Go Dira Tirelo ya Nako e e Tletseng Tiro ya Botshelo Jotlhe
JAAKA GO BOLETSE MAX LARSON
KA 1910 mmè, yo batsadi ba gagwe ba neng ba tlhokafetse botlhe, o ne a tloga mo Denmark ka sekepe go ya kwa United States. O ne a le dingwaga di le 18 fela, a sa itse Seesemane, ebile a sa itse motho ope mo nageng eo.
Fa a fitlha kwa New York City, o ne a palama terena go ya kwa South Dakota, eleng loeto lwa dikilometara tse di fetang 2 400. Kwa South Dakota, koo go neng go na le bathibeledi ba Ba-Denmark gone, o ne a kopana le monna yoo a neng a tla nna rre. Ba ne ba nyalana ka September 20, 1911.
Kwa tshimologong ya 1913 Rre o ne a tsaya loeto a le esi a le mo kolotsaneng e e khurumeditsweng a ya kwa Montana go ya go aga ntlo mo lefatsheng le a neng a le bona. O ne a aga ntlo ya kamore e le nngwe ya dikota gone foo. Fa e ne e fediwa ka selemo, mmè o ne a tla ka terena go tla go nna nae, a na le morwarre, Norman, yo a neng a na le dikgwedi di sekae fela.
Ngwana wa bobedi o ne a setse a le mo tseleng dingwaga tse pedi moragonyana. Fela jaaka ke ile ka bua ke dira metlae fela, ke ne ka “thusa” Mmè go rulela, ereka seo e le sone se a neng a se dira mo koketsong ya ntlo letsatsi pele ga ke tsholwa. Mo letsatsing le le latelang, ka April 29, 1915, fa Rre a ne a tla go ja dijo tsa motshegare a tswa kwa masimong, Mmè o ne a mo raya a re: “Ekare ke tloga ke tshola ngwana.” Ke ne ka tsholwa mo thapameng eo. Mme maitseboa fa Rre a tla gae gape Mmè o ne a tsogile ebile a mo diretse dijo tsa maitseboa!
Dingwaga tse tharo moragonyana kgaitsadiake Jean o ne a tsholelwa kwa lefelong lone leo. Ngwaga o o latelang lelapa la rona le ne la fudugela kwa botlhaba jwa Montana, koo Rre a neng a hirile polasi gone. Ka 1921, kgaitsadiake wa bobedi, Laverna o ne a tsholwa, mme rona bana ba banè re ne ra golela mo dipoeng tsa Montana.
Go Betliwa ga Botshelo jwa Me
Batsadi ba me e ne e le Balutere, mme re ne re ya kwa kerekeng Sontaga nngwe le nngwe ka borataro jwa rona. Mme go ise go e kae moagelani mongwe wa rona, yo e neng e le mongwe wa Baithuti ba Merafeyotlhe ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, o ne a simolola go etela Mmè mme a simolola go ithuta Bibela le ene. Morago ga dingwaga di le mmalwa, Mmè o ne a amogela boammaaruri jwa Bibela jo a neng a bo ithuta, mme o ne a kolobediwa ka 1925 mo bonwelong jwa dipitse. Rona bana lefa e le ene Rre re ne re sa amogele tumelo ya gagwe e ntšha, mme rotlhe re ne re itumelela gore re ne re sa tlhole re tla ya kwa Kerekeng ya Lutere. Mmè o ne a tlhola a re raya a re: “Ga lo batle go direla Jehofa, mme lo se ka lwa roba melao ya gagwe.” Kgakololo eno e ne ya re thusa gore re seka ra tsena mo mathateng.
Lelapa la rona la batho ba barataro le ne le lema naga ya diheketara di le 320 ka dipitse di le 14 le terekere e le nngwe. Re ne re sena motlakase kana metsi mo teng, mme metsi otlhe a rona a ne a giwa go tswa kwa sedibeng dikilometara di le nne go tswa fa re neng re nna gone. Re ne ra swetsa ka gore re fudugele kwa Washington State fa go ne go nna le leuba kwa tshimologong ya bo-1930 le ka go bo re sa kgona go roba dijalo dipe mo dingwageng di le nnè. Fa re baakanyetsa go tsamaya, re ne ra tshwanela go romela dingwe tsa didirisiwa tsa rona tsa polasi le tsa ntlo go tswa Montana go ya Washington. Ka jalo tiro ya me e ne e le go tsamaya le kara le go tlhokomela gore dipitse tsa rona di ne di fepiwa le go fiwa metsi sentle mo tseleng. Morago ga malatsi a le marataro ke ne ka fitlha kwa lotshitshing lo lo kafa bophirima lwa Washington.
Koo ke ne ka thusa Rre go simolola le go tsamaisa polasi ya mashi. Mo e ka nnang morago ga ngwaga, fa ke le dingwaga di le 20, ke ne ka tswa go ya go dira ke le nosi, ke kgweetsa dillori tse di rwalang dikota mo dithabeng gammogo le go senya dikgwedi di le thataro kwa Alaska jaaka moenjeniere wa dikepe. Nna le kgaitsadiake Jean re ne ra bona ditiro kwa Seattle ka 1938 mme re ne re nna mo ntlong ya mokorwana mo Lake Union. Mo selemong seo, Mmè, yo a neng a nna mo e ka nnang dikilometara di le 80 kgakala le rona, o ne a tla kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Seattle. Ereka lefelo la kopano le ne le le sekgala se sennye fela go tswa fa ntlong ya rona ya mokorwana, re ne ra mo laleletsa go tla go nna le rona. O ne a dira jalo, mme re ne ra dumela go ya kopanong.
Go Dira Tshwetso ka Tiro ya me ya Botshelo Jotlhe
Ka Matlhatso maitseboa, Joseph F. Rutherford, yoo e neng e le mookamedi wa Watch Tower Bible and Tract Society ka nako eo, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Barati ba Tshiamo.” Puo ya gagwe e ne e bua ka bodihedi jwa nako e e tletseng kana tirelo ya bobulatsela. Morago ga yone Bill Griffith, yo a neng a ntse fa thoko ga me, o ne a re: “Ke tseo he, Max. A re ye go bulatsela!”
“Go siame,” ka araba jalo. “A re ye.”
“O a tshameka, ga go jalo?” Bill a botsa.
“Nnyaa,” ka araba. “Morago ga go reetsa puo ele, ke tlhatswegile pelo gore ke sone se ke tshwanetseng go se dira.”
“Mme ga o ise o nne le eleng ene mmoledi. Ga o ise o kolobediwe.”
“Ke boammaaruri, mme ba sa tswa go itsise gore go tla nna le kolobetso ka moso. Ke tla kolobediwa gone ka nako eo.”
Re itumetse fela thata, re ne ra ya kwa Lephateng la Tirelo ya Tshimo go tsaya diforomo tsa kopo ya bobulatsela. Koo re ne ra kopana le Mokaulengwe Van Amburgh, mokwaledi le motshwara-matlotlo a Mokgatlho. Fa re mmolelela se re neng re se dira, o ne a re tseela kwa thoko mme a bua le rona jaaka rre. “Jaanong lo seka lwa dira seno jaaka ekete lo batla go itemogela sengwe kana go leka fela,” a bua jalo. “Lo dira selo se se molemo, mme dirang seno jaaka ekete e ne e le tiro ya lona ya botshelo jotlhe.” Mme kgakololo eo e ile ya nna ya nthusa fela thata. Jalo re ne ra isa diforomo tsa rona, mme ka kolobediwa mo letsatsing le le latelang ka June 5, 1938.
Kabelo ya Ntlha ya Bobulatsela
Ke ne ka bolelela mothapi wa me mo letsatsing le le latelang, ka Mosupologo, gore ke ne ke tlogela tiro go ya go nna moreri. Ke ne ka fetsa beke eo ya ntlha ke ithuta buka ya bosheng ya Mokgatlho, ya setlhogo Enemies, mme ka ya dipokanong tsotlhe. Mo bekeng ya bobedi, ke ne ka ithuta buka e nngwe gape e ntšha, Riches. Mme mo bekeng ya boraro, ke ne ka amogela kabelo ya me ya bobulatsela, e e neng e le Raymond, kwa Washington.
Koo nna le Bill re ne ra fitlhela setlhopha sa batho ba le 27 ba ba neng ba tshwarela dipokano mo legaeng la Mosupi mongwe. Re ne re laetswe go tshwara dipokano tsotlhe le go thusa baboledi le go ba katisa mo go tshwareng dithuto tsa Bibela, eo e neng e le tiro e ntšha ka nako eo.
Kwa Pokanong ya ntlha ya Tirelo, ka Labone ke ne ka kopa motlhanka wa phuthego, jaaka molebedi yo o okamelang a ne a bidiwa ka nako eo, go tsamaya le nna mo maitseboeng a a latelang go ya go leka go simolola thuto ya Bibela. O ne a mpolelela gore o ne a tshwaregile. Jalo nna le Bill re ne ra tsamaya re le nosi. Fa re bowa, re ne ra emisiwa fa makgabaganyong a ditsela go letla popelelo ya American Legion go feta. Seo se neng sa re gakgamatsa thata, motho yo a neng a eteletse popelelo eo pele e ne e le motlhanka wa phuthego.
Ke ne ka simolola thuto ya me ya ntlha ya Bibela mo Sontageng seo sa ntlha le monna mongwe. Morago ga foo, ke ne ka tsamaisa Thuto ya phuthego ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane) lantlha. Mo dilong tsotlhe, tokololo ya June 1, 1938 e ne e le yone e e neng ya itsise ka tsamaiso ya bolegodimo mo diphuthegong. Mo go ba ba 27 ba ba neng ba kopanela koo, ke ba bararo fela ba ba neng ba amogela thulaganyo e ntšha ya bolegodimo.
Lelapa la Babulatsela
Ka bonako fela morago ga gore ke simolole go bulatsela, bokgaitsadiake le morwarre Norman, le bone ba ne ba tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng. Norman le mosadi wa gagwe ba ne ba rekisa polasi ya bone, ba reka tereilara ya dimitara tse 3,7, mme bone gammogo le morwadiabone wa dingwaga tse tharo, Joan, ba tswa ba ya go rera. Go ne ga diragala gore fa ba ne ba dira kwa Raymond ka 1941, Norman a nkwalele a mpolelela gore ba ba 24 ba ba neng ba gana thulaganyo ya bolegodimo ba ne ba tlogetse mme ba ikopantse le setlhopha sengwe sa batenegi. Lefa go ntse jalo, thuto ele ya me ya ntlha ya Bibela jaanong e ne e setse e le motlhanka wa phuthego!
Morwadia Norman, ebong Joan le monna wa gagwe, Maurice O’Callaghan, ba mo ngwageng wa bone wa bo-24 ba ntse ba etela diphuthego mo tirelong ya potologo. Kgaitsadiake yo monnye, Laverna, o ne a ya kwa tlelaseng ya bo-12 ya sekolo sa barongwa kwa Gileade ka 1949 mme a romelwa kwa Italy. Go atlega ga tiro ya borongwa koo ka nako eo go ne ga dira gore a lelekelwe kwa Switzerland, koo a santseng a tshela gone le monna wa gagwe.
Keletso ya go Atolosa Tirelo
Morago ga go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha ka dikgwedi di le pedi, ke ne ka abelwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Warren Henschel, mogoloa Milton Henschel, o ne a tla go dira le nna le Bill ka nako eo. Milton jaanong ke leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Maitseboa mangwe mo kgweding ya me ya ntlha jaaka mmulatsela yo o kgethegileng ke ne ka etela Albert Hoffman. E ne e le molebedi wa kgaolo, kana yo o etang, mme o ne a nna mo tereilareng le mosadi wa gagwe, Zola, ka kwa ga mmila go tswa mo Holong ya Bogosi. Mo dingwageng tseo tsa Kwelo-tlase ya Itsholelo, gantsi re ne re rekisa dibuka ka dijo. Mo letsatsing leo ke ne ke rekisitse tsa seroto se segolo sa dipere, ka jalo ke ne ka etela Mokaulengwe Hoffman go mmotsa gore a o ka rata go itseela dingwe. O ne a itumela fela thata mme a mpiletsa mo ntlong.
E ne e le mo e ka nnang ka oura ya borobonngwe fa a ne a tswelela go mpolelela ka Ntlo ya Bibela (e jaanong e bidiwang Bethele), ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, mo New York. Kgabagare, mosadi wa gagwe o ne a re: “A lo itse gore ke nako mang? Ke 4:30.” Re ne re buile bosigo jotlhe! Pele ke ya go robala kwa ntlong e e kwa godimo kwa Holong ya Bogosi ke ne ka kwala lekwalo ke kopa foromo ya Bethele, mme ke ne ka tswa ka bofefo morago ga moo go ya go romela kopo ya me.
Ke ne ka rapela Jehofa ka kgang eno letsatsi le letsatsi mme dikgwedi tse tharo moragonyana ke ne ka ipelela go amogela lokwalo loo lo neng lo ntaleletsa go tla kwa Betheleng ya Brooklyn. Fa ke ipaakanyetsa loeto lono, ke ne ka naya kgaitsadiake Jean koloi ya me, yo jaanong le ene e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng. Ke ne ka tsamaya ka bese malatsi a le marataro le masigo a le marataro ke ralala kapoko e e nang gabedi mo Montana le kwa Dakota mme kgabagare ka fitlha kwa New York City, ka January 14, 1939.
Tirelo ya Bethele
Ke ne ka kwadisiwa ke motlhanka wa Bethele, Grant Suiter, mme ka romelwa kwa feketiring kwa go Nathan Knorr, motlhanka wa feketiri. Tiro ya me ya ntlha e ne e le go bofa mabokoso a dibuka mo Lephateng la Thomelo. Ke ne ka isiwa kwa motšhineng o o gatisang mo bekeng ya bobedi. Mokaulengwe Knorr o ne a re: “Fa o ka kgona go ithuta go dirisa motšhine o mo dikgweding tse thataro o ka nna motsamaisi wa one, ereka motsamaisi wa one wa jaanong a tlile go isiwa kwa motšhineng o mosha.” Ke ne ka ithuta mme ka ipelela go dirisa motšhine oo.
Morago ga go direla mo ntlwaneng ya kgatisetso ka ngwaga le sephatlo, Mokaulengwe Knorr o ne a tla kwa metšhineng tsatsi lengwe mme a nthaya a re: “Max, a o ka rata go bereka mo ofising?”
“Ijoo, Mokaulengwe Knorr, eo ke tiro ya bofelo e ke batlang go e dira. Mme fa e le gore ke kabelo ya me, ke tla e dira.”
“Tlaa kwa ofising ya me ka Mosupologo mo mosong,” a araba jalo.
Ke ile ka nna koo fa e sale ka nako eo. Lantlha, ke ne ka dira jaaka mothusi wa ga Mokaulengwe Knorr, mme fa mokaulengwe Rutherford a ne a tlhokafala ka January 8, 1942, Mokaulengwe Knorr o ne a nna mookamedi, mme ke ne ka tlhomiwa jaaka molebedi wa feketiri. Ke ne ke na le dingwaga di le 26 mme ke ne ke na le boitemogelo jwa dingwaga tse tharo fela mo Bethele. Jalo ke ne ka imelwa ke mokgweleo wa boikarabelo joo.
Lefa go ntse jalo, balebedi ba ba tloditsweng ba maphata a a farologaneng a feketeri ba ne ba nthusa ka lorato. Boikutlo jwa bone jwa boikobo, le jwa go thusa bo ne jwa nonotsha lorato lwa me mo go bone le go ba anaanela fela thata. Motho yo tota o neng a nthusa fela thata le go nkatisa e ne e le Mokaulengwe Knorr. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go dira le ene mo ditirong tsa go gatisa tsa kgwebo le tiro ya Mokgatlho ya go aga ka dingwaga tse di fetang 35, go ya go fitlha kwa losong lwa gagwe ka 1977. O ne a na le nonofo e e kgatlhisang ya botsamaisi, mme o ne a nthusa fela thata mo go direng kabelo ya me.
Fa Pele ga Baofisiri ba Puso
Ka Ntwa ya Lefatshe II, go ne go na le tlhaelo e kgolo ya didirisiwa tse re neng re di tlhoka go tsweledisa tiro ya rona ya go rera. Ka gone, ke ne ka dira maeto a le mmalwa go ya kwa Washington, D.C., go ya go kopana le War Production Boards le dikomiti tsa Batlhoma-Molao. Ke ne ka ikuela mo go bone gore ba re neye pampiri le didirisiwa tse dingwe, mme Jehofa o ne a segofatsa maiteko ano fela thata.
Mo lekgetlong le lengwe ke ne ka dira seo ka go ba bontsha ditsebe tse di farologaneng tsa dikoranta tsa maemo a a kwa godimo tseo di neng di phasalatsa dilwana tse di seng botlhokwa. Fa ke ne ke ba bontsha tsebe e e tletseng e e neng e phasalatsa jase e e maboa mo pampiring nngwe ya maemo a a kwa godimo ya New York, ke ne ka ba raya ka re: “Pampiri e re e batlang ka ngwaga otlhe e lekana le e e diriseditsweng phasalatso eno mo kgatisong e le nngwe fela ya Sontaga.”
“Mafoko a gago a a utlwala,” ga araba jalo motlhoma-molao mongwe. Ka ntlha ya go segofatsa ga ga Jehofa maeto ano, ga re ise re ko re tshwanelwe ke go emisa metšhine ya rona mo nakong ya ntwa ka ntlha ya go tlhoka pampiri kana didirisiwa tse dingwe. Mme, ka phepafalo fela, re ne re sa tlhoke pampiri e ntsi jaaka gompieno.
Go Atolosiwa ga Feketiri
Mokgatlho o ne o setse o agile feketeri ya ntlha ya matlhatlaganyane a le robedi mo 117 Adams Street, eo e neng e tsere halofo ya boloko jwa motsemogolo, dingwaga tse 12 pele ga ke tla mo Bethele. Mme go ne ga tlhokega gore go agiwe feketiri ya matlhatlaganyane a le robong le kago ya ofisi mo halofong e e setseng ya boloko joo jwa motsemogolo, ka 1949. Seno se ne sa tlatsa boloko joo ka feketiri e le nngwe fela e kgolo e e neng e tsere boatlhamo jwa disekwere-metara di le 15 000.
Ke ne ka abelwa go nna molebedi wa tiro ya go aga ya Mokgatlho ka nako eno mo ntlokgolong. Ka nako eo re ne re na le kago e le nngwe fela e e neng e dirisediwa ofisi le ditiro tsa feketiri le kago e le nngwe fela ya bonno mo Brooklyn. Mme gompieno, dingwaga tse 40 moragonyana, re na le dikago tse di fetang 10 tsa ditirelo tsa feketiri le diofisi le dikago tse 20 tsa bonno mo Brooklyn fela!
Kwa tshimologong ya bo-1950, re ne ra leka go bona lefelo go kgabaganya mmila kafa bokone jwa kago ya rona e e mo 117 Adams Street, mme mong wa yone o ne a gana madi a re neng re batla go a mo naya. Tota ebile o ne a sa batle go buisana ka sepe ka one, ereka a ne a akanya gore Mokgatlho o ne o tla duela madi a a kwa godimo a a neng a e rekisa ka one. Ka jalo re ne ra lebelela boloko jo bo kafa botlhaba jwa feketiri ya rona e e mo Adams Street, go kgabaganya Pearl Street. Leno e ne e le lefelo le le neng le na le dikarolo di le robedi tse di kgaoganeng. Go ne ga tshwanela gore go dirisanngwe le beng ba tsone ka bongwe ka bongwe, mme Jehofa o ne a re bulela tsela gore re bone mafelo ao otlhe mo lobakeng lwa ngwaga ka tlhwatlhwa ya $97 (R270) sekwere-metara se le sengwe.
Mokgatlho o ne wa aga feketiri ya matlhatlaganyane a le 13 mo lefelong leno la 77 Sands Street ka 1955 le 1956. Eno e ne e le feketiri ya rona ya bobedi, mme e ne ya oketsa lefelo la rona mo go menaganeng gabedi go ya go disekwere-metara di le 33 000. Lefa go ntse jalo, ereka phuthego e ne e gola ka bonako, go ne ga lemogiwa gore re ne re tloga re tlhoka mafelo a a oketsegileng. Jalo re ne ra reka feketiri e e neng e le fa marakanelong a Prospect le Pearl ka 1958 mme ra simolola go e dirisa jaaka bobolokelo.
Jaanong lefelo fela leo le neng le setse leo re neng re ka kgona go le tshwaraganya le dikago tse dingwe tsa rona ka borogo jo bo tsamayang kwa godimo ga mmila e ne e le le le kwa bokone le re neng re kile ra leka go le reka. Re ne ra lemoga gore mong wa lone o ne a santse a tla leka go batla tlhwatlhwa e e kwa godimo thata fa Mokgatlho wa Watchtower o ne o ka leka go le reka. Ka jalo re ne ra kopa mongwe mo kgwebong ya go reka matlo go leka go le reka. O ne a baya tlhwatlhwa e e kwa tlase fela thata mo go eo re neng re ikaeletse go e duela. Ga go tlhokege gore re bolele gore mong wa lone o ne a shakgala fela thata fa a ne a utlwalela gore moragonyana le ne la fetisediwa go Mokgatlho wa Watchtower.
Re ne ra aga feketiri ya matlhatlaganyane a le lesome ya boatlhamo jwa disekwere-metara di le 21 000, ka 1966 le 1967. Jaanong re ne re na le diboloko tse nne tsa motsemogolo tse di nang le dikago tsa difeketiri—tsotlhe di tshwaragantswe ka maborogo a a tsamayang kwa godimo ga mebila. Moragonyana, ka 1983 le ka 1986, re ne ra reka dikago tse pedi tsa difeketiri go kgabaganya mebila e se kae ka kwa borwa tseo re neng ra kgona go aga borogo jwa dimitara di le 49 mo godimo ga tsone joo bo tshwaraganyang dikago tseno le difeketiri tse dingwe tsa rona tse nnè. Difeketiri tseno tsotlhe ka borataro di boatlhamo jwa disekwere-metara di le 95 000 kana diheketara di le 9. Re ne ra reka kago e kgolo ya boatlhamo jwa disekwere-metara di le 93 000 ka 1983 mo Furman Street, e e leng nngwe ya dikago tse di fa pele ga lewatle sekgala sa diboloko di sekae, koo didirisiwa tsa rona tsa go romela di leng gone jaanong.
Go Batla Dikago tsa Ofisi
Boitemogelo jo bongwe jo bo kgatlhisang mo tirong ya me ya go reka dikago e ne e le dikago tse di lesome tse di tshwaraganeng tsa Dikhemisi tsa Squibb. Morago ga go di reka, tse nne tsa tsone di ne tsa senngwa, mme kago e ntšha e ne ya tshwaraganngwa le e e neng e ntse e le teng go dira 25 Columbia Heights, eo e leng ntlokgolo ya gompieno ya lefatshe ya Mokgatlho wa Watch Tower. Dikago tseno di ne tsa rekwa jaana.
Re ne ra batla go atolosa dikago tsa rona tsa go gatisa gape ka 1969. Itsholelo ya bagwebi e ne e le molemo, jalo, fa ke ntse ke ya kwa go mongwe le mongwe wa ba ba neng ba na le dikago mo lefelong leo, go ne go se ope yo o neng a kgatlhegela go rekisa.
Mo nakong eno, ke ne ka etela kwa North Carolina, koo badiri bao re rekang pampiri ya rona ya Bibela mo go bone ba neng ba le gone. Fa ke le koo go ne ga diragala fela gore ke bolelele mongwe wa banna ba ba dirang kwa feketiring eo kaga go tlhoka ga rona mafelo kwa Brooklyn. Ka lesego fela morwarraa monna yoo e ne e le tsala e e gaufi thata le mongwe wa beng ba dikago tsa Squibb. O ne a ikgolaganya le bangwe mme a mpolelela gore ke leletse monna yoo fa ke fitlha kwa Brooklyn.
Fa ke ne ke mo leletsa, monna o ne a tlhomamisa gore fa nako e ntse e tsamaya Squibb o ne a akanya go rekisa dikago tsa gagwe tse di mo Brooklyn mme a fuduge mo motsemogolong oo. O ne a mpolelela gore o ne a tla re leletsa mogala fa ba setse ba batla go dira jalo mme re ne re tla nna fa fatshe go buisana. Morago ga dikgwedi di le mmalwa o ne a nteletsa mogala, mme o ne a mpolelela gore ba ne ba di rekisa le gore re tle kwa ofising ya gagwe mo letsatsing le le latelang.
Ke ne ka kopana le Mokaulengwe Knorr mme re ne ra tlhoma madi ao re neng re akanya gore re ka a duela. Mo puisanong mo letsatsing le le latelang, re ne ra bolelelwa gore ga go sepe se go ka buisanngwang ka sone ka tlhatlhwa. “Re batla dimilione tse tharo tsa didolara [diranta di le dimilione di le 8,3] mo seatleng,” ba bua jalo. Re ne ra leka go se lebege re gakgametse, ereka e ne e le kwa tlase thata ga seo re neng re ikemiseditse go se duela. Ga go tlhokege gore re bolele gore re ne ra a reka ka bonako. Ka nako eo, re ne re sa tswa go fetsa go aga feketiri ya rona e ntšha e e jeleng diranta di le dimilione di le 11, mme fa batho ba Modimo ba ne ba utlwalela gore re ne re tlhoka madi, madi a ne a tla ka bonako.
Dikago tse di Oketsegileng tsa Bonno
Re ne ra reka lefelo go kgabaganya mmila go tswa mo 124 Columbia Heights ka bo-1950 mme re ne ra aga kago e kgolo e ntšha ya bonno ka 1959 le 1960 mo go lone. Mme fa esale ka 1965 go ile ga nna bokete go aga dikago tse di ntšha tsa bonno. Mo ngwageng oo puso e ne ya tlhopha lefelo leo Bethele e leng mo go lone jaaka le le botlhokwa mo hisitoring. Seno se ne sa felela ka dithibelo tse dintsi mabapi le go aga le go tlhabolola. Lefa go ntse jalo, re ile ra nna ra kgona go fitlhelela ditlhokafalo tsa rona ka metlha ka thuso ya ga Jehofa.
Ka sekai, re ne ra dira kopo ya kago ya bonno ya matlhatlaganyane a le marataro kwa 119 Columbia Heights, ka 1967. Ka ntlha ya melawana ya dikago tsa botlhokwa re ne re setse re fokoditse matlhatlaganyane ao re neng re simolotse ka one a a 12 go ya go a a 6. Lefa go ntse jalo, balaodi ba mo lefelong leo jaanong ba ne ba leka go re dira gore re fokotse ka le lengwe gape.
Ke ne ka ikgolaganya le mookamedi wa masepala wa Brooklyn, ka June, mme a bolela gore fa re ne re ka dira motheo pele ga pokano ya Board of Estimate ka September, leo eleng lekgotla le le kwa godimo la puso la motsemogolo, o ne a tla leka go tshegetsa gore kago ya rona e nne ya matlhatlaganyane a le marataro. Setlhopha sa rona sa kago se ne sa dira ka natla, mme re ne ra kgona go tshela motheo oo ka September.
Mookamedi wa masepala o ne a nteletsa mogala letsatsi pele kgang ya rona e ya go reediwa phatlalatsa. O ne a re kopa gore re nne gone kwa City Hall dioura di le pedi pele Board of Estimate e simolola pokano ya yone ya phatlalatsa mme re kopane le ene ka kwa morago. Ka jalo, nna, Mokaulengwe Knorr le Mokaulengwe Suiter, ebong mokwaledi le ramatlotlo wa rona, re ne ra ya kwa City Hall mo mosong wa letsatsi le le latelang. Fa re ntse re tlotla ka tsela e e molemo go gaisa ya go lere kgang ya rona fa pele ga Board of Estimate, go ne ga tlhaga leano le lengwe leo le neng le kopanyeletsa City Planning Commision. Re ne ra letsa mogala go phepafatsa kgang eo. Ka bonako fela, molaodi wa dithulaganyo tsa motse o ne a re bolelela gore o tla tla ka boene mme a dire seo. “Ereka go tla bo go na le batho ba bantsi ba ba tla bong ba ganetsa kgang ya lona,” a bua jalo, “ke tla ithaopela go emela Mokgatlho wa Watchtower fa pele ga Board.”
Re ne ra itumelela go ithaopa ga gagwe. Jaanong, tsamaiso ya Board of Estimate ke gore ba bala dikgetse tsotlhe tse ba nang le tsone tsa letsatsi leo, mme fa go na le e e ganediwang, kgang eo e beelwa thapama. Mme fa go sena kganetso, ba dira tshwetso ka kgetse eo gone fela foo. Kgetse ya rona e ne ya bidiwa mo mosong, mme molaodi wa thulaganyo ya motsemogolo o ne a emelela mme a raya ratoropo a re: “Ke batla go bua mo boemong jwa Mokgatlho wa Watchtower.”
“O a itse gore ga se thulaganyo ya rona gore go buisanngwe ka kgang e le gone e balwang [puisano gantsi e tshwarwa mo thapameng],” ga araba ratoropo. “Lefa go ntse jalo, ke a itse gore o na le tiro e ntsi thata Molaodi, ka jalo ke tla dira se se sa tlwaelegang ke tla reetsa kopo ya gago.” Molaodi o ne a tswelela go bua kgang ya rona, mme ba Board of Estimate ba ne ba dumela kopo ya rona botlhe. Jaaka fa re ne re tswa mo kamoreng eo go neng go buelwa mo go yone, agente mongwe yo o ganetsang o ne a tla a sianetse kwa go rona a goa a re: “Ke batla go ganetsana le lona ka lobaka lwa oura mo kgannyeng eno.” O ne a siilwe ke nako! Re ne ra feta fela, re lebogela Jehofa go fenya ga rona.
Ke batla go lo bolelela gore e nnile tshiamelo e e nonotshang fela thata mo dingwageng tse dintsi go bo ke ile ka emela Mokgatlho mo dikgannyeng tseno tsa kgwebo. Mme e ile ya nna boipelo jo bogolo thata go iponela ka matlho koketsego e kgolo ya tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e e neng ya dira gore dikago tsotlhe tseno di rekiwe. Thuso e kgolo mo go dirisaneng le dikgang tseno tsa kgwebo e ne e le fa ke ne ke dirwa mothusa-mookamedi wa Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. ka January 1, 1977.
Go Itumelela Tirelo ya Bethele
Fa esale ke goroga mo Bethele ka 1939, lelapa la Bethele le ne la gola go tswa go 185 go ya go maloko a ka metlha a a fetang 2 800 mo Brooklyn le a a fetang 900 kwa Watchtower Farms! Ke ile ka nna ka bodiwa gantsinyana go re: “Ke eng se se go thusitseng go nna mo Bethele mo dingwageng tseno tsotlhe tse 50?” Karabo ya me ka metlha e ile ya nna go re: “Ga ke ise ke ko ke akanye ka sepe fela fa e se tirelo ya Bethele.”
Gape, kopo ya me ya tirelo ya Bethele eo ke neng ka e tlatsa ka ba ka e saena e ne e botsa jaana: “A o dumela go nna mo Bethele go fitlha Morena a go tsaya?” Ga a ise a ntseye, ka jalo ke santse ke le fano ke ipelela tirelo ya ga Jehofa. Go tswa kwa letsatsing leo ke ineetseng ka lone, ke ile ka ikemisetsa go dira tirelo ya nako e e tletseng tiro ya me ya botshelo jotlhe.
Mo dingwageng tsa me tsa ntlha mo Bethele, dithulaganyo di ne di sa letle gore motho a ka nyala, jalo, fela jaaka ba bangwe ba bantsi, ke ne ka kgotsofalela go nna ke sa nyala mo tirelong ya Bethele. Lefa go ntse jalo, fa molao oo wa lelapa la Bethele o ne o fetolwa, mme o letla go nyala, ke ne ka nyala Helen Lapshanski ka April 7, 1956. O ne a tlile mo Bethele ka 1951. Re ipelela fela thata botsalano jwa go thusana joo re ileng ra bo bontshana.
Fa re sa tswa go nyalana fela, Helen o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa go omelela ditogwa, mme bolwetsi joo bo ile jwa etegela mo dingwageng tsa bosheng. Mme ka go dirisa seikokotlelo le kolotsana e e tsamaisiwang ka beteri, o kgona go tsamaya. O ile a tswelela go nna a ntse a itumetse, le go ipela mme o tsaya karolo mo tirong ya letsatsi le letsatsi mo Bethele, a dira mo ofising ya Legae la Bethele.
Mo dingwageng tsa fa re santse re gola, nna le kgaitsadiake Jean re ne re atamalane fela thata re bile re dira dilo mmogo. Ka gone, ka metlha o ne a ikemiseditse go dira fela jaaka nna, mme o ne a bilediwa kwa Bethele ka 1943. O ne a nyalwa ke Russell Mock ka 1952 mme ba direla gammogo le rona jaaka maloko a lelapa la Bethele fano.
Ke dumela ka tlhomamo gore Bethele ke lefelo le le gaisang go nna mo go lone mo lefatsheng pele ga Paradaise ya lefatshe lotlhe e tla. Ga ke ise le ka motlha ke bo ke ikwatlhaele go bo ke dirile tirelo ya nako e e tletseng tiro ya me ya botshelo jotlhe. Abo e ile ya nna boipelo jang ne go bona le go tsaya karolo mo go goleng go gogolo ga phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe! Ke boikaelelo jwa me go tswelela pele ke dira Bethele legae la me le go dira ka moya otlhe ka thuso ya ga Jehofa go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele.
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
“Ke dumela ka tlhomamo gore Bethele ke lefelo le le gaisang go nna mo go lone mo lefatsheng pele ga Paradaise ya lefatshe lotlhe e tla”
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Fa godimo: Kago e e kwa 360 Furman Street, e e rekilweng ka 1983
Fa tlase: Kago e e kwa Columbia Heights e re neng ra e reka go tswa go Squibb Pharmaceuticals ka 1969
Kafa molemeng: Motho yo tota o neng a nthusa fela thata le go nkatisa e ne e le Mokaulengwe Knorr
Kwa tlase: Ka 1986 re ne re setse re na le dikago di le thataro tsa difeketiri tse di neng di tshwaragantswe ka marogo a a tsamayang kwa godimo ga mebila
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Feketiri morago ga e sena go atolosiwa ka 1949
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Letsatsi la rona la lenyalo