Boikaelelo Jwa Boperofeti ke Eng?
BAO BA iphakang gore mefuta ya bone ya kobamelo e e farologaneng ba e senoletswe ke metswedi mengwe ya maatla a a fetang a motho ba bile ba bolela gore go na le maatla a semoya a a molemo le a a bosula. Go itsise jaana go tsosa dipotso tseno: A mongwe le mongwe wa mefuta eno ya kobamelo o senotswe ke motswedi o o molemo? Kana a di tswa motsweding o o bosula? Ke ofe o o tlhotlheleditsweng ke Modimo wa boammaaruri?
Bodumedi jwa Ntlha
Setho se lebiwa jaaka lelapa le le lengwefela, mme seno se dumalana le polelo ya Bibela ya batho ba babedi ba ntlha, Adame le Efa. Jehofa, eleng Mmopi, o ne a ba ikitsise. O ne a senolela Adame le Efa karolo ya bone mo boikaelelong jwa gagwe le kamano ya bone ya boammaaruri le ene. Modimo o ne wa dira Adame moperofeti wa gagwe wa ntlha, yo o neng a ikarabelela mo go fetisetseng ditshenolo tsa bomodimo mo mosading wa gagwe mme labofelo mo losikeng lwa bone, e leng, setho sotlhe.—Genesise 1:27-30; 2:15-17.
Bodumedi jono e ne e le jone fela, kobamelo ya mofuta o le mongwefela e e senotsweng ke Jehofa Modimo. E ne e supiwa ka go utlwa thato ya Modimo. Go ne go sa tlhokiwe meletlo, ditlhabelo, dikago tsa bodumedi, kana go buisana le badimo.
Bodumedi jwa Maaka bo a Simologa
“Tshenolo” ya ntlha e e ganetsang e ne ya tswa mo moengeleng yo o neng a batla go obamelwa. O ne a lere se se sa tshwaneng le bodumedi jwa boammaaruri mme a pateletsa Adame le Efa go kopanela le ene mo go tsuologeleng Mmopi wa bone. Seno se ne sa mo dira Satane, moganetsi wa ga Jehofa. “Boperofeti” jwa gagwe bo ne bo lebega ekete bo leretse motho go itirela tlhopho ka bobone le go gololega mo Modimong. Mo boemong jwa seo, bo ne jwa tsala go nna lekgoba la ga Satane le la sebe, ga lere loso.—Genesise 3:1-19; Mathaio 4:8-10; Baroma 5:12.
Labofelo Satane o ne a golagana le baengele ba bangwe ba ba tsuologileng, kana badimona. Kwantle ga pelaelo bano ba ne ba simolola dipono tsa bodumedi jwa maaka tseo di neng tsa tlatseleletsa mo go bodiseng setho. Mo metlheng ya setlogolwana sa ga Adame, Enoshe, ‘go ne ga simololwa go bitsa leina la ga Jehofa.’ Go ya ka buka ya Targum of Palestine, seno se ne sa dirwa ka kgobololo jaaka karolo ya kobamelo ya medimo ya disetwa ya nako eo.—Genesise 4:26; 6:1-8; 1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:1-4.
Bodumedi jwa maaka bo ne jwa fedisiwa mo motlheng wa Morwalela wa ga Noa, go sadisiwa fela mofuta wa bodumedi jwa boammaaruri o o neng o dirisiwa ke moperofeti wa ga Jehofa, Noa. (Genesise 6:5-9, 13; 7:23; 2 Petere 2:5) Lefa go le jalo, badimona ba ne ba sala mme ba simolola gape boperofeti le dipono tsa bodumedi tse eseng tsa boammaaruri. Ba ne ba dira gore ditlogolwana tsa ga Noa di kgopise Jehofa ka go aga motsemogolo wa Babela jaaka lefelo le legolo la kobamelo ya maaka. Mme Modimo o ne wa tlhakatlhakanya puo ya bone mme “a ba phatlalaletsa le lehatshe yeotlhe go cwa gōna.”—Genesise 11:1-9.
Gotlhe mo go re bolelelang? Rotlhe re ditlogolwana tsa ga Noa le Adame. Jalo ditlwaelo tsotlhe di simologa golo go le gongwefela di bile di santse di na le pono ya mofuta mongwe kaga Modimo jaaka masalela a kitso e e saleng e nna teng go tswa motlheng wa ga Noa. Mme pono eno ya motheo e senngwa ke megopolo ya bodumedi jwa maaka e e tswang kwa go borraarona-mogologolwane bao ba neng ba phatlalalela mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba tswa Babele (eo moragonyana ga moo e neng ya tsosolosiwa jaaka Babelona). Seno se bonwa mo ditumela-botlhoding tse di tlwaelegileng kaga meya ya baswi, kobamelo ya bagologolwane, le mo tirisong ya tepo-dinaledi, ya bola, le ya boloi.—Daniele 2:1, 2.
Boikaelelo jwa Boperofeti
A seno se raya gore bodumedi jwa motlha wa segompieno bo thaegile mo diponong tseo tsa bogologolo fela? Nnyaa. Satane le badimona ba santse ba tlhotlheletsa boperofeti jwa maaka go tsietsa le go kgaoganya setho, go tlhakatlhakanya ditshenolo tsa boammaaruri kaga Modimo, le go simolola dipono le bodumedi jwa maaka. (1 Timotheo 4:1; 1 Yohane 4:1-3; Tshenolō 16:13-16) Bibela ya re: “Go kile ga nna ga coga le baperofeti ba e señ bōnè mo bathuñ, yaka le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō tse di senyañ.”—2 Petere 2:1.
Mo letlhakoreng je lengwe, Jehofa o ntse a bolokile bodumedi jwa boammaaruri jo bo neng jwa simololwa kwa Edena. O okeditse ka boikitsiso jo bo oketsang go mo itse ga rona le jwa boikarabelo jwa rona mo go diragaleng ga boikaelelo jwa gagwe. Jalo boperofeti jwa boammaaruri bo itsise boammaaruri kaga Modimo, thato ya gagwe, le ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo. Bo phepafatsa kamano ya motho le ene e le gore a tle a dumalanye setho gape le boikaelelo jwa gagwe. mo go tla felelang ka tiragatso e e tletseng ya jone.—Isaia 1:18-20; 2:1-5; 55:8-11.
Kwa tshimologong ya tsuololo ya motho, Jehofa o ne a bua boperofeti jo bo neng jwa neela losika lwa ga Adame le Efa tsholofelo. O ne a senola gore go ne go tla nna le mogolodi, “losika,” yo o neng a tla senya Satane le lotsalo lwa gagwe. (Genesise 3:15) Morago boperofeti bo ne jwa thusa go supa “losika” lono lo lo solofeditsweng, kana “motlodiwa” wa Modimo, mme tsa senola gore o ne a tla nna le karolo e kgolo mo go diragatseng maikaelelo a Modimo.—Pesalema 2:2; 45:7; Isaia 61:1.
Ka gone, boikaelelo jwa ntlha jwa boperofeti e ne e le go itsise maikaelelo a Modimo le “motlodiwa,” kana “Keresete,” yo a neng a tla diragadiwa ka ene. Ereka yo o tlhophilweng yono a itshupile go nna Jesu, moengele wa ga Jehofa o ne a re: “Ōbamèla Modimo: gonne chupō ea ga Yesu ke mōea oa thutō.” (Tshenolō 19:10) Polelo eno e phepafatsa mabaka a mabedi. La ntlha, ga gona morongwa ope wa boperofeti jwa boammaaruri yo o tla batlang go obamelwa ka gonne kobamelo ya boammaaruri ke ya ga Jehofa Modimo fela. (Mathaio 4:4; Yohane 4:23, 24) La bobedi, boikaelelo jo bogolo jwa boperofeti jotlhe jwa boammaaruri e tshwanetse go nna go senola ditiragalo le mabaka a a lebisitseng go Jesu. Seno se lemotsha karolo e kgolo e Jehofa a e mo abetseng mo go diragaleng ga boikaelelo jwa Gagwe jwa go itshepisa leina la Gagwe le go busetsa lefatshe mo boemong jwa lone jo bo tshwanetseng mo thulaganyong ya Gagwe ya dilo.—Yohane 14:6; Bakolosa 1:19, 20.
Ka ntlha ya lebaka le, melaetsa e e tlhotlheleditsweng go tswa kwa Modimong e ne e lebisitse thata-thata kwa go Jesu. Moya otlhe, kana boikemisetso le boikaelelo, jwa boperofeti jono jwa boammaaruri e ne e le go neela bosupi kaga gagwe. Go feta moo, go diragadiwa ga boperofeti mo go Jesu go supa fa jotlhe bo le boammaaruri Ke ka baka leo Bibela e reng ‘boammaaruri bo tsile ka Jesu Keresete.’ “Gonne leha dipolèlō tsa choloheco tsa Modimo di ka bo di le dintsi yañ, mo go èna go na le E, hèla.”—Yohane 1:17; 2 Bakorintha 1:20; Ditihō 10:43; 28:23.
Ka Ntlha Yang e le go Baiseraele?
Jehofa o ne a simolola ‘go neela bosupi kaga Jesu’ ka boperofeti jwa gagwe malebana le “losika” lo lo solofeditsweng. Morago Modimo o ne wa senola tlhatlhamano ya selefatshe ya “losika” gore e ne e tla nna ka Noa, Sheme, Aberahame, Isake (e seng Ishimaele), le Jakobe. Banna bano ba ne ba nna ba ikanyegile mo bodumeding jwa boammaaruri, ba itshupa ba le baperofeti ba ba ikanyegang ba ga Jehofa fa merafe yotlhe e ne e bodisiwa ke kobamelo ya medimo ya disetwa. (Genesise 6:9; 22:15-18; Bahebera 11:8-10, 16) Tlhatlhamano e ne ya tswelela mo ditlogolwaneng tsa banna bano—tseo e leng morafe wa lseraele mme bogolo jang mo lelapeng la ga Dafide, kgosi e kgolo thata ya lseraele.—2 Samuele 7:12-16.
Fa Jehofa a supa gore ke ka ntlha yang fa a ne a tlhopha lseraele, o ne a re: “[E ne e se] ka go re lo no lo heta dichaba cotlhe ka bontsi; . . . [mme e] le ka go bo a rata go tlhōmamisa ikanō e o na a e ikanetse borra ba lona,” Aberahame, lsake, le Jakobe. (Duteronome 7:6-8; 29:13) Ka mo go phepafetseng, ke morafe o le mongwefela fela oo tlhatlhamano ya “losika” lo lo solofeditsweng e neng e ka nna mo go one. Lefa go ntse jalo, bodumedi jwa boammaaruri bo ne bo se jwa Baiseraele fela. Lemororo ditshenolo tsa boammaaruri di ne di sa neelwa merafe e mengwe, batho ba ba tswang mo go yone ba ne ba ka kopanela le Baiseraele mo kobamelong, mme bangwe ba bano ba bile ba kopanyelediwa mo tlhatlhamanong ya “losika.” (Dipalo 9:14; Ruthe 4:10-22; Mathaio 1:5, 6) Ditshenolo di sele tsa bomorafe kana lotso di ne di tla kgaoganya bodumedi mo go golo fela thata, lemororo e le thato ya ga Jehofa go bopaganya batho gape mo kobamelong e le nngwefela.—Genesise 22:18; Baefesia 1:8-10; 2:11-16.
Dipatlafalo tsa Modimo di tshwana fela mo ditsong tsotlhe. Ereka a sa fetoge mo ditekanyetsong tsa gagwe tsa boitsholo le boikaelelo, go dirisana ga gagwe le lseraele go bontshitse kafa a tla dirisanang ka teng le maemo a a tshwanang mo nakong nngwe le nngwe. (Malaki 3:6) Jalo lseraele o ne a direla jaaka sekao sa merafe yotlhe. Modimo o ne wa supa melemo ya kobamelo ya boammaaruri le boeleele jwa bodumedi jwa maaka ka ene. Fa Baiseraele ba ne ba nna ba ikanyegile mo go ene, o ne a ba sireletsa le go ba segofatsa. Fa ba ne ba retologela medimong ya maaka ya merafe e mengwe, ba ne ba felela ba gatelelwa ke merafe eo, fela jaaka Jehofa a ne a ba tlhagisitse.—Duteronome 30:15-20; Daniele 9:2-14.
lseraele gape e ne e ntse jaaka sekao sa boperofeti, mme Dafide o ne a nna setshwani sa boperofeti sa ga Jesu, yo o neng a ja boswa jwa kgolagano ya Bogosi jwa Modimo le Dafide. (1 Ditihalō 17:11, 14; Luke 1:32) Molao o o neng o neetswe lseraele, gammogo le ditlhabelo tsa one le boperesiti, di ne di tshwantshetsa setlhabelo sa ga Jesu mme di lebisitse pele Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo le boperesiti. Ka gone molao wa nna “mogōga banyana . . . go re gōgèla kwa go Keresete.”—Bagalatia 3:19, 24; Ditihō 2:25-36; Bahebera 10:1-10; Tshenolō 20:4-6.
Buka ya Boperofeti jwa Boammaaruri
Boikitsiso jono jo bo botlhokwa bo ne bo ka seka jwa bolokiwa sentle-ntle ka go bolelelanwa ka ngwao kana ka ditshenolo tse di kgaoganeng tsa merafe e e farologaneng. Tsela e e molemo ya go bo boloka le go bo fetisetsa merafeng yotlhe ke ka go kwalwa. Mme Bibela e diragatsa karolo eno. Yone ka boyone e na le ditshenolo tse di tlhotlheleditsweng tsa Modimo ebile e bolokile polelo ya ditiragalo le ya boperofeti ya go dirisana ga gagwe le batho. Yone e le esi e lebisa kwa go Jesu Keresete jaaka Morongwa wa Modimo wa poloko gape e na le boperofeti jwa bofelo mabapi le tiragatso ya nako e e tlang ya kabelo ya gagwe ya Bomesia. Ka gone, ke yone lefoko le le feletseng le le tlhotlheleditsweng le le kwadilweng la Modimo.—Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11; 2 Petere 1:20, 21.
Fa e sale go wediwa ga go kwalwa ga Bibela, bao ba simolotseng “boperofeti” jo bosha, bodumedi, le makoko ga ba kake ba bo ba tlhotlheleditswe ke Modimo. Boperofeti jwa boammaaruri ga bo a ka jwa neelwa go senola bodumedi jo bosha. Bo ne bo boloka bodumedi bo le bongwefela jwa boammaaruri e le jone jo bo dirisiwang mme bo itsise go diragadiwa ga nako e e tlang ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Go diragadiwa ga jone go supa Bomodimo jwa gagwe jwa mofuta wa jone fela le thata, go bontsha gore ke ene fela yo o ka bolelelang-pele ditiragalo makgolo-kgolo a dingwaga pele ga nako mme a dira gore di diragale kwantle ga phoso epe.—Isaia 41:21-26; 46:9-11.
Jalo botlhe ba ba eletsang go itse boperofeti jwa boammaaruri le go dirisa bodumedi jwa boammaaruri ba tlhoka go ya Bibeleng. Ke buka ya Modimo ya boperofeti—molaetsa wa gagwe o o feletseng go setho.—2 Timotheo 3:16, 17.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Tlhatlhamano ya “losika”lo lo solofeditsweng
Noa
Sheme
Aberahame
Isake
Jakobe
Dafide
Jesu