Re ne Ra Fiwa Perela e e Tlhwatlhwakgolo
JAAKA GO BOLETSE RICHARD GUNTHER
E ne e le ka September ka 1959. Re ne re pagame sekepe sa Italy se se bidiwang Julio Caesar, re kgabaganya Lewatle la Atlantic, re tswa kwa New York re ya kwa Cádiz, kwa Spain. Mokgatlho wa Watch Tower o ne o nkabetse gore ke ye go direla kwa nageng eo ya Iberia le mosadi wa me, Rita, le banyalani ba bangwe ba babedi ba barongwa, e bong Paul le Evelyn Hundertmark. Re ne re tlile go lebana le maemo a mantsi a a gwetlhang. Mme go ne go tlile jang gore re tsenelele tiro ya borongwa?
NNA le Rita re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa ka 1950 kwa New Jersey, kwa U.S.A. Ka bonakonyana fela morago ga moo, re ne ra dira tshwetso e e neng e tla re fa nako e ntse e tsamaya e re dire gore re bone perela e e tlhwatlhwakgolo thata. Phuthego e re neng re kopanela le yone e ne e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lekaneng tshimo eo. Ka jalo re ne ra ikutlwa re patelesega go ithaopela go ya go direla kwa go neng go tlhokega bareri ba ba oketsegileng teng. Kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York City go le selemo ka 1958, re ne ra dira kopo ya go tsenelela tirelo ya borongwa.
Ka bonako fela morago ga moo, re ne ra lalediwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, mme mo lobakeng lwa ngwaga re ne re setse re le mo tseleng ya go ya kwa Spain jaaka barongwa. Ka lebaka la go bo re ne re tshwaregile re ipaakanya e bile re itumetse thata ka nako eo, re ne re sa lemoge gore re ne re filwe eng. Jesu o ne a kile a bua ka perela e e tlhwatlhwakgolo. (Mathaio 13:45, 46) Lefa a ne a sa bue ka gone mo setshwantshong sa gagwe, mo go rona tshiamelo ya rona ya go direla jaaka barongwa e ne e tshwana le perela eo. Fa re tlhatlhanya ka ditiragalo tse di fetileng, jaanong re anaanela mpho eno e e botlhokwatlhokwa ya tirelo mo phuthegong ya ga Jehofa ka botlalo.
Tiragalo E e Sa Lebalesegeng
Ka nako eo khoso ya barongwa ya Gileate e ne e tshwarelwa mo lefelong le lentle mo kgaolong ya Finger Lakes ya New York State. Re ne ra nna dikgwedi tse thataro tse di monate re ithuta Baebele koo, e bile re na le bokopano jwa mmatota jwa Bokeresete, re dule mo dikgannyeng le mo mathateng a lefatshe leno. Baithutikarona ba ne ba tswa kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, go akaretsa Australia, Bolivia, Boritane, Greece le New Zealand. Lefa go ntse jalo, letsatsi la kaloso le ne la goroga ka bonako. Ka August 1959, re ne ra sadisa batho sentle lefa gone re ne re sekile dikeledi mo matlhong a rona fa re ne re ya kwa dikabelong tsa rona tse di farologaneng tsa borongwa. Re ne ra goroga kwa Spain morago ga kgwedi.
Ngwao e Ntšha
Re ne ra goroga kwa boemakepeng jo bo kwa borwa jwa Algeciras, go bapa le Rock of Gibraltar e kgolo. Nna le Rita mmogo le boorra Hundertmark re ne ra pagama terena go ya Madrid ka bonè jwa rona jone bosigo joo. Re ne ra ya go emela maloko a ofisi ya lekala a Mokgatlho a a neng a dira ka go iphitlha kwa Hotel Mercador. Ka nako eo Spain e ne e busiwa ke Generalissimo Francisco Franco wa mmusaesi. Seno se ne se raya gore bodumedi jo bo neng bo letlelelwa semolao fela mo nageng eo e ne e le Kereke ya Roma Katoliki. Tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa ka gore go tsamaisana le bodumedi bope fela bo sele phatlalatsa go ne go tsewa go se ka fa molaong. Le e leng tsone dikopano tsa bodumedi di ne di kganelwa, mo e leng gore Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba ka tshwara 1 200 mo diphuthegong tse 30 kwa Spain, ba ne ba sa kgone go kopanela mo Diholong tsa Bogosi jaaka ba dira mo dinageng tse dingwe. Re ne re patelesega go kopana ka go iphitlha mo magaeng a batho.
