LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/15 ts. 14-19
  • Batlhanka ba Bodihedi—Lesego mo Bathong ba ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batlhanka ba Bodihedi—Lesego mo Bathong ba ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ba Lekwe Pele Gore A Ba A Tshwanela’
  • Ba Thusiwa ke Bodihedi jwa Nako e e Tletseng
  • Ditiro tsa Batlhanka ba Bodihedi
  • Ba Tshwanelegela Go Le Kae?
  • Batlhanka ba Bodiredi ba Dira Tiro e e Botlhokwa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Batlhanka ba Bodihedi—Bolokang Boemo jo bo Molemo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tiro ya Batlhanka ba Bodiredi ke Efe?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Go Boloka Kutlwano Fa Gare ga Bagolwane le Batlhanka ba Bodihedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/15 ts. 14-19

Batlhanka ba Bodihedi​—Lesego mo Bathong ba ga Jehofa

“Me le bōnè bauō, a ba lekwè pele; me hoñ a ba dihèlè e le [badihedi] ba phuthègō, ha ba sena molato.”​—1 TIMOTHEO 3:10.

1. Ke bomang ba ba thusang go tlhomamisetsa boitumelo le kutlwano tsa phuthego?

JEHOFA ke “Modimo o o itumetseng,” mme o batla batlhanka ba gagwe go re ba itumele. (1 Timotheo 1:11, NW) Ka ntlha ya gone moo, o ile a baakanyetsa ka bagolwane le batlhanka ba bodihedi go nna lesego mo bathong ba gagwe. Banna bao ba ba nang le boikarabelo ba direla maikaelelo a a mosola le go thusa go tlhomamisetsa boitumelo, kutlwano, le go tsamaya ka thelelo ga phuthego ya Bokeresete. Abo Basupi ba ga Jehofa ba itumela go le kana kang ka tirelo e e lorato le e e thuso e ba e direlwang ke batlhophiwa bano moteng ga phuthego ya bolegodimo ya Modimo!

2. Ke boikutlo bofe jo bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetseng go nna le jone, mme ga ba a tshwanela go latlhegelwa ke pono yang?

2 Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege tirelo e e mosola thata e bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba e direlang phuthego, ga ba a tshwanela go tlotlomatsa bothwadi jwa bone. Ba tshwanetse ba gakologelwa gore Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe go ikokobetsa. Ka nako nngwe o ne a ba bolelela go re: “Ke gōna leha e le mañ eo o tla iñōtlañ yaka nwanyana eo, ke èna eo o leñ mogolo bogolo mo bogosiñ yoa legodimo.” (Mathaio 18:4) Mme morutwa Jakobe o ne a kwala ka go re: ‘Iñōtlahatseñ ha pele ga [ga Jehofa], me o tla lo goletsa.” (Yakobe 4:10; Baroma 12:3) Mme go nna le boikutlo jo bo boikokobetso ga go tlhoke banna bano gore ba tseele kwa tlase botlhokwa jwa tiro ya bone jaaka bagolwane le batlhanka ba bodihedi. Ba tshwanetse go ikokobetsa mme ba nne ba etelele pele mo ditirong tsa tirelo. Le ka motlha ba se latlhegelwe ke pono ya maikaelelo a a mosola a a direlwang ke tiro ya bone, mme ba tshwanetse ka metlha ba gakologelwa tlamego ya bone, mo go Jehofa le bakaulengwe ba bone ba Bokeresete, go dira bojotlhe jwa bone jo ba ka bo kgonang mo go diragatseng ditiro tsa bone.

3. Tiro e e kutlwano gareng ga Basupi ba ga Jehofa e ka tshwantshanngwa le eng, mme ke jang banna ba ba ineetseng ba ka tsholeletsang godimo kutlwano e e ntseng jalo le tswelediso pele ya dikgatlhego tsa Bogosi?

3 Tiro e e kitlanyeng gareng ga Basupi ba ga Jehofa gompieno e ka bapisiwa le kutlwano e e mo mmeleng wa motho. Tota, moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha mmele wa semoya wa ga Keresete le mmele wa motho o o dirilweng ka ditokololo di le dintsi. Lefa go le jalo tsholegelong molemo ya maloko otlhe mmele o tshwanetse go dira mmogo. (1 Bakorintha 12:12-31) Mme, eleruri, bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba tlhomilweng ke lesego mo bathong ba ga Jehofa, ka go bo banna bano ba tsweledisa tiro e e kutlwano ya phuthego ya Bokeresete gompieno. (Bapisa Bakolosa 2:18, 19.) Maloko a phuthego a banna a a ineetseng ao a lekelang go rotloetsa thulaganyo ya phuthego ya ga Jehofa ka go “senka boèmō yoa mookami” ba dira tiro e e mosola thata-thata mo kutlwanong ya Bokeresete le mo tsweledisong pele ya dikgatlhego tsa Bogosi. (1 Timotheo 3:1) Mme selo sa ntlha, monna wa Mokeresete o tshwanelega jang, go nna motlhanka wa bodihedi?

‘Ba Lekwe Pele Gore A Ba A Tshwanela’

4. (a) Ke ka baka lang fa bao ba lebeletseng go nna batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse gore ‘ba lekwe pele gore a ba a tshwanela’? (b) Banna bano ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go dirang?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela modiri ka ene Timotheo seo se neng se tlhokafala pele banna ba ne ba ka tlhomiwa jaaka batlhanka ba bodihedi. Gareng ga dilo tse dingwe, Paulo o ne a kwala ka gore: “Me le bōnè bauō, a ba lekwè pele; me hoñ a ba dihèlè e le [badihedi] ba phuthègō, ha ba sena molato.” (1 Timotheo 3:10) Seno se ne se tla thibela go tlhoma banna ba ba sa tshwanelegeng, bao ba sa fitlheleleng dipatlafalo dingwe tse di rileng tsa konokono tsa Dikwalo. Gape go ne go tla letlelela nako go bona ditlhotlheletso tsa bao ba ka nnang batlhanka ba bodihedi. Eleruri, banna bano ga ba a tshwanela go tlhotlhelediwa ke keletso ya go ipapalela tlotlo, ka go bo seo se tla bo se supa tlhaelo ya boikokobetso. Go na le moo, mo temogong ya lebaka la gore boineelo jwa Mokeresete go Modimo ke jo bo sa reketleng ebile e le jo bogolo thata, mokaulengwe o tshwanetse go iketleeletsa go direla mo seemong sefe fela seo Jehofa a se bonang se tshwanela go mo dirisa go sone mo phuthegong ya Gagwe. Ee, bao ba lebeletseng go nna batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go direla fela jaaka Isaia yo o ikanyegang, yo o neng a re: “Ke hano, roma nna.”​—Isaia 6:8.

5. (a) Ke dipatlafalo dife tse di tlhometsweng batlhanka ba bodihedi mo go 1 Timotheo 3:8? (b) Go rayang go nna “masisi”? (c) Fa Paulo a ne a re batlhanka ba bodihedi ga ba a tshwanela gore ba nne “diteme pedi” o ne a rayang?

5 “[Batlhanka ba bodihedi] le bōnè ba chwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele boyalwa, ba sa bolaèlwe khumō e e mashwè ke pelo,” Paulo o ne a tlhalosa jalo. (1 Timotheo 3:8) Lemororo batlhanka ba bodihedi bangwe ba ka tswa ba le babotlanyana, ga se basimanyana mme ba tshwanetse go nna “masisi.” Ba tshwanetse go bo ba ile ba ithuta go leba dikgang tse di botlhokwa ka bomasisi. (Bapisa Diane 22:15.) Ba tshwanetse go bo ba ikanyega ba bile ba le tlhaga, eseng banna ba ba sekametseng mo go tseyeng boikarabelo motlhofo. Tota, ba tshwanetse go tshephega, ba tsaya ditiro tsa bone ka bomasisi. Kana ebu, tota ke eng seo se ka nnang kamego e e masisi fela thata go na le tirelo e e boitshepo go Jehofa? Ke kgang ya botshelo le loso​—mo go bone le mo go ba bangwe. (Bapisa 1 Timotheo 4:16.) Mo godimo ga moo, mo go boleleng gore batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go se nne “diteme pedi,” Paulo o ne a raya gore ba ne ba tshwanetse gore ba tsepame le go nna boammaaruri, e se basebi, baitimokanyi, kana maherehetshana.​—Diane 3:32.

6. Batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go supa tekatekano ka ditsela dife tse dingwe?

6 Tekatekano e e molemo fa e se mokgwa ke molao mo botshelong jwa botho mo banneng bao ba tshwanelegelang go nna batlhanka ba bodihedi. Paulo o ne a raya gone gore ba tshwanetse go befela botagwa, bogagaru, le boikanyologi fa a re ba ne ba tshwanetse go bo ba sa “lemalele boyalwa” kana “ba sa bolaèlwe khumō e e mashwè ke pelo.” Banna bano ba Bakeresete ba tshwanetse gape go tila le eleng go neela boikutlo jwa gore ba kgatlhegela fela thata-thata menate kana dilo tse di bonalang. Ba tshwanetse ka metlha ba lekela go baya dikgang tsa semoya kwa pele mo botshelong. Seno se tla ba thusa go boloka “segakolodi se se itshekileñ” mo pele ga batho ka bone mme, se se botlhokwa bogolo, mo matlhong a Modimo.​—1 Timotheo 3:8, 9.

7. (a) Ke ka baka lang fa go ka bolelwa gore maikarabelo a batlhanka ba bodihedi ga a beelwa babotlana? (b) Lebaka la go bo motlhanka wa bodihedi a ka bo a ise a nyale le ka senolang ka ga gagwe?

7 Maikarabelo a a boima a a mo magetleng a batlhanka ba bodihedi ga a a beelwa babotlana. Banna bano ba buiwa mo Dikwalong jaaka bao ba godileng ka mo go lekaneng mo ba ka bong ba setse ba nyetse le go nna le lelapa. Tlase ga maemo a a ntseng jalo, ba tshwanetse gore ba bo ba ‘laola ka mokgwa o montle bana ba bone le malapa a bone.’ (1 Timotheo 3:12) A seno se raya gore lekawana ga le ketla le tshwanelegela go nna motlhanka wa bodihedi go fitlhelela fela le se na go nyala le go nna le lelapa? Nnyaa, gotlhelele nnyaa. Tota, go nyahala ga gagwe mo go itlhaganeleleng lenyalo kwa ntle ga boipaakanyetso jo bo lekanetseng kana pele a ka bona molekane wa Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o tshwanelegang go ka senola ka bogolo jo bo rileng kgolo e e tlhokafalang go tlhokomela ka kelotlhoko dikgang tsa botho mme mo go leng masisi thata maikarabelo a phuthego.

8. Malebana le 1 Timotheo 3:13 le Mathaio 24:14, ke boikarabelo bofe jo bo mo magetleng a batlhanka ba bodihedi?

8 Paulo o ne a re ‘banna ba ba dihelang ka mokgwa o montle ba ipapalela ka bobone boemo jo bo molemo le tshosologo e kgolo ya puo mo tumelong e e mo go Keresete Jesu.’ (1 Timotheo 3:13) Tsela e nngwe eo ba ka bontshang ‘tshosologo e kgolo ya puo’ ke ka go nna le seabe se se tlhaga mo go rereng “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14) Ba tshwanetse go lemoga gore ba tlhakanela le bagolwane boikarabelo jwa go etelela pele mo go rereng ka ntlo le ntlo le mo go tlhakaneleng mo dibopegong tse dingwe tsa bodihedi. (Ditihō 5:42; 20:20, 21) Jaaka tsamaiso e e boikepo ya ga Satane ka bofefo e atamela bofelo jwa yone, tiro ya go rera e ntse e potlaka fela thata-thata. Batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse, ka gone, ba baya go potlaka ga tiro ya go rera ya Bogosi mo pele ga phuthego ka go tlhoma sekao sa botho se se molemo-lemo mo bodiheding jwa tshimo.

Ba Thusiwa ke Bodihedi jwa Nako e e Tletseng

9. Ka ntlha ya go potlaka ga metlha ya rona, ke tirelo efe e Bakeresete ba bantsi ba ileng ba e tsaya?

9 Ka ntlha ya go potlaka ga metlha ya rona e e tlhokofatsang, banna le basadi ba bantsi ba Bakeresete ba ile ba tsaya bodihedi jwa nako e e tletseng. Ba bantsi, ba ba bidiwang babulatsela, mo letsatsing ba senya magareng ga dioura tse pedi go ya go tse tlhano mo tirong ya go rera, bangwe ba bone jaaka barongwa mo mafatsheng a sele. Ba bangwe ba direla ka nako e e tletseng kwa ntlongkgolo ya Watch Tower Society kana mo diofising tsa yone tsa makala go dikologa lefatshe. Tirelo ya bone ke motswedi wa boipelo le kgotsofalo mo go bone le bao ba ba direlang. Mme mo mabakeng a mantsi boitemogelo jwa tirelo ya nako e e tletseng bo ile jwa thusa banna ba go tlhagolela ditshwanelego tse di tlhokafalang go direla phuthego ka tsela e e mosola jaaka batlhanka ba bodihedi.

10, 11. Jaaka go supilwe ke dipolelo tsa botho tse di tsopotsweng fano, banna ba ba eletsang go nna batlhanka ba bodihedi ba ka solegelwa molemo jang ke tirelo ya nako e e tletseng?

10 Mongwe yo pele e neng e le motlhanka wa bodihedi, yo jaanong e leng mogolwane mo phuthegong ya Berlin, mo Jeremane, o bolela jaana ka tiro ya bobulatsela jo a neng a bo tsaya dingwaga go le pele jaaka lekawana: “Ke ka bolela gore e ne e le kgato e le ka motlha ke iseng ke e ikotlhaele. Jehofa o ile a ntshegofatsa. Kamano ya me le ene e ile ya nna e e atamalaneng thata.” Ee, fela jaaka dikete tsa ba bangwe, mokaulengwe yono o ne a fitlhela gore bodihedi jwa nako e e tletseng bo ile jwa nonotsha kamano ya gagwe ya botho le Jehofa le go hehosa tswelelo pele go ya bogoding jwa Bokeresete.

11 Mmulatsela yo mongwe wa nako e telele o tlhalosa kafa tirelo ya nako e e tletseng e ileng ya mo thusa ka teng. “Ke ne ka wela dibete mme ka simolola go nna tekatekano malebana le go sa dire dikatlholo tsa bogatlapa,” o ne a rialo. “Ke ne ka itumela thata mme ka ba ka nna botswerere mo go dirisaneng le batho ba mefuta e e farologaneng.” A tseno ga se dinonofo tse dingwe tse di tlhokwang ke banna bao ba eletsang go direla jaaka batlhanka ba bodihedi?

12. (a) Ke dipaka dife tse di gone tsa go tlhakanela mo bodiheding jwa nako e e tletseng? (b) Go tlhakanela mo bodiheding jwa nako e e tletseng go biletsa dikgono dife tse di ka nnang thuso go motlhanka wa bodihedi mo go diragatseng ditiro tsa gagwe?

12 Go tlhakanela mo bodiheding jwa nako e e tletseng, fa maikarabelo a Dikwalo a go dumelela, go ka direla jaaka sebaka se se gakgamatsang go Bakeresete ba banna gore ‘ba lekwe pele gore a ba a tshwanela.’ Ba bangwe ba ka tsaya bodihedi jo bo ntseng jalo mo lobakeng lo loleele, ba bangwe gangwe le gape. Batho ba banana ba ka go dira jalo mo maitapolosong a sekolo, mme bagodi mo dipakeng tsa maitapoloso kana ka dinako tse dingwe tse di tshwanelang mo ngwageng. Tota, go tlhakanela mo tirelong ya nako e e tletseng go biletsa tekatekano le thulaganyo e e kelotlhoko. Dikgono tseno di tlhokwa ke motlhanka wa bodihedi mme di tla mo thusa go diragatsa ditiro tsa gagwe. Ditiro dife?

Ditiro tsa Batlhanka ba Bodihedi

13. Ditihō 6:1-6 e akantshang ka mofuta wa tiro o o neng o abelwa batlhanka ba bodihedi?

13 Lemororo Ditihō 6:1-6 e sa dire ka tlhamalalo mo go tlhomiweng ga batlhanka ba bodihedi, seo se buiwang koo se akantsha ka gone mofuta wa tiro kana ditiro tseo ka gone ka tlholego di ka abelwang batlhanka ba bodihedi. Eseng ka go laya badumedi ka bone mme ka go aba dijo, “banna bashupa . . . ba ba bolèlwañ ka molemō” ba ba neng ba kgethiwa ka nako eo ba ne ba golola baaposetoloi go ‘senya nako e ntsi ba rapela le mo bodiheding jwa lefoko.’ Ka go tlhokomela ditiro tse di tshwanang gompieno, batlhanka ba bodihedi ba baakanyetsa bagolwane ka nako e ntsi ya bodisa le go ruta “lecomane ya Modimo.”​—1 Petere 5:2, 3.

14. Ke ditiro dife tse di farologaneng tse di ka abelwang batlhanka ba bodihedi?

14 Malebana le ditiro tsa batlhanka ba bodihedi, buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona e re: “Motlhanka wa bodihedi mongwe o ka nna a abelwa go tlhokomela dibuka tsa phuthego, a dira gore go kgonagale ka botlhe gore re ka bona dibuka tseo re di tlhokang go ka di dirisa ka borona ga mmogo le tirelong ya tshimo. Yo mongwe o ka nna a tlhokomela dimakasine tsa phuthego. Ba bangwe ba abelwa ditiro tsa go boloka direkoto tse di etsang tsa madi a phuthego kana tsa go aba tshimo, kana ba dirisediwe go tshegetsa di “microphone,” ba tlhokomele digoela godimo, ba thuse mo seraleng kana go thusa bagolwane ka ditsela tse dingwe. Go na le tiro e ntsi e e nang le go dirwa mo go tlhokomeleng Holo ya Bogosi le go e boloka e le phepa, ka jalo batlhanka ba bodihedi gantsi ba bilediwa go tla go thusa mo go dirisaneng le maikarabelo a a ntseng jalo. Batlhanka ba bodihedi gape ba a tle ba abelwe go direla jaaka batsaya-palo, ba ba amogelang baeng le go thusa gore go nne tidimalo mo dipokanong tsa phuthego.”​—Ditsebe 57-8.

15. (a) Go direla ka botswerere jaaka motlhanka wa bodihedi, ke eng seo se tlhokwang kwa ntle ga go nna le kgono e kgolwane? (b) Lemororo batlhanka ba bodihedi ba ka lebelela dilo tse di farologaneng, kamego ya bone e kgolo e tshwanetse go nnang?

15 A e ka nna gore mokaulengwe ofe fela yo o nang le kgono e kgolwane o ka dira tiro e e ntseng jalo? Nnyaa, ka gobo “banna . . . ba ba bolèlwañ ka molemō” ba ba neng ba kgethiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga mo Jerusalema ba ne ba ‘tletse moya le botlhale,’ kana ba ne ka “bobedi ba godile ba bile ba tlhalefile semoyeng.” (Ditihō 6:3, Phillips) Le eleng fa e ne e le batho ba ba setseng ba godile gareng ga batho ba ga Jehofa, ba ne ba abelwa tiro e e tshwanang le eo jaanong e dirwang ke batlhanka ba bodihedi. Ka jalo fa e le gore batlhanka ba bodihedi ba motlha wa segompieno ba tla diragatsa ditiro tsa bone ka botswerere, ba tshwanetse ‘ka bobedi ba bo ba godile ba bile ba tlhalefile semoyeng.’ Lemororo ba ne ba tla bo ba tshwaregile mo ditirong tsa phuthego, kgatlhego ya bone e kgolo e tshwanetse go direla batho ka ditsela tsa semoya tse di mosola.

16. Fa go se na bagolwane ba ba lekanetseng mo phuthegong, batlhanka ba bodihedi ba ka abelwa ditiro dife?

16 Ereka batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go tlhalefa semoyeng, ka dinako tse dingwe ba ka dirisediwa tiro e e dirwang ke bagolwane gantsi. Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, (ditsebe 58-9) e tlhalosa jaana: “Fa go sena bagolwane ba ba lekaneng go ka tsamaisa Dithuto tsa Buka tsa Phuthego, bangwe ba batlhanka ba bodihedi ba ba tshwanelegang ga botoka ba dirisiwa jaaka batsamaise ba dithuto go tlhokomela ditlhopha tse di abilweng. Ba ka nna ba abelwa go tshwara dikarolo tse di mo Pokanong ya Tirelo le mo Sekolong sa Tirelo sa Bolegodimo le go neela dipuo tsa phatlalatsa tsa lefelo leo. Ditshiamelo tse dingwe di ka nna tsa fetisediwa batlhankeng bangwe ba bodihedi koo go nang le tlhokafalo e e kgethegileng mme ebile ba fitlhelela dipatlafalo tsa kabelo eo.​—1 Petere 4:10.”

17. Setefane e ne e le monna wa mofuta ofe, mme seno se tsosa potso efe malebana le batlhanka ba bodihedi?

17 Mongwe wa “banna bashupa . . . ba ba bolèlwañ ka molemō” wa metlha ya Bibela e ne e le “Setefane, e le monna eo o tletseñ tumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 6:5) Pele ga a swa jaaka moswela-tumelo yo o ikanyegang, Setefane o ne a fa bosupi jo bo kgoberang maikutlo mo pele ga Lekgotla la Sejuda. Ipalele pego, mme o tla tlhatswega pelo gore o ne a tlhalefile semoyeng, bosupi jo bo tlhomologileng jwa karabelo ya kaelo ya moya o o boitshepo le boiketleeletso jwa go neela botshelo jwa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa. (Ditihō 6:8–7:60) Fa e le gore o motlhanka wa bodihedi, a o tsaya ditiro tsa gago tsa phuthego le tsa bodihedi jwa tshimo ka bomasisi fela jaaka Setefane go phepafetse gore o ne a tsaya maikarabelo a gagwe le tshiamelo ya gagwe go bua boammaaruri?

Ba Tshwanelegela Go Le Kae?

18. Go ka bolelwang kaga tiro e ntsi e e dirwang ke batlhanka ba bodihedi, mme ba ka tlhomamisediwang?

18 Batlhanka ba bodihedi ba bantsi ba tlhoma sekao se se molemo mo botshelong jwa Bokeresete, ba tlhokomela maikarabelo a bone a phuthego sentle-ntle, mme ba etelela pele mo bodiheding jwa tshimo. Tiro ya bone e anaanelwa fela thata ke badumedi ka bone mme ga e ketla e tsamaya e sa duelwa ke Jehofa, ka go bo Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhomamisediwa gore: “Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ, ka lo nntse lo dihèla baitshepi, me lo sa nntse lo ba dihèla le gompiyeno.”​—Bahebera 6:10.

19. (a) Ke dipotso dife tse motlhanka wa bodihedi mongwe le mongwe a ka di ipotsang? (b) Ke ka baka lang fa go tla bo go le mosola go tlotla ka mathata ao a itemogelwang ke bangwe ba batlhanka ba bodihedi?

19 Lefa go ntse jalo, motlhanka wa bodihedi mongwe le mongwe o dira sentle go ipotsa jaana: Ke tshwanelegela go le kae dipatlafalo tsa Dikwalo? A eleruri ke tlatseletsa kutlwanong ya phuthego? A ke tlhokomela ditiro tse ke di abetsweng sentle le ka bonatla? A mme ke tlhoma sekao se se molemo mo bodiheding jwa tshimo? Bangwe ba batlhanka ba bodihedi ba ile ba thulana le mathata mo go fitlheleleng seo ba se tlhokwang. Jalo a re tlotleng ka mangwe a mathata ano. Go dira jalo go ka thusa motlhanka wa bodihedi mongwe le mongwe gore “a sekasekè e e leñ tihō ea gagwè.” (Bagalatia 6:4) Gape go tshwanetse go oketsa kanaanelo e ba bangwe ba nang le yone ka ditiro tse di lorato tse di dirwang ke banna bano ba ba direlang maikaelelo a a mosola gareng ga Basupi ba ga Jehofa mme e le lesego la mmatota go batho ba Modimo.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Batlhanka ba bodihedi ke lesego mo bathong ba ga Jehofa jang?

◻ Bodihedi jwa nako e e tletseng bo ka thusa bakaulengwe ba ba batlang go nna batlhanka ba bodihedi jang?

◻ Ke ka baka lang fa batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse ka ‘bobedi ba bo ba godile ba bile ba tlhalefile semoyeng’?

◻ Setefane yo o ikanyegang o ne a le sekao se se molemo go batlhanka ba bodihedi jang gompieno?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bagolwane le bantlhanka ba bodihedi ke lesego mo phuthegong

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Tirelo ya bobulatsela ke thapiso e e molemo-lemo go bao ba eletsang go nna batlhanka ba bodihedi kana bagolwane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela