Boidiidi jo Bogolo bo Dira Tirelo e e Boitshepo
“Ba o direla [tirelo e e boitshepo, NW] motshegare le bosigo mo tempeleng ya one.”—TSHENOLO 7:15.
1. Go ne ga simolola go tlhaloganngwa eng sa semoya sa botlhokwa ka 1935?
KA May 31, 1935, batho ba ba neng ba tlile mo kopanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa mo Washington, D.C. ba ne ba itumela fela thata. E le la ntlha, lesomo le legolo (kana boidiidi jo bogolo) la Tshenolo 7:9 le ne la tlhalosiwa sentle go dumelana le Baebele yotlhe le go dumelana le ditiragalo tse di neng di setse di simologile go diragala.
2. Ke eng se se neng sa bontsha gore batho ba palo e e neng e ntse e oketsega ba ne ba lemogile gore Modimo o ne o sa ba biletsa go ya go tshela kwa legodimong?
2 Mo e ka nnang dibeke di le thataro pele ga foo, kwa moletlong wa Sejo sa Morena sa Maitseboa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, mo go ba ba neng ba le teng, ba le 10 681 (mo e ka nnang a le 1 mo go ba le 6) ba ne ba sa ja senkgwe le beine tsa tshwantshetso, mme ba le 3 688 ba bone e ne e le baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi jwa Modimo. Ke ka ntlha yang fa ba ile ba se ka ba ja ditshwantshetso? Ka gonne go ya ka se ba neng ba se ithutile mo Baebeleng, ba ne ba lemoga gore Modimo o ne o sa ba biletsa go tshela kwa legodimong mme o ne o ba bileditse gore ba ka nna le seabe ka tsela e nngwe mo dilong tse Jehofa a di baakantseng ka lorato. Ka jalo, kwa kopanong eo, fa sebui se ne se kopa jaana: “A botlhe ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng ba eme ka dinao tsweetswee,” go ne ga diragala eng? Batho ba le diketekete ba ne ba ema ka dinao, mme bareetsi ba opa diatla ka nako e telele morago ga foo.
3. Ke ka ntlha yang fa go bonwa ga ba boidiidi jo bogolo gore ke bomang go ne ga tlhotlheletsa batho sesha mo bodireding jwa tshimo, mme Basupi ba ne ba ikutlwa jang kaga seno?
3 Se bao ba neng ba tlile kopanong eno ba neng ba se ithuta se ne sa ba tlhotlheletsa sesha mo bodireding jwa bone. Ba ne ba simolola go lemoga gore lesomo le legolo la batho, eseng dikete di sekae fela, ba ne ba tla fiwa sebaka gone jaanong, pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo, sa gore ba tsene mo thulaganyong ya ga Jehofa ya go boloka matshelo, ka maikaelelo a gore ba tle ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. A bo barati ba boammaaruri ba ne ba neelwa molaetsa o o itumedisang thata jang ne ka nako eo! Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga gore go ne go na le tiro e kgolo e e neng e tshwanetse go dirwa—tiro e e itumedisang. Dingwaga di sekae moragonyana, John Booth, yo e neng ya re moragonyana a nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a gakologelwa seno: “Kopano eo e ne ya re itumedisa ka dilo di le dintsi.”
4. (a) Ba boidiidi jo bogolo ba kokoantswe ka selekanyo se se kana kang tota fa e sale ka 1935? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba supa jang gore tumelo ya bone e a tshela?
4 Mo dingwageng tse di neng tsa latela, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya oketsega fela thata. Lefa gantsi ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo thata ka Ntwa ya Lefatshe II, dipalo tsa bone di ne tsa oketsega go menagane gararo mo dingwageng di le lesome. Mme baboledi ba ba 56 153 ba ba neng ba ntse ba neela bosupi phatlalatsa ka 1935 ba ne ba oketsega ka 1994 go fitlha go baboledi ba Bogosi ba ba fetang 4 900 000 ba ba neng ba nna mo dinageng tse di fetang 230. Bontsi jo bogolo jwa batho bano ba lebeletse pele ka tlhoafalo go tla ba akarediwa mo go bao Jehofa a ba nayang botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. Tota ba setse e le boidiidi jo bogolo, fa ba bapisiwa le letsomanyane. Ga se batho ba ba reng ba na le tumelo mme ba sa e bontshe. (Jakobe 1:22; 2:14-17) Botlhe ba abalana mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo le ba bangwe. A o mongwe wa setšhaba seo se se itumetseng? Go nna Mosupi yo o tlhagafetseng ke letshwao la botlhokwa le le tlhaolang, mme go tlhokafala se se fetang seo.
“Ba Eme fa Pele ga Setulo sa Bogosi”
5. Ntlha ya gore ba boidiidi jo bogolo ba “eme fa pele ga setulo sa bogosi” e supa eng?
5 Mo ponatshegelong e e bontshitsweng moaposetoloi Johane, o ne a ba bona “ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana.” (Tshenolo 7:9) Lebaka la go bo ba eme fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi, jaaka fa go tlhalositswe mo ditemaneng tse di dikologileng eno, le bontsha gore ba tlotla bolaodi jwa ga Jehofa ka mo go feletseng. Seno se akaretsa go le gontsi. Ka sekai: (1) Ba dumela gore Jehofa o na le tshwanelo ya go dira tshwetso ka batlhanka ba gagwe ya gore se se molemo ke sefe se se bosula ke sefe. (Genesise 2:16, 17; Isaia 5:20, 21) (2) Ba reetsa Jehofa fa a ntse a bua le bone ka Lefoko la gagwe. (Duteronome 6:1-3; 2 Petere 1:19-21) (3) Ba tlhaloganya kafa go leng botlhokwa ka gone gore ba ineele mo go bao Jehofa a ba neetseng gore ba okamele. (1 Bakorinthe 11:3; Baefeso 5:22, 23; 6:1-3; Bahebere 13:17) (4) Lefa ba sa itekanela, ba leka ka tlhoafalo gore ba latele kaelo ya puso ya Modimo ka bofefo, go tswa mo pelong, e seng ka go ikgolola. (Diane 3:1; Jakobe 3:17, 18) Ba fa pele ga setulo sa bogosi gore ba direle Jehofa tirelo e e boitshepo, e re ka ba mo tlotla tota e bile ba mo rata thata. Mme ka boidiidi jono jo bogolo, go ‘ema’ ga bone fa pele ga setulo sa bogosi go supa gore yo o mo setulong seo sa bogosi O ba amogetse. (Bapisa Tshenolo 6:16, 17.) A ba amogela ka mabaka afe?
“Ba Apere Dikobo Tse Ditshweu”
6. (a) Go tewa eng fa go twe ba boidiidi jo bogolo ba “apere dikobo tse ditshweu”? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba nna le seemo se se siameng fa pele ga Jehofa jang? (c) Go dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete go tlhotlheletsa matshelo a boidiidi jo bogolo ka selekanyo se se kana kang?
6 Tlhaloso ya ga moaposetoloi Johane ka se a se boneng e bolela gore ba boidiidi jo bogolo ba “apere dikobo tse ditshweu.” Dikobo tseo tse ditshweu di tshwantshetsa boemo jwa bone jo bo phepa, jo bo siameng fa pele ga Jehofa. Ba ne ba nna le boemo jono jang? Re setse re lemogile gore mo ponatshegelong ya ga Johane ba ne ba eme “fa pele ga Kwana.” Ba dumela gore Jesu Keresete ke “Kwana wa Modimo, yo o tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29) Johane o ne a utlwa mongwe wa bagolwane ba ba neng ba le teng fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi mo ponatshegelong a tlhalosa jaana: “Ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana. Ke gone ka fa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka teng.” (Tshenolo 7:14, 15) Ka tsela ya tshwantshetso, ba tlhatswitse dikobo tsa bone ka go dumela mo mading a a rekololang a ga Keresete. Ga ba dumele fela ka tlhaloganyo se Baebele e se rutang kaga thekololo. Tsela e ba e anaanelang ka yone e ama mofuta o ba leng one wa batho; ka jalo, ba dumela “ka pelo.” (Baroma 10:9, 10) Seno se ama seo ba se dirang ka matshelo a bone fela thata. Ba neela matshelo a bone go Jehofa mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete ka ntlha ya tumelo, ba tshwantshetsa boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing, ba tshela go dumelana le boineelo jwa bone tota, mme ka jalo ba amogelwa ke Modimo. A bo seo e le tshiamelo e e molemo jang ne—e e tshwanetseng go tlhokomelwa ka kelotlhoko!—2 Bakorinthe 5:14, 15.
7, 8. Phuthego ya ga Jehofa e ile ya thusa ba boidiidi jo bogolo jang gore ba boloke diaparo tsa bone di sa leswefadiwa?
7 E re ka phuthego ya ga Jehofa e rata gore ba tswelele pele ba tshela sentle, e ile ya boeletsa kgapetsakgapetsa maikutlo le maitsholo ao a ka leswefatsang, kana a senya, diaparo tsa motho gore, lefa a ka ipolela ka molomo, a se ka a kgona go tshwanela sentle tlhaloso ya boperofeti e e mo go Tshenolo 7:9, 10. (1 Petere 1:15, 16) Ka 1941 le morago ga foo, fa makasine wa The Watchtower o ne o gatelela se se neng se gatisitswe pelenyana, o ne wa bontsha kgapetsakgapetsa gore go ne go tla bo go sa tshwanela le eseng go rerela ba bangwe, mme e bo e re fa re sa rere, re bo re nna le maitsholo a a tshwanang le boaka kana kgokafalo. (1 Bathesalonika 4:3; Bahebere 13:4) Ka 1947 go ne ga gatelelwa gore melao ya ga Jehofa ka manyalo a Bokeresete e ama dinaga tsotlhe; batho ba ba neng ba tswelela pele ba nyala lefufa ba ne ba ka se ke ba nne Basupi ba ga Jehofa, go sa kgathalesege gore go letlelelwa eng mo ngwaong ya lefelo leo.—Mathaio 19:4-6; Tito 1:5, 6.
8 Ka 1973, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba bontshiwa gore botlhe ba tshwanetse go kgaogana gotlhelele le mekgwa e go phepafetseng sentle fela gore e a leswefatsa e e tshwanang le go goga motsoko, go sa kgathalesege gore ba fa kae—e seng fela fa ba le mo Holong ya Bogosi kana mo tirelong ya tshimo mme gape le mo tirong ya boitshediso kana mo lefelong lengwe le le fitlhegileng. (2 Bakorinthe 7:1) Ka 1987 kwa dikopanong tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa, basha ba Bakeresete ba ne ba kgothadiwa thata gore ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le go tshela botshelo jwa boitimokanyi fa e le gore ba batla go tswelela pele ba na le boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo. (Pesalema 26:1, 4) Gangwe le gape, Tora ya Tebelo e ile ya tlhagisa kgatlhanong le dikarolo tse di farologaneng tsa moya wa lefatshe ka gonne “tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang fa pele ga Modimo le Rraetsho” e akaretsa gore motho a “se mathwe gope ke lefatshe.”—Jakobe 1:27.
9. Ke bomang tota ba ba amogetsweng ba ba tla emang fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi morago ga sepitla se segolo?
9 Batho ba ba tla bong ba santse ba “eme fa pele ga setulo sa bogosi” e le batlhanka ba ba amogelwang ke Modimo morago ga sepitla se segolo se se tlang ke ba tumelo ya bone e ba tlhotlheletsang gore ba tshele ka tsela e e ba thusang gore ba tswelele pele ba le phepa semoyeng le boitsholong. Batho bano ke ba ba sa simololeng botshelo jwa Bokeresete fela mme gape ba itshoka ka boikanyegi mo go jone.—Baefeso 4:24.
“Ba Tshotse Makolane ka Diatla”
10. Dikala tsa mokolane tse Johane a neng a bone ba boidiidi jo bogolo ba di tshwere ka diatla di kaya eng?
10 Sengwe sa dilo tse di tlhomologileng ka boidiidi jo bogolo, tse di bonweng ke moaposetoloi Johane, ke gore ba ne “ba tshotse makolane ka diatla.” Seo se supa eng? Kwantle ga pelaelo makolane ao a ne a gakolola Johane ka moletlo wa metlaagana wa Sejuta, moletlo o o itumedisang thata go feta e mengwe yotlhe mo khalendareng ya Sehebera, o o neng o tshwarwa morago ga thobo ya selemo. Go dumelana le Molao, ba ne ba dirisa dikala tsa mokolane, mmogo le dikala tsa ditlhare tse dingwe go dira diobo tse ba neng ba nna mo go tsone ka moletlo ono. (Lefitiko 23:39-40; Nehemia 8:14-18) Gape baobamedi kwa tempeleng ba ne ba di fokisa mo phefong ka diatla fa go ntse go opelwa Hallel (Pesalema 113-118). Fa boidiidi jo bogolo bo ntse bo fokisa dikala tsa mokolane, kwantle ga pelaelo Johane o ne a gakologelwa nako ya fa Jesu a ne a tsena mo Jerusalema setšhaba sa baobamedi ba ba itumetseng se ntse se fokisa dikala tsa mokolane se goa se re: “Go bakwe yo o tlang mo ineng la Morena, e bong Kgosi ya Iseraele.” (Johane 12:12, 13) Ka jalo go fokisa dikala tsa mokolane ka diatla go supa gore boidiidi jo bogolo bo amogela ka boitumelo Bogosi jwa ga Jehofa le Kgosi ya jone e e tloditsweng.
11. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba itumela tota fa ba direla Jehofa?
11 Boidiidi jo bogolo bo bontsha moya o o ntseng jalo wa boitumelo le gone jaanong fa ba ntse ba direla Jehofa. Seno ga se kaye gore ga ba lebane le mathata ape kana ga ba hutsafale le fa e le go utlwa botlhoko ka tsela epe. Mme lefa go ntse jalo kgotsofalo e e nnang gone ka ntlha ya go direla Jehofa le go mo itumedisa e thusa go okobatsa dilo tseo. Ka jalo, morongwa mongwe yo o diretseng kwa Guatemala le monna wa gagwe ka dingwaga di le 45 o ne a tlhalosa ka maemo a segologolo a ba neng ba tshela mo go one, tiro e e bokete le go tsamaya mo mafelong a a kotsi mo ba neng ba tlamega go go dira gore ba ye kwa metseng ya Baindia, ba isa molaetsa wa Bogosi. O ne a konela jaana: “E ne e le nako e re neng re itumetse fela thata mo botshelong ka yone.” Lefa a ne a setse a utlwa botlhoko jwa go tsofala le go lwala, sengwe sa dilo tsa bofelo tse a di kwadileng mo tayaring ya gagwe e ne e le mafoko ano: “E ne e le botshelo jo bo molemo, bo kgotsofatsa tota.” Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo ka bodiredi jwa bone.
“Tirelo e e Boitshepo Motshegare le Bosigo”
12. Lefa go ka tswa go le motshegare kana go le bosigo, Jehofa o bona eng mono lefatsheng?
12 Baobamedi bano ba ba itumetseng ba direla Jehofa “[tirelo e e boitshepo, NW] motshegare le bosigo mo tempeleng ya one.” (Tshenolo 7:15) Dimilionemilione tsa batho go dikologa lefatshe di nna le seabe mo tirelong eno e e boitshepo. Fa go le bosigo mo dinageng dingwe mme batho ba robetse koo, kwa dinageng tse dingwe letsatsi le tlhabile mme Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile ba neela bosupi koo. Fa lefatshe le ntse le dikologa, ka tlhomamo, motshegare le bosigo, ba opela dipako tsa ga Jehofa. (Pesalema 86:9) Mme lefa go ntse jalo tirelo ya motshegare le bosigo e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 7:15 e bile e ama motho ka namana.
13. Dikwalo di bontsha jang gore go direla “motshegare le bosigo” go kaya eng?
13 Batho ba ba bopang boidiidi jo bogolo ba dira tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo. A seno se raya gore sengwe le sengwe se ba se dirang se lejwa e le tirelo e e boitshepo? Ke boammaaruri gore lefa e ka tswa e le eng se ba se dirang, ba ithuta go se dira ka tsela e e tlotlang Jehofa. (1 Bakorinthe 10:31; Bakolosa 3:23) Lefa go ntse jalo, “tirelo e e boitshepo” e dira fela mo dilong tse di amanang ka tlhamalalo le tsela e motho a obamelang Modimo ka yone. Go dira tiro “motshegare le bosigo” go kaya go e dira ka metlha kana ka tlhomamo mmogo le ka tlhoafalo.—Bapisa Joshua 1:8; Luke 2:37; Ditiro 20:31; 2 Bathesalonika 3:8.
14. Ke eng se se neng se ka dira gore tirelo ya rona ya tshimo ka namana e tshwanele tlhaloso ya go direla “motshegare le bosigo”?
14 Fa ba ntse ba direla mo lelwapeng le le mo lefatsheng la tempele ya ga Jehofa e kgolo ya semoya, bao ba leng ba boidiidi jo bogolo ba leka go nna le seabe ka metlha le ka tlhomamo mo bodireding jwa tshimo. Batho ba le bantsi ba itiretse mokgele wa gore ba nne le seabe ka tsela nngwe mo bodireding jwa tshimo beke le beke. Ba bangwe ba dira ka natla jaaka babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang. Gantsi bano ba tshwarega mo go neeleng bosupi mo mebileng le mo mabenkeleng go sa le moso. Basupi bangwe ba tshwara dithuto tsa Baebele bosigo, e le gore ba tle ba thuse ba ba kgatlhegang. Ba neela bosupi fa ba ile go reka kwa mabenkeleng, fa ba le mo mesepeleng, ka dinako tsa dijo tsa motshegare, le ka founo.
15. Tirelo ya rona e e boitshepo e akaretsa eng kwantle ga bodiredi jwa tshimo?
15 Go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego le gone ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo; mmogo le tiro e e amanang le go aga le go tlhokomela mafelo a go kopana ga Bakeresete. Seno se akaretsa le maiteko a go kgothatsa le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, ka tsela ya semoya le ka tsela ya senama, gore ba tswelele pele ba tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa. Seno se akaretsa tiro ya Dikomiti tsa rona tsa Puisano le Dikokelo. Go direla kwa Bethele lefa e ka nna ka tsela efe fela, mmogo le tirelo e nngwe fela ya go ithaopa kwa dikopanong tsa rona, gotlhe ke tirelo e e boitshepo. Eleruri, fa matshelo a rona a tletse dilo tse di malebana le kamano ya rona le Jehofa, a tletse ka tirelo e e boitshepo. Jaaka lokwalo lo bolela, batho ba ga Jehofa ba dira “[tirelo e e boitshepo] motshegare le bosigo,” mme ba itumelela go dira seo thata.—Ditiro 20:35; 1 Timotheo 1:11.
‘Ba Morafe Mongwe le Mongwe, Ba Ditso Tsotlhe, Batho, le Dipuo’
16. Mafoko a gore ba boidiidi jo bogolo ke ba “morafe mongwe le mongwe” a diragala jang?
16 Ba boidiidi jo bogolo ba tswa mo merafeng yotlhe. Modimo ga o tlhaole, mme thulaganyo ya thekololo e e dirilweng ka Jesu Keresete e lekane go ba solegela molemo botlhe. Ka 1935 fa boidiidi jo bogolo bo ne bo itsewe la ntlha go ya ka Dikwalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira mo dinageng di le 115. Ka bo1990, go batliwa ga batho ba sekadinku go ne go fitlhile mo dinageng di le dintsi tsa palo e e fetang eo e menagane gabedi.—Mareko 13:10.
17. Ke eng se se dirwang go thusa batho ba ‘ditso, batho, le dipuo’ tsotlhe gore ba tsene mo boidiiding jo bogolo?
17 Fa ba ntse ba batla ba e tla nnang maloko a boidiidi jo bogolo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhokomela e seng ditlhopha tsa merafe fela mme gape le tsa ditso, le batho le dipuo tse di mo merafeng eo. Gore Basupi ba fitlhelele batho bano, ba gatisa dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di feta 300. Seno se akaretsa go thapisa le go tlhokomela ditlhopha tsa baranodi ba ba tshwanelang, go dirisa dikhomputara tse di ka kgonang go dira ka dipuo tseno tsotlhe, mmogo le gone go gatisa. Mo dingwageng tse tlhano fela tse di fetileng, go ile ga okediwa lenaane ka dipuo di le 36, tse di buiwang ke batho ba le 98 000 000. Mo godimo ga moo, Basupi ba leka go etela batho bano ka namana go ya go ba thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo.—Mathaio 28:19, 20.
“Ba ba Tswang mo Pitlaganong e Kgolo”
18. (a) Fa sepitla se segolo se simologa, ke bomang ba ba tla sirelediwang? (b) Go tla bolelwa mafoko afe a a itumedisang ka nako eo?
18 Fa baengele ba tlogela go tshwara diphefo tse di senyang tse di umakiwang mo go Tshenolo 7:1, “batlhanka ba Modimo wa rona” ba ba tloditsweng mmogo le ba boidiidi jo bogolo ba ba kopanetseng le bone mo kobamelong ya boammaaruri ba tla sirelediwa ka lorato ke Jehofa. Jaaka moaposetoloi Johane a ne a boleletswe, ba boidiidi jo bogolo ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ e le bafalodi. A bo ba tla goa ka tebogo le pako jang ne ka nako eo ba bolela jaana: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana”! Mme batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba Modimo kwa magodimong le bone ba tla tsholetsa mantswe a bone ba re: “Amen. Pako le kgalalelo, le botlhale, le malebogo le tlotlo, le nonofo, le thata, di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.”—Tshenolo 7:10-14.
19. Bafalodi ba tla eletsa go nna le seabe mo tirong efe e e itumedisang?
19 A bo eo e tla nna nako e e itumetseng jang ne! Botlhe ba ba tla bong ba tshela e tla bo e le batlhanka ba Modimo o o esi wa boammaaruri! Se batho bano botlhe ba tla se itumelelang thata e tla nna go direla Jehofa. Go tla bo go na le tiro e ntsi e e ka dirwang—tiro e e itumedisang! Lefatshe le tla fetolwa go nna Paradaise. Batho ba le dimilione di le diketekete ba ba tlhokafetseng ba tla tsosiwa go tswa foo ba bo ba rutiwa ditsela tsa ga Jehofa. A bo e tla nna tshiamelo e e itumedisang jang ne go nna le seabe mo go yone!
O Akgela Jang?
◻ Ditiragalo tsa 1935 di ne tsa ama bodiredi jwa tshimo jwa Basupi ba ga Jehofa jang?
◻ Lebaka la go bo ba boidiidi jo bogolo ba kaiwa ba “eme fa pele ga setulo sa bogosi” le bontsha eng?
◻ Go anaanela madi a ga Kwana go tshwanetse ga ama matshelo a rona jang?
◻ Go tshwara ga bone dikala tsa mokolane ka diatla go kaya eng?
◻ Boidiidi jo bogolo bo dira tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Ba dira tirelo ya bone e e boitshepo ka metlha, ka matlhagatlhaga le ka tlhoafalo