Kopano ya “Thuto ya Bomodimo” ya kwa Ethiopia—Nako ya Boipelo Jo Bo Kgethegileng
ENE e se kopano ya ntlha e e neng e tshwaretswe kwa Ethiopia fa e sa le ba newa kgololesego, mme gone e ne e le e e kgethegileng. Fa e sa le Basupi ba ga Jehofa ba amogelwa kafa molaong ka November 11, 1991, ba ne ba kopana lekgetlho la boraro mo setadiamong se segolo go di feta tsotlhe mo nageng eo, City Stadium, mo bogaregareng jwa Addis Ababa. E re ka ba ne ba sa kgone go dirisa lebala leno ka Sontaga, e bile ba sa kgone go bona lefelo le lengwe le legolo sentle, thulaganyo e ne ya sobokanngwa gore e nne ya malatsi a le mararo, go simolola ka Labone go fitlha ka Matlhatso, January 13-15, 1994.
Malatsi ano a mararo a ne a se mantle fela ka ntlha ya maemo a loapi ao a neng a apogile sentle mme gape le ka ntlha ya tshedimosetso ya semoya ya “Thuto ya Bomodimo.” Setlhogo sa kopano se ne se bonala sentle ka mokwalo wa Seamharic mo seraleng se se neng se kgabisitswe sentle ka ditšheshe.
Mme ke eng se se neng se dira gore kopano eno e nne e e kgethegileng? Mo godimo ga thulaganyo e e nonofileng, mongwe le mongwe o ne a beile mogopolo le maikutlo a gagwe mo bokaulengweng jwa rona jo bo lorato jwa ditšhabatšhaba le go bona jaaka Modimo a segofatsa batho ba gagwe ka koketsego ya Bogosi. Go ne go na le batlakopanong ba ba ka nnang 270 ba ba neng ba tswa dinageng tse 16, tota le e leng go tswa kwa Djibouti le Yemen. Bontlhanngwe jwa batlakopanong bano ba ne ba tswa kwa dinageng tsa mariga tsa Yuropa le Amerika Bokone. Go ne go na le maloko a mabedi a Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bong Lloyd Barry le Daniel Sydlik gareng ga batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa mafatsheng a sele.
Mokgwa wa tlholego wa batho ba Ethiopia wa go tshola baeng le go rata bakaulengwe ba bone ba ba etileng ka lorato lo lo tswang mo pelong go ne go dira gore dikgoreletsi dipe fela tse di neng di bakiwa ke go sa tlhaloganye puo ya yo mongwe di tloge. Ba ne ba sa dumedisane ka matsogo fela mme le go tlamparelana le go atlana, le ga makgetlho a le marataro! Batlakopanong ba le bantsi ba ne ba badile ka ga tiro ya Bogosi kwa Ethiopia le gore bakaulengwe ba bone ba Baethiopia e ne e le batho ba ba neng ba bolokile bothokgami jwa bone fa ba ne ba lekwa mme ba itshokela go tsenngwa mo dikgolegelong le dipogiso tse dingwe.a Mme batlakopanong ba ba tswang mo mafatsheng a sele ba ne ba gakgamadiwa ke go bona batho ba le bantsi jaana ba basha ba itumetse e bile ba bontsha maitseo a a sa tlholeng a le teng mo mafatsheng a le mantsi gompieno. Bokgaitsadi ba le bantsi ba Baethiopia ba ne ba apere mesese ya bone e mesweu ya setso, e e neng e kgabisitswe ka botswerere, e e neng e dira gore go nne le moya wa boitumelo tota.
Kolobetso ya Labotlhano e ne e le e e gapang maikutlo. Batho ba le 530, ba bogolo jwa dingwaga tse 10 go ya go di le 80, ba ba sa tswang go ineela, ba ne ba eme mo moleng o motelele o o neng o ralala bontlhanngwe jwa lebala mo setadiamong. Seno se ne se feta seo ope fela a neng a se solofetse—ba ba fetang a le 1 mo Basuping ba le 7 mo nageng eo. A bo e le bosupi jang ne jwa masego a Jehofa a a nayang batho ba gagwe mono! Batho ba le bantsi ba ne ba tsholola dikeledi tsa boitumelo fa ba ne ba bona seno se diragala mme ba itumela le go feta fa ba utlwa jaaka batlakopanong ba Bantadiana ba ba fetang 40 ba opela monate thata. Ba le bantsi ba ne ba akanya ka ga mafoko a boperofeti a a mo go Isaia 60:5: “Hoñ u tla bōna, u sa matlhō, me pelo ea gago e tla hohoma, e nna tamutamu; ka gonne letlōtlō ya lewatlè le tla bosediwa kwa go wèna, mahumō a merahe a tla tla kwa go wèna.”
Mabaka A A Kgethegileng a go Itumela
Ka Labotlhano go ne ga nna le dipuisano tse di neng di bontsha ka fa Jehofa a neng a segofatsa ka teng tiro ya Bogosi mo Ethiopia fa e ne e simologa. Dipuisano tseno di ne tsa tshwarwa le barongwa ba pele ba ba neng ba dira moo mo dingwageng tsa bo1950 le bo1970. Batho ba ba ka fetang 8 000 ba ne ba reetsa Ray Casson, John Kamphuis, le Haywood Ward ba tlhalosa ka ga tiro ya bone ya go ruta batho Bibela eo ba neng ba e simolola fa ba ne ba sena go goroga kwa Addis Ababa, ka September 14, 1950. Mmusomogolo wa nako eo o ne o batla gore ba rute thuto e e tlwaelegileng. Ka jalo ba ne ba simolola sekolo sa bagolo mo bogareng jwa toropo moo ba ileng ba ruta dithuto tse di farologaneng. Mme gone ka nako ya fa ba ne ba sa rute kwa sekolong, ba ne ba leka go tsweledisa thuto ya bomodimo. Ba ne ba tshwanelwa gore ba dire maiteko a magolo go ithuta puo e e thata ya Seamharic, e e nang le ditlhaka tsa alefabete di le 250. Go ne ga feta mo e ka nnang bontlhanngwe jwa ngwaga pele ba ne ba simolola go tshwara thuto ya ntlha ya Bibela ya legae. Mo e ka nnang dingwaga tse 43 moragonyana, ba ne ba kopana le batho mo mmileng bao ba neng ba ba gakologelwa jaaka bao e kileng ya ne e le barutisi ba bone kwa sekolong. Mme bone ba ne ba itumela fa e ne e re ba le kwa kopanong ba kopana le batho ba e kileng ya bo e le diithuti tsa bone tsa Bibela bao ba ileng ba nna le tumelo e e nonofileng, mme batho bano ba ne ba ba bontsha bana le ditlogolo tsa bone tsa semoya.—1 Bathesalonia 2:19, 20.
Batho ba ba neng ba itumetse ba reeditse ka kelotlhoko ba ne ba opa diatla ka nako e telele fa ba sena go utlwa dipuisano tse di neng di filwe ke barongwa bano ba pele mme ba ne ba itumelela gape le dipego le ditumediso tse di neng di tswa mo batlakopanong ba dinaga tse dingwe jaaka Boritane, Canada, Jeremane, Israel, Italy, Kenya, Netherlands le go tswa kwa United States. Seno se ne se supa gape bokaulengwe jo bo fitlhelwang mo bathong ba Modimo lefatshe ka bophara. Dipuo tsa setlhogo mmogo le dithapelo tse di tswang pelong tseo di neng di neelwa ke bakaulengwe ba ba tloditsweng ba Setlhopha Se Se Laolang, di ne tsa ama bareetsi fela thata. Basha ba ba neng ba le gone kwa setadiamong ba ne ba kgona go ipona ba tshwana le batho bao ba neng ba tshamekiwa mo terameng e e neng e neelwa ka mokgwa o o tlwaelegileng ka matlhagatlhaga, eo e neng e bua kaga basha ba ba gopolang Mmopi wa bone. Mo godimo ga dikgatiso tse disha tsa Seesemane tseo di ileng tsa gololwa, batho ba ne ba itumelela gape le dikgatiso tse tharo tse disha tsa Seamharic tseo di ileng tsa gololwa.b
Dinako tsa boikhutso le tse dingwe e ne e le tse di molemo go itsalanya le batho ba ba botlhokwa. Ka sekai, Tulu Mekuria, yo o tsofetseng thata go feta baboledi botlhe mo Ethiopia e bile a tshotse thobane e ntle e e dirilweng ka matsogo, o ne a dutse mo moleng o o kwa pelepele. O ne a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ngwaga o o fetileng a na le dingwaga di le 113. O ne a itumela go bona mosadi wa gagwe wa dingwaga tse 80 a latela sekao sa gagwe ka go kolobediwa mo kopanong eno, mme ka go dira jalo a nna gape le kgaitsadie wa semoya. Basha ba ne ba tlhotlheletsega thata ke go mmona a le gone kwa thulaganyong yotlhe ya kopano. Mongwe wa basha bano e ne e le Yohanes Gorems wa dingwaga tse 16, yo o setseng a na le dingwaga di le nne a direla jaaka mmulatsela wa ka metlha mme a santse a tsena sekolo. Ene mmogo le basha ba bangwe ba ba leng babotlana mo go ene ba ba tsenang sekolo, ba ile ba ithuta go swela lobaka molemo ka go rera mo mosong fa ba ya sekolong kana ka nako ya boikhutso le fa ba tswa sekolong.
A Bo Ba Le Dikai tsa go Boloka Bothokgami!
Batho ba le bantsi mo bareetsing ba ne ba tsenngwa mo dikgolegelong le go bogisiwa ke dipuso tse di fetileng. Mandefro Yifru o akanya ka dingwaga tse tlhano tseo ka tsone a neng a le mo kgolegelong, mme jaanong o itumelela go direla mo ofising e e sa tswang go tlhongwa mo Addis Ababa, eo e tlhokomelang tiro ya go ranola, ya go gatisa le go romela dilo. Mongwe gape yo o dirang le ene, e eleng Zecarias Eshetu, ga a ka a roba bothokgami jwa gagwe dingwaga di le robedi pelenyana fa rraagwe a ile a bolaiwa ka go bo a ile a boloka boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete ka dingwaga tse tharo tsa fa a ne a le mo kgolegelong. Zecarias, yo e leng mongwe wa bana ba le batlhano, o ne a na le dingwaga di le lesome fa rraagwe a isiwa kgolegelong. Basha bano ba ba godileng e bile e le ba ba santseng ba tsena sekolo, ebong Meswat Girma le mogolowe Yoalan, ba ba fetsang dingwaga tsa bone tsa bolesome e bile ba santse ba le mo sekolong, ba gopola rrabone fela go tswa mo ditshwantshong, e re ka ba ne ba santse ba le bannye thata fa rrabone a ne a bolaiwa ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa gagwe. Boobabedi ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha, ba tlhotlheleditswe ke boikanyegi jwa ga rrabone yo o neng a direla jaaka mmulatsela ka nako ya loso lwa gagwe.
Mongwe gape yo o ileng a boloka bothokgami jwa gagwe ke Tamirat Yadette, yo jaanong a direlang jaaka mmulatsela yo o kgethegileng kwa kgaolong nngwe e ntle jaana ya Rift Valley. O ne a nna dingwaga di le tharo kwa dikgolegelong di le supa tse di farologaneng ka ntlha ya go boloka bothokgami jwa gagwe jwa Bokeresete, ka dinako tse dingwe o ne a bofiwa ka diketane le go itewa mo go botlhoko thata. Lefa go ntse jalo, o ne a thusa batho ba le bantsinyana kwa kgolegelong gore ba emele Bogosi jwa Modimo.
Tesfu Temelso, yo jaanong a direlang jaaka molebedi wa potologo, o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka makgetlho a le 17 fa a ne a direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng. O na le mabadi ka ntlha ya go bediwa mme fela a itumeletse go bona go na le diphuthego mo mafelong ao a kileng a direla mo go one. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi go tswa Phuthegong ya Akaki ba ile ba tsenngwa mo dikgolegelong le go tshwarwa setlhogo, mme phuthego eo e ne ya gola le go nna le baboledi ba ba fetang lekgolo. Ba ile ba aga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya ntlha mo Ethiopia. Batho ba le batlhano go tswa kwa motseng o montle wa Dese o o leng dikilometara tse di ka nnang 300 go tswa kwa bokone jwa motsemogolo, ba ne ba batlile ba swa mme ba ne ba bona mokaulengwe mongwe wa gone koo a swa ka ntlha ya go teketwa botlhoko. Maseresha Kasa, yo e leng mogolwane mo go bone, o ne a re go itshoka ga gagwe ka dingwaga tse thataro fa a ne a le mo kgolegelong e ne e se ka go bo a ne a le botlhokwa ka tsela nngwe, mme fela ka go bo a ithutile go ikaega ka Jehofa.—Baroma 8:35-39; bapisa Ditihō 8:1.
Bangwe ba ile ba bontsha boikanyegi jwa bone fa ba lekwa le e leng bosheng jaana. Setlhopha se segolo se se neng se tlile kopanong se ne se tswa kwa nageng e e gaufi eo mo go yone Basupi ba neng ba kganelwa tshireletso ya mapodise, makwalo a go eta, a lenyalo, go bona kalafo kwa bookelong le ditiro, fela ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone. Go tila gore matlo a bone a thuntshiwe ke mmuso o o neng o busa pele, phuthego yotlhe ya batho ba ba 39, go akaretsa le bana, ba ne ba nna mo tlase ga borogo jo bosesane mo sekakeng ka dikgwedi tse di ka nnang nne ka nako ya fa ntwa e ne e tlhasetse gaufi le Mesewa, e e leng boemakepe jwa Eritrea mo Lewatleng le Lehibidu. Ka nako ya fa ba ne ba nna mo maemong ano a a mogote e bile ba tlhoka dilo, go tlotla ka temana ya letsatsi le dipokano tse dingwe go ne go ba nonotsha thata le go dira gore ba atamalane le Jehofa le bone ka namana. Bokgaitsadi ba babedi ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng bao ba neng ba rera gaufi le noka ya Blue Nile ba ne ba itshokela go tshosediwa le go tshwenngwa ke segopa sa batho se se neng se tlhotlheleditswe ke Kereke ya Orthodox, mme ka ntlha ya go itshokela seno ba ne ba bona bangwe ba baithuti ba bone ba Bibela ba tshwantshetsa boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo kopanong eno.
Mokaulengwe mongwe o ne a bolela ka tsela eo ene a neng a lekwa ka ntlha ya go bereka kwa thoko mo kgaolong e e omeletseng thata ya Ogaden, e e seng kgakala le Somalia. Gore a nne a ntse a nonofile semoyeng o ne a nna a ntse a rera le go tshwara dipokano le batho ba ba neng ba kgatlhega, go akaretsa le dingaka, bao ba ileng ba solegelwa molemo thata ke thuto ya bomodimo e bile le bone ba setse ba ruta ba bangwe jaanong. Mongwe gape yo a neng a tlhoma sekao ka go boloka bothokgami jwa gagwe e nnile mmulatsela mongwe yo o kgethegileng mo Addis Ababa, yo o neng a bediwa setlhogo le go tlogelwa gore a swe ke segopa sa batho ba ba neng ba tlhotlheleditswe ke baperisiti ba Orthodox ka 1992. Selo se se itumedisang ke gore o ne a fola mme o santse a tswelela a direla mo kgaolong yone eo. Tsela eo a nyenyang ka teng e bontsha fa go sena maikutlo ape a a maswe a a setseng mo go ene. Mo go ene le botlhe bao ba ileng ba lekwa mmogo le ba ba sa tswang go kopanela, Kopano eno ya “Thuto ya Bomodimo” e nnile moletlo o o itumedisang eleruri.
Thulaganyo ya kopano e ne ya tsamaya sentle, mme batlakopanong ba ne ba akanya gore baithaopi ba ba neng ba dira gone ba ne ba na le maitemogelo a dingwagangwaga mo ditirong tseo ba neng ba di dira. Totatota ba ile ba dira botswelelopele jo bogolo mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Kopano eno ya malatsi a le mararo e ne ya fela ka bonako jo bo neng bo sa solofelwa. Tlhora ya bao ba neng ba le gone ka Matlhatso e ne e le 9 556. Thelebishene, radio le makwalodikgang a naga eo di ne tsa bua fela thata kaga seno. Botlhe ba ne ba kgona go bona gore Jehofa o humisa batho ba gagwe ka tsela ya semoya. Batho ba ba neng ba le gone ba ne ba akaretsa diketekete tsa batho ba ba kgatlhegang le bao jaanong ba solegelwang molemo ke “Thuto ya Bomodimo” jaanong. Basupi ba ga Jehofa ba bulegetswe ke tshimo e kgolo mo nageng eo e e nang le batho ba ba ka nnang dimilione di le 50, mme kopano eno e ile ya nonotsha botlhe mo maikaelelong a bone a go dirisa nako e e setseng mo tsamaisong eno ya dilo go thusa batho ba ba ikanyegang gore le bone ba solegelwe molemo ke thuto ya bomodimo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa le Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Addis Ababa, January 13-15, 1994
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Setlhopha sa babulatsela kwa Addis Ababa (mojeng); babolokabothokgami ba ba neng ba tsenngwa botlhe mo kgolegelong (tlase); Mosupi yo o nang le dingwaga di le 113 le mosadi wa gagwe