kwa go tsone, tota le fa mouwane wa Lontone o o tlwaelegileng o ka khurumetsa toropo eo. Go ise go ye kae Mmè o ne a swetsa gore a neele Jehofa botshelo jwa gagwe le go kolobediwa, mme ka 1927, le nna ke ne ka kolobediwa.

Le fa gone re ne re na le mathata a itsholelo, Mmè ka metlha o ne a nthutile botlhokwa jwa dilo tse di tshwanetseng go tla pele tsa semoya. Mathaio 6:33 e ne e le nngwe ya ditemana tse a neng a di rata thata, mme tota o ne a ‘senka pele bogosi.’ Fa a ne a tlhokafala a sa le mosha ka ntlha ya bolwetse jwa kankere ka 1935, o ne a dira dithulaganyo tsa go amogela taletso ya go nna mongwe wa badiredi ba nako e e tletseng ba ba neng ba ka fudugela kwa Fora go ya go direla koo.

Dikao Tse di Neng Tsa re Nonotsha

Mo dingwageng tseo tsa bogologolo, bangwe kwa dipokanong kwa Lontone ba ne ba batla go bolela dikgopolo tsa bone, mme batho bano ba ne ba tlhotlheletsa gore go nne le dikgotlhang le dikomang. Le fa go ntse jalo, ka metlha Mmè o ne a bolela gore e tla bo e le go sa ikanyege go tlogela phuthego ya ga Jehofa morago ga sotlhe se re se ithutileng mo go yone. Diketelo tsa ga Joseph F. Rutherford, moporesidente wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society, di ne di re kgothatsa gore re direle ka boikanyegi.

Ke gopola Mokaulengwe Rutherford e le monna yo o pelonomi, a atamelesega. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, Phuthego ya Lontone e ne ya intsha mmogo, le ene a le teng. O ne a ntsaya senepe—e re ka ke ne ke le mosha yo o ditlhong—mme a mpotsa gore a nka rata go mo tsaya senepe. Senepe seo e ne ya nna segopotso se ke neng ke se ngomaela fela thata.

Moragonyana, boitemogelo bongwe bo ne jwa gatelela mo go nna pharologanyo fa gare ga ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Bokeresete le banna ba ba tumileng ba lefatshe. Ke ne ke le moabadijo mo ntlong nngwe e kgolo ya Lontone koo Franz von Papen, mongwe wa baemedi ba ga Hitler, a neng a laleditswe dijo tsa motshegare gone. O ne a gana go ntsha lebante la sabole ya gagwe fa a ja, mme ke ne ka e kgopa ka bo ka tsholola sopo e ke neng ke e tshwere. O ne a bua a galefile gore kwa Jeremane ke ne ke ka thuntshediwa bofafalele jo ke bo dirileng joo. Nako yotlhe ya dijo e ne ya fela ke mo katogile!

Kopano nngwe e ke sa e lebaleng, koo ke neng ka utlwa Mokaulengwe Rutherford a bua kwa go yone, e ne e tshwaretswe kwa Alexandra Palace ka 1931. Re ne ra amogela leina la rona le lesha la Basupi ba ga Jehofa ka matlhagatlhaga gone koo. (Isaia 43:10, 12) Dingwaga tse pedi morago ga moo, ka 1933, ke ne ka tsenela tirelo ya bobulatsela, jaaka bodiredi jwa nako e e tletseng bo bidiwa. Masego a mangwe a ke a gakologelwang mo dingwageng tseo e ne e le a go kgona go kopanela le makawana a a molemo a kgabagare a neng a nna barongwa kwa dikarolong tse di kgakala tsa lefatshe. Gareng ga bone go ne go na le Claude Goodman, Harold King, John Cooke le Edwin Skinner. Dikao tse di ntseng jalo tse di ikanyegang di ne tsa ntira gore ke batle go direla kwa tshimong e sele.

Go Bula Tsela Kwa Anglia Botlhaba

Ke ne ke abetswe go bula tsela kwa Anglia Botlhaba (e e ka fa botlhaba jwa Engelane), mme go rera koo go ne go tlhoka matlhagatlhaga le tlhoafalo. Gore re akaretse tshimo ya rona e kgolo, re ne re tsamaya ka dibaesekele go tloga mo toropong e nngwe go ya go e nngwe le motse le motsana mme re gorogela mo dikamoreng tse re di hirileng. Go ne go se na diphuthego mo karolong eo, ka jalo nna le modiri le nna re ne re tlotla mmogo ka dikarolo tsotlhe tsa dipokano tsa ka metlha tsa beke le beke. Mo bodireding jwa rona, re ne ra tsamaisa makgolokgolo a dibuka le dibukana tse di neng di tlhalosa maikaelelo a Modimo.

Ketelo e nngwe e ke sa e lebaleng ke ya fa re ne re le kwa ntlong ya moruti mongwe koo re neng ra buisana le moruti wa Church of England ya lefelo leo. Mo dikarolong di le dintsi, re ne re dira gore baruti ba Anglican e nne bone ba bofelo ba re tsenang kwa go bone ka gonne gantsi ba ne ba baka mathata fa ba utlwa gore re rera dikgang tse di molemo mo karolong eo. Mme mo motseng ono mongwe le mongwe o ne a bua moruti yono bontle. O ne a etela balwetse, o ne a adima batho ba ba neng ba rata go bala dibuka, e bile o ne a etela dinku tsa gagwe kwa magaeng a bone gore a ba tlhalosetse Baebele.

Ee ruri, fa re ne re mo etetse, o ne a le botsalano tota, mme o ne a amogela dibuka di le mmalwa. Gape o ne a bolela gore fa mongwe mo motseng a batla go nna le dingwe tsa dibuka tsa rona mme a sa kgone go di duelela, o tla ba duelela tsone. Re ne ra utlwa gore dilo tse di tshosang tse di mo diragaletseng kwa Ntweng ya Lefatshe I di ile tsa mo dira gore a ikemisetse go rotloetsa kagiso le go kgatlhegela dinku tsa gagwe. Pele re tsamaya o ne a re segofatsa a bo a re kgothaletsa gore re tswelele pele le tiro ya rona e e molemo. Mafoko a a neng a kgaogana le rona ka one e ne e le a Dipalo 6:24: “Morena o ba segofatse, mme o ba boloke.”—King James Version.

Mmè o ne a tlhokafala dingwaga di le pedi morago ga gore ke simolole go bula tsela, mme ke ne ka boela kwa Lontone ke se na madi e bile ke se na ba lelapa. Mosupi mongwe yo o rategang wa Mo-Scott o ne a ntlhokomela, a nthusa gore ke itshokele loso lwa ga Mmè, le go nkgothaletsa go tswelela pele ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ka jalo ke ne ka boela kwa Anglia Botlhaba ke na le Julia Fairfax, mmulatsela le nna yo mosha. Re ne ra baakanya kharabane ya bogologolo (kolotsana) gore e nne legae la rona le le tsamayang; re ne re dirisa terekere kana lori go e isa kwa mafelong a a farologaneng. Re na le banyalani bangwe ba ba godileng, Albert le Ethel Abbott, ba le bone ba neng ba na le kharabane e nnye, re ne ra tswelela pele re rera. Albert le Ethel e ne e kete ke batsadi ba me.

Fa ke ne ke bula tsela kwa Cambridgeshire, ke ne ka itsane le John Matthews, mokaulengwe yo o molemo wa Mokeresete yo o setseng a kile a supa bothokgami jwa gagwe mo go Jehofa mo maemong a a thata. Re ne ra nyalana ka 1940, moragonyana fela ga gore ntwa ya lefatshe ya bobedi e simologe.

Nako ya Ntwa le Lelapa

Fa re ne re sa tswa go nyalana, re ne re nna mo kharabaneng e nnye e e neng e ka lekana le ntlwana e nnye ya boapeelo, mme re ne re ya kwa bodireding jwa rona ka sethuuthuu se re neng re se ikanya. Ngwaga re ntse re nyalane, John o ne a atlholelwa go dira mo polaseng nngwe fa ka ntlha ya dilo tse a di dumelang mo Baebeleng, a ne a gana go dira tirelo ya bosole. (Isaia 2:4) Le mororo seno se ne se raya gore re emisa go bula tsela, go atlholwa ga ga John go itshupile e le lesego e re ka ke ne ke imile mme o ne a tla kgona go re tlamela.

Mo dingwageng tsa ntwa, re ne re itumelela dipokano tse di kgethegileng tse di neng di tshwarwa go sa kgathalesege mathata. Ka 1941 sethuuthuu sa rona se ne se pegile nna le John, ke imile ngwana wa rona wa ntlha, re ya kwa Manchester, dikilometara di le 300. Mo tseleng, re ne re feta ditoropo di le dintsi di tlhatlhamolotswe ka dibomo, mme re ne re ipotsa gore a pokano e ne e tla tshwarwa mo maemong a a ntseng jalo. E ne ya tshwarwa. Holo ya Free Trade e e kwa bogareng jwa Manchester e ne e tletse Basupi ba tswa kwa dikarolong di le dintsi tsa Engelane, mme thulaganyo yotlhe e ne ya neelwa.

Kwa bofelong jwa puo ya sebui sa bofelo sa kopano, sebui seno se ne sa bolelela bareetsi gore ba tshwanetse go tswa mo dikagong tseo ka bonako, e re ka go ne go lebeletswe gore difofane di ne di ka tlhasela ka tshoganetso. Tlhagiso eo e ne e tlile ka nako e e tshwanetseng. Re ne re se kgakala le holo fa re utlwa diphala tsa tlhagiso le ditlhobolo tsa difofane. Fa re leba kwa morago, re ne re kgona go bona difofane di le mmalwa di latlhela dibomo kwa bogareng jwa motse. Re le kgakajana, re ne re kgona go bona holo e re neng re ntse mo go yone mo nakonyaneng e e fetileng e aparetswe ke molelo le mosi; e ne e senyegile gotlhelele! Se se itumedisang ke gore go ne go se na ope wa bakaulengwe kana wa bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete yo o neng a bolawa.

Fa re ntse re godisa bana ba rona, re ne re sa kgone go bula tsela, mme re ne re amogela balebedi ba ba etang le babulatsela mo legaeng la rona ba ba neng ba se na marobalo. Ka nako nngwe, babulatsela ba le barataro ba ne ba nna mo legaeng la rona ka dikgwedi di le mmalwa. Ga go belaetse gore go tsalana le batho ba ba ntseng jalo ke lengwe la mabaka a a dirileng gore morwadiarona Eunice a tlhophe go simolola go bula tsela ka 1961 fa a ne a na le dingwaga di le 15. Ka maswabi, morwaarona, David, o ne a se ka a tswelela pele a direla Jehofa fa a gola, mme morwadiarona yo mongwe, Linda, o ne a swa mo maemong a a sisibanyang mmele ka nako ya ntwa.

Tshwetso ya Rona ya go Fudugela kwa Spain

Sekao sa ga Mmè le kgothatso ya gagwe di ile tsa ntlhotlheletsa gore ke nne le keletso ya go nna morongwa, mme ke ne ke ise ke lebale gotlhelele ka mokgele oo. Ka gone, re ne re itumetse fa, ka 1973, Eunice a ne a tswa kwa Engelane a ya kwa Spain koo go neng go tlhokega thata baboledi ba Bogosi. Legale, re ne re hutsafetse fa re bona a tsamaya, mme gape re ne re le motlotlo gore o ne a batla go ya go direla kwa nageng e sele.

Re ne re a tle re etele Eunice mo dingwageng tse di fetileng, mme ra itse naga ya Spain botoka. Tota e bile, nna le John re ne ra mo etela kwa dikabelong tsa gagwe tse di farologaneng tse nnè. Go tswa foo, fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ne ra simolola go koafala mo mmeleng. John o ne a kile a wa mme ga ama botsogo jwa gagwe ka tsela e e masisi, mme ke ne ke tshwerwe ke bolwetse jwa pelo le jwa thyroid. Mo godimo ga moo, rotlhe re ne re tshwerwe ke bolwetse jwa arthritis. Le mororo re ne re tlhoka gore Eunice a re thuse, re ne re sa batle gore a tlogele kabelo ya gagwe ka ntlha ya rona.

Re ne ra buisana le Eunice ka dikeletso tsa rona, mme re ne ra rapela gore re bone kaelo. O ne a rata go tla gae go tla go re thusa, mme re ne ra swetsa gore tharabololo e e molemo thata ke gore nna le John re ye go nna le ene kwa Spain. Fa nna ke ne ke sa kgone go nna morongwa, bobotlana ke ne ke ka tshegetsa morwadiake le babulatsela le ene ba babedi mo tirelong ya nako e e tletseng. Ka nako eo, nna le John re ne re tsaya Nuria le Ana, e leng babulatsela mmogo le Eunice ba babedi ka dingwaga di ka nna 15, e le barwadiarona. Mme ba ne ba itumelela gore re tlile go nna le bone gongwe le gongwe kwa ba neng ba tlile go abelwa gone.

Go setse go fetile dingwaga di le thataro fa e sa le re dirile tshwetso eo. Botsogo jwa rona ga bo a koafala thata, mme re setse re tshela matshelo a kgatlhang tota. Ke sa ntse ke sa kgone go bua Se-Spain sentle, mme seo ga se nkemise go rera. Nna le John re ikutlwa re le kwa gae kwa phuthegong ya rona e nnye kwa Extremadura, kwa borwabophirima jwa Spain.

Go nna kwa Spain go nthutile mo gontsi malebana le tiro ya rona ya boditšhabatšhaba ya go rera ka Bogosi, mme jaanong ke tlhaloganya sentle thata ka fa ‘tshimo e leng lefatshe’ ka teng, jaaka Jesu Keresete a ne a bolela.—Mathaio 13:38.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Re bula tsela mo dingwageng tsa bo1930

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela