LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/15 ts. 30
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 4—“Rona Batho”
    Tsogang!—1990
  • A O Bone Bodumedi jo bo Siameng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A Legae la Gago ke Lefelo la Boiketlo le Kagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O Ka Bona Kae Kaelo E O Ka E Ikanyang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/15 ts. 30

A O A Gakologelwa?

A o ile wa akanyetsa ditokololo tse di sa tswang go feta tsa Tora ya Tebelo sentle? Fa e le gore go ntse jalo, o tla go fitlhela go le molemo go ikgopotsa dintlha tse di latelang:

▫ Pharologanyo e kgolo fa gare ga batho le diphologolo ke efe?

Pharologanyo e kgolo ke popego, selekanyo sa go akanya le tsela e boboko bo dirang ka yone. Mo diphologolong mo e ka nnang ditsela tsotlhe tse boboko bo dirang ka tsone di rulagantswe mo go se se ileng sa bidiwa botlhale jwa tlholego. Ga go a nna jalo ka batho. Modimo o ne wa naya batho kgono ya go itlhophela. (Diane 30:24-28)—4/15, tsebe 5.

▫ Go opela go ne go na le seabe sefe mo kobamelong ya kwa tempeleng ya Baiseraele?

Mmino, bogolo segolo baopedi, o ne o na le seabe sa botlhokwa mo kobamelong, eseng fela gore o gatelele dintlha tsa botlhokwa tsa Molao, mme gore o dire gore go obamelwe ka maikutlo a a tshwanetseng. O ne o thusa Baiseraele gore ba obamele Jehofa ka tlhagafalo. (1 Ditihalō 23:4, 5; 25:7)—5/1, ditsebe 10, 11.

▫ Bana ba tlhoka mofuta ofe wa tlhokomelo go tswa bonyaneng?

Batsadi ba tshwanetse go tlhokomela ngwana yo o sa tswang go tsholwa mo e ka nnang ka dinako tsotlhe. Paulo o ne a kwala jaana: “Yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ.” (2 Timotheo 3:15) Ka jalo tlhokomelo e Timotheo a neng a e neelwa ke batsadi ba gagwe, go tswa fela kwa bonyaneng, gape e ne e le ya semoya.—5/15, tsebe 11.

▫ Ke dintlha dife tse nne tse di supelang gore Bibela e tsholetse batho botlhe molaetsa wa Modimo?

(1) Go nna gone ga yone. Mo e ka nnang 98 lekgolong ya baagi ba lefatshe ba kgona go nna le Bibela. (2) Hisitori ya yone. Bibela e tshotse dintlha tsa hisitori, e seng mainane a go senang bosupi bope ka one. (3) Go dira ga yone. Melao le melaometheo ya yone e bontsha tsela ya botshelo e e ka tlisetsang ba ba e latelang melemo e e nnelang ruri. (4) Boperofeti. Ke buka e e bolelang se se tla diragalang mo isagweng ka botlalo.—6/1, ditsebe 8, 9.

▫ Go itse bodumedi jo bo siameng go na le boikarabelo bofe?

Fa re setse re bone bodumedi jo bo siameng, re tshwanetse go dumalanya matshelo a rona le jone. Ke mokgwa wa botshelo. (Pesalema 119:105; Isaia 2:3)—6/1, tsebe 13.

▫ Ke ka ntlha yang fa thuto ya Bibela ya motho ka namana e le botlhokwa jaana?

Batlhanka botlhe ba Modimo ba tlhoka go oketsa boitumelo jwa bone le go ntšhafatsa nonofo ya bone letsatsi le letsatsi ka go batla dikarolo tse disha kana tse di boteng tsa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Ka tsela eno ba dira gore ba nne ba tlhotlheletsega semoyeng.—6/15, tsebe 8.

▫ Lefoko “boleo” le rayang jaaka le dirisiwa mo Bibeleng?

Mo Bibeleng madiri a Sehebera le a Segerika ao ka kakaretso a dirisiwang go kaya “boleo” a raya “go tlhaela,” ka tsela ya go tlhaela sengwe kana go palelwa ke go fitlhelela mokgele mongwe, tekanyetso, kana boikaelelo bongwe. Batho ba ntlha ba babedi ba ne ba tlhaela kgalalelo ya Modimo, ba sa tlhole ba fitlhelela tekanyetso ya go bo ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka mafoko a mangwe, ba ne ba leofa. (Genesise 2:17; 3:6)—6/15, tsebe 12.

▫ Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go bala dibuka tsa batenegi?

Dingwe tsa dibuka tsa batenegi di tlhalosa maaka di dirisa ‘puo e e borethe’ le “mahoko a boitimokanyō.” (Baroma 16:17, 18; 2 Petere 2:3) Mekwalo yotlhe ya botenegi e tshwayatshwaya diphoso fela le go kgoba marapo. Ga go na sepe sa yone se se agelelang.—7/1, tsebe 12.

▫ A bolaodi jwa batho bo simologile kwa Gerika?

Kwa Gerika wa bogologolo, puso ya batho ka batho e ne e dirisiwa fela mo dipusong tsa naga tsa motse di sekae fela, mme le mo go tsone banna ke bone fela ba ba neng ba kgona go tlhopha. Seno se ne se raya gore nnetlhanong ya baagi ba ne ba iteelwa kwantle. Seno ruri e ne e se bolaodi jwa batho botlhe kana puso ya temokeratiki!—7/1, tsebe 16.

▫ Ke eng se se dirang gore lenyalo la Bakeresete le atlege?

Fa monna le mosadi ba tlotla tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone mme ba leka go tshela tumalanong le melaometheo e e mo Lefokong la gagwe. (Baefesia 5:21-33)—7/15, tsebe 10.

▫ Ke jang thuto ya gago ya lelapa e ka nnang e e itumedisang?

Leka gore bana botlhe ba nne le seabe. O tshwanetse wa tlhomama le go aga bana ba gago, o ntse o ba akgola ka tsela e e lorato go bo ba ile ba akgela. O se ka wa batla fela go fetsa se lo se ithutang mme leka gore o fitlhelele dipelo tsa bana ba gago.—7/15, tsebe 18.

▫ Go kaiwa eng ka mafoko a a reng: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō”? (1 Bathesalonia 5:3)

Ela tlhoko gore Bibela ga e re ditšhaba di tla fitlhelela ‘kagiso le polokesego.’ Mme gone ba tla bua ka yone ka tsela e e kgethegileng, ba na le tsholofelo e ba neng ba sena yone pele e bile ba tlhatswegile pelo go feta pele. Dilo tse di tla dirang gore go kgonege go fitlhelela kagiso le polokesego di tla bonala di le gaufi go feta le eleng pele.—8/1, tsebe 6.

▫ Umaka ditsela tse tharo tse ka tsone Jehofa a bontshang gore o tekatekano.

Jehofa o bontshitse fa a iketleeditse go itshwarela. (Pesalema 86:5) O ile a iketleeletsa gore fa go tlhaga maemo a mangwe a fetole tsela e e raraaneng e a neng a ikaeletse go e tsaya. (Bona Yona, kgaolo 3.) Gape, Jehofa o supile fa a le tekatekano fa a dirisa taolo. (1 Dikgosi 22:19-22)—8/1, ditsebe 12-14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela