Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri jwa Bibela bo Tlisa Kutlwano le Boitumelo tsa Lelapa
BANYALANI bangwe kwa India bao e neng e le maloko a kereke nngwe ya La-Bodumedi ba ne ba atisa go omana. Gantsi monna o ne a ke a betse mosadi wa gagwe. Ba ne ba bo ba leka go bolaana! Ka lekgetlo le lengwe o ne a bedisa ghee (botoro e e itshekileng) mme a e isetsa monna wa gagwe jaaka ekete e ne e le tee mme morago ga moo a mo tshela ka yone mo sefatlhegong. Kwa bofelong, mosadi yoo o ne a swetsa gore a ipolaye.
A go ne go na le sengwe seo se neng se ka tlisa kutlwano le boitumelo mo banyalaning bano? Ba le bantsi ba ka re nnyaa. Mme pele ga a ipolaya, mosadi yoo o ne a etela morwadie le mogwe wa gagwe. Ba ne ba nna le thuto ya Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a swetsa ka gore a reetse, mme pelo ya gagwe e ne ya tlhotlhelediwa thata ke seo a neng a se utlwa. Morago ga thuto eo, o ne a bolelela Basupi ka mathata a gagwe. Ba ne ba mmontsha go tswa mo Bibeleng gore tota maikarabelo a gagwe e ne e le eng jaaka mosadi. Monna wa gagwe le ene go ne ga ikgolaganngwa le ene mme go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene. Diphelelo e ne ya nna dife? Ka go dirisa melao-metheo ya Bibela ga monna yoo le mosadi wa gagwe, mathata a lelapa la bone a ne a fenngwa. Jaanong banyalani bao ba ile ba gatela pele go ya ntlheng ya go neela matshelo a bone go Jehofa, mme ba ile ba kolobediwa.
Banyalani ba bangwe ba ba senang palo ba ile ba fitlhela gore Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le na le tharabololo ya mathata a lelapa. Ka go dirisa kgakololo ya lone, jaaka eo e fitlhelwang go Bakolosa 3:12-14 le Baefesia kgaolo 5, ba fenya mathata ano mme ba fitlhelela kutlwano le boitumelo.
□ Sekao se sengwe sa ka moo boammaaruri jwa Bibela bo ka kitlanyang lelapa ka gone se tswa kwa Lebanon. Ka 1973 mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola thuto ya Bibela le lelapa lengwe mo motsaneng mongwe. Basetsana bangwe ba babedi, bao e leng bana ba motho, go tswa mo baagelaning le bone ba ne ba nna gone mo thutong eo. Mme fa moruti wa lefelo la bone a ne a nna kgatlhanong le thuto eo, lelapa leo le ne la e khutlisa. Basetsana ba babedi bao ba ne ba tswela pele ka go ithuta ka go kwalelana, ba dirisa aterese ya mogokane wa bone. Morago ga ba sena go ithuta makwalo a a tswang go Mosupi yoo, ba ne ba a naya ngwetsi ya bone gore a a bale. Lemororo monna wa gagwe jaanong a ne a ganetsa. Fa ba ne ba na le dipotso, ba ne ba di botsa Mosupi yono ka poso.
Lefa go ntse jalo, kgaitsadiabone o ne a tswela pele go ganetsa. O ne a gagola dikgatiso tsa Bibela tseo bokgaitsadie le mosadi wa gagwe ba neng ba na le tsone mme le eleng go fisa Dibibela tsa bone. Mme go sa kgathalesege go nyadiwa go go botlhoko ke lelapa, moruti, le ba bangwe ba ba mo motsaneng oo basetsana bao ba ne ba tswelapele go ithuta. Fa nako e ntse e tswelela, ba ne ba kolobediwa. Ba bangwe ba-losika le bone ba ne ba simolola go ithuta Bibela mme ba kolobediwa. Kgaitsadia basetsana ba babedi bano yo o neng a ganetsa le ene o ne a ithuta boammaaruri mme a kolobediwa. Jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong, mme o nna mmulatsela yo o thusang ka metlha. Kwa bofelong jwa 1985, maloko a le 23 a lelapa leno a ile a ithuta boammaaruri le go kolobediwa!
Abo bokgaitsadi ba babedi bao ba itumetse jang ne ka ntlha ya go ngaparela boammaaruri go sa kgathalesege go ganediwa! Abo ke boipelo jang ne mo go bone go bona kutlwano le boitumelo tsa lelapa la bone ka ntlha ya go amogela ga bone boammaaruri jwa Bibela! Go rurifatsa mafoko a ga mopesalema ta a ne a bolela jaana: “Go segō chaba e Modimo oa eōna eleñ Yehofa”!—Pesalema 144:15.
□ Go na le boitemogelo jo bongwe gape jo bo tswang kwa Motseng wa New York, U.S.A. Motho yono o ne a simolola go dirisa diokobatsi fa a ne a na le dingwaga di le 13 mme tsa mo tshwakgola thata mo eleng gore o ne a sa kgone le e leng go ja fa a ise a goge matekwane! Tlwaelo ya gagwe ya go dirisa cocaine e ne e ja R200 ka letsatsi, mme fa a ntse a rekisa diokobatsi ka metlha o ne a tsamaya ka ditlhobolo di le pedi. O ne a nyala mme a nna le bana ba le bane. Fa mosadi wa gagwe a ne a fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a mo ganetsa. Mme kgabagare o ne a lapisiwa ke mokgwa wa gagwe wa go tshela wa go ijesa monate le “go tlalatlala mo mebileng” a dira boaka.
Ka ntlha ya kgothatso e e sa kgaotseng go tswa mo mosading wa gagwe le thuso e e lorato go tswa mo bagolwaneng, o ne a dumela go ithuta Bibela ngwaga morago ga go kolobediwa ga mosadi wa gagwe. Seno se ne sa mo thusa go thulana le mathata a magolo a go tlogela diokobatsi go akareletsa le go eta ga tlhaloganyo. O ne a gatela pele go ya ntlheng ya go kolobediwa mme jaanong o ipelela go bona lelapa la gagwe le kitlane ka boitumelo le bana ba gagwe ba bane ba gatela pele mo boammaaruring. Ereka a na le mmereko o o tlhomameng le moputso o o siameng, ene le mosadi wa gagwe ba lebeletse pele ka boitumelo go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
“Go segō chaba e Modimo wa eōna eleñ Yehofa”!—Pesalema 144:15