Go Ithuta Sepanishe le go Simolola
Kgwetlho e re neng ra lebana le yone la ntlha e ne e le go ithuta puo. Mo kgweding ya ntlha, re ne re ithuta Sepanishe diura di le 11 ka letsatsi—diura tse 4 mo tlelaseng, mme go tswa foo tse 7 re ithuta re le nosi. Mo kgweding ya bobedi re ne re ntse re dira se se tshwanang mo mosong, mme thapama re ne re ya go rera ka ntlo le ntlo. A o ka akanya fela gore go ne go ntse jang? Nna le Rita re ne ra tsamaya re le nosi ka ntlo le ntlo re ntse re ise re itse puo mme re itse fela matseno a re neng re a tshwere ka tlhogo a a neng a kwadilwe mo pampiring!
Ke gopola letsatsi le lengwe ke kokota mo ntlong nngwe, kwa Vallecas, e e leng karolo ya batho ba ba berekang ya Madrid. Ke ne ke tshwere pampiri go e dirisa fa nka e tlhoka, mme ka bua jaana ka Sepanishe: “Dumelang. Re dira tiro ya Bokeresete. Baebele ya re (re bo re bala temana). Re ka rata gore o nne le bukana eno.” Mmè wa teng o ne a re leba fela mme a bo a tsaya bukana. Fa re ne re mo etetse gape, o ne a re laletsa gore re tsene mo ntlung, mme fa re ntse re bua, o ne a re leba fela. Re ne ra simolola go ithuta Baebele le ene re dira maiteko otlhe, mme e ne e re fa re ntse re ithuta, a bo a reetsa a bo a re leba fela. Morago ga nako o ne a re bolelela gore o ne a sa tlhaloganya se re neng re se buile fa re ne re etile la ntlha mme le fa go ntse jalo o ne a utlwile lefoko Dios (Modimo), mme seo se ne se lekane gore a lemoge gore e ne e le sengwe se se molemo. Kgabagare o ne a bapala kitso e ntsi ya Baebele a ba a kolobediwa mme a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Go ithuta Sepanishe go ne go mpalela fela thata. Fa ke ne ke tsamaya mo toropong, ke ne ke ithuta go tshwara dipopego tse di farologaneng tsa mafoko ka tlhogo. E ne e re fa ke ne ke tshwere sengwe ka tlhogo mo bekeng eno ke bo ke se lebala mo go e e latelang! Go ne go kgoba marapo thata. Ke ne ka rata go lesa ka makgetlho a le mokawana. Ka go bo ke ne ke sa bue Sepanishe sentle thata jalo, bakaulengwe ba Bapanishe ba ne ba patelesega go nna pelotelele ka gore ke ne ke ba etelela pele. Kwa kopanong nngwe ya kgaolo, mokaulengwe mongwe o ne a nneela kitsiso e e neng e kwadilwe gore ke e bale kwa seraleng. Ka ke ne ke palelwa ke go bala mokwalo wa gagwe sentle, ke ne ka itsise jaana: “Lo tleng ka di-muleta (dikotana) tsa lona mo setadiamo kamoso.” E ne e tshwanetse gore e nne: “Lo tle ka di-maleta (dithoto) tsa lona mo setadiamo kamoso.” Kwantle ga pelaelo, batho ba ne ba tshega, mme nna tota, ke ne ka tlhabiwa ke ditlhong.
Diteko Tsa Pele Kwa Madrid
Mo dingwageng tseo tsa ntlha tse re di ntseng kwa Madrid nna le Rita re ne ra tshwenyega thata mo maikutlong. Re ne re tlhologeletswe legae la rona le ditsala tsa rona fela thata. Re ne re ikutlwa re tlhoafala thata nako le nako fa re ne re amogela lekwalo le le tswang kwa United States. Metlha eo e re neng re tlhoafalela kwa gae thata ka yone e ne e utlwisa botlhoko, mme legale e ne ya feta. Gone re ne re tlogetse legae la rona, lelapa la rona le ditsala tsa rona gore re tle re amogele perela e e tlhwatlhwakgolo mo boemong jwa bone. Re ne re tshwanetse go tlwaela.
Fa re ne re simolola go nna kwa Madrid, re ne re nna mo ntlong e e hirisiwang ya maemo a a kwa tlase. Re ne re na le kamore ya rona e bile re ne re ja gararo ka letsatsi. Kamore ya teng e ne e le lefifi e bile e le potlana mme materase wa teng e ne e le wa letlhaka. Madi a mannye a re neng re a newa kgwedi le kgwedi a ne a fediwa ke go duela rente kgwedi le kgwedi. Re ne re tlhola re ja dijo tsa motshegare teng mme mong wa jarata o ne a tlhola a tlogela dijo tsa rona tsa maitseboa mo ontong gore di thuthafale e tle e re fa re tla bosigo, re nne le se re ka se jang. Lefa go ntse jalo, re ne re tshwarwa ke tlala thata fa re ne re ntse re tsamaya mo mebileng motshegare le maitsiboa. Fa madi a re neng re a newa a sena go fela, re ne re dirisa madi a rona ka namana go ithekela tšhokolete e e sa tureng e re neng re ka e bona. Lefa go ntse jalo, seemo seno se ne sa fetoga ka bonako fela fa re sena go etelwa ke molebedi wa Mokgatlho wa makala. O ne a bona gore seemo sa rona se ne se ntse jang mme a bolela gore re ka senka folete e re neng re ka e dirisa go nna legae la barongwa. Seno se ne se tla nna botoka thata go na le go tlhapela mo bateng re eme ka dinao mo bodilong jwa kitsi. Jaanong re ne re tlile go nna le shawara le setsidifatsi se re neng re tlile go baya dijo mo go sone le setofo sa motlakase se re neng re tla ikapeela ka sone. Re ne ra anaanela go bo re akanyeditswe ka tsela e e ntseng jalo.
Maitemogelo a a Molemo Thata Kwa Madrid
Tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e ne e dirwa ka kelotlhoko thata. Tlhakatlhakano e e neng e nna kwa Madrid malatsi otlhe e ne e re thusa gore re se ka ra lemogiwa. Re ne ra leka go apara le go itshwara jaaka batho ba bangwe gore re se ka ra lemogiwa gore re ne re le batswakwa. Fa re ne re rera ka ntlo le ntlo re ne re dirisa mokgwa wa go kokota mo kagong ya difolete, re be re bua le motho, re be re tswa mo kagong ya teng, mo seterateng le mo lefelong la teng. Ka dinako tsotlhe go ne go ka direga gore mong wa ntlo a bolelele mapodise, ka jalo go ne go se botlhale go nna mo tikologong ya lefelo leo. Gone le fa ba ne ba le kelotlhoko thata jalo mo go diriseng mokgwa ono, Paul le Evelyn Hundertmark ba ne ba tshwarwa ba bo ba kobiwa mo nageng eo ka 1960. Ba ne ba ya kwa nageng e e gaufi ya Portugal, kwa ba neng ba direla teng ka dingwaga di le mmalwa, kwa Paul a neng a tlhokomela ofisi ya lekala ka go iphitlha teng. Gompieno ke molebedi wa toropokgolo kwa San Diego, kwa California.
Lefa go ntse jalo, le rona re ne ra diragalelwa ke sengwe se se tshwanang. Dikgwedi di sekaenyana moragonyana, barongwa botlhe ba ba neng ba abetswe go ya go direla kwa Portugal ba ne ba kobiwa mo nageng eo! Seno se ne sa itumedisa ka gore Eric le Hazel Beveridge, ba re neng re na le bone mo tlelaseng ya rona ya Gileate, ba ne ba bolelelwa gore ba tloge kwa Portugal mme ba ye kwa Spain. Ka jalo re ne re le kwa Hotel Mercador gape ka February ka 1962—mme gompieno re ne re ile go kgatlhantsha Eric le Hazel fa ba ne ba goroga.
Nna le Rita re ne ra iponela boitimokanyo jwa bodumedi ka namana gone mo malatsing ao a pele kwa Madrid. Re ne re ithuta Baebele le banyalani, e bong Bernardo le Maria, ba ba neng ba nna mo mokhukhung o o neng o dirilwe ka didirisiwa dingwe le dingwe fela tsa kago tse Bernardo a neng a di setse. Re ne re bala le bone bosigo, mme e ne e re morago ga thuto ba bo ba re fa borotho, beine le tšhise kgotsa sepe fela se ba neng ba na le sone. Ke ne ka lemoga gore tšhise ya teng e ne e tshwana fela le tšhise ya kwa Amerika. Bosigo bongwe morago ga thuto, ba ne ba tlisa moteme o tšhise e neng e tswa mo go one. O ne o kwadilwe jaana ka ditlhaka tse dikgolo, ka Seesemane, “Baamerika ba e fa Bapanishe—e se ka ya rekisiwa.” Lelapa le le humanegileng leno le ne le tsaya kae tšhise e? Goromente o ne a dirisa Kereke ya Katoliki gore e e abele bahumanegi. Mme moruti o ne a e rekisa!
Bodiredi jo bo Nang le Matswela mo Masoleng
Go ne ga direga sengwe se se itumedisang thata se e neng e tla nna masego a magolo thata mo go rona le mo go ba bangwe ba bantsi. Ofisi ya lekala e ne ya re romelela lekwalo le le neng le re kopa gore re etele lekawana le le bidiwang Walter Kiedaisch yo o neng a berekela kwa seteišaneng sa Bosole jwa Difofane jwa United States kwa Torrejón, kwa go neng go le bokgakala jwa dikilometara di sekaenyana ka kwantle ga Madrid. Re ne ra mo etela ene le mosadi wa gagwe mme ra simolola thuto ya Baebele le bone mmogo le banyalani ba bangwe ba Bosole jwa Difofane teng koo.
Ka nako eo ke ne ke tsamaisa dithuto tse di ka nnang tlhano tsa Baebele ka Seesemane le babereki ba kwa Bosoleng jwa Difofane jwa United States. Mo go bone bao go ne ga kolobediwa ba le supa moragonyana, mme ba le bane ba banna bao e ne ya nna bagolwane ba phuthego fa ba se na go boela kwa United States.
Ka nako eo go ne go se motlhofo go tlisa dibuka le dimakasine le Dibaebele mo nageng eo ka gore tiro ya rona e ne e thibetswe. Lefa go ntse jalo, dibuka dingwe di ne tsa tlisiwa ke bajanala le ke badirikarona ba Baamerika. Lekala le ne la nkabela go bula lefelo le le fitlhegileng la go baya dibuka. E ne e le mo bobolokelong kwa morago ga marekisetso a dibuka kwa Vallecas. Mosadi wa mong wa marekisetso ao e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mong wa marekisetso ao, le fa e ne e se Mosupi, o ne a tlotla tiro ya rona, mme e bile a itsenya mo kotsing mmogo le kgwebo ya gagwe, ka gore o ne a ntetla gore ke dirise lefelo le le kwa morago go paka dibuka tse di neng di tla romelwa kwa ditoropong go dikologa naga eo. E re ka kamore eo ka metlha e ne e tshwanetse go lebega jaaka seo e neng e tshwanetse go bo e ne e le sone—kamore e e lorole e e tlhakatlhakaneng e e tletseng dibokose—ke ne ka tshwanela go dira tafojana le bobeelo jwa dibuka tse di neng di ka dirwa ka nako e khutshwane di bo di dirisiwa gone foo di bo di boa di fitlhwa gape ka bofefo. Fa go fediwa tiro ya letsatsi, ke ne ke ema go fitlha go sena ope mo marekisetsong ke bo ke tswa ka bonako ka diphuthelwana tsa me.
E ne e le tshiamelo go nna le seabe mo go anamiseng tshedimosetso ya semoya, e e tshwanang le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mmogo le dibuka tse dingwe mo diphuthegong go ralala naga. Metlha eo e ne e itumedisa thata.
Rita o ne a ipelela go tsamaisa dithuto tse 16 tsa legae tsa Baebele, le batho ba halofo ya bone e neng ya nna Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Dolores e ne e le mosadi yo mmotlana yo o nyetsweng yo o neng a nna a robetse mariga ka lebaka la bolwetsi jwa pelo. Ka dikgakologo o ne a kgona go tsoga a ba a dira go sekaenyana. Tumelo ya ga Dolores e ne e nonofile, ka jalo fa nako ya gore re ye kopanong ya rona ya kgaolo, kwa Toulouse, kwa Fora, e ne e tla, o ne a batla go ya fela thata. Ngaka e ne ya mo tlhagisa gore go ne go tla bo go se botlhale gore a tsamaye ka lebaka la bolwetsi jwa gagwe jwa pelo. O ne a ya kwa seteisheneng sa diterena go ya go tsamaisa monna wa gagwe le mmaagwe le ba bangwe sentle a apere mosese wa go bereka mo ntlong le ditlhako tse di rwalwang mo ntlong mme a sa tshola dithoto. O ne a itshekile dikeledi a sa kgone go itshokela go ba bona ba tsamaya ba mo tlogela, ka jalo o ne a itatlhela mo tereneng le ene a ya Fora! Rita o ne a sa itse gore seno se ne se diragetse. Mme a bo a ne a gakgamala jang ne fa a ne a bona Dolores a nyenya thata jalo kwa kopanong!
Thuto E e Sa Tlwaelegang ya Baebele
Ga re kake ra fetsa pego eno ya kabelo ya rona ya kwa Madrid re sa bua ka Don Benigno Franco, “el profesor.” Mosupi mongwe wa mo lefelong leo o ne a nkisa kwa monnamogolong mongwe yo o neng a nna le mosadi wa gagwe mo foleteng ya maemo a a kwa tlase thata. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene. Fa re sena go ithuta lebaka le e neng e ka nna ngwaga le halofo, o ne a kopa gore a kolobediwe mme a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Monnamogolo yono, Don Benigno Franco, e ne e le ntsalaa Francisco Franco, yo e neng e le mmusaesi wa Spain ka nako eo. Go lebega Don Benigno e ne e le motho yo o neng a sa bolo go nna a ntse a rata kgololesego. Ka nako ya Ntwa ya Selegae ya kwa Spain, o ne a le mo letlhakoreng la Repaboliki mme a le kgatlhanong le ntsalae—mojenerale yo o neng a fenya ntwa mme a tlhoma puso ya bobusaesi ya Katoliki. Don Benigno o ne a idiwa go bereka go tloga ka 1939, mme o ne a tshela botshelo jo bo seng monate. Ntsalaa Generalissimo Francisco Franco, mmusaesi wa sesole sa Spain, o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e ntseng jalo.
Taletso E e Sa Lebelelwang
Ka 1965 ofisi ya lekala ya kwa Spain e ne ya re laletsa go simolola go eta re dira tiro ya potologo kwa Barcelona. Seno se ne se raya gore re tlile go tlogela bakaulengwe botlhe ba ba lorato ba re neng re ba tlwaetse thata kwa Madrid. Jaanong go ne go tloga go simolola botshelo jo bosha jo gape e neng e tlile go nna teko mo go nna. Go ne go ntshosa ka gore ga ke bolo go nna ke belaela bokgoni jwa me. Ke itse sentle gore Jehofa ke ene a neng a nthusa gore ke dire ka tsela e e nang le matswela mo karolong eno ya tirelo.
Fa re ne re etela diphuthego beke le beke re ne re nna mo magaeng a bakaulengwe. Re ne re tshela re tsamaya, mme beke le beke re ne re fudugela kwa legaeng le lengwe. Seno se bokete segolobogolo mo mosading. Mme lefa go ntse jalo, José le Roser Escudé, ba ba neng ba nna kwa Barcelona, ba ne ba re laletsa go tla go nna le bone malatsi a le mantsi ka nako e le nngwe. Seno se ne se supa lorato lwa bone ka jaanong go ne go raya gore re ne re tla nna le lefelo le le tlhomameng le re neng re tla baya dilo tsa rona kwa go lone le re neng re tla nna re ya gae kwa go lone Sontaga mongwe le mongwe maitseboa.
Nna le Rita re ne ra direla ka dingwaga tse nne tse di latelang mo tirong ya potologo mo karolong e e bidiwang Catalonia, e e mo Lobopong Lwa Mediterranean. Dithuto tsotlhe tsa rona tsa Baebele di ne di tshwarela mo magaeng ka go iphitlha, mme tiro ya go rera ka ntlo le ntlo le yone e ne e dirwa ka botlhale gore re se ka ra lemogiwa. Ka dinako tse dingwe re ne re phutha phuthego yotlhe ka Sontaga re ya “pikiniking” kwa sekgweng, segolobogolo fa re ne re tshwere kopano ya potologo.
Re tla nna re ntse re tseela bakaulengwe ba bantsi ba semoya ba ba ineetseng kwa godimo ba ba neng ba baya kgololesego ya bone le ditiro tsa bone mo kotsing, ba iteka ka natla go dira gore diphuthego di nne di na le kutlwano e bile di le tlhaga. Ba bantsi ba bone ba ne ba etelela pele mo go atoloseng tiro go ya kwa ditoropong tse di kwantle ga toropokgolo. Seno se ne sa thaya motheo wa koketsego e kgolo kwa Spain fa go sena go tlosiwa thibelo mme go letlelelwa kgololesego ya bodumedi ka 1970.
Go Patelesega go Tlogela Kabelo ya Rona ya Kwa Nageng e Sele
Mo dingwageng tse di lesome tse re di ntseng kwa Spain, go ipelela lesego leno la go direla Jehofa go ne ga kgorelediwa ke seemo sa batsadi ba rona. Mo makgetlhong a mantsi re ne ra batla re tshwanela go tlogela kabelo ya rona gore re ye gae re ye go tlhokomela mmè le ntate. Le fa go ntse jalo, re leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba kwa diphuthegong tse di bapileng le batsadi ba me, ka gore re ne ra kgona go tswelela kwa Spain. Ee, ka fa letlhakoreng le le ngwe, re ne ra kgona tshiamelo ya go direla mo tirelong ya borongwa ka ntlha ya ba ba nnileng le seabe le rona mo go beyeng dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo kwa pele.
La bofelo, ka December ka 1968, re ne ra ya gae gore re ye go tlhokomela mmè. Ntate o ne a tlhokafala mo go yone kgwedi eo, mme jaanong mmè o ne a sala a le nosi. Ka re ne re santse re gololesegile ka selekanyo se se rileng go direla ka nako e e tletseng, re ne ra amogela kabelo ya gore re ye go direla mo tirong ya potologo, mme jaanong e le kwa United States. Mo dingwageng tse 20 tse di latelang re ne ra direla mo dipotologong tsa batho ba ba buang Sepanishe. Lefa gone re ne re latlhegetswe ke perela ya rona e e tlhwatlhwakgolo thata ya borongwa, re ne re tshotse e nngwe gape.
Go Rera mo Gare ga Diokobatsi le Thubakanyo
Jaanong re ne re dira mo maemong a a tshwanang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba nna mo dikarolong tse di neng di tletse thubakanyo tsa ditoropokgolo. Mo bekeng ya ntlha mo tirong ya potologo kwa Brooklyn, kwa New York, Rita o ne a phamolelwa beke.
Mo lekgetlhong le lengwe nna le Rita re ne re na le setlhopha re le mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo mo karolong e nngwe ya New York City. Fa re ne re tswa mo khoneng ya seterata, re ne ra bona batho ba eme ka go tlhomagana fa pele ga lehuti mo leboteng la kago e e letlotla. Fa re ne re tsamaela kwa pele ga seterata re ne ra bona mosimane a eme mo tselaneng ya seterata a re lebile. Go ne go na le yo mongwe a le kwa khoneng a lebile go bona gore a ga go na dikoloi dipe tse di tlang tsa mapodise. Re ne re tsene ka nako ya fa go rekisiwa diokobatsi! Yo o neng a okometse la ntlha o ne a tshogile, mme o ne a wela dibete fa a ne a bona makasine wa Tora ya Tebelo. Mme gone, nka tswa ke ne ke le lepodise! Go tswa foo o ne a goa jaana ka Sepanishe, “¡Los Atalayas! ¡Los Atalayas!” (Ma-Watchtower! Ma-Watchtower!) Ba ne ba itse gore re ne re le bomang, ba re bone ka dimakasine, mme sengwe le sengwe se ne se siame. Fa ke ne ke feta fa go ene, ke ne ka re, “¿Buenos dias, como está?” (Dumelang, le kae?) O ne a fetola ka go nkopa gore ke mo rapelele!
Tshwetso e e Thata
Ka 1990 go ne ga phepafala gore ke ne ke tla tshwanela go nna le mmè malatsi otlhe. Re ne re lekile ka thata gore re nne mo tirong ya go eta, mme mabaka a ne a re supetsa gore ga go kake ga kgonega gore re diragatse maikarabelo ao ka bobedi. Tota re ne re batla go tlhomamisa gore Mmè o ne a tlhokomelwa sentle ka lorato. Mme gape re ne re patelesega go tlogela perela ya rona e e tlhwatlhwakgolo thata, e e neng e le botlhokwa thata mo go rona. Majana otlhe a a tlhwatlhwakgolo a mmatota mo lefatsheng le dilo tse a ka di direlang motho di dinnye thata fa di bapisiwa le majana a a tlhwatlhwakgolo a go direla jaaka morongwa kgotsa jaaka molebedi yo o etang mo phuthegong ya ga Jehofa.
Nna le Rita re setse re le mo dingwageng tsa rona tsa bo60. Re kgotsofetse tota e bile re ipelela go direla le phuthego e e mo lefelong leno ya Sepanishe. Fa re akanya ka botshelo jwa rona mo tirelong ya ga Jehofa, re mo lebogela go bo a re file diperela tse di tlhwatlhwakgolo thata.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke na le Rita le Paul le Evelyn Hundertmark (kafa mojeng) ka kwantle ga lefelo le dipoo di lwelang kwa go lone kwa Madrid
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Re direla le phuthego kwa “pikiniking” kwa sekgweng