Go Boloka Kutlwano Fa Gare ga Bagolwane le Batlhanka ba Bodihedi
MORAGONYANA fela ga Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa mo phuthegong ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Go ne go dirilwe thulaganyo ya go tlhokomela batlholagadi ba ba tlhokang. Mme morago ga nakwana “ga coga ñōñōrègō mo go Bayuda ba Segerika, kaga Bahebera, ka basadi ba ba batlhōlagadi ba bōnè ba tlhokomologwa mo mphoñ ea ka malatsi aotlhe.”—Ditihō 6:1.
Dingongorego tseno di ne tsa utlwiwa ke baaposetoloi. “Me ba ba shomè le bobedi ba bitsa bontsi yoa barutwa, me ba re, Ga goa chwanèla ha re ka tlogèla lehoko ya Modimo, ra ea go aba diyō. Me rea re, Bakauleñwe, itebalebeleñ banna bashupa mo go lona, ba ba bolèlwañ ka molemō, ba ba tletseñ Mōea le botlhale, ba re ka ba tlhōmèlañ tihō e.”—Ditihō 6:2, 3.
Seno se supa molaomotheo o o botlhokwa wa gore go nne le thulaganyo mo phuthegong ya Bokeresete. Banna bangwe ba ba nang le boikarabelo ba dirisediwa go tlhokomela dikgang tse di tlwaelegileng, fa ba bangwe ba tlhokomela dilo tse di boima tsa semoya. Seno ga se selo se sesha se se iseng se ko se dirwe pele. Kwa Iseraele wa bogologolo, Arone le ditlogolwana tsa gagwe ba ne ba tlhomilwe go dira jaaka baperesiti gore ba isetse Modimo ditlhabelo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a laela gore Balefi ba ba thuse ka ‘go tlhokomela dilo tsotlhe tse di nnang mo mogoping wa bophuthegelo.’ (Dipalō 3:5-10) Ka mo go tshwanang, gompieno balebedi ba thusiwa ke batlhanka ba bodihedi.
Seabe sa Bagolwane le Batlhanka ba Bodihedi
Dikwalo di tlhalosa ditshwanelego tse di kwa godimo tsa bagolwane mmogo le batlhanka ba bodihedi. (1 Timotheo 3:1-10, 12, 13; Tito 1:6-9) Ga ba mo kgaisanong mme ba na le mokgele o le mongwe fela—e leng wa go aga phuthego. (Bapisa Baefesia 4:11-13.) Lefa go ntse jalo, go na le ditiro tse di farologaneng tse ba di dirang mo phuthegong. Mo go 1 Petere 5:2 balebedi ba ne ba bolelelwa jaana: “Ka re, Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ.” Ba ikarabelela go Modimo ka tsela e ba diragatsang boikarabelo jono jo bo boitshepo ka teng.—Bahebera 13:17.
Re ka reng ka batlhanka ba bodihedi? Dikwalo ga di ba tlhoke gore ba bo ba tshwanelega mo go itseng go ruta. Ka tsela nngwe ditiro tsa bone di farologane le tsa bagolwane. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., kwantle ga pelaelo go ne go na le mofuta wa dilo di le dintsi tse di bonalang, tse di tlwaelegileng, kana tsa boranyane tse di tlhokang go tlhokomelwa, gongwe di ne di akaretsa go rekiwa ga dilwana tsa go kopisa Dikwalo kana gone go kopisa ka bogone.
Gompieno, batlhanka ba bodihedi ba tswelela pele ba dira ditiro tse di botlhokwa tse di farologaneng mo phuthegong, tse di jaaka go tlhokomela diakhaonto tsa phuthego le ditshimo, go aba dimakasine le dibuka, le go baakanya Holo ya Bogosi. Batlhanka ba bangwe ba bodihedi ba ba kgonang go ruta ba ka nna ba dirisiwa mo go ruteng, ka dinako tse dingwe ba tshwara Dithuto tsa Buka tsa Phuthego, ba nna le seabe mo Dipokanong tsa Tirelo, le go neela dipuo tsa phatlalatsa.
Fa bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba dira mmogo ka kutlwano, dilo tse di tlhokwang ke phuthego—tsa semoya le tsa go rulaganya dilo—di tlhokomelwa ka tsela e e lekalekaneng. Maloko a phuthego he a tla ipela, a nonofa, le go gola semoyeng. Gakologelwa se Paulo a neng a se kwalela batlodiwa ba kwa Efeso: “Go kitlana ga mmele otlhe ka se se cwañ mo tokololoñ ñwe le ñwe, kaha go diheñ ka tekanyō ga nama ñwe le ñwe, go thuthugisetsa mmele mo go ikageñ ga ōna mo loratoñ.”—Baefesia 4:16.
Bagolwane le batlhanka ba bodihedi le bone ba tshwanetse go gagamalela go dirisana mmogo, ke gore, ba dumalana, ba nna seoposengwe, ba tshwarisana mmogo, le go utlwana. Lefa go ntse jalo, go dirisana mmogo moo ga go itlele fela. Go tshwanetse ga tlhagolelwa le go sireletswa ka kelotlhoko.
Se Bagolwane Ba Ka Se Dirang
Kgato e e botlhokwa ke ya go lemoga gore mogolwane ga a dirisane le motlhanka wa bodihedi jaaka morena le motlhanka kana mohiri le mohiriwa. Fa go na le tirisanommogo ya boammaaruri, bagolwane ba tla leba batlhanka ba bodihedi jaaka badihedikabone ba Modimo. (Bapisa 1 Bakorintha 3:6-9.) “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele,” go bolela jalo Baroma 12:10. Ka gone bagolwane ba tila go tshwara batlhanka ba bodihedi ka ditsela tse di ka nnang tsa lebega e kete ke tsa go itlotlomatsa kana go ba lebela kwa tlase. Ba a ba kgothatsa, go na le go ba kgoba marapo mo maitekong a ba a dirang. Tsela e ba tshwarang batlhanka ba bodihedi ka yone ka go ba tlotla, e tla dira gore ba nne le dinonofo tse di molemolemo ba bo ba thusege go ipelela tiro ya bone mo phuthegong.
Gape bagolwane ba tshwanetse go gakologelwa gore thomo ya bone ya go disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng e akaretsa bakaulengwe ba ba direlang jaaka batlhanka ba bodihedi. Ke boammaaruri gore banna bao ba ba nang le boikarabelo ba lebeletswe gore ba nne Bakeresete ba ba godileng. Lefa go ntse jalo, ba tlhoka go tlhokomelwa ka namana ka metlha fela jaaka letsomane lotlhe. Bagolwane ba tshwanetse go kgatlhegela thata gore ba gola semoyeng.
Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a kopana le lekawana Timotheo, o ne a akofa a tlhaloganya kafa Timotheo a neng a ka nna mosola thata ka gone mme “a rata a ka bo a tsamaea naè.” (Ditihō 16:3) Timotheo e ne e le mopati wa ga Paulo mo maetong a gagwe, ka go dira jalo a bona thapiso e e mosola thata. Ebu, dingwaga moragonyana Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Ke rom[a] Timotheo kwa go lona, eo e leñ ñwanake mo Moreneñ, eo o ratègañ le eo o boikañō, eo o tla lo gopodisañ mekgwa ea me e e mo go Keresete”!—1 Bakorintha 4:17.
Bagolwane, a lo setse lo simolotse go dirisa tsela e batlhanka ba bodihedi ba kgonang ka yone ka botlalo mo phuthegong ya lona? A lo ba thusa gore ba tswelele pele ka go ba thapisa ka namana mo go bueng phatlalatsa le mo go direng dipatlisiso tsa Bibela? A lo ile lwa kopa ba ba tshwanelegang gore ba tsamaye le lona mo maetong a bodisa? A lo dira le bone mo bodiheding jwa tshimo? Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, morena o ne a bolelela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō le boikañō.” (Mathaio 25:23) A le lona ka mo go tshwanang lo baka le go akgola batlhanka ba bodihedi ka bopelotshweu ba ka boikokobetso ba dirang ditiro tsa bone ka tsela e e molemo? (Bapisa Diane 3:27.) Fa lo sa dire jalo, a ba ka se ikutlwe gore tiro ya bone ga e anaanelwe?
Go buisana le bone le gone go a tlhokega gore lo dire mmogo ka kutlwano. (Bapisa Diane 15:22.) Bagolwane ga ba a tshwanela go aba kana go tsaya ditiro mo go bone kwantle ga go ba rerisa. Bagolwane ba tshwanetse go buisana ka ditsela tse mokaulengwe a kgonang mo go tsone gore di ka dirisiwa jang ka tsela e e molemolemo mo phuthegong, ba dira jalo ka thapelo. (Bapisa Mathaio 25:15.) Fa mokaulengwe a sena go fiwa kabelo o tshwanetse go tlhalosediwa gore tota ke eng se a tshwanetseng go se dira. “Kwa go senañ kgōgō ea botlhale gōna, batho baa we,” go tlhagisa jalo Diane 11:14.
Ga go a siama go bolelela mokaulengwe fela gore a tseye boikarabelo jwa diakhaonto, dimakasine, kana jwa lefapha la dibuka mo motlhankeng yo mongwe. Ka dinako tse dingwe motlhanka yo o sa tswang go neelwa kabelo e ntšha o kopana le mathata ka go bo a filwe direkoto tse di sa kwalwang sentle kana tse di sa felelang. A bo go kgoba marapo jang ne! “A dilō cotlhe di dihwè sentlè hèla, le ka thulaganyō,” go kaela jalo 1 Bakorintha 14:40. Bagolwane ke bone ba tshwanetseng ba etelela pele mo go thapiseng bakaulengwe, ba ba tlwaelanya le tsela e phuthego e dirang dilo ka yone mme e nne bone ba tlhomang sekao ka go latela ditsela tse di ntseng jalo. Ka sekai, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya gore diakhaonto tsa phuthego di tlhatlhobiwe morago ga dikgwedi di le tharo. Fa ba itlhokomolosa thulaganyo e e ntseng jalo e e botlhokwa go ka lere mathata le go dira gore batlhanka ba bodihedi ba se ka ba tlotla ditaelo tsa phuthego.
Mme a re re gongwe mokaulengwe o lebega a se tlhaga mo kabelong nngwe e e rileng? Go na le gore bagolwane ba itlhaganele go mo tlosa mo kabelong ya gagwe, ba tshwanetse go buisana le ene. Gongwe bothata jwa gagwe ke go bo a sa thapisiwa sentle. Fa e le gore mokaulengwe o tswelela pele a ntse a na le mathata mo go direng kabelo ya gagwe, gongwe o ka dira sentle mo kabelong e nngwe.
Bagolwane le bone ba ka rotloetsa tirisanommogo ka go nna boikokobetso. Bafilipi 2:3 e kgothatsa Bakeresete gore ba se “dihè sepè ka go re [ba] itiha lekōkō, leha e le ka go ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.” Jalo he, mogolwane o tshwanetse go leka go dirisana le motlhokomedi fa a mmontsha gore a nne fa kae mo holong, a se ka a akanya gore ka ke mogolwane, ga go tlhokege gore a mo reetse. Gongwe motlhokomedi o dirisa fela kakantsho e e neng e re batho ba nne mo dikarolong tse di farologaneng mo holong, lefa gone a tshwanetse go gakologelwa gore ga go na molao o o reng botlhe ba tshwanetse go dira jalo.a Mogolwane o tla leka go tila go itlhokomolosa ditshwetso tse di mabapi le dikgang tse di abetsweng motlhanka wa bodihedi go sa tlhokafale.
Batlhanka ba Bodihedi Ba Thusa mo go Bolokeng Kutlwano
‘Batlhanka ba bodihedi le bone ba tshwanetse go nna masisi,’ moaposetoloi Paulo o ne a bolela jalo. (1 Timotheo 3:8) Fa ba leba dikabelo tsa bone ka tsela e e masisi—jaaka karolo ya tirelo ya bone e e boitshepo—go tla thusa gore go se ka ga nna le mathata. Fa e le gore o motlhanka wa bodihedi, a o dira ditiro tsa gago ka tlhagafalo? (Baroma 12:7, 8) A o ile wa dira ka natla gore o nne setswerere mo go direng ditiro tsa gago? A o a ikanyega le go tlhomama? A o bontsha gore o dira dikabelo tsa gago ka pelo e e ratang? Motlhanka mongwe wa bodihedi kwa nageng nngwe ya Afrika o dira dikabelo di le tharo mo phuthegong. O ikutlwa jang? “Ebu, go raya fela tiro e ntsi, mme tiro e ntsi e ka se go bolaye,” o bolela jalo. Eleruri, bao ba dirang ka natla ba a itumela.—Ditihō 20:35.
Le wena o ka dira mo gontsi go rotloetsa tirisanommogo ka go tshwarisana mmogo ka botlalo le bagolwane. Bahebera 13:17 e bolela jaana: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.” Ke boammaaruri gore bagolwane ga ba itekanela, mme go ka nna motlhofo fela gore o ba tshwaye diphoso. Lefa go ntse jalo boikutlo jwa go tshwaya diphoso bo ka tsosa dipelaelo. Bo ka dira gore o se ka wa itumela le go ama ba bangwe mo go botlhoko mo phuthegong. Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a neela kgakololo eno: “Babōtlana, lo nnè kutlō mo go ba e leñ bagolwane. E, lotlhe lo itlamè ka boikokobeco, go tla lo dihèlana . . . Ke gōna ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna.”—1 Petere 5:5, 6.
Kgakololo e e ntseng jalo e a tshwanela segolobogolo fa o ikutlwa gore o timiwa ditshwanelo dingwe tsa tirelo. Gongwe o ntse o “dira ka natla go tshwanelega go nna molebedi,” mme o ise o tlhomiwe. (1 Timotheo 3:1, NW) Go nna boikokobetso go tla go thusa gore o nne yo o “sholohèlañ.” (Dikhutsahalō 3:24) Go na le gore o tenegele bagolwane—e leng seo se tla koafatsang kamano ya gago e e molemo le bone—ba botse gore a go na le dikarolo tse mo go tsone o ka nnang wa tokafatsa gone. Kwantle ga pelaelo go bo o rata ka boammaaruri go amogela kgakololo le go e dirisa go supa gore o gola semoyeng.
Fa motlhanka wa bodihedi a bontsha boikokobetso jwa bomodimo e bile a le bori seo se ka mo thusa gore a nne tekatekano fa e le gore o na le bokgoni jo bo rileng kana fa e le gore o rutegile e bile a na le maemo mo setšhabeng. A bo a ka raelesega jang ne go leka go gaisa bagolwane kana a leka go ba bontsha gore o kgona go le kana kang! Diane 11:2 e re gakolola gore “botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ.” Mokaulengwe yo o bori o itse ditekanyetso tsa gagwe. O rata go dira ka tidimalo a sa di goge kwa pele le go dirisa bokgoni jwa gagwe go tshegetsa bagolwane. Go nna bori le gone go ka mo thusa go lemoga gore lefa a ka nna botlhale kafa mokgweng wa selefatshe, o ka nna a bo a tlhaela mo dikarolong dingwe tse di botlhokwa tsa botlhale jwa semoya le temogo—e leng mo dinonofong tse bagolwane ba ka nnang ba bo ba mo gaisa mo go tsone.—1 Bakorintha 1:26–2:13; Bafilipi 1:9.
Go phepafetse gore bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba na le diabe tse di botlhokwa. Fa ba kopane ba ka dira mo gontsi go aga botlhe mo phuthegong. Mme gore ba dire jalo, ba tshwanetse go dirisana mmogo ka kutlwano, “ka boikokobeco yotlhe le bonōlō, le ka bopelotelele, ka go iphapaanyana mo loratoñ; le ka go tlhōahalèla go tshegetsa boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.”—Baefesia 4:2, 3.
[Ntlha e e kwa tlase]
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Bagolwane ga ba lebe batlhanka ba bodihedi jaaka malata, mme ba ba leba jaaka badihedikabone ba Modimo