LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/15 ts. 10-15
  • “Dilō Tse di Senocweñ Ke Tsa Rona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dilō Tse di Senocweñ Ke Tsa Rona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masaitsiweng a ga Jehofa a a Senotsweng
  • Mosele o Mosha
  • “Dilō Tse di Senoeweñ” Gompieno
  • Boikarabelo jwa Rona
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Boikaelelo Jwa Boperofeti ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Botlhale Jwa Modimo Jo Bo . . . Mo Sephiring se se Boitshepo”
    Atamalana le Jehofa
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/15 ts. 10-15

“Dilō Tse di Senocweñ Ke Tsa Rona”

“Dilō tse di shubegiieñ ke tsa ga Yehofa Modimo oa rona: me dilō tse di senocweñ ke tsa rona.”​—DUTERONOME 29:29.

1, 2. (a) Ke ka ntlhayang fa setho se tlhoka dilo tse di senotsweng tsa ga Jehofa thatathata? (b) Boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe ka tshedimosetso eo Jehofa a dirileng gore re nne le yone?

FA MOTHO a ne a iphitlhela a le mo lefelong leo go epetsweng dithunyi mo go lone mme a ne a na le mmapa o o bontshang tsela eo e tswang go ralala dithunyi tseo, a o ka akanya fela ka moo a neng a ka ithuta mmapa oo ka kelotlhoko ka gone le go latela dikaelo tsa one tsotlhe? Kana a o ke o akanye ka mongwe yoo a bolawang ke bolwetsi bongwe joo bo sa alafegeng. A o ka akanya fela ka moo a ka kgatlhegelang ka gone ka tlhoafalo go latelela diphitlhelelo tsotlhe tsa bosheng tsa kalafi tseo di neelang tsholofelo ya gore bo tla alafega kgabagare? Lefa go ntse jalo, ntlha e e utlwisang botlhoko ke gore re mo maemong ao ka bobedi jwa one. Re tshela mo lefatsheng leo le tletseng ka dirai le mamena ao a ka nnang a re nyeletsa. Mme re bolawa ke malwetsi a batho ao a sa alafegeng a bosaitekanelang jo bo ruilweng (1 Yohane 2:15-17; Baroma 7:20, 24) Ke Modimo fela yo o ka re thusang go lemoga dirai le go di tila, mme ke ene fela yo o nang le kalafi ya mmatota ya bosaitekanelang jwa rona. Ke sone seo re tlhokang dilo tse di senotsweng tsa ga Jehofa.

2 Gape ke ka lebaka leo mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa buka ya Diane a neng a gakolola a re: “Sekèga tsèbè, u utlwè mahoko a ba ba botlhale, me u tsepègè pelo ea gago mo kicoñ ea me.” (Diane 22:17) Ka mo go tshwanang, re bala go Diane 18:15 jaana: “Pelo ea eo o senokopela e bapala kicō: le tsèbè ea eo o tlhalehileñ e batla kicō.” Ga re kake ra kgona go furalela kitso epe eo Jehofa a dirang gore e nne teng.

Masaitsiweng a ga Jehofa a a Senotsweng

3. Ke dilo dife tsa boikaelelo jwa gagwe tseo Jehofa a neng a di senolela Adame le Efa?

3 Ka mo go itumedisang, Jehofa o ile a senola kitso ka tshosologo. Go tloga ka nako ya popo, Modimo o ile a neela baobamedi ba gagwe kgato ka kgato tshedimosetso yotlhe e e tlhokafalang mo go bone kafa tlase ga maemo a a farologaneng (Diane 11:9; Moreri 7:12) Kwa tshimologong, o ne a tlhalosa gore lefatshe le diphologolo tse di agileng mo go lone di ne di tla nna kafa tlase ga Adame le Efa le ditlogolwana tsa bone. (Genesise 1:28, 29) Lefa go ntse jalo, Satane o ne a tlhotlheletsa Adame le Efa go leofa, mme go ile ga nna thata go bona ka moo boikaelelo jwa bomodimo bo neng bo tla diragadiwa ka gone go galaletsa Modimo. Lefa go ntse jalo, ka bonako fela Jehofa o ne a simolola go tlhalosa dikgang. O ne a senola gore, fa nako e ntse e tswelela, go ne go tla tlhaga lotsalo longwe lo lo siameng, kana “losika,” loo lo neng lo tla senya ditiro tsa ga Satane le balatedi ba gagwe.​—Genesise 3:15.

4, 5. Ke dilo dife go ya pele tseo Jehofa a ileng a di senola, mme o ne a dirisa mesele efe?

4 Banna le basadi bao ba boifang Modimo ba tshwanetse ba bo ba ile ba nna le dipotso tse dintsi kaga Losika loo. E tla nna mang? Lo tla goroga leng? Lo tla solegela setho molemo jang? Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, Jehofa o ne a neela ditshenolo tse di oketsegileng kaga maikaelelo a gagwe, mme kgabagare o ne a araba dipotso tseno tsotlhe. Pele ga Morwalela, o ne a tlhotlheletsa Enoke go bolelela pele kaga phediso e e neng e tla ya losika lwa ga Satane. (Yude 14, 15) Mo e ka nnang dingwaga di le 2 400 pele ga Motlha wa Rona o o Tlwaelegilen, o ne a neela Noa tshenolo ya gore botshelo le madi a batho di boitshepo​—boammaaruri joo e neng e tla nna jwa botlhokwatlhokwa fa Losika lo lo solofeditsweng loo lo goroga.​—Genesise 9:1-7.

5 Morago ga motlha wa ga Noa, Jehofa o ne a senola kitso e e botlhokwa ka bagologolwane ba bangwe ba ba ikanyegang. Mo lekgolong la dingwaga la bo-20 B.C.E., Aberahame o ne a ithuta gore Losika lo lo solofeditsweng e ne e tla nna mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe. (Genesise 22:15-18) Tsholofetso eno e ne ya fetoga selo se se botlhokwa go gaisa seo morwa wa ga Aberahame ebong Isake le setlogolo sa gagwe ebong Jakobe (yoo moragonyana a neng a bidiwa Iseraele) ba neng ba nna le sone. (Genesise 26:3-5; 28:13-15) Morago ga moo, ka Jakobe, Jehofa o ne a senola gore Losika lono, ebong “Shilo,” e ne e tla nna mmusi yo o maatla yo o neng a tla tsalwa mo moralong wa ga morwawe ebong Juda.​—Genesise 49:8-10.

6. Mo lekgolong la bo-16 la dingwaga B.C.E., ke bomang bao ba neng ba fetoga mosele wa “dilō tse di senocweñ,” mme ba ne ba ithuta dilo dife tse dingwe tse disha?

6 Mo lekgolong la dingwaga la bo-16 B.C.E., Jehofa o ne a dira bana ba Iseraele morafe. Jaanong tshenolo e e tswelang pele e ne ya nna ya ga mang? Moshe o ne a araba potso eno ka mafoko ano go morafe oo o monnyennyane: “Dilō tse di shubegileñ ke tsa ga Yehofa Modimo oa rona: me dilō tse di senocweñ ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleñ.” (Duteronome 29:29) Ee, morago ga go tsalwa ga one ka 1513 B.C.E., morafe wa lseraele o ne wa fetoga mosele oo “mancwe a Modimo a na a bèwa mo tishoñ ea bōnè.” (Baroma 3:2) Mme abo e ne e le ditshenolo tse dintsintsi jang! Modimo o ne a tsenya Baiseraele mo kgolaganong ya Molao, eo e neng e ba tshwaretse kgonagalo ya go fetoga ga bone morafe wa baperesiti le dikgosi. (Ekesodo 19:5, 6) Molao o ne o akareletsa molawana wa boitshwaro oo o neng o ba thusa go lemoga le go tila mamena a boleo gammogo le tsamaiso ya ditlhabelo eo e neng e dirisa madi a a boitshepo a diphologolo go bipa maleo a bone ka tsela ya tshwantshetso.

7, 8. (a) Ke tshedimosetso efe e e oketsegileng eo Jehofa a neng a e senola kaga Losika lo lo tlang? (b) “Dilō tse di senocweñ” di ne tsa bolokiwa jang, mme ke bomang bao ba bontshitseng kutlwisiso e e tshwanetseng ya dilo tseo?

7 Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a dira ditshenolo tse dingwe gape kaga Losika loo. Ka mopesalema, Modimo o ne a senola gore merafe e ne e tla gana Losika loo lwa gagwe mme gore Losika loo lo ne lo tla fenya ka thuso ya ga Jehofa. (Pesalema 2:1-12) Ka Isaia, o ne a senola gore Losika loo lo ne lo tla nna “Kgōsana ea Kagishō” mme gape gore lo ne lo tla boga ka ntlha ya maleo a ba bangwe. (Isaia 9:6; 53:3-12) Mo lekgolong la dingwaga la borobedi B.C.E., Jehofa o ile a bo a senola lefelo leo Losika lo neng lo tla tsalelwa kwa go lone mme, mo lekgolong la dingwaga la borataro B.C.E., lenaane la nako la bodihedi jwa gagwe.​—Mika 5:2; Daniele 9:24-27.

8 Kgabagare, “dilō tse di senocweñ” di ne tsa kokoanngwa mo dibukeng tse 39 tsa Dikwalo tsa Sehebera. Mme mo makgetlong a le mantsi, seo e ne e le kgato ya ntlha fela. Gantsi dilo tseo di neng di kwadilwe di ne di le thata go tlhaloganngwa, le eleng mo go bao ba neng ba dirisediwa go di kwala! (Daniele 12:4, 8; 1 Petere 1:10-12) Lefa go ntse jalo, fa kgabagare lesedi le ne le tla, ga le a ka la ikaega ka mophutholodi mongwe wa motho. Jaaka mo kgannyeng ya ditoro tsa seperofeti, “diphuthololō [ke tsa] Modimo.”​—Genesise 40:8.

Mosele o Mosha

9. Ke ka ntlhayang fa lseraele wa senama a ne a latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna mosele wa “dilō tse di senocweñ,” mme seno se ne sa diragala leng?

9 Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, Iseraele e ne e santse e le mosele wa Modimo. Ope yo o neng a eletsa go direla Jehofa o ne a tshwanetse go dira jalo ka go kopanela le morafe wa gagwe o o tlhophilweng. (Yohane 4:22) Mme Moshe o ne a bontshitse gore tshiamelo ya go nna balebalebedi ba “dilō tse di senocweñ” gape e ne e na le maikarabelo. O ne a bolela jaana: “Dilō tse di senocweñ ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleñ, gore re tlè re dihè mahoko aotlhe a molaō o.” (Duteronome 29:29) “Ka bosakhutleñ” goo go ne ga tla bokhutlong ka 33 C.E. Ka ntlhayang? Ka gonne, jaaka morafe, Bajuda ba ne ba palelwa ke go ‘dira mafoko a molao oo.’ Segolo-bogolo, ba ne ba palelwa ke go amogela Losika, ebong Jesu Keresete, lemororo Molao o ne o dirile jalo, tota, o ne o “gōgèla kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:24) Ka ntlha ya go palelwa gono, Jehofa o ne a tlhoma mosele o mongwe wa “dilō tse di senocweñ.”

10. Mosele o mosha e ne e le ofe wa dilo tse di senotsweng tsa ga Jehofa?

10 Mosele ono o mosha e ne e le ofe? Paulo o ne a o itsise Baefesia fa a ne a kwala gore “botlhaletlhale yo bontsi yoa Modimo bo tlo bo itsisiwè . . . ka phuthègō, Kaha boikaeleloñ yoa metlha e e senañ tshimologō, yo o bo ikaeletseñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.” (Baefesia 3:10, 11) Ee, e ne e le phuthego ya Bokeresete, eo e tsetsweng ka Pentekosete 33 C.E., eo e neng ya neelwa “dilō tse di senocweñ” tse disha. Jaaka setlhopha, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba direla jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yoo o tlhophilweng go tlamela ka dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Bakeresete jaanong e ne e le “balebalebedi ba masaitseweñ a Modimo.”​—1 Bakorintha 4:1.

11, 12. Dingwe tsa dilo tse di molemo tseo di neng tsa senolwa ka mosele ono o mosha e ne e le dife?

11 Ntlha ya konokono ya “masaitsiweñ” ano a masha e ne e le gore Jesu Keresete, Losika lo lo solofeditsweng, o ne a tlhagile. (Bagalatia 3:16) Jesu e ne e le “Shilo,” yoo o neng a na le tshwanelo ya go busa setho, mme Jehofa o ne a mo tlhopha jaaka Kgosi ya Bogosi joo e neng e tla re kgabagare bo busetse Paradaise mo lefatsheng leno. (Isaia 11:1-9; Luke 1:31-33) Jesu gape e ne e le Moperesiti yo Mogolo yo o tlhophilweng wa ga Jehofa, yoo o neng a neelana ka botshelo jwa gagwe jo bo sa leswafalang, le jo bo itekanetseng jaaka thekololo ya setho​—tiragatso e e molemo go gaisa ya molao-motheo wa go itsheka ga madi. (Bahebera 7:26; 9:26) Ka jalo, setho se se dumelang se ne se na le tsholofelo ya go bona botshelo joo jwa batho jo bo itekanetseng gape joo Adame a neng a bo latlhile.​—1 Yohane 2:1, 2.

12 Losika lono lo lo solofeditsweng gape e ne e le motseriganyi, yo o tseriganyang kgolagano e ntšha magareng ga balatedi ba gagwe le Rragwe wa selegodimo eo e neng e emisetsa kgolagano ya Molao. (Bahebera 8:10-13; 9:15) Mo motheong wa kgolagano eno e ntšha, phuthego ya Bokeresete e e sa tswang go tsalwa e ne ya emisetsa morafe wa Iseraele wa senama, ya fetoga Iseraele wa semoya, “losika loa ga Aberahame” lwa semoya mmogo le Jesu, le balebalebedi ba “dilō tse di senocweñ.” (Bagalatia 3:29; 6:16; 1 Petere 2:9) Go feta moo​—sengwe se se neng se le makgapha mo Bajudeng—​Baditšhaba ba ne ba lalediwa go fetoga bontlhanngwe jwa Iseraele yoo yo mosha wa semoya! (Baroma 2:28, 29) Ba le mmogo, Baiseraele ba semoya ba Bajuda le bao eseng Bajuda ba ne ba romiwa go dira barutwa ba ga Jesu go dikologa lefatshe lotlhe. (Mathaio 28:19, 20) Jalo, “dilō tse di senocweñ” di ne tsa nna tsa merafe-rafe.

13. “Dilō tse di señocweñ” tseno tse disha di ne tsa bolokelwa dikokomana tsa mo isagweng jang?

13 Fa nako e ntse e tswelela, “dilō tse di senocweñ” ka phuthego ya Bokeresete tseno di ne tsa begiwang mo dibukeng di le 27 tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tseo di neng tsa digela lenaane la dibuka tsa Bibela e e tlhotlheleditsweng. Mme gape-gape, seo se neng se itshetletse mo dibukeng tseno e ne e le dipolelelopele tse dintsi malebana le boikaelelo jwa ga Jehofa tseo di neng di tla tlhaloganngwa ka botlalo mo makgolong a dingwaga moragonyana fela. Gape-gape, bakwadi ba Dikwalo tseno tota ba ne ba direla dikokomana tse di neng di ise di tsalwe.

“Dilō Tse di Senoeweñ” Gompieno

14. Morago ga botenegi jo bogolo, Jehofa gapegape o ne a tla tshololela lesedi mo ‘dilong tse di senotsweng’ leng?

14 Morago ga loso lwa baaposetoloi, go ile ga nna le botenegi bontsi mo gare ga bao ba ipolelang go nna Bakeresete, jaaka go ne go boleletswe pele. (Mathaio 13:36-42; Ditihō 20:29, 30) Morago ga moo go ne ga latela makgolokgolo a dingwa ao mo go one go tlhaloganngwa ga “dilō tse di senocweñ” go neng ga nna letobo, lefa go ntse jalo Jesu o ne a seka a phuaganya bao ba neng ba senka go nna ba ntse ba ikanyega. (Mathaio 28:20) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a solofeditse gore boemo jono bo ne bo se kitla bo nnela ruri. Kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo, baikepi le basiami gape ba ne ba tla kgaoganngwa ka phepafalo, mme ‘basiami ba ne ba tla betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo.’ (Mathaio 13:43) Fela jaaka fa Daniele a ne a boleletse pele, mo ‘motlheng wa bokhutlo, kitso e ne e tla totafala.’ (Daniele 12:4) Lesedi gape le ne le tla tshololelwa mo ‘dilong tse di senotsweng.’

15. Ke ka ntlhayang fa ditumelo tsa La-Bodumedi di itshupile di sa tshwanela go ka direla jaaka mosele wa kutlwisiso ya bosheng jaana ya “dilō tse di senocweñ”?

15 Fa esale go tloga ka 1914, re ntse re tshela mo motlheng wa bofelo wa tsamaiso eno ya dilo. Jalo, go botlhokwa go itse gore ke mang yo Jehofa a mo dirisang gompieno jaaka mosele wa lesedi leno le lesha la semoya. Ka tlhomamo, ga a dirise ditumelo tse di tlhomilweng tsa La-Bodumedi. Tseno di itshupile di sena kgatlhego ya go latlha dithuto tsa maaka tseo di neng tsa kokoanngwa ka nako ya botenegi jo bogolo. Gompieno, bontsi jwa baeteledipele ba tsone bo itsetsepetse mo meetlong le mo ditumelong mo eleng gore ga ba amogele kitso epe e ntšha, kana ba amilwe ke moya wa go belaela mo eleng gore ba belaela le eleng gore Bibela e tlhotlheleditswe le gore ditekanyetso tsa yone tsa boitshwaro di boammaaruri.

16. Ke bomang bao ba itshupileng e le mosele wa ga Jehofa wa motlha wa segompieno?

16 Jesu o ne a bolela gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tsewa mo Bajudeng le go “nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna.” (Mathaio 21:43) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, seno se ne sa itshupa e le phuthego e nnyennyane ya Bokeresete ya Iseraele wa semoya. Gompieno, go na le setlhopha se le sengwe fela seo se tlhagisang maungo a a tshwanang le a phuthego ya pele. Baiseraele bano ba semoya ke maloko a setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” sa Mathaio 24:45-47. Jaaka Bakeresete ba pele, Bakeresete bano ba motlha wa segompieno ga baa boifisiwa ke go ‘phatsimisa lesedi la bone.’ (Mathaio 5:14-16) Go simolola ka 1919, ba ne ba dira tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi ka bopelokgale mo lefatsheng lotlhe go nna bosupi. (Mathaio 24:14) Ereka ba tlhagisitse maungo a Bogosi jwa Modimo, Jehofa o ile a ba segofatsa ka mo go humileng ka go ba dira gore ba nne mo nakong ka “botlhaletlhale yo bontsi yoa Modimo.”​—Baefesia 3:10.

17, 18. Ke kutlwisiso efe ya kgato ka kgato eo Jehofa a dirileng gore e kgonagale ka mosele wa gagwe wa motlha wa segompieno?

17 Ka gone, ka 1923 boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu kaga dinku le dipodi bo ne jwa tlhaloganngwa sentle, mme go ne ga lemogiwa gore lefatshe le ne le le mo katlholong. (Mathaio 25:31-46) Ka 1925 batlhanka ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba ne ba fetoga bao ba nang le kutlwisiso ya boammaaruri ya Tshenolō kgaolo 12 mme ba lemoga ka papamalo seo se neng se diragetse mo ngwageng o o tshwailweng wa 1914. Ka 1932 kutlwisiso ya bone e ne ya okediwa go ya pele. Jehofa o ne a senola gore dipolelelopele tseo di amanang le go busediwa ga Bajuda kwa Jerusalema di ne di sa lebise go Iseraela wa senama, yoo o neng a sa bolo go itshupa a le boikanyologi mme o ne a kgaotswe, mme go na le moo go Iseraele wa semoya, phuthego ya Bokeresete. (Baroma 2:28, 29) Morago ga moo, ka 1935 kutlwisiso e e siamisitsweng ya ponatshegelo ya ga Johane ya “boidiidi yo bogolo” go Tshenolō kgaolo 7 e ne ya bula matlho a batlodiwa go namane e tona ya tiro ya go phutha eo e santseng e letse fa pele ga bone.​—Tshenolō 7:9-17.

18 Seno se ne sa baka koketsego mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go reta, jaaka go phuthiwa ga “dilō tse di mo lehatshiñ” kgabagare e ne e tswelapele ka tlhoafalo. (Baefesia 1:10) Ka 1939, fa maru a ntwa a ne a kokoana mo godimo ga Yuropa, kgang ya boitlhaodi e ne ya phepafadiwa go ya pele go gaisa le eleng leng pele. Ka 1950 “dikgōsana” tsa Isaia 32:1, 2 di ne tsa lemogiwa ka tlhomamo. Ka 1962 kutlwisiso e e siameng ya “babusi ba bagolo” le kamano e e tshwanetseng ya Bokeresete mo go bone le yone e ne ya utlwisisiwa ka phepafalo ka mo go oketsegileng go tswa mo ‘dilong tse di senotsweng.’ (Baroma 13:1, 2) Mme ka 1965 go ne ga tla kutlwisiso e e phepafetseng ka mo go oketsegileng ya tsogo ya mo lefatsheng le bao ba ka iponelang molemo mo go yone.​—Yohane 5:28, 29.

19. Setlhopha sa “motlhanka” sa ga Jehofa se itshupile se tshwanela go nna molebalebedi wa Lefoko la Modimo jang gompieno?

19 Mo godimo ga moo, phuthego ya Bokeresete e e tloditsweng mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga e ile ya itshupa e le yone molebalebedi yo o tshwanelang wa Lefoko la Modimo, motlobo o o kwadilweng wa “dilō tse di senocweñ.” Maloko a a emelang phuthego eno a ne a ranolela Bibela mo Seesemaneng sa segompieno, mme, go tla go fitlha gompieno, New World Translation of the Holy Scriptures e ile ya tlhaga ka dipuo di le 11, ka dikaelo di le 40 000 000 tseo di ileng tsa gatisiwa. Setlhopha seno sa “motlhanka” sa Bakeresete ba ba tloditsweng gape se di goga kwa pele mo dithulaganyong tsa boditšhaba tsa go ruta le go gatisa dibuka le dimakasine tseo di thailweng mo Bibeleng. Se rulaganya dipokano tsa beke le beke, dikopano tsa ka metlha, le dikolo tse di farologaneng​—tseo tsotlhe di rulaganyeditsweng go thusa batho bao ba batlang boammaaruri go bona kitso ya boammaaruri ya “dilō tse di senocweñ.” Ruri, “basiami” jaanong ba “betlama yaka letsatsi” ka tsela ya semoya, ba itshupa ba tshwanela bolebalebedi jwa bone.​—Mathaio 13:43.

Boikarabelo jwa Rona

20, 21. (a) Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go arabela Lefoko la ga Jehofa le le senotsweng jang? (b) Ke dikgang dife tseo di tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?

20 Jalo Jehofa ga a re tlogela fela re akabetse mo lefelong le go epetsweng dithunyi mo go lone mo lefatsheng leno. Go na le moo, o re neetse Lefoko la gagwe go bonesa tsela ya rona le go re thusa go tila kotsi ya semoya. (Pesalema 119:105) Kana gone gore Jehofa o re phuagantse gore re swe ka ntlha ya boleo le go sa itekanelang. Mo boemong jwa seo, o re buletse sebaka sa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le go dira gore kitso kaga sebaka seno e nne teng kwa ntle ga tikatiko. (Yohane 17:3) Ga go gakgamatse go bo fa mopesalema a ne a bua ka “dilō tse di senocweñ” ka motlha wa gagwe, a ile a re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.”​—Pesalema 119:97.

21 A o ikutlwa jalo ka “dilō tse di senocweñ” ke Jehofa le tseo di utlwisisiwang mo motlheng wa rona? A o anaanela ka mo go boteng dinnete tseo o di ithutileng? A o bona tlhokafalo ya gore dinnete tseno di go thuse go dira ditshwetso, go tila diteko, le go direla Jehofa? Tota o senya nako e e kae o bala le go ithuta “dilō tse di senocweñ” tseno? A go na le tsela epe eo o ka tokafatsang mekgwa ya gago ya go ithuta ka yone? Dikgang tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

A o a Gakologelwa?

◻ Pele ga motlha wa ga Jesu, mengwe ya mesele ya “dilō tse di sencoweñ” e ne e le efe?

◻ “Dilō tse di senocweñ” e ne e le tsa bomang morago ga 33 C.E.?

◻ Dingwe tsa dilo tsa botlhokwa tseo di neng tsa senolwa ka mosele ono o mosha e ne e le dife?

◻ Ke ka ntlhayang fa Baiseraele ba semoya ba tshwanetse go nna bone bao “dilō tse di senocweñ” e leng tsa bone gompieno?

◻ Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e itshupile jang e tshwanela go nna balebalebedi ba Lefoko la ga Jehofa?

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya fetoga balebalebedi ba dilo tse di senotsweng tsa ga Jehofa

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Setlhopha sa “motlhanka” sa ga Jehofa sa basupi ba ba tloditsweng se diretse sentle jaaka balebalebedi ba Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jehofa o ne a senola kitso ya botlhokwa ka banna ba ba ikanyegang ba bogologolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela