Jehofa O Ne A Segofatsa Ditshwetso tsa Me
Jaaka go Boletse Samuel B. Friend
BOGOLOGOLO ka July 1952 ke ne ke a tle ke opele ka Matlhatso mongwe le mongwe mo bosigong mo maitisong a a neng a tumile a kgaolo ya bophirima mo Little Rock, Arkansas. Maitiso ano a dioura tse tharo a ne a sa ratwe fela ke ba ba neng ba bogetse mme gape le ke diketekete tsa ba ba neng ba reeditse mo seteisheneng sa radio se se fetang 50 000 watt sa KLRA. Seno e ne e le bogologolo pele ga thelebishene e nna gone mo karolong ya borwa jwa United States.
Mo bosigong bongwe, fa ke tsamaela go digela kopelo, motlhotlhomisi mongwe wa ditswerere wa khampane e e kapang mantswe wa MGM (Metro-Goldwyn-Mayer) o ne a nkatamela. “Ke batla gore o re opelele,” a bolela. Mme gone fela foo a ntsholofetsa konteraka ya go kapa mantswe e e duelang thata. O ne a mpolelela gore o ne a na le dibekenyana a ntse a lebeletse maitiso, mme o ne a gopola gore ke ne ke na le isagwe e e molemo mo kgwebong ya go kapa mantswe.
Morago ga ke sena go mmolelela gore ga ke kgatlhege, o ne a kgaoga pelo. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke ne ke tsenelela mo maitisong fela go thusa go itlamela nna le mosadi wa me mo bodiheding jwa nako e e tletseng mme ke ne ke sa batle go tlhola ke kopanyelediwa gape mo madirelong a tsa mmino.
Moragonyana mo ngwageng eo, thelebishene e ne ya goroga mo Arkansas-mo Little Rock. Motsamaisi wa dithulaganyo o ne a nkopa gore e nne nna sebui mo thulaganyong ya ntlha, mo maitisong a mmino o o farologaneng. Ke ne ka itumela mme ka boipelo ka amogela kabelo eo, ke tlhalosa gore ke ka anaanela go bereka tiro e e sa tseyeng nako yotlhe mo seteisheneng. O ne a mpolelela gore o tla nkitsise morago ga thulaganyo e e simololang.
Thulaganyo e e simololang eo e ne ya atlega thata thata. Ke ne ka buelela baopedi ba ba dithakga mme nna ka sebele ka opela dipina di le dintsinyana. Moragonyana ke ne ka botsa fa e le gore a ke ka bona tiro eo e e sa tseyeng nako yotlhe. “Nnya, ga ke batle o bereka e e sa tseyeng nako yotlhe,” a bolela. “Ke batla o bereka nako e e tletseng.” Ereka a ne a gagamaditse maikutlo kaga kgang ya gore ke bereke nako e e tletseng, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso. Go nna mo ntlwaneng ya ntlha ya seteishene sa TV mo Arkansas e ne e le selo se se raelang. Mme, tota, go ne go ka se bapisiwe le go direla Rraarona wa selegodimo, ebong Jehofa Modimo, mo bodiheding jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng! Jalo ke ne ka gana ditsholofetso tseo.
Fa ke bolelela mosadi wa me Jean morago ga maitiso, o ne a dumalana le nna ka botlalo. Mo bosigong joo fa re boela gae, a o itse se se neng se le mo lebokosong la poso? E ne e le taletso ya go direla jaaka molebedi wa potologo, ke etela diphuthego tsa batho ba ga Jehofa ke ba kgothatsa mo semoyeng. Ke ne ke ikutlwa tota tota gore Jehofa o segofaditse tshwetso ya me.
Nako E Nngwe ya go Dira Tshwetso
Eo e ne e se tshwetso ya ntlha e ke neng ka tshwanelwa ke go e dira. Fa ke sena go fetsa sekolo se segolwane mo Mount Ida, mo Arkansas, nna le morwarre ebong Fred re ne ra ikopanya le setlhopha sa baopedi sa bophirima se se neng se bidiwa Texas Rangers. Ke ne ka fetsa mo e ka nnang dingwaga tse tharo boaphelong jwa bo-1930, ke tsamaya le setlhopha seno mo dinageng di le dintsi tsa borwa. Setlhopha sa rona sa baopedi se ne sa fiwa ditsholofetso di le dintsi tse di duelang go tswa barotloetsing go ya le go fitlha fela kwa Chicago. Re ne ra gapa sekgele sa ntlha mo kgaisanong ya morafeotlhe mo Mississippi le Arkansas, mme mo kgaisanong nngwe ya setšhaba mo Arkansas ke ne ka gapa sekgele sa ntlha jaaka moopedi yo o gaisang thata wa monna. Jalo tsela ya me ya botshelo e ne e solofetsa thata.
Mme ke ne ke le maikutlo mabedi. Fa ke ne ke sale mmotlana ka bo-1920, lelapa la rona le ne le ile la kopana le baemedi ba Mokgatlho wa Watch Tower. Tota, e ne e tle e re fa ba etela kgaolo ya rona dimmaele di sekae kafa bophirima jwa Hot Springs, Arkansas, badihedi ba ba etang (ba ba neng ba bidiwa baeti) ba ne ba etle ba nne mo legaeng la rona. Lelapa la ga etsho le ne le ipelela go ba reetsa mme gantsi ba amogela se ba neng ba se ruta.
Jalo ke ne ka gola ke na le kitso ya motheo ya boammaaruri jwa Bibela. Ke ne ke bile ke bua le ditsala tsa me kaga dilo tse badihedi ba ba etang ba neng ba di bua le se re neng re se bala mo gae go Tora ya Tebelo. Floyd Garrett e ne e le mongwe wa ditsala tseno tsa me fa ke sale mosimane. Re ne ra tsena sekolo mmogo mo bogareng jwa bo-1930. Floyd o ne a arabela mo dilong tse ke neng ke di mmolelela, mme, moragonyana, a ineela go Modimo mme a simolola bodihedi jwa nako e e tletseng ka 1940. Gompieno o direla jaaka molebedi yo o etang.
Mme jaanong, mo nakong ya fa ke ntse ke tsamaya le setlhopha sa baopedi, rre o ne a tle a nkwalele kaga dipuo tseo bakaulengwe ba ba etang ba neng ba di neela kwa nageng ya rona mo gae. Mme, moragonyana ka 1938, fa re ne re le mo Jackson, mo Mississippi, ke ne ka lalediwa go ya go reetsa puo e e gatisitsweng e e neng e re “Tlatsang Lefatshe” e mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong J. F. Rutherford, a neng a e neetse kwa kopanong nngwe mo London, England. Seo ruri se ne sa tsosa kgatlhego ya me sesha eo ke neng ke feditse dingwaga e ntse e kokobetse. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go dira tshwetso. Mo ngwageng e e latelang ke ne ka kgaogana le setlhopha mme ka boela gae kwa Arkansas.
Botswelelopele Jwa Semoya
Mmino, gammogo le go tshwara ditlhapi le go tsoma, jaanong di ne tsa tla kwa morago mo botshelong jwa me. Dilo tsa semoya di ne tsa fetoga go nna tse di botlhokwa thata fa ke simolola go batla Bogosi pele. (Mathaio 6:33) Jehofa o ne a nna wa sebele mo go nna, mme ke ne ka nna le keletso e e gotetseng ya go mo direla. Ke ne ka ineela go Jehofa mme ka kolobediwa ka November 27, 1939, mo molatswaneng mongwe o o tsididi wa Arkansas. Mmè o ne a kolobediwa ka bofefo moragonyana.
Ke ne ka reka kara nngwe e e bogologolo jwa dingwaga tse 11 ka R100, mme ya re ka November 1940, ke na le dingwaga di le 23, ke ne ka tsenela tirelo ya bobulatsela jwa nako e e tletseng mo metseng ya selegae ya Arkansas. Abo leo e ne e le letsatsi le le itumedisang jang ne! Tsela ya me mo botshelong e ne e phepafetse, mme ke ne ka ikutlwa gore Jehofa o ne a nkeme nokeng mme seo e ne e le sone selo se segolo.
Mo metlheng eo, go batla batho ba seka-dinku mo metseng ya magae mo tikologong ya Hot Springs go ne go se motlhofo. Motho o ne a tshwanelwa ke go kgweetsa ka lobaka lo loleele mo ditseleng tse di dithole, a kgabaganye melatswana, le go tsamaya mo mebileng e e dithole ya ditsela tsa dikoloi tsa dikgomo go ya kwa matlong a a kwa thoko. Ke ne ke tle ke ananye dibuka tsa Bibela ka maungo, merogo, dikoko, mae, dijo tse di mo ditshitswaneng, jalo le jalo. Ke santse ke itumela thata fa ke gopola ka maitemogelo ao.
Mathata Mo Dingwageng Tsa Ntwa
Fa United States e ne e tsena mo Ntweng ya Lefatshe II ka 1941, go ne go na le kganetso e kgolo mo Basuping ba ga Jehofa ka ntlha ya boemo jwa bone jwa botlhaodi. (Isaia 2:4) Digopa di ne di ipopa kgatlhanong le bone mo nageng yotlhe, mme diketekete tsa Basupi ba babotlana ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong. Lemororo ke ne ka tsenngwa mo setlhopheng sa 4-D gore ke moruti, ke ne ka lebana le kganetso e e botlhoko, go akaretsa le matshosetsi mo botshelong jwa me.
A ntshupile ka tlhobotswana ya gagwe, monna mongwe o ne a re: “Tloga mo ga me pele ga ke go thuntsha.” O ne a lemogile gore ke Mosupi fa ke atamela mo ntlong ya gagwe. Lefa go le jalo, ke ne ka akofa ka tsamaya. Go tswa foo monna mongwe yo ke neng ke ithuta Bibela le ene o ne a ntlhagisa gore o utlwaletse gore go na le mongwe ka kwa botlhaba jwa toropo yo o neng a ikaeletse gore o tla mpolaya fa ke tsena kwa tlung ya gagwe.
Dikgwedi di sekae moragonyana ga moo fa ke ntse ke le mo kgaolong eo, mosadi mongwe o ne a ntaletsa go tsena mo ntlong mme ka simolola go tshameka rekoto ya puo ya Bibela ka Mokaulengwe Rutherford. Fa ke ntse ke tshameka rekoto, monna o ne a tla mme a feta a ema a mpotile ka kwa lebating, a bo a ntsha thipa ya gagwe. O ne a mpotsa gore ke ne ke dirang mo ga gagwe mme a seka a ntetlelela gore ke tlhalose. “A o ka dumedisa folaga kana go lwa mo bosoleng?” o ne a botsa jalo, fa a ntse a kgarakgatsha thipana ya gagwe a ntshupile ka yone. Gone fela foo ka gakologelwa tlhagiso ya tsala ya me mme ka ipotsa gore ke ka arabela jang.
“O ne o ka ikutlwa jang,” ka botsa motshwara-thipa, “fa mongwe a ne a ka go bona molato wa gore o ema Ba-Nazi nokeng?” Ka bogale, ke ne ka tswelela ka re: “Ga ke kafa go Hitlara fela jaaka wena. Se ke se kgatlhegelang fela ke go thusa batho go tlhaloganya Bibela.” Go bonala ka tsela nngwe karabelo ya me e ne ya ritibatsa monna yoo, mme ke ne ka kgona go falola mo go ene. Fa ke tsamaya, ke ne ka lebogela Jehofa go bo a ntshireleditse le go bo a ile a tsenya mafoko a a tshwanetseng mo molomong wa me.
Mo pakeng e nngwe, ke ne ke ntse ke tshamekela monna mongwe rekoto ya puo ya Bibela fa ke lemoga gore go na le sengwe se se phoso. O ne a tlhonya sefatlhego, mme tota tota a bo a hubila. Mme o ne a nna a reetsa. Fa rekoto e sena go ema, ke ne ka mmotsa ke wetse dibete fela gore o ne a ikutlwa jang ka yone. O ne a ema-ema mme a araba a re: “Santlha ke ne ke gopola gore ke Basupi ba ga Jehofa, mme ke ne ke tlile go go bolaya.” Ke ne ka mo akgolela go utlwa kgang pele ga a ka e atlhola mme ka mo neela molaetsa o o gatisitsweng ka bo ke tsamaya. Ke ne ke batla gore a itse gore ke mang fa fela ke setse ke ile.
Phuthego e ntšha e ne ya tlhongwa mo Bonnerdale koo ke goletseng teng. Morago ga go dira jaaka motlhanka wa setlhopha, kana phuthego, ka dingwaga tse pedi le go bona setlhopha se golela go baboledi ba le 17, molebedi yo o etang o ne a mpotsa gore a ke ka fudugela kwa Hot Springs mme ke direle jaaka molebedi wa phuthego gone. Ke ne ka dira seno ka 1942. Go kopanela le bakaulengwe ba ba godileng, ba bagolwane e ne e le selo se se mosola mo kgolong ya me ya semoya.
Mo metlheng eo, Jehofa o ne a baakanyetsa ditlhokafalo tsa me ka ditsela tse dintsi. Nako nngwe ke ne ka tlhoka R10 wa go ntšhafatsa laesense ya koloi ya me. Ke ne ka rapela Jehofa kaga gone mme ka tswelela mo bodiheding. Mo mosong oo ke ne ka amogela moneelo o ke sa o lopang wa R10 tota tota!
Tirelo ya Bethele
Ka 1944 ke ne ka abelwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng mo Joliet, Illinois. Fa ke ntse ke le koo, go ne ga tlhaga setlhogo sengwe go Informant (e jaanong e leng Tirelo ya Rona ya Bogosi) kaga tirelo ya Bethele kwa Brooklyn, New York. Ke ne ka dira phetso ya gore ke dire kopo mme ka amogelwa.
Fa ke goroga mo Bethele ka March 1945, go ne go na le batho ba le 230 fela mo lelapeng la ntlong-kgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn fa go bapisiwa le ba ba 2 500 gompieno! Ke ne ka fetsa dingwaga tse tlhano ke ipelela go dira mo dikarolong tse di farologaneng, go akareletsa le mo Lephateng la Tirelo. Mme ka letsatsi lengwe Mokaulengwe Knorr, ebong mookamedi wa Mokgatlho, o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe.
“O kgethilwe go tlhokomela seteishene sa radio sa Mokgatlho WBBR,” a bolela. Ke ne ke sa dumele seo.
“Ga ke itse sepe kaga go tlhokomela seteishene sa radio,” ka bolela.
“O ne o tle o tshameke mo go se sengwe, a ga go jalo?” a mpotsa.
“Mme seo se farologane le go se tlhokomela,” ka ganela.
Mokaulengwe Knorr o ne a nkgothaletsa go amogela kabelo, mme ka dumela gore ke tla leka bojotlhe. E ne e le kgwetlho ya mmatota mme gape e le boipelo le tshiamelo. Maloko a lelapa la Bethele a a ka fetang 90 a ne a tshwanetse go tsenelela dithulaganyo tse di farologanyeng mo bekeng nngwe le nngwe. Tsamaiso e ntšha e ne e tshwanetse gore 65 lekgolong e nne mmino o o mo direkotong, go akareletsa le gore mo bekeng nngwe le nngwe ke nne le thulaganyo ya go opela metsotso e le 15. Nako yotlhe e ne e dirisediwa dipuo tsa Bibela, dithuto tsa Bibela, go araba dipotso tsa Bibela, le metlhala e mengwe ya go neelana ka boikitsiso jwa Bibela, gammogo le dipego tsa dikgang le boikitsiso kaga ipabalelo ya batho.
Ke Ile ka Kolobetsa Rre
Fa ke ne ke le mo malatsing a boikhutso go tswa kwa Bethele ka selemo sa 1950, ke ne ka nna le boitumelo jwa mofuta wa jone fela jwa go kolobetsa rre ka sebele! O ne a feditse dingwaga tse 27 a bala dikgatiso tsa Mokgatlho, mme go ne ga mo tsaya dingwaga tse dintsi gore a amogele ka botlalo lebaka la gore Jehofa o dirisa phuthego, eo A ntshang boammaaruri jwa Gagwe ka yone. (Mathaio 24:45-47) Ka nako nngwe, Rre o ne a kile a nna molatola-modimo gotlhelele. Ka baka lang?
Lebaka ke go re, e ne ya re fa morwa-rre wa dingwaga tse 13 ebong Jim a tlhokafala, moruti o ne a rera ka gore o ile diheleng tse di tukang ka go bo mosimane a ne a sa tsene kereke epe. Seno se ne sa gamarisa Rre. O ne a bolela go re: ‘Ke ka ntlha yang ke tshwanetse go obamela modimo o o bobaba, o o tlhokofatsang jalo?’ O ne a gopola gore se moruti a neng a rera ka sone se ne se le mo Bibeleng. Jalo o ne a nna molatola-modimo. Mme tumelo ya gagwe mo Modimong e ne ya tsosolosiwa fa, mo puisanong ya gagwe ya ntlha le Moithuti wa Bibela (Mosupi wa ga Jehofa), a ne a mo tlhatswa pelo go tswa mo Bibeleng gore dihele ga se lefelo le go tlhokofadiwang kwa go lone mme ke lebitla fela le le tlwaelegileng la batho.
Lenyalo
Ka 1952 ke ne ka lebagana le tshwetso e nngwe. Nna le Jean Mylton, mmulatsela yo o tlhagafetseng, re ne ra fetsa ka gore re nyalane. Mongwe o ne a botsa Jean gore dithulaganyo tsa gagwe tsa isagwe e ne e le dife, mme a tlhalosa gore ka jaana ka nako eo go ne go sena thulaganyo epe ya gore basadi ba tle mo Bethele, re ne re rulaganyetsa go bula tsela kwa Little Rock, Arkansas. “Lo ka ya jang koo fa lo sena sepe sa dilo tse di bonalang jaana?” motho yoo a botsa.
Gone go ntse jalo, re ne re sena madi a a lekaneng, ka jaana ke ne ke na le dingwaga tse 12 mo tirelong ya nako e e tletseng mme Jean a na le tse 7. Motho yono o ne a akantsha gore re bereke ka nako e e tletseng ka dikgwedi tse thataro gore re tle re “reke kara mme re boloke madi a a ka tshwarang R1 200.” Fa Jean a mpotsa kaga gone, ke ne ka re: “Re itse jang gore re ka se kgone-ga re ise re go leke. Fa go ka tlhokafala, re tla lesa moragonyana mme re bereke ka nako e e tletseng, mme a re leke pele.”
Ka kgakgamalo, re ne ra amogela kara le R1 200 jaaka dimpho tsa lenyalo la rona. Jehofa o ne a itse gore re a di tlhoka, mme a baakanyetsa ka tsone ka go bo re ne ra dira tshwetso ya go nna mo tirong ya nako e e tletseng. (Malaki 3:10) Re ne ra bula tsela ka dikgwedi di sekae, mme morago ga moo ke ne ka lalediwa go tsenela tiro ya bopotologi ka 1953, mme ngwaga e e latelang re ne ra lalediwa kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Morago ga re sena go aloga Jean o ne a mpata mo tirong ya kgaolo ka dingwaga tse pedi.
Tirelo ya Mafatshe A Sele le go Boela mo Bethele
Ka 1957 re ne re dira kwa Pasco, Washington, fa raposo a tla le lekwalo le le kgethegileng go tswa Ofising ya Mookamedi. Ke ne ka ikopa mo pokanong ya tirelo le bakaulengwe, mme nna le Jean ra tswela kwa kamoreng e nngwe mme ra bula lekwalo leo. Re ne ra lalediwa go ya kwa Mexico, mme ka kopiwa go direla jaaka molebedi wa lekala. Ke ne ka kgaoga pelo! Re ne re sa itse puo ya Sepanishe, mme ebile ke sa itse sepe kaga tiro ya lekala. Mme re ne ra ikanya mo go Jehofa, ebile re go tlhoka tota. Tshimo e ne e le tona mme ebile go tlhokafala namane e tona ya go rulaganya dilo, mme bakaulengwe ba naga eo ba ne ba ikemiseditse, mme Jehofa a segofatsa tiro.
Morago ga ke sena go direla dingwaga di se kae mo Mexico, ke ne ka neelwa gape tshiamelo ya go nna gone mo Sekolong sa Gileade mo New York. Fa ke sena go aloga, nna le Jean re ne ra fiwa kabelo e ntšha, mo tirong ya potologo mo Guatemala. Jean o ne a nna le mathata a boitekanelo, jalo ra boela kwa United States moragonyana ga moo koo ke neng ka tswela pele go direla mo tirong ya go eta gone. Mo dingwageng di le mmalwa gape ke ne ka ruta mo ditlhopheng tsa thuto tsa dibeke tse pedi tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi sa bagolwane. Kgabagare, re ne ra boela morago go tsaya tirelo ya Bethele mo Brooklyn, mme re sale jaaka re nna mo lefelong leno le le molemo-lemo fa e sale nakong eo.
Jaanong ke dingwaga tse 69, ke ipeletse ditshiamelo di le dintsi tse di sa ntshwanelang mo tirelong ya nako e e tletseng mo dingwageng tse 45 tse di fetileng. Ke ka bolela fela gore Jehofa o molemo mme ditshegofatso tsa gagwe di dintsi. Jean, mosadi wa me yo o feditseng dingwaga tse 34 a ikanyegile, o ile a nna tshegofatso e e molemo thata mo go nna. Ke itse gore Jehofa o ka segofatsa ba babotlana gammogo le ba bagolo, mme ke ile ka anaanela ditshegofatso tsa me jaaka yo mmotlana. (Pesalema 115:13) Ke tshwetso ya me le keletso go tswelela ke direla Jehofa Modimo wa rona yo mogolo le yo o lorato mo go sengwe le sengwe se a se laelang, go mo tlotla le go mmaka.
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
“O ne o ka ikutlwa jang,” ka botsa motshwari wa thipana, “fa mongwe a ne a ka go bona molato gore o ema Ba-Nazi nokeng?”
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Sam Friend kafa mojeng, mo tirong ya gagwe ya boopedi kwa tshimologong
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
O tsamaisa Tora ya Tebelo mo mmileng mo Hot Springs, Arkansas, ka 1942
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Sam Friend le mosadi wa gagwe ebong Jean gompieno