LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 8/1 ts. 27-31
  • A Ngwananyana Wa Gago ‘O Golela Go Isa Polokong’?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ngwananyana Wa Gago ‘O Golela Go Isa Polokong’?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kamano e e Boteng le Jehofa
  • Re e Dira e e Itumedisang
  • Lelapa le le Itumetseng le Leo le Lekalekaneng
  • Ba Mo Thuse Go Tlhoma Mekgele e e Nang le Mosola
  • Rapelela Thuso
  • O Seka Wa Itlhoboga
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona go Tswa Boseeng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 8/1 ts. 27-31

A Ngwananyana Wa Gago ‘O Golela Go Isa Polokong’?

BATSADI botlhe ba Bakeresete ba batla go bona bana ba bone ba nna ba ba godileng, e le bagodi ba Bakeresete. Ka maswabi, seno ga se nne jalo ka metlha. Ga se selo se se itlelang fela gore ngwana yo e leng wa Bakeresete e tla re a gola a nne Mokeresete. Ke ka ntlhayang go ntse jalo?

Re ka bona lengwe la mabaka a seno go tswa mafokong a ga Petere a a reng: “Hèla yaka banyana ba e leñ gōna ba tsalwañ, lo tlhologèlèlwè mashi a semōea a a senañ boherehere, gore lo tlè lo golèlè polokoñ ka aōna.” (1 Petere 2:2, 3) Kgothatso ya go ‘tlhologelelwa mashi’ e akantsha gore bana ba rona ga ba kitla ba tlhologelelwa dilo tsa semoya fela motlhofo. Re ka nna ra tshwanelwa ke go bopa, kana go aga, tlhologelelo e e ntseng jalo mo go bone. Lefa go le jalo, jaaka temana eo le yone e bontsha, poloko e a kopanyelediwa. Fela jaaka bana ba tshwanetse go ithuta go rata dijo tse di itekanetseng gore e nne bagolo ba ba itekanetseng, go ntse fela jalo ba tshwanetse go ithuta go ipelela dijo tsa semoya gore ba tle ba “golèlè polokoñ.”

Batsadi​​—a lo na le bana ba ba iseng ba tshware dingwaga tsa bolesome? A thulaganyo ya lona ya go godisa bana le go ba otlhaya e ntse e tsamaya ka thelelo le go fitlha fano? Fa go ntse jalo, seo se molemo. Lefa go ntse jalo, dilo di ka nna tsa fetoga mo dingwageng tsa bolesome. Tota, e re ntswa mathata a bokau ka dinako tse dingwe a fetelediwa, batsadi ba ba nang le maitemogelo ba ntsha tlhagiso ya gore o tshwanetse go lebelela dipaka dingwe tsa tlhobaelo mo lobakeng loo. A o ka di ipaakanyetsa gone jaanong, fa ngwana wa gago a santse a le mmotlana? Ee, go na le dikgato tse di tlhomameng tse o ka di tsayang. Ka sekai, re tshwanetse go ba thusa go godisa . . .

Kamano e e Boteng le Jehofa

Samuele yo mmotlana, yo botsalo jwa gagwe e neng e le karabelo ya thapelo ya ga Hana, mmaagwe, ‘o ne a golela fa pele ga ga Jehofa.’ (1 Samuele 2:20, 21) Abo e ne e le kgodiso e e molemo jang ne! Gakologelwa gape, gore mo pakeng nngwe batsadi ba ne ba tlisa bana ba bone ba babotlana kwa go Jesu. Lantlha, barutwa ba ne ba ba kgalemela, mme “ea re Yesu a go bōna, a gakatsèga thata, a ba raea, a re, Lesañ banyana ba tlè kwa go nna: lo se ka loa ba itsa: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa ba ba ntseñ yalo.” Jesu o ne a dumalana le gore batsadi ba tlise bana ba bone kwa go ene. O ne a tsaya bana ka matsogo mme a ba segofatsa.​—Mareko 10:13-16.

A batsadi gompieno ba ka thusa bana ba bone go ‘golela fa pele ga ga Jehofa’ le go ba tlisa kwa go Jesu Keresete, ka gone ba ba thusa go godisa kamano le Jehofa le Jesu? Ba ka dira jalo, mme go tsaya nako. Jesu o ne a ikemiseditse go senya nako le bana ba batho ba bangwe, jalo he ruri re ka senya nako le ba rona. Fa go kgonega, re tshwanetse go simolola fela mo bonyaneng, jaaka mmaagwe Timotheo a dirile. (2 Timotheo 3:15) Re tshwanetse go bua kaga Jehofa le Jesu jaaka batho ba mmatota, re ruta basha ba rona go anaanela dingwe tsa ditiro tsa bone tsa lobopo tse dintlentle. Fa re ba isa kwa parakeng, kwa serapeng sa diphologolo, kana kwa ntle kwa nageng, re ka ba thusa go bona dikgakgamatso tse Jehofa a di dirileng mo go se ba se bonang. Ka motlotlo wa rona, re ka ba thusa go nna le keletso ya go dira se se siameng ka go bo seno se itumedisa Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Bapisa Duteronome 6:7.) O seka wa nnela go tlhokomologa seno. Nako e bana ba rona ba leng babotlana ka yone e khutshwane fela thata. Ba gola ka bofefo, jalo nako e e senngwang le bone e botlhokwa-tlhokwa.​—Mathaio 19:13-15.

Legale, tsela ya konokono eo re rutang bana ba rona boammaaruri ka yone le go ba thusa go atamalana le Jehofa ke ka thuto ya lelapa ya Bibela. Lefa go ntse jalo, seno se ka atlega thata thata fa . . .

Re e Dira e e Itumedisang

Mme yo o batlang gore ngwana wa gagwe a ipelele dijo tse di phepa ga a mo patelele gore a di metse di le dintsi-ntsi. Go na le moo, o di apaya gore di nne monate le go mo kgothaletsa gore a je selekanyo se sebotlana ka nako e le nngwe, a ntse a oketsa moutlwalo wa tsone mo go tsone. Go tlhokafala selo se se tshwanang mo dijong tsa semoya. E ka ne e le gore o simolola thulaganyo ya thuto la ntlha kana o batla go dira sengwe ka thulaganyo ya gago ka go bo ngwana wa gago a lapisega, patlafalo e ntse e le e e tshwanang. Leka go dira thulaganyo go nna e e itumedisang.

Mo baneng ba babotlana ga go tlhokafale gore o kgomarele tsela ya go botsa dipotso le dikarabo, lefa e le go dira gore thuto nngwe le nngwe e tseye oura yotlhe. Dira gore thuto e tshwanele ngwana wa gago. Mmolelele dipolelo kaga batho ba ba kaiwang mo Bibeleng. Dira gore a akanye ka ditiragalo tse di tlhalosiwang mo Bibeleng. Dira gore bana ba etse dilo tse di tlhalosiwang mo Bibeleng le metshameko. Ba fe sebaka sa go ipaakanyetsa ba le mo gae. E dire gore e nne matlhagatlhaga le go farologana. O tla batla gore ngwana wa gago a ‘tlhologelelwe’ lefoko, jalo dira gore le mo natefelele kafa o ka kgonang ka gone.​—1 Petere 2:2, 3.

Matswela ke a a busetsang boiteko jwa gago ka go bo ke a a nnelang ruri. Fa ngwana wa gago a ipelela dilo tsa semoya fa a santse a le mmotlana, o ka thusiwa go nna le kamano e e gautshwane thata le Jehofa eo e tla tsayang nako yotlhe ya fa a sa tshedile. “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” (Diane 22:6) Mme go na le se sengwe gape se se ka thusang ngwana wa gago go godisa lorato mo dilong tsa semoya. Ke eng seo?

Lelapa le le Itumetseng le Leo le Lekalekaneng

Ee, fela jaaka setlhatshana se gola sentle fa mmu o nonne le seemo sa loapi se siame sentle, jalo ngwana le ene o tla atlega kafa semoyeng mo boemong jo bo molemo jwa lelapa le le itumetseng. Lefa go ntse jalo, gore boemo jo bo ntseng jalo bo nne gone, maloko a lelapa a tshwanetse go senya nako mmogo. Batsadi, a lo tlhomamisa gore ba malapa a lona ba senya nako mmogo le go buisanya mmogo? A lo na le tekanyetso ya lelapa ya go lebelela TV? ya boitloso-bodutu? ya go kgetha mmino? mo thutong ya lelapa? mo ditshwaregong tsa semoya? Boemo jwa lelapa ke jo bo ntseng jang mo dijong tsa maitseboa? Mo magaeng a le mantsi dijo tsa maitseboa ke nako e e siametseng go nna ga lelapa mmogo. Go dumelela sebaka sa gore go buisanngwe ka tse di diragetseng motshegare, go tshega mmogo le go buisanya mmogo ka boiketlo. Go ka siamela mongwe le mongwe.

Gakologelwa gape, gore, e re ntswa bana ba tlhoka go tshwarega mo ditirong tsa semoya le go diragatsa maikarabelo a bone mo gae, ba bile gape ba tlhoka nako ya go tshameka. Charles R. Foster, mo bukeng ya gagwe ya Psychology for Life Today, o ne a re: “Ka go lemoga kafa boitlosobodutu bo tlhokafalang ka gone mo matshelong a bana ba bone, batsadi ba tshwanetse go dira paakanyetso ya gore bana ba ipelele maitemogelo ano. . . . Bana, fa ba ntse ba gola le go nonofa, ba tshwanetse go bona kafa ditiro tseno di amanang ka gone le ditshenyegelo tsa lelapa gammogo le maikarabelo a mo gae. Fa ba lemoga dikamano tseno, mme ba sa dirise boitlosobodutu jaaka botshabelo jwa ditiro tsa mo gae le maikarabelo, go tla nna boemo jo bo itumedisang mo gae.”

Batsadi ba ba thusang bana ba bone go nna le boikutlo jo bo lekalekaneng tebang le popo, tiro, le dikgang tsa semoya ba thusa thata gore a ipelele dilo tsa semoya le katamalano ya gagwe le Jehofa. (Bapisa 2 Timotheo 3:4b; Tito 3:3.) Botswelelo jo bo ntseng jalo bo tla ba tlisetsa boipelo bo le bontsi. Mme go na le se sengwe gape se ba ka simololang go se dira go oketsa kanaanelo ya ngwana wa bone mo dilong tsa semoya ba sa le babotlana:

Ba Mo Thuse Go Tlhoma Mekgele e e Nang le Mosola

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a ntsha kgakololo e e molemo ka go godisa bana fa a ne a re: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” (Diane 22:6) “E o chwanetseñ go e tsamaea” go ka raya e kane e le go ya kafa kgonong ya gagwe, kana, thata thata, mo mokgweng wa botshelo, tsela, mokgele mo botshelong, tse o ka ratang gore a di ikgethele. Ka jalo, e nngwe ya ditsela tse di botlhokwatlhokwa tse ka tsone motsadi a ka oketsang boitumelo jwa ngwana wa gagwe le bomoya ke go mo thusa go tlhoma mekgele e e mosola. Mekgele eno e tshwanetse ya nna e e solegelang molemo le e e ka fitlhelelwang. Gape e tshwanetse ya fitlhelelwa mo lobakeng lo lo lekaneng sentle lwa nako. Mme he, fa mekgele mengwe e fitlheletswe, seno se tla kgothaletsa ngwana go tlhoma e mengwe e megolwane.

Ke phoso e e tlwaelegileng go letela go fitlhelela ngwana a itlhomela mekgele ya gagwe mo botshelong. Boitemogelo jwa ngwana ke jo bo tlhaelang. Fa batsadi ba sa mo thuse go tlhoma mekgele, mongwe o sele o tla dira jalo​—gongwe bana kwa sekolong kana bagakolodi ba sekolo. Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa ngwana go tlhoma mekgele e e dumalanang le go anaanela ga gagwe dilo tsa semoya. Bana ba babotlana ba ka dira mekgele ya bone go tshwanelegela go tsena mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Mo tirelong ya tshimo, mekgele e e molemo e e ka fitlhelelwang ka go latelelana e ka nna go neela taletso mo ntlong nngwe, go neela mpho kana makasine, mme morago ga moo, go neela thero e e motlhofo. Go ka tlhongwa mekgele ya thuto. Bana ka boiketlo ba ka ithuta go latelelana ga dibuka tsa Bibela le go tshwara ka tlhogo ditemana dingwe tsa konokono. Go tshwanetswe ga buiwa kaga mekgele e e amanang le tsela ya botshelo go sa le gale. Lemororo bagakolodi ba sekolo ba tla solofetsa tsela e e rileng ya botshelo, batsadi ba Bakeresete ba ka otlelela mekgele eo e tla kgotsofatsang kgatlhego e e golang ya ngwana mo go direleng Jehofa, jaaka go bula tsela, Bethele, le tirelo ya borongwa.

Batsadi gape ba tla batla gore ngwana wa bone a ikutlwe e le motho yo o ikarabelang. Ba ka mo thusa gore a thapise segakolodi sa gagwe mo motheong wa melao-metheo ya Bibela. Fa a ntse a gola, ba tshwanetse go mo itsise gore baa mo ikanya gore o tla dira se se siameng. Fa ba ntse ba dira maiteko ba ka nna ba mo dumelela go bona kgololesego e sekae, mme fa ngwana a dira phoso, ba ka mo thusa go ithuta ka yone, mo boemong jwa go mo kgala mo go botlhoko. Go bapala leina le lentle la gore o boikanngo ke phitlhelelo e bana ba ka itlotlomatsang ka yone, mme go tla tlatseletsa mo go ‘goleleng ga bone go isa polokong.’

Fa ngwana a ntse a gola, batsadi ba disa diphetogo mme ka bofefo ba tsamaisanye thapiso le kotlhao le maemo a masha. Ba ikanyega gotlhelele mo go ene le go sa mo lobele sepe. Ba buisanya le ene kafa ba ikutlwang ka gone kaga ditiro tsa gagwe le diphetogo. Ka go ikanyega le go sa mo lobele sepe, ba solofela go mo thusa gore a buisanye le bone ka tshosologo​—ga a kitla a nna moeng mo ntlong ya bone.

Dafide yo mmotlana o ne a tlhagolela tlhologelelo ya dilo tsa semoya. Dipesalema tse a neng a di kwala di senola gore o ne a anaanela lorato lwa ga Jehofa thata thata. (Pesalema 23:1-6) Go ikanya Jehofa ga gagwe mono go ne ga mmaya mo boemong jo bo molemo fa a ne a tshwanelwa ke go lebagana le bera ya naga, tau, mme kgabagare le mokaloba wa Mofilisitia Goliathe yo o neng a tsitlisa dipelo tsa mephato yotlhe ya Iseraele ka poifo. Akanya fela kafa Jese a neng a ipelafatsa ka gone, ebong rraagwe Dafide, ka ntlha ya tumelo ya ga Dafide! Dafide o ne a godisa kamano e e molemo-lemo le Jehofa e e neng ya tsaya botshelo jotlhe jwa gagwe. (1 Samuele 17:32-37, 45-50; Pesalema 19:9, 10, 14; 15:1, 2; 24:3, 4) Bana ba rona ba ka godisa katamalano e e tshwanang mme ba dire gore re ipelafatse ka mo go tshwanang​—ka thuso ya rona. Mme re ka se dire seo re le rosi.

Rapelela Thuso

Fa Manoa a tla go lemoga gore o ne a tla fetoga rre, o ne a kopa thuso ya kafa a ka godisang ngwana ka gone le go mo thapisa. Jehofa o ne a araba thapelo ya gagwe. (Baatlhodi 13:8, 12, 24) Batsadi le bone, gompieno, ga baa tshwanela go tlhokomologa go rapela Jehofa ka bana ba bone, ba mo kokotlelela gore a ba fe botlhale fa ba ntse ba leka go mo kaela go ya tseleng ya botshelo. Samuele, ebong moperofeti wa ga Jehofa, o ne a go tsaya e le “go leohèla Yehofa” fa a ne a ile a tlhokomologa go rapelela batho ba ga Jehofa. (1 Samuele 12:23; bapisa Diane 1:24, 25.) Re tshwanetse go ikutlwa ka mo go tshwanang tebang le bana ba rona. Re tla batla gore ba nne le boikutlo jwa semoya. Go rapelela thuso ka metlha yotlhe go a tlhokafala.

O Seka Wa Itlhoboga

A go na le sengwe sa tseno se se motlhofo? Ruri nnya. Go a busetsa mme ga go motlhofo. Fa ngwana wa rona a nna monana, go tlhomamisega mathata le dipharagobe gore di tla tsoga. Fa di gola, o seka wa tlhakana tlhogo. Dirisanya le tsone ka go latelelana mme o seka wa lebelela dikgakgamatso. Tlhomama, mme o seka wa feteletsa dilo; disa gore o seka wa dira dikakgelo tse di bogale mme o dirisanye le bothata ka bopelotelele. Fa re itshwara ka tsela eno, gantsi dipharagobe di a feta, mme re ka boa gape ra ipelela bokopano le ngwana wa rona.

Batsadi botlhe ba ba boifang Modimo ba batlela bana ba bone molemo. Re batla gore ba ‘anaanele dilo tse di boitshepo,’ ba tlhologelelwe lefoko la Modimo, gore ka lone ba tle ba “golèlè polokoñ.” Gone go ntse jalo, gore ka dinako tse dingwe, go sa kgathalesege bonatla jo ba bo dirang, batsadi ba Bakeresete ba ka bona bana ba bone ba gola mme morago ba latlhe boammaaruri. Lefa go le jalo, fa re dira tiro ka tlhagafalo re tla fokotsa gore ka tsela nngwe seno se diragale. Ka thuso ya ga Jehofa re tla dira ka natla go thapisetsa bana ba rona kafa tseleng e e ba tshwanetseng. Ekete tuelo ya rona e ka nna go ba bona ba nna pelotelele mo tseleng ya boammaaruri go ralala matshelo otlhe a bone.​—Bahebera 12:16; 1 Petere 2:2; Diane 22:6.

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Jesu o ne a ikemiseditse gore a senye nako le bana ba batho ba bangwe. Ruri re ka senya nako le ba rona

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Fa o batla gore ngwana wa gago a ‘tlhologelelwe lefoko,’ dira gore le mo natefelele kafa go ka kgonegang ka teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela