LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/15 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dilō Tse di Senocweñ Ke Tsa Rona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Go Bona Boitumelo mo Lefokong la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • “Botlhale Jwa Modimo Jo Bo . . . Mo Sephiring se se Boitshepo”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/15 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore “dilō tse di senocweñ ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleñ.” (Duteronome 29:29) A “dilō tse di senocweñ” di akareletsa lesedi le le tsentsweng mo Lefokong la Modimo mo malatsing ano a bofelo?

Nnyaa, go tla bo go sa siama go baya go tlhaloganya ga dipolelelopele tse re di neetsweng mo malatsing ano a bofelo mo seemong se le sengwefela le “dilo tse di senocweñ” tse Moshe a neng a tlotla kaga tsone.

Go ya ka bokao jwa mafoko a ga Moshe, “dilo tse di senocweñ” tse a neng a bua kaga tsone di ne di le mabapi le Kgolagano ya Molao. (Duteronome 29:25) Moshe o ne a bontsha gore “dilo tse di senocweñ” tseno di ne di na le maikarabelo. Go palelwa ke go tshegetsa maikarabelo ano go ne go tla dira gore Jehofa a otlhaye batho ba gagwe.

Legale, Kgolagano ya Molao e ne e le tshenolo e s tswang kwa go Jehofa Modimo. E ne ya tla morago ga ditshenolo tse dingwe kwa ditlhogong tsa lotso, go Noa, le e leng go boela kwa moragorago kwa go Adame. Moshe o ne a dirisiwa go kwala dilo tse di senotsweng go fitlha ka nako ya gagwe, mme re ile ra di bolokelwa mo dibukeng tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela. Moragonyana, jaaka setlhogo “Dilo tse di Senocweñ Ke tsa Rona” (Tora ya Tebelo, May 15, 1986) se ne sa tlhalosa, “dilo tse di senocweñ” tseno di ne di akareletsa boikitsiso jotlhe jo bo mo Bibeleng.​—2 Timotheo 3:16.

Ka gone, Bibela e na le “mancwe a Modimo,” dilo tse di senotsweng ke ene. (Baroma 3:2) Fa Bajuda ba tlholego ba ne ba palelwa ke go nna boikanyego, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba nna badiredi ba “dilo tse di senocweñ” tseno mme phuthego ya Bokeresete e ne ya nna “lekotwana le setshegecō” mo go bone. (1 Timotheo 3:15; 1 Bakorintha 4:1) Ka ntlha ya gone moo, maloko a phuthego eo gompieno ka tshwanelo a ka boeletsa mafoko a ga Moshe, gore “dilō tse di senocweñ ke tsa rona.”

Gompieno Jehofa o tsentse lesedi le le ntsi go “dilo tse di senocweñ” tseno. Jaaka Daniele a ile a bolelela-pele, batho ba ga Jehofa ba ile ba ‘tabogela kwa le kwa’ mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng mme ‘kitso ya boammaaruri e totafetse.’ (Daniele 12:4) Ka gone, re itse setshwano sa “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Re lemoga “boidiidi yo bogoio.” (Tshenolō 7:9-17) Re bona tiragatso ya setshwantsho sa dinku le dipodi. (Mathaio 25:31-46) Re ile ra senolelwa, kana ra itsisiwe, dilo tse di ntseng jalo mme e seng ka tlhaloganyo ya “dilo tse di senocweñ” jaaka go kwadilwe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la ga Jehofa.

Ka gone, go tla bo go sa siama go baya kutlwisiso-pele eo mo seemong se le sengwefela le ditshenolo tse di tlhotlheleditsweng tse di dirang “dilo tse di senocweñ” tse di kwadilweng mo Bibeleng. Go na le moo, ka thuto e e tlhoafetseng ya Bibela, batho ba ga Jehofa ba ile ba batla ka go rapela kutlwisiso e ya boammaaruri ya “dilō tse di senocweñ” tseo. Jehofa, ka moya o o boitshepo, o ile a neela kutlwisiso eo mo nakong ya gagwe.

Bibela e re bolelela gore “tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ ye le phatsimelan pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” (Diane 4:18) Lesedi le le oketsegang le Jehofa a le tsentseng go “dilo tse di senocweñ” le bontsha gore “letsatsi” leo le gaufi, le go supa gore tshegofatso ya gagwe e mo phuthegong ya Bokeresete gompieno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